LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/93 ts. 2
  • Go Bontsha Gore re Anaanela Thekololo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bontsha Gore re Anaanela Thekololo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tswelela o Bontsha Gore o Lebogela Thekololo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Thekololo—Mpho e e Molemo e e Tswang Kwa Modimong
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Thekololo—Mpho ya Modimo e e Botlhokwatlhokwa
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Loso lwa ga Jesu lo Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 2/93 ts. 2

Go Bontsha Gore re Anaanela Thekololo

1 Keletso ya go bontsha kanaanelo mo tsaleng kana mo go wa losika yo o tlhokafetseng ke selo se se tlwaelegileng mo merafeng yotlhe. Keletso eno e ka nna kgolo segolobogolo fa moratiwa a ile a swela mo tirong ya go boloka matshelo a ba bangwe. Botlhe ba ba nang le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng ba na le mabaka a a nonofileng a go bontsha kanaanelo mo setlhabelong ka go nna gone mo Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka April 6.—2 Bakor. 5:14; 1 Yoh. 2:2.

2 Anaanela Lorato Lwa Ga Jehofa: A bo go tshwanela jang ne gore re bontshe kanaanelo e kgolo ya rona go Modirelamolemo wa rona yo mogolo thata, Jehofa Modimo, yo o ileng a re ntshetsa thekololo! (1 Yoh. 4:9, 10) Boteng jwa lorato lwa ga Jehofa bo bonala mo mphong ya mofuta wa yone fela eo a neng a e re abela go nna thekololo ya rona, eo e neng ya se ka ya nna fela mongwe wa dimilione tsa baengele ba ba siameng, mme e leng ya Morwawe yo o tsetsweng a le esi le yo o rategang thata. (Dia. 8:22, 30) Morwa yono yo o itseng Jehofa botoka fela thata ebong Jesu Keresete, o ne a re gakolola jaana: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”—Yoh. 3:16.

3 Anaanela Lorato Lwa Ga Jesu Keresete: Le rona fela jalo, go a tshwanela gore re bontshe kanaanelo e kgolo thata mo go Jesu Keresete, yo o neng a ntsha moyasebele wa gagwe go nna thekololo ya botlhe. (Math. 20:28) Lorato lwa gagwe lo bonaditswe ka gore a ineele ka go rata mo thatong ya ga Jehofa ya gore a nne thekololo. Akanya kafa a neng a tlogela maemo a gagwe a mantle a go nna le Rraagwe le didikadike tsa baengele ba ba siameng e le gore a tle a nne thekololo ya rona. Ga a ka a kgorelediwa ke kgwetlho ya go nna gareng ga batho ba ba leofileng le go nna mo thateng ya bone le go itse gore go nna ga gagwe thekololo go ne go tla baka gore a swe. Go na le moo, o ne a “tsaea chwanō ea motlhanka, ka a dihwa mo chwanoñ ea batho; Me . . . a ikokobetsa, a ineèla hèla le mo loshuñ, eboñ e e leñ losho loa mokgōrō.”—Bafil. 2:5-8.

4 Re Bontsha Jang Gore Re Anaanela Thekololo?: Kanaanelo ya rona ya thekololo e tla nna se se fetang fela gore re re re a leboga. Re tshwanetse go ithuta kaga tsela e Modimo a e rulagantseng ya poloko ka Jesu Keresete. (Yoh. 17:3) He re tshwanetse go nna le tumelo mo thekololong. (Dit. 3:19) Morago ga moo, re tshwanetse go tlhotlheletsega go ineela go Jehofa Modimo ka go ineela le go kolobediwa. (Math. 16:24) Jaaka fa re ntse re tshelela boineelo jwa rona, re tshwanetse go dirisa tshono nngwe le nngwe go bolelela ba bangwe kaga paakanyetso e e molemolemo ya thekololo ya poloko.—Bar. 10:10.

5 Ga go na ope wa rona yo o ka palelwang ke go dira dilo tseno tse di tlhokegang. Mika 6:8 e re kgothatsa jaana: “Gapè Yehofa o lōpañ mo go wèna, ha e se gore u dihè ka tshiamō, le go rata boutlwelō botlhoko, le go sepela ka boikokobeco le Modimo oa gago?” Ka tsela e e tshwanang, Dafide o ne a raya Jehofa a re: “Dilō cotlhe di cwa mo go wèna, me re gu neile mo e leñ ga gago hèla.”—1 Ditih. 29:14.

6 Gore re oketse kanaanelo ya rona mo paakanyetsong e e molemolemo ya ga Jehofa, ke eng fa lo sa bale dikgaolo 112 go ya go 126 tsa buka ya Monna Yo Mogolo jaaka lelapa pele ga letlha la Segopotso? Ka tsela eno, rotlhe re ka baakanya ditlhaloganyo tsa rona go bontsha kanaanelo ya rona mo thekololong ka nako ya keteko ya Segopotso eo e tla nnang ka April 6, 1993.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela