A Re Tla Go Dira Gape?—Go Batliwa Gape Babulatsela Ba Ba Thusang
1 Re tla dira eng gape? A re tla nna babulatsela ba ba thusang ka nako ya Segopotso? Tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1997 e ne ya re gapa ka setlhogo se se kwadilweng ka ditlhaka tse dikgolo se se reng: “Go Batlega Babulatsela ba ba Thusang ba le 10 000.” Re ne re itse gore lo tla tsaya mokgosi oo tsiya. Fa go ne go dirwa pego ya tirelo ya March 1997, re ne re itumetse go fitlhela gore ba le 8728 ba ne ba kwadisitse tirelo ya bobulatsela jo bo thusang! Fa re kopanya palo eo le palo ya babulatsela ba ka metlha ba ba 4803 le babulatsela ba ba kgethegileng ba le 174 ba ba ileng ba bega mo kgweding eo, re fitlhela gore mo e ka nnang diperesente di le 20 tsa baboledi botlhe ba ba kafa tlase ga lekala la Afrika Borwa ba ne ba le mo tirelong ya bobulatsela. A re tla go dira gape mo nakong eno ya Segopotso?
2 Re akgola thata botlhe ba ba ileng ba tsaya matsapa a magolwane go oketsa tirelo ya bone ya tshimo ngogola. Go phepafetse gore lotlhe lo ne lo tlhotlhelediwa ke lorato lo lo se nang bogagapa lwa go rata Jehofa Modimo le baagelani ba lona. (Luke 10:27; 2 Pet. 1:5-8) Baboledi ba ba nang le maemo a a farologaneng mo botshelong ba ne ba rulaganya mabaka a bone gore ba nne babulatsela ba ba thusang. Mo phuthegong nngwe, baboledi ba le 51 ba ile ba bula tsela mmogo mo kgweding e le nngwe, go akaretsa le bontsi jwa bagolwane, mmè yo o nang le morwadi wa dikgwedi di le 15, kgaitsadi yo o neng a tlogela tiro ya gagwe mme a bona tiro e e seng ya malatsi otlhe gore a kgone go bula tsela, le kgaitsadi yo o godileng yo a iseng a ko a bule tsela pele. Molebedi wa potologo o ne a kwala a re: “Go dirwa maiteko a magolo mo tirong ya go rera. . . . Seno ga se nne le matswela mo tshimong fela mme gape le diphuthego di tlala matlhagatlhaga tota. Bakaulengwe ba itumelela go itsane botoka mmogo le go bona matswela a a molemo thata mo tshimong.”
3 Batho ba basha le bone ba ne ba sa salela kwa morago ngogola. Mmoledi mongwe wa dingwaga di le 13 yo o sa kolobediwang wa kwa United States o ne a lebeletse pele mo nakong e a neng a tla bontsha boineelo jwa gagwe mo go Jehofa ka yone. Fa a sena go kolobediwa ka February, o ne a kwala gore o ne a eletsa go nna mmulatsela yo o thusang ka March mme a re: “E re ka go ne go se na sepe se se neng se nthibela jaanong, ke ne ka tsenya kopo ya me ka yone nako eo . . . Re ka bo re se kile ra nna le maitemogelo a mantsi a a molemo a re nnileng le one fa lo ne lo sa re laletsa ka lorato gore re bule tsela. Ke leboga Jehofa go bo ke nnile le tshiamelo eno go nna gareng ga bao ba ba 100000 [kwa United States] ba ba ileng ba arabela.” O ipeetse mokgele wa go boela a dira jalo gape.
4 Gongwe o ne o le mo gare ga ba ba 8728 ba e neng e le babulatsela ba ba thusang ka March ngogola, kana mo gare ga ba ba 7264 ka April, kana ba ba 4564 ka May. A o tla go dira gape monongwaga? Fa o ne o sa kgona go bula tsela ngogola, a o ka kgona monongwaga? A re ka kgona go feta palo ya ba ba 10 198 ba ba neng ba kwadisitse bobulatsela jo bo thusang ka April 1990? Eo e ne e le palo e kgolo go di feta tsotlhe ya babulatsela ba ba thusang mo kgweding e le nngwe fela mo dinageng tse di ka fa tlase ga lekala la Afrika Borwa.
5 Akanyetsa Thata April le May: Monongwaga Letsatsi le le kgethegileng la Dimakasine le tla nna ka Matlhatso, April 4 mme Segopotso se tla nna ka Matlhatso, April 11, se se dirang gore April e nne kgwedi e e molemo ya go oketsa tirelo mo tshimong. (2 Bakor. 5:14, 15) Mo malatsing a ntlha a a 11 a kgwedi, re tla baya tlhokomelo thata mo go laletseng batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang ka mo go kgonegang ka gone gore ba nne gone kwa Segopotsong. Fa o ikaeletse go nna mmulatsela yo o thusang, tsweetswee tsenya kopo ya gago pele thata fela ga letlha le o ikaeletseng go simolola ka lone.—1 Bakor. 14:40.
6 E re ka May e na le mafelobeke a a tletseng a le matlhano, baboledi ba ba tsenang sekolo kana ba ba dirang tiro ya go itshedisa ya malatsi otlhe ba ka go fitlhela go le motlhofo go nna babulatsela ba ba thusang mo kgweding eo. Ka go rulaganya go dira diura di le lesome mo tshimong mo go nngwe le nngwe ya mafelobeke a le matlhano ano, o tla tshwanela gore o rulaganye go dira diura di le lesome fela tse di oketsegileng mo kgweding gore o kgone go fitlhelela diura tse 60 tse di batlegang.
7 Ka April mmogo le May, re tla tsamaisa dipeeletso tsa Tora ya Tebelo e le mpho ya buka. Koo peeletso e sa amogelweng gone, tsamaisa dikhopi tsa dimakasine. Seno se tshwanetse go kgothatsa ba le bantsi ba rona go leka go bula tsela. Ke eng fa re bua jalo? Go motlhofo go tsamaisa dimakasine tseno e bile go a itumedisa go di tsamaisa mo bodireding. Di ka dirisiwa mo dikarolong tsotlhe tsa bodiredi—mo tirong ya ka ntlo le ntlo le mo mabenkeleng, mmogo le fa re bua le batho mo mmileng, mo dikoloi di phakiwang gone, mo diparakeng le mo mafelong a mangwe a a sa tlwaelegang. Se se botlhokwa thata, Tora ya Tebelo le Tsogang! di buelela boammaaruri jwa Bogosi. Di re tlhokomedisa ka go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele, di supa gore Bogosi jwa Modimo bo a busa. Gape di ama le matshelo a babadi ka go tlotla ka dilo tse batho ba di tlhokang tota. Fa re akanya ka tsela eo matshelo a rona a amilweng ka yone ke makwalopaka ano a a botlhokwa thata, re tla tlhotlheletsega go di anamisa thata ka tsela e re ka kgonang ka teng ka April le May.
8 Go ipaakanyetsa tiro e kgolo eno ya dimakasine, o tla solegelwa molemo fa o boeletsa ditlhogo tseno: “Tora ya Tebelo le Tsogang!—Makwalopaka a Boammaaruri A A mo Nakong” (Tora ya Tebelo ya January 1, 1994), “Dirisang Dimakasine Tsa Rona ka Tsela e e Molemolemo” (Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 1995) le “Baakanya Puisano ya Gago ya Makasine” (Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1996).
9 Bagolwane ba Etelela Pele: Go tshegetsa baboledi ba bantsi ba ba neng ba bula tsela ngogola, bagolwane mo phuthegong nngwe ba ne ba beela kwa thoko Matlhatso a le mongwe mo kgweding go nna letsatsi le le kgethegileng la tirelo ya phuthego yotlhe. Go ile ga dirwa dithulaganyo tsa gore ba kopane ka dinako tse di farologaneng mo letsatsing, go fa botlhe mo phuthegong sebaka sa go nna le seabe mo dikarolong tse di farologaneng tsa go neela bosupi. Seno se ne se akaretsa go rera mo dikgwebong, go neela bosupi mo mmileng, go tsamaya ka ntlo le ntlo, go dira maeto a go boela, go kwala makwalo le go neela bosupi ka founo. Batho ba ne ba arabela ka tsela e e molemo tota, ka baboledi ba ba 117 ba ba neng ba nna le seabe mo tirelong ya tshimo mo letsatsing leo. Ba ne ba dira palogotlhe ya diura di le 521 mo bodireding mme ba tsamaisa dimakasine, diboroutšhara le dibuka di le 617! Tlhagafalo e e neng e le gone ka Matlhatso e ne ya fetela le mo Sontageng, ka ba le bantsi thata ba ba neng ba le gone mo Pokanong ya Phatlalatsa le mo Thutong ya Tora ya Tebelo.
