LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/98 ts. 7
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Ke Eng Fa go Le Botlhokwa Gore re Apara Eng le Gore re Lebega Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 3/98 ts. 7

Lebokoso la Dipotso

◼ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhokomela thata tsela e re aparang ka yone fa re etetse dikago tsa Mokgatlho kwa New York le kwa diofising tsa makala tse dingwe go dikologa lefatshe?

Go lebeletswe gore Bakeresete ba nne le moaparo o o tshwanetseng. Moaparo wa rona le go ipaakanya mo mmeleng ka dinako tsotlhe go tshwanetse ga bontsha bori le seriti tse di tshwanelang batlhanka ba ga Jehofa Modimo. Go ntse jalo segolobogolo fa re etela dikago tsa Mokgatlho kwa New York le kwa makaleng a mangwe go dikologa lefatshe.

Ka 1998, go tla tshwarwa dikopano tsa kgaolo le tsa ditšhabatšhaba. Diketekete tsa bakaulengwe ba rona go tswa kwa dinageng tse dintsi ba tla etela ntlokgolo ya Mokgatlho kwa New York mmogo le makala a mangwe mo dinageng tse dingwe. E seng fa re etela mafelo ano fela, mme le ka dinako tse dingwe gape, re tlhoka go ‘ikhaka gore re badiredi ba Modimo ka tsela nngwe le nngwe,’ go akaretsa le moaparo wa rona o o tshwanelang le go ipaakanya mo mmeleng.—2 Bakor. 6:3, 4.

Fa e bua ka tsela e go leng botlhokwa ka teng go apara le go ipaakanya mo mmeleng, buka ya Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona e akgela kafa go tlhokegang ka gone gore re nne phepa mo mmeleng le go apara ka mokgwa o o bori le go ipaakanya ka tsela e ntle mo mmeleng fa re le mo tirelong ya tshimo le fa re ya dipokanong tsa Bokeresete. Morago ga moo, mo go tsebe 131, serapa 2, e re: “Go tshwanetse ga nna jalo le fa re etela legae la Bethele kwa Brooklyn kana epe fela ya diofisi tsa makala tsa Mokgatlho. Gakologelwa, leina Bethele le raya ‘Ntlo ya Modimo,’ ka jalo, tsela e re aparang ka yone, e re ipaakanyang ka yone mo mmeleng le boitshwaro jwa rona e tshwanetse go tshwana le e re lebeletsweng go dira ka yone fa re ya dipokanong go ya go obamela kwa Holong ya Bogosi.” Baboledi ba Bogosi ba ba nnang gaufi le ba bangwe ba ba tswang kwa mafelong a a kgakala ba ba tlang go bona le go etela maloko a lelapa la Bethele le go etela lekala le bone ba tshwanetse go boloka ditekanyetso tseno tse di tshwanang tse di kwa godimo.

Moaparo wa rona o tshwanetse go ama ba bangwe ka tsela e e siameng malebang le tsela e ba lebang kobamelo ya boammaaruri ya ga Jehofa jang. Le fa go ntse jalo, go ile ga elwa tlhoko gore bakaulengwe bangwe le bokgaitsadi ba na le mokgwa wa go apara ba latlhelela fela fa ba etetse kwa dikagong tsa Mokgatlho. Moaparo o o ntseng jalo ga o a tshwanela fa lo etela lepe la magae a Bethele. Fa go tla mo kgannyeng eno, fela jaaka go ntse mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa rona jwa Bokeresete, re batla go boloka ditekanyetso tsone tseo tse di kwa godimo tse di tlhaolang batho ba Modimo jaaka ba ba farologaneng le lefatshe ka go dira dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo. (Bar. 12:2; 1 Bakor. 10:31) Go a tshwanela gape gore re bue le dithuto tsa rona tsa Baebele le ba bangwe ba ba ka nnang ba etela Bethele ka lekgetlho la ntlha re ba gakolole ka botlhokwa jwa gore ba ele tlhoko gore ba apare sentle le go ipaakanya sentle mo mmeleng.

Ka jalo fa o etela mafelo a Mokgatlho, ipotse jaana: ‘A moaparo wa me le tsela e ke ipaakanyang ka yone mo mmeleng di bori?’ (Bapisa Mika 6:8.) ‘A e bua sentle ka Modimo o ke o obamelang? A ba bangwe ba tla fatlhiwa kana ba kgopisiwa ke tsela e ke lebegang ka yone? A ke tlhomela ba bangwe sekao se se molemo ba go ka diregang gore ba tla lekgetlho la ntlha?’ E kete ka metlha, re ka “kgabisa thuto ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo, mo dilong tsotlhe” ka moaparo wa rona le ka tsela e re ipaakanyang ka yone mo mmeleng.—Tito 2:10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela