Ba a Lemoga Gore re Farologane
1 Ngogola, batho ba ba fetang 300 000 ba basha ba ne ba inaakanya le rona ka go kolobediwa. Batho bano ba lemogile eng ka Basupi ba ga Jehofa se se dirileng gore ba batle go nna karolo ya phuthego ya Modimo? Ke ka ntlha yang fa re tlhomologa mo madumeding a mangwe otlhe jaaka ba ba farologaneng? Mangwe a mabaka a a totobetseng ke ano:
—Re ngaparela Baebele e seng dikgopolo tsa rona: Re obamela Jehofa Modimo “ka moya le boammaaruri,” fela jaaka Jesu Keresete a laetse gore re dire. Seno se ile sa raya gore re latlhe maaka a bodumedi mme re dire tumalanong le Lefoko la Modimo le le kwadilweng.—Joh. 4:23, 24; 2 Tim. 3:15-17.
—Re ya kwa bathong go na le go ba emela gore ba tle mo go rona: Re amogetse tiro e Keresete a re fileng yone ya go rera le go ruta, mme re etsa sekao sa gagwe sa go senka batho ba ba dipelo di ikanyegang. Re ba senka kwa matlong a bone, mo seterateng kana gongwe le gongwe fela kwa ba ka bonwang teng.—Math. 9:35; 10:11; 28:19, 20; Dit. 10:42.
—Re ruta mongwe le mongwe Baebele mahala: Re dirisa madi a rona le maatla a rona re sa duedise sepe, re dirisa diura di le dimilione di le makgolo ngwaga le ngwaga mo tirelong ya Modimo. Re ithuta Baebele le batho ba mefuta yotlhe, re sa tlhaole ope.—Math. 10:8; Dit. 10:34, 35; Tshen. 22:17.
—Re thapisitswe sentle go thusa batho semoyeng: Ka go ithuta Baebele ka namana le dithuto tse re di newang kwa dipokanong tsa phuthego, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo, re bona thuto ya puso ya Modimo e e tlhwatlhwakgolo, e e sa kgaotseng e e re kgontshang go sedimosa ba bangwe semoyeng.—Isa. 54:13; 2 Tim. 2:15; 1 Pet. 3:15.
—Re tsaya boammaaruri ka tsela e e masisi, re bo dirisa mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi: Ka ntlha ya lorato lwa rona mo Modimong, re dira diphetogo, re dumalanya matshelo a rona le thato ya one. Botho jwa rona jo bosha jwa Bokeresete bo ngokela ba bangwe mo boammaaruring.—Bakol. 3:9, 10; Jak. 1:22, 25; 1 Joh. 5:3.
—Re leka go tshela le go dira le ba bangwe ka kagiso: Go tlhagolela dinonofo tsa bomodimo go re thusa go ela tlhoko ditiro tsa rona le puo ya rona. Re ‘senka kagiso le batho botlhe mme re a e latelela.’—1 Pet. 3:10, 11; Baef. 4:1-3.
2 Dikao tsa go tshela ka tsela ya Bokeresete tse batho ba di bonang mo phuthegong ya ga Jehofa di tlhotlheletsa ba le bantsi go amogela boammaaruri. E kete sekao sa rona se ka nna le diphelelo tse di tshwanang mo go ba ba re itseng le ba ba re lebileng ka kelotlhoko.