10 Kwa Pokanong nngwe le nngwe ya Tirelo ka April le May, phuthego e tshwanetse go gakololwa gore dipokano tsa tirelo ya tshimo di tla tshwarwa leng le kwa kae mo bekeng e e latelang, segolobogolo fa go dirwa dithulaganyo tse dingwe mo godimo ga tse di tlwaelegileng. Babulatsela ba ka metlha mmogo le baboledi ba e seng babulatsela ba ba thusang ba kgothadiwa go tshegetsa dithulaganyo tseno tsa ditlhopha go ya kafa maemo a bone a ba letlang ka gone.
11 Molebedi wa tirelo o tla tshwanelwa gore a kopane le mokaulengwe yo o abang tshimo gore ba dire dithulaganyo tsa go bereka ditshimo tse di sa berekiweng ka metlha. Go ka nna ga dirisiwa nako e e oketsegileng go boelwa kwa matlong a go neng go se na batho kwa go one le go rera mo mebileng le mo mabenkeleng. Tshimo ya maitseboa le yone e ka gatelelwa. Go tshwanetse ga otariwa dimakasine tse di lekaneng tse di tla dirisiwang ka April le May fa go baakanyetswa go dira mo go oketsegileng.
12 Baboledi ba le Bantsi ba ka Tshwanelega: Mola wa ntlha mo foromong ya kopo ya bobulatsela o re: “Ka ntlha ya lorato lwa me mo go Jehofa le keletso ya me ya go thusa ba bangwe go ithuta ka ga gagwe le maikaelelo a gagwe a a lorato, ke rata go oketsa seabe sa me mo tirelong ya tshimo ka go ikwadisetsa go nna mmulatsela yo o thusang.” Go rata Jehofa le go batla go thusa ba bangwe mo semoyeng ke dilo tsa botlhokwa mo boineelong jwa rona. (1 Tim. 4:8, 10) Gore motho a tshwanelege go nna mmulatsela yo o thusang, o tshwanetse a bo a kolobeditswe, a na le boitshwaro jo bo siameng mme a le mo maemong a go dirisa diura di le 60 mo bodireding mo kgweding eo. Fa rotlhe re ntse re sekaseka maemo a rona, a bangwe ba rona ba ba iseng ba ko ba bule tsela ba ka dira jalo ka April kana ka May monongwaga?
13 Ba le bantsi mo diphuthegong ba ka nna ba lemoga gore le bone ba ka bula tsela fa ba bona ba bangwe ba ba nang le maemo a a tshwanang le a bone ba ikwadisitse. Bana ba sekolo, bagodi, batho ba ba dirang tiro ya go itshedisa ya malatsi otlhe, go akaretsa le bagolwane le batlhanka ba bodiredi le ba bangwe ba ile ba atlega go nna babulatsela ba ba thusang. Mosadi mongwe wa lelapa le mmè wa bana ba le babedi yo o nang le tiro ya go itshedisa ya malatsi otlhe o ne a kgona go fitlhelela diura di le 60, a tsamaisa dimakasine di le 108, mme a simolola dithuto tsa Baebele di le 3 mo kgweding e le nngwe fela e a neng a le mmulatsela yo o thusang mo go yone. O ne a kgona jang? O ne a dirisa nako ya gagwe ya dijo kwa tirong go neela bosupi mo tikologong e e gaufi, o ne a neela bosupi ka go kwala makwalo, a neela bosupi mo go phakiwang dikoloi gone le bosupi jwa mmila. Gape o ne a dirisa le letsatsi le a sa berekeng ka lone kwa tirong go nna le seabe ka botlalo mo tirelong ya tshimo le phuthego. Le fa pele a ne a akanya gore go nna mmulatsela yo o thusang ke mokgele o a neng a se kitla a o fitlhelela, o ne a fenya dikgoreletsi ka ntlha ya go kgothadiwa ke ba bangwe le go nna le thulaganyo e e molemo.
14 Jesu o ne a tlhomamisetsa barutwa ba gagwe jaana: “Jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Math. 11:30) Seo e ne e le setlhogo se se kgothatsang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 1995. Se bolela ka kgaitsadi mongwe yo o neng a na le tiro ya go itshedisa ya malatsi otlhe, e e neng e mo gatelela thata. A o ne a akanya gore bobulatsela jo bo thusang e ne e se selo se a ka se dirang? Nnyaa. Tota e bile, o ne a kgona go tsaya bobulatsela bo jo thusang kgwedi nngwe le nngwe. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a ikutlwa gore tota e bile go bula tsela go ne go mo thusa gore a nne a nonofile. Go thusa batho go ithuta boammaaruri jwa Baebele le go ba bona ba fetola matshelo a bone gore ba tle ba amogelwe ke Modimo go ne go mo tlisetsa boitumelo jo bogolo mo botshelong jwa gagwe jo bo tshwaregileng thata.—Dia. 10:22.
15 Dilo dipe fela tse motho a tshwanelwang ke go itima tsone le diphetogo dipe tse a tshwanetseng go di dira gore a bule tsela di duelwa thata ke masego a mantsi a o nnang le one. Kgaitsadi mongwe o ne a kwala jaana ka maitemogelo a gagwe a bobulatsela jo bo thusang: “Go ile ga nthusa gore ke tlogele go ikgopola bobe mme ke tlhome mogopolo thata mo go thuseng ba bangwe. . . . Ke akantsha gore ba ba ka kgonang ba bo tseye.”
16 Go Tlhoka Thulaganyo e e Molemo: Mo tsebeng ya bofelo ya tsenyeletso eno, re tsentse dikai tsa dithulaganyo tse di neng tsa tlhaga mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1997. Gongwe nngwe ya tsone e tshwanela maemo a gago. Fa o ntse o di sekaseka, akanyetsa tiro ya gago e e tlwaelegileng ya kgwedi le kgwedi. Ke ditiro dife tsa kwa gae tse di ka dirwang pele o simolola go bula tsela kana tsa tlogelwa go fitlha o fetsa? A nako nngwe e o e senyang mo boitlosobodutung, boitapolosong kana mo ditirong tse dingwe tsa boiketlo e ka fokodiwa? Go na le gore o lebe fela palo e e tletseng ya diura tse 60 tse di batlegang, dira thulaganyo ya gago gore e nne ya letsatsi le letsatsi kana ya beke le beke. Go tlhokega fela diura di le 2 ka letsatsi kana diura di le 15 ka beke go nna mmulatsela yo o thusang. Bona sekai sa thulaganyo, mme ka go dirisa phensele bona gore ke thulaganyo efe e e tla tshwanelang maemo a gago ka namana le a lelapa la gago.
17 Tsela e phuthego nngwe e ileng ya arabela ka yone le kafa e ileng ya tshegetsa bodiredi ka gone ngogola e ile ya oketsa tlhagafalo ya mmulatsela mongwe wa nako e e tletseng yo o neng a kwala jaana: “Ke lo leboga thata go bo lo ile lwa kgothaletsa ka lorato gore go dirwe maiteko a magolwane go tshegetsa bobulatsela jo bo thusang. . . . Dithulaganyo tse lo ileng lwa di akantsha di ile tsa thusa ba le bantsi ba ba iseng ba ko ba nne babulatsela go bona gore ba ka kgona. . . . Ke itumela thata go nna karolo ya phuthego ya ga Jehofa le go latela kaelo e e lorato ya motlhanka yo o botlhale le yo o bonokopela.”
18 Diane 21:5 e re tlhomamisetsa jaana: “Dikgopolo tsa batlhoafadi di ganelela kwa letlotlong fela.” Diane 16:3 e re kgothatsa jaana: “Neela Jehofa ditiro tsa gago, mme maikaelelo a gago a tlaa tlhomama.” Ee, ka go akaretsa Jehofa ka thapelo mo ditshwetsong tsa rona le go ikaega thata ka ene gore a re thuse go atlega, re ka tshepa gore re tla atlega go nna babulatsela ba ba thusang. Go ka direga gore fa re sena go bona gore thulaganyo ya rona e atlega go le kana kang fa re ne re le babulatsela ba ba thusang ka kgwedi e le nngwe kana tse pedi, re tla kgona go tshwaya lebokoso le le mo foromong ya bobulatsela jo bo thusang le le balegang jaana: “Tshwaya fano fa o batla go tswelela go dira jaaka mmulatsela yo o thusang o sa kgaotse.” Le fa go ntse jalo, re ka lebelela pele go nna babulatsela ba ba thusang gape ka August, fa go tla bo go na le mafelobeke a le matlhano a a tletseng. Fa re fetsa ngwaga wa tirelo ka August, go tla dirwa maiteko a a kopanetsweng gore mongwe le mongwe a nne le seabe ka botlalo ka mo a ka kgonang ka gone mo bodireding.
19 Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Yo o supang tumelo mo go nna, yoo le ene o tla dira ditiro tse ke di dirang; mme o tla dira ditiro tse dikgolo go feta tseno.” (Joh. 14:12) Re na le tshiamelo e e itumedisang ya go nna badirimmogo le Modimo fa boporofeti jono bo diragadiwa ka botlalo. Eno ke nako ya go rera dikgang tse di molemo ka potlako go feta le e leng pele, re reka nako e e re siametseng ya go dira seno. (1 Bakor. 3:9; Bakol. 4:5) Go nna le seabe mo bobulatseleng jo bo thusang gantsi ka moo re ka kgonang ka gone ke tsela e e molemo ya go dira karolo ya rona jaaka baboledi ba Bogosi. Re lebeletse pele ka tlhoafalo go bona gore pina ya kgalaletso e tla nna kgolo go le kana kang mo letlheng leno la Segopotso go tswa mo babulatseleng ba ba thusang. (Pes. 27:6) Fa re akanya ka matswela a ngogola, re ipotsa gore, ‘A re Tla go Dira Gape?’ Re tshepa gore re tla kgona!
[Box on page 3]
A o Ka Nna Mmulatsela yo o Thusang?
“E ka ne maemo a gago a botho a le afe, fa o kolobeditswe, o na le maitsholo a a molemo, o ka kgona go rulaganyetsa go fitlhelela patlafalo ya go senya dioura tse 60 ka kgwedi mo bodiheding jwa tshimo ebile o dumela gore o ka direla ka kgwedi e le nngwe kana tse di oketsegileng jaaka mmulatsela yo o thusang, bagolwane ba phuthego ba tla itumela go akanyetsa kopo ya gago mo tshiamelong eno ya tirelo.”—Re Rulaganyeditse go Swetsa Bodihedi jwa Rona, tsebe 114.
[Box on page 6]
Dithulaganyo Tsa Bobulatsela jo bo Thusang
Dikai Tsa go Rulaganya Diura Tse 15 Tsa Tirelo ya Tshimo Beke le Beke
Mo Mesong—Mantaga go ya go Sontaga
Letsatsi Nako Diura
Mantaga Mosong 2
Labobedi Mosong 2
Laboraro Mosong 2
Labone Mosong 2
Labotlhano Mosong 2
Matlhatso Mosong 2 1⁄2
Sontaga Halofo 2 1⁄2
ya Letsatsi
Diura ka Kakaretso: 15
Matsatsi a Mabedi a a Tletseng
Go ka tlhophiwa matsatsi ape fela a mabedi a beke
Letsatsi Nako Diura
Laboraro Letsatsi 7 1⁄2
Lotlhe
Matlhatso Letsatsi 7 1⁄2
Lotlhe
Diura ka Kakaretso: 15
Maitseboa a Mabedi le Mafelobeke
Go ka tlhophiwa maitseboa ape fela a mabedi a beke
Letsatsi Nako Diura
Mantaga Maitseboa 1 1⁄2
Laboraro Maitseboa 1 1⁄2
Matlhatso Letsatsi 8
Lotlhe
Sontaga Halofo ya 4
Letsatsi
Diura ka Kakaretso: 15
Motshegare mo Matsatsing a Beke le Matlhatso
Sontaga e ka emisediwa ka letsatsi lepe fela
Letsatsi Nako Diura
Mantaga Motshegare 2
Labobedi Motshegare 2
Laboraro Motshegare 2
Labone Motshegare 2
Labotlhano Motshegare 2
Matlhatso Letsatsi 5
Lotlhe
Diura ka Kakaretso: 15
Thulaganyo Ya me Ka Namana ya Tirelo
Swetsa gore o tla dira diura di le kae nako
nngwe le nngwe
Letsatsi Nako Diura
Mantaga
Labobedi
Laboraro
Labone
Labotlhano
Matlhatso
Sontaga
Diura ka Kakaretso: 15