A o Tla Dirisa Tshono Eno?
Segopotso se se Tlang se Tla re Thusa go Bontsha Tebogo
1. Paka ya Segopotso e re neela tshono efe e e kgethegileng?
1 Segopotso sa Mopitlwe 14 se re neela tshono e e tlhomologileng ya go bontsha gore re leboga Jehofa ka molemo o a re o diretseng. Pego e e mo go Luke 17:11-18 e bontsha kafa Jehofa le Jesu ba ikutlwang ka teng ka go leboga. Ka maswabi, mo go balepero ba le lesome ba ba neng ba fodisiwa, ke a le mongwe fela, yo o neng a dirisa tshono ya go leboga. Mo nakong e e tlang, mpho ya thekololo e tla fedisa malwetse otlhe, mme seno se tla dira gore botshelo jo bo sa khutleng e nne selo sa mmatota! Ga go pelaelo gore, ka nako eo, re tla leboga Jehofa letsatsi le letsatsi ka ntlha ya masego a a ntseng jalo. Mo dibekeng tse di tlang, re ka bontsha jang gore re a leboga?
2. Re ka lwela jang go bontsha tebogo ka ntlha ya thekololo?
2 Lwela go Bontsha Tebogo: Re bontsha tebogo ka ntlha ya tsela e re ikutlwang ka yone. E le go re thusa go bontsha kanaanelo ka ntlha ya thekololo, go dirilwe thulaganyo ya mmalo wa Baebele o o kgethegileng wa Segopotso o o ka fitlhelwang mo go Khalendara ya 2014 ya Basupi ba ga Jehofa le bukana ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe. Ke eng fa lo sa sekaseke tshedimosetso eno lo le lelapa? Go dira jalo go tla oketsa kanaanelo ya rona malebana le thekololo. Mme seno, se tla ama tsela e re itshwarang ka yone.—2 Bakor. 5:14, 15; 1 Joh. 4:11.
3. Ka paka ya Segopotso, re ka bontsha ka ditsela dife gore re a leboga?
3 Bontsha Tebogo: Tebogo e bontshiwa ka ditiro. (Bakol. 3:15) Molepero yo o neng a bontsha tebogo o ne a dira maiteko a go batla Jesu a bo a mo leboga. Ga go pelaelo gore, o ne a bua ka matlhagatlhaga fa a bolelela ba bangwe ka go fodisiwa ga gagwe ka kgakgamatso. (Luke 6:45) A go lebogela thekololo go tla re tlhotlheletsa gore re nne le seabe ka tlhoafalo mo letsholong la go itsise batho ka Segopotso? Go nna babulatsela ba ba thusang kgotsa go oketsa bodiredi jwa rona ka paka ya Segopotso ke tsela e nngwe e e molemo ya go bontsha gore re a leboga. Mo maitseboeng a Segopotso se tla tshwarwang ka one, kanaanelo e tla dira gore re amogele baeng le go ithaopela go araba dipotso tsa bone.
4. Re ka dira jang gore Segopotso seno e nne se re ka se se lebaleng?
4 A Segopotso seno e tla nna sa bofelo? (1 Bakor. 11:26) Ga re itse. Mme re a itse gore fa se fetile, re tla bo re sa tlhole re na le tshono ya go bontsha gore re a leboga. A o tla dirisa tshono eno? E kete mafoko a kanaanelo a melomo ya rona le go tlhatlhanya ga dipelo tsa rona go ka itumedisa Jehofa, Motlamedi wa rona yo o pelotshweu wa thekololo.—Pes. 19:14.