Go Leboga Modimo ka Mpho ya Gagwe e Kgolo go Gaisa
1. Ke ka ntlha yang fa segolobogolo re leboga Jehofa?
1 Mo ‘dimphong tse di molemo’ tse dintsi tse Jehofa a re di neileng, thekololo e e ntshitsweng ke Morwawe yo o rategang ke e kgolo go gaisa. (Jak. 1:17) E dira gore re nne le masego a mantsi, go akaretsa le go itshwarelwa ga maleo a rona. (Baef. 1:7) Re bontsha tebogo ka metlha ka ntlha ya seno. Segolobogolo ka paka ya Segopotso, re ipha nako ya go tlhatlhanya ka mpho eno e e botlhokwa.
2. Re ka dira jang go oketsa kanaanelo mo go ba malapa a rona le mo go rona ka thekololo?
2 Oketsa Kanaanelo: Gore o tle o oketse kanaanelo ya lelapa la gago, ke ka ntlha yang fa o sa dirise maitseboa a Kobamelo ya Lelapa go sekaseka tshedimosetso e e malebana le thekololo, mo dibekeng tsa pele ga Segopotso ka March 30? Gape jaaka lelapa sekasekang mmalo wa Baebele o o kgethegileng wa Segopotso letsatsi le letsatsi. Akanya kafa thekololo e go solegetseng molemo ka teng le gore e amile jang tsela e o lebang Jehofa ka teng, kafa o itebang ka teng le kafa o lebang ba bangwe le isagwe ka teng. Gape o tla fitlhela go thusa go ithuta dipina tse pedi tse di tla opelwang mo Segopotsong, pina 87 le 105.—Pes. 77:12.
3. Re ka bontsha jang ditebogo?
3 Ditsela Tsa go Bontsha Ditebogo: Go anaanela ga rona thekololo go tla re tlhotlheletsa gore re bolelele ba bangwe ka ga Jehofa le ka lorato lwa gagwe lo logolo lwa go romela Morwawe. (Pes. 145:2-7) Ka dikgwedi tsa March, April le May malapa a le mantsi a bontsha tebogo ka go rulaganya gore bobotlana leloko le le lengwe le nne mmulatsela yo o thusang. Fa seno se sa kgonege a lo ka “ithekela nako” ka go oketsa tirelo ya lona mo bodireding? (Baef. 5:16) Jaaka lelapa rulaganyang go nna le seabe ka botlalo mo Letsatsing le le kgethegileng la go tsamaisa Dimakasine ka Matlhatso a April 17. Go bontsha tebogo gape go tla re tlhotlheletsa gore re thuse ba bangwe go kopanela le rona mo Segopotsong. (Tshen. 22:17) Simolola go dira lenaane la batho ba o tla boelang kwa go bone, baithuti ba Baebele, ba masika, badirimmogo le baagelani ba o tla ba laletsang, mme o nne le seabe ka botlalo mo letsholong le le kgethegileng la go laletsa batho kwa Segopotsong.
4. Re ka dirisa paka ya Segopotso ka botlhale ka ditsela dife?
4 Paka ya Segopotso e re neela ditshono tse dingwe tsa go bontsha Jehofa kafa re anaanelang mpho e a e fileng batho ka teng. E kete re ka dirisa nako eno go oketsa le go bontsha gore re lebogela thekololo le “dikhumo tse di ka se kang tsa tlhaloganngwa tsa ga Keresete.”—Baef. 3:8.