LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/92 ts. 1
  • Tshenolō—Masaitseweng a Yone a Senotswe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tshenolō—Masaitseweng a Yone a Senotswe
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bolela ‘Mafoko a Polelelopele’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Re Tla Ithuta Buka ya Tshenolō Gape
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Buka ya Tshenolo—E Kaya Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 3/92 ts. 1

Tshenolō—Masaitseweng a Yone a Senotswe

1 Buka ya Tshenolō ga e bolo go nna e le bosaitseweng. Bakanoki ba Bibela ba feditse makgolo a le mantsi a dingwaga ba leka go senola dilo tse di subegileng tse di leng mo go yone, mme lefa go ntse jalo ga ba a ka ba atlega go le kalo. Lefa go ntse jalo go ne go sa ikaelelwa gore tshedimosetso eno e e tlhotlheleditsweng ke Modimo e e mo go Tshenolō e nnele ruri e sa senolwa. Ke karolo ya Lefoko la Modimo leo re tlhokang go le tlhaloganya. (2 Tim. 3:16, 17) Se se itumedisang ke gore Modimo o re senolela Tshenolō jaaka fa dipolelelopele tsa yone tse di kgatlhang di ntse di diragadiwa mo motlheng wa rona. Fela jaaka fa Jehofa a ne a dirisa Johane gore a bolelele Bakeresete ka ene diponatshegelo tseno, gompieno O dirisa ‘motlhanka yo o boikanngo’ gore a senole seo se kaiwang ke polelelopele e e kgatlhang eno.—Math. 24:45-47; Tshen. 1:1-3.

2 Mpho ya Buka ka March: Buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo e Atametse! e ile ya sedimosetsa batho ba Modimo le go ba kgothatsa fela thata. Mme ke ka ntlha yang fa e tshwanetse ya kgatlha batho ba ba mo tshimong ya lona? Ke ka gonne kgatiso e e kgatlhang eno e bolela kaga ditiragalo tsa bofelofelo tseo di tlhalosiwang mo bukeng ya Bibela ya Tshenolō eleng dilo tseo di diragalang mo malatsing ano a bofelo. A batho ba ba botlhale ga ba kgatlhegele isagwe jaaka fa e ntse e senolwa ke Modimo? Lemororo buka ya Bibela ya Tshenolō e re bolelela ka dikatlholo tse di siameng tsa Modimo, gape e re bolelela ka masego a a itumedisang thata a mo isagweng ao re a solofeditsweng. (Tshen. 21:1-5) Go tlhaloganya molaetsa wa yone o o tlhotlheleditsweng go re thusa gore re bone fa re leng teng mo tsamaong eno ya nako ebile go gatisetsa mo megopolong ya rona kafa go dira go rata ga Modimo go potlakileng ka gone.

3 A buka eno ya Tshenolō—Konelo ya Yone e thata gore batho ba ka e tlhaloganya? Go bonala ba le bantsi ba e fitlhetse e se thata go le kalo. A o ko o ele tlhoko dikakgelo di le mmalwanyana fela tsa tse dintsi tsa batho ba ba balang buka eno. Rre mongwe o ne a bolela jaana: “Tshedimosetso eno e maatla eletota. Mme lefa go ntse jalo e a kgatlha. Ke a e rata.” Moruti mongwe o ne a bolela jaana: “Ga ke ise ke bo ke tsamaye ke itse kana ke bale sepe fela se se kgatlhang thata jaana ebile se le boammaaruri go gaisa buka eno!” Motho yo mongwe yo o neng a bala buka eno yotlhe ka lobaka lo lo kafa tlase ga beke o ne a akgela jaana: “Jaanong ke kgona go bona se se leng boammaaruri. Ke batla go fetola botshelo jwa me jotlhe fela.” Go phepafetse gore batho ba le bantsi ba a itumela jaaka fa ba ntse ba bala buka ya Bibela ya Tshenolō ba kgona go e tlhaloganya ka lekgetlo la ntlha mo botshelong jwa bone ba bo ba simolola go tshela tumalanong le mafoko a a kwadilweng mo go yone.

4 Buelelang Buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone ka Pelo yotlhe mo go Ba Bangwe: Jaaka fa o tla bo o ntse o tshwaregile mo go tlotleng le batho ba bangwe ka dilo tse di tswang mo Dikwalong mo kgweding ya March, o se ka wa okaoka go bontsha batho ba ba kgatlhegang buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone. Bolelela bao ba eletsang go e bala gore ba ka nna ba tshwaya dikarolo tseo ba sa di tlhaloganyeng tsa buka eno, le gore o tla tlotla le bone ka dintlha tseo ka nako ya fa o tla bo o boela mo go bone. Seno e ka nna tsela eo ka yone o ka sekasekang go bona gore ba kgatlhega go le kana kang le go go naya mabaka a go ba etela gape.

5 Mo godimo ga go dira tiro ya ka ntlo le ntlo, ba le bantsi ba ile ba atlega mo go tsamaisetseng balosika, bao ba tlwaelaneng nabo, le batho bao ba dirisanang le bone mo go tsa kgwebo buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone ba dira jalo ka tsela eo e seng ya ka tlwaelo. Tlhalosa kafa wena ka namana o solegetsweng molemo ka gone go tswa mo ditshwantshong tse di nang le mebala e e bonalang sentle, ditšhate tse di thusang, le dilo tse dingwe tse di kgatlhang tseo di leng mo bukeng eno tseo di thusang go ruta. Selo seno se ka nna sa kgothatsa ba bangwe gore ba ithute buka ya Tshenolō, le mororo ba ka nna ba tswa ba ile ba akanya gore e thata tota go ka e tlhaloganya.

6 Abo e le tshiamelo jang ne mo go rona go bo re itse dilo tseo di tlileng go diragala mo isagweng tseo di senotsweng mo bukeng ya Tshenolō ebile di tlhalosiwa ka mosele oo Modimo a o dirisang gompieno! Ereka re abetswe kitso e e ntseng jalo, go farologana le bakwadi ba mo motlheng wa ga Jesu le baruti ba gompieno, le ka motlha a re se tlhokeng go itsise kana go senolela bao ba tla re reetsang seo se kaiwang ke Lefoko la Modimo. (Bapisa Luke 11:52.) Jaaka fa re ntse re dira jalo, go solofelwa gore batho ba le bantsi ba ba oketsegileng ba tla amogela tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo le go kopanela le rona mo go direng go rata ga Mmopi wa rona.—Tshen. 4:11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela