Segopotso sa Loso Lwa ga Keresete se se Tshwarwang Lefatshe ka Bophara
1 Jehofa o re tshololetse dimpho tse dintsintsi. Fa re bