LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/12 ts. 1
  • “Nnang lo Dire Seno”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Nnang lo Dire Seno”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Nnang lo Dire Seno E le Go Nkgopola”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • A re Bontsheng Kanaanelo ya Rona—Segopotso se Tla Tshwarwa ka April 17
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Jehofa o Segofatsa Maiteko a Rona a go Tshwara Segopotso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Baakanyetsa Segopotso ka Pelo e e Itumetseng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
km 3/12 ts. 1

“Nnang lo Dire Seno”

Segopotso se Tla Tshwarwa ka April 5

1. Ke ka ntlha yang fa go tshwara Segopotso go le botlhokwa?

1 “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Luke 22:19) Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe go gopola loso la gagwe lwa go intsha setlhabelo ka go bua mafoko ano. Ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di fitlheletsweng ke thekololo, ga go na letsatsi le le botlhokwa thata mo Bakereseteng go feta la go tshwara Segopotso sa ngwaga le ngwaga. Fa letsatsi la Segopotso sa monongwaga ka April 5 le ntse le atamela, re ka bontsha jang gore re leboga Jehofa?—Bakol. 3:15.

2. Re ka bontsha jang gore re anaanela Segopotso ka go ithuta le ka go tlhatlhanya?

2 Ipaakanye: Gantsi re ipaakanyetsa dilo tse re di tsayang di le botlhokwa. Re ka ipaakanyetsa Segopotso ka go sekaseka ditiragalo tse di diragetseng mo malatsing a bofelo a ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng le go tlhatlhanya ka tsone re le lelapa. (Esera 7:10) Bontlhanngwe jwa lenaane la ditemana tse di buang ka malatsi a bofelo a ga Jesu bo teng mo khalendareng le mo bukaneng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe, fa lenaane le le feletseng mmogo le dikgaolo tse di tsamaisanang le tsone tse di tswang mo bukeng ya Monna yo Mogolo di fitlhelwa mo go tsebe 23-24 ya kgatiso ya Tora ya Tebelo ya February 1, 2011.

3. Re ka bontsha jang gore re anaanela Segopotso ka go oketsa nako e re e fetsang re le mo bodireding?

3 Rera: Gape re ka bontsha gore re anaanela Segopotso ka go nna le seabe ka botlalo mo bodireding. (Luke 6:45) Ka Matlhatso, March 10, e tla bo e le Letsatsi la Dimakasine le le kgethegileng mme letsholo la lefatshe lotlhe la go laletsa batho ba bangwe kwa Segopotsong le tla simolola ka Matlhatso, March 17. A o ka kgona go fetola thulaganyo ya gago gore o fetse nako e e oketsegileng mo bodireding, gongwe o le mmulatsela yo o thusang? Go ka nna jang fa lo ka tlotla ka gone lo le lelapa mo maitseboeng a a latelang a Kobamelo ya Lelapa?

4. Re ka bona melemo efe ka go nna gone kwa Segopotsong?

4 Ruri re solegelwa molemo ke go nna teng kwa Segopotsong ngwaga le ngwaga! Boipelo jwa rona le lorato lo re ratang Modimo ka lone lo a gola fa re ntse re akanya ka bopelotshweu jwa ga Jehofa jwa go ntsha morwawe yo o tsetsweng a le esi setlhabelo. (Joh. 3:16; 1 Joh. 4:9, 10) Seno se re tlhotlheletsa gore re se ka ra tlhola re itshelela. (2 Bakor. 5:14, 15) Gape se nonotsha keletso ya rona ya go baka Jehofa phatlalatsa. (Pes. 102:19-21) Eleruri, batlhanka ba ba nang le kanaanelo ba ga Jehofa ba lebile pele ka tlhoafalo go tshwara Segopotso ka April 5 gore ba ‘bolele loso lwa Morena.’—1 Bakor. 11:26.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela