A o Ipaakanyetsa Segopotso?
E ne e le ka Nisane 13, 33 C.E. Jesu o ne a itse gore ke maitseboa a gagwe a bofelo a na le ditsala tsa gagwe tse dikgolo pele a bolawa. O ne a tla keteka Tlolaganyo ya bofelo le bone a bo a tlhoma moletlo o mosha e leng Sejo sa Morena sa Maitseboa. Tiragalo eo e e botlhokwa e ne e tlhoka go baakanyediwa. Ka jalo o ne a roma Petere le Johane gore ba baakanye dilo. (Luke 22:7-13) Fa e sa le ka nako eo, go botlhokwa gore Bakeresete ba baakanyetse Segopotso ngwaga le ngwaga. (Luke 22:19) Ke dilo dife tsa konokono tse re tshwanetseng go di dira go ipaakanyetsa Segopotso se se tla tshwarwang ka Moranang 3?
Se Baboledi Ba ka Se Dirang:
Dira dithulaganyo tsa gore o nne le seabe ka botlalo mo letsholong la go tsamaisa ditaletso tsa Segopotso.
Dira lenaane la batho ba o ithutang Baebele le bone, ba masika, ba o tsenang sekolo le bone, badirimmogo le ba o ba tlwaetseng o bo o ba laletse.
Bala o bo o tlhatlhanye ka mmalo wa Baebele wa Segopotso.
Tla Segopotsong o ipaakanyeditse go amogela baeng.