Boela Kwa go Bao ba Kgatlhegang Kwantle ga Tiego Epe
1 “Tiego E Tsala Tatlhego.” Batho ba le bantsi ba tlwaelane le seane seno se se kgothaletsang gore dilo tse di tlhokegang di dirwe ka bonako. Boitemogelo jo bo latelang bo bontsha gore re ka dirisa molaomotheo ono mo bodiheding jwa rona.
2 Kgaitsadi mongwe o ne a tsamaisetsa rre mongwe buka a bo a mo solofetsa gore o tla boela mo go ene. Morago ga sebaka sa ura, kgaitsadi yo mongwe o ne a etela kwa ntlong ya ga ene rre yoo ka phoso. Rre yono o ne a tla fa kgorong a tshotse buka mme a raya kgaitsadi yono a re: “Ka nako ya fa o ne o re o tla bowa, ga ke a ka ka akanya gore e ne e tla nna ka bonako thata jaana, legale tsena, Ke ipaakanyeditse go ithuta.”
3 Le mororo go dira loeto lwa go boela ka bonako jaana e ka nna ya se ka ya nna selo seo se diregang ka metlha, boitemogelo jono bo gatelela botlhokwa jwa gore re nne podimatseba malebana le go boela kwa bathong ba ba kgatlhegang bao re ba bonang mo bodiheding jwa rona re dira jalo kwantle ga go diega go sa tlhokege. Re tla bo re tsamaisa buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone mo kgweding ya March. Dilo tseo di diragalang mo lefatsheng di bontsha gore kgatiso eno, e e tlhalosang buka ya bofelo ya Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete, e mo nakong fela jaaka lekwalodikgang la segompieno, radio, le dipego tsa dikgang tsa thelebishene tseo di begang ka dilo tseo di diragalang mo lefatsheng tseo di amanang ka tlhamalalo le matshelo a setho sotlhe.
4 Batho ba Tlhoka Thuso E E Oketsegileng: Gore re tle re thuse batho gore ba tlhaloganye tshedimosetso e e mo kgatisong eno le go lemoga gore e mosola thata mo botshelong jwa bone le mo isagweng ya bone, re tlhoka go rulaganyetsa loeto lwa go boela, segolobogolo mo malatsing a sekaenyana fela morago ga loeto lwa ntlha. Seno re tla se dira jang? Gongwe go itsise motho gore o tla boela gape mo go ene go tla go thusa gore o sekaseke go bona gore o kgatlhega go le kana kang.
5 Rulaganyetsa Loeto lwa Go Boela: Go tlhoma nako le mongwe eleng nako eo o tlileng go mo etela ka yone ga se selo seo ka metlha se leng motlhofo mo lefatsheng leno la segompieno, ebile mong wa ntlo le ene a ka nna a se ka a gakologelwa go tshegetsa nako eo lo e tlhomileng. Lefa go ntse jalo, fa ka kelotlhoko o kwala nako eo o tlileng go dira loeto lo lo ntseng jalo lwa go boela ka yone mme o tlhomamisa morago ga foo gore o etela motho yoo morago ga malatsi a sekaenyana fela fa e le gore go a kgonega, o tla bo o diragatsa boikarabelo jwa gago jwa go tsaya nako eo lo e tlhomileng eno ka tsela e e masisi. Fa e le gore ga o fitlhele motho yono kwa gae, tlhomamisega gore o tswelela pele o leka go ikgolaganya nae. A ka nna a tlhotlheletsega gore a tseye loeto lwa gago ka tsela e e masisi ka nako ya fa a bona kafa o ikemiseditseng ka gone go mo fitlhela mo gae.
6 Ereka re ka se ka ra ba ra tlhomamisega ka botlalo ka kgatlhego eo motho a e bontshang ka nako ya fa re kopana le ene lekgetlo la ntlha, kwala letsatsi leo o tla boelang mo go ene ka lone le e leng ka nako ya fa go bonala a na le kgatlhego e nnye fela. Go mosola go boela kwa bathong ba ba ntseng jalo ba ba kgatlhegang kwantle ga tiego epe. O ka nna wa tswa o dirile gore motho a kgatlhegele buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone mme ka nako ya fa o boela kwa go ene o ka nna wa gakgamala ka tsela e e itumedisang o gakgamadiwa ke tsela e e molemo eo a go amogelang ka yone. Ka gone tlhomamisega gore o boele kwa bathong ba ba kgatlhegang kwantle ga tiego epe!