A re Bontsheng Kanaanelo ya Rona—Segopotso se Tla Tshwarwa ka April 17
1. Ke mafoko afe a mopesalema a segolobogolo a tshwanelang ka paka ya Segopotso?
1 Mopesalema o ne a botsa jaana a amilwe ke ditiro tse dintsi tsa ga Jehofa tsa bopelotlhomogi le tsa kgololo: “Ke tla duela Jehofa ka eng ka ntlha ya melemo ya gagwe yotlhe mo go nna?” (Pes. 116:12) Gompieno, batlhanka ba Modimo ba na le mabaka a mantsi le go feta a go mo leboga. Makgolokgolo a dingwaga morago ga gore mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a kwalwe, Jehofa o ne a naya batho mpho e kgolo go gaisa—thekololo. Fa re ntse re ipaakanyetsa go gopola loso lwa ga Keresete ka April 17, re na le lebaka le le utlwalang la go bontsha tebogo ya rona.—Bakol. 3:15.
2. Ke mabaka mangwe afe a a dirang gore re anaanele thekololo?
2 Masego a Thekololo: Ka ntlha ya thekololo re kgona go bona “boitshwarelo jwa maleo a rona.” (Bakol. 1:13, 14) Seno se dira gore re obamele Jehofa ka segakolodi se se phepa. (Baheb. 9:13, 14) Re kgona go bua le Jehofa ka kgololosego fa re rapela. (Baheb. 4:14-16) Batho ba ba dumelang mo thekololong ba na le tsholofelo e e molemolemo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng!—Joh. 3:16.
3. Re ka bontsha jang kanaanelo ya rona mo go Jehofa ka ntlha ya thekololo?
3 Bontsha Kanaanelo: Tsela e nngwe e re ka bontshang kanaanelo ya rona e kgolo ka yone ke ka go bala mmalo wa Baebele wa Segopotso letsatsi le letsatsi re bo re tlhatlhanya ka one. Tora ya Tebelo ya February 1, 2011, e e nang le setlhogo se se reng, “A o Ipaakanyeditse Letsatsi le le Botlhokwa Thata mo Ngwageng?” e ne e diretswe go re thusa go dira jalo. Gape re ka bolelela Jehofa ka thapelo e e tswang pelong gore re anaanela thekololo go le kana kang. (1 Bathes. 5:17, 18) Go nna gone ga rona kwa Segopotsong e le go ikobela taelo ya ga Jesu go bontsha tebogo ya rona. (1 Bakor. 11:24, 25) Mo godimo ga moo, re ka etsa lorato lwa ga Jehofa lo logolo ka go laletsa batho ba le bantsi ka mo re ka kgonang ka teng gore ba nne gone.—Isa. 55:1-3.
4. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?
4 Batlhanka ba ga Jehofa ba ba bontshang kanaanelo ba ka se tseye Segopotso e le pokano fela e e tlwaelegileng. Ke pokano e e botlhokwa go gaisa mo ngwageng! Fa Segopotso se ntse se atamela, e kete re ka nna le boikemisetso jo bo tshwanang le jwa mopesalema yo o neng a kwala jaana: “Baka Jehofa, wena moya wa me, mme o se ka wa lebala ditiro tsotlhe tsa gagwe.”—Pes. 103:2.