LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/98 ts. 7
  • Dikgakololo Tsa Segopotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgakololo Tsa Segopotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgakololo Tse di Malebana le Segopotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Dikgakololo Tsa Segopotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Dikgakololo Tsa Segopotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Dikgakololo Tse di Malebana le Segopotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
km 3/98 ts. 7

Dikgakololo Tsa Segopotso

Segopotso se tla ketekiwa ka Matlhatso, April 11. Bagolwane ba tshwanetse go tlhokomela dintlha tseno tse di latelang:

◼ Fa go beiwa nako ya pokano eno, tlhomamisang gore ditshwantshetso ga di tsamaisiwe pele ga letsatsi le phirima.

◼ Mongwe le mongwe, go akaretsa le sebui, o tshwanetse go bolelelwa nako e e siameng le lefelo le le siameng le go tla ketekelwang kwa go lone.

◼ Go tshwanetse ga batliwa senkgwe le beine tse di tshwanetseng le gore di baakanngwe.—Bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1985, tsebe 17.

◼ Diboroto, digalase, tafole le letsela la tafole tse di tshwanetseng di tshwanetse go tlisiwa kwa holong le go baakanngwa go sa le gale.

◼ Holo ya Bogosi kana lefelo le lengwe le go tla kopanelwang kwa go lone di tshwanetse go phepafadiwa pele ga nako.

◼ Go tshwanetse ga tlhophiwa balebedi ba ba tla tsamaisang ditshwantshetso mme ba tshwanetse go laelwa go sa le nako ka dithulaganyo tse di siameng le ka ditiro tsa bone.

Go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa go isetsa batlodiwa ba ba lwalang kana ba ba sa kgoneng go nna gone.

◼ Fa e le gore Holo ya Bogosi e tla bo e dirisiwa ke diphuthego di feta e le nngwe, go tshwanetse ga nna le tirisanommogo mo diphuthegong go tila go nna le pharakano e e sa tlhokegeng mo diphasiking, mo dikgorong, mo bophapathong jwa tsela le mo go emisiwang dikoloi teng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela