LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/13 ts. 1
  • Baakanyetsa Segopotso ka Pelo e e Itumetseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baakanyetsa Segopotso ka Pelo e e Itumetseng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Nnang lo Dire Seno”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • “Nnang lo Dire Seno E le Go Nkgopola”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Lebaka La go Bo re Gopola Sejo sa Morena sa Maitseboa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • A o Ipaakanyetsa Segopotso?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
km 3/13 ts. 1

Baakanyetsa Segopotso ka Pelo e e Itumetseng

1. Paka ya Segopotso ke nako e e kgethegileng ya go dira eng?

1 Segopotso se se tla tshwarwang ka Labobedi, March 26, se re naya tshono e e molemo ya go itumelela poloko e Modimo a re e baakanyeditseng. (Isa. 61:10) Fa re ka bontsha moya wa boitumelo le e leng pele ga Segopotso, go tla re thusa gore re se ipaakanyetse sentle. Re ka dira seo jang?

2. Ke eng se se re tlhotlheletsang go dira dithulaganyo tsa Segopotso?

2 Go Baakanyetsa Segopotso: Sejo sa Morena sa Maitseboa ke tiragalo e e tlhomologileng mme ga e a raraana. Le fa go ntse jalo, go tlhokega gore go dirwe dithulaganyo go sa le gale, gore dintlha tsa botlhokwa di se ka tsa itlhokomolosiwa. (Dia. 21:5) Go tshwanetse ga tlhophiwa nako e e siameng le lefelo le le tshwanelang tiragalo eno. Go tshwanetse ga batliwa ditshwantshetso tse di siameng. Lefelo le pokano eno e tlileng go tshwarelwa mo go lone le tshwanetse go phepafadiwa le go baakanngwa. Sebui se se tlhophilweng se tshwanetse go baakanyetsa sentle, mme ba ba tla tsamaisang ditshwantshetso mmogo le batlhokomedi ba tshwanetse go newa ditaelo tse di utlwalang sentle. Ga go pelaelo gore bontsi jwa dithulaganyo tseno di setse di dirilwe. Lebaka la go bo re anaanela maatla a thekololo, le dira gore re baakanyetse tiragalo eno e e boitshepo sentle.—1 Pet. 1:8, 9.

3. Re ka baakanya dipelo tsa rona jang re di baakanyetsa Sejo sa Morena sa Maitseboa?

3 Go Baakanya Pelo: Gape go botlhokwa gore re baakanye dipelo tsa rona gore re tlhaloganye botlhokwa jwa Segopotso. (Esera 7:10) Ka ntlha ya seo, re tshwanetse go rulaganya nako ya go sekaseka mmalo wa Baebele o o kgethegileng wa Segopotso, go tswa foo re tlhatlhanye ka malatsi a bofelo a ga Jesu a le mo lefatsheng. Go tlhatlhanya ka go ikentsha setlhabelo ga ga Jesu go tla re rotloetsa go mo etsa.—Bagal. 2:20.

4. Ke molemo ofe wa thekololo o o dirang gore o nne le boitumelo jo bogolo?

4 Loso lwa ga Keresete lo tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa. Lo re golola mo boleong le mo losong. (1 Joh. 2:2) Lo dira gore re nne le kamano e e molemo le Modimo e bile lo dira gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng. (Bakol. 1:21, 22) Gape lo re thusa go nonotsha boikemisetso jwa rona jwa go tshelela boineelo jwa rona mo go Jehofa le go tswelela re le barutwa ba ba nitameng ba ga Keresete. (Math. 16:24) E kete boitumelo jwa lona bo ka oketsega fa lo ntse lo baakanyetsa Segopotso le go nna teng kwa go sone!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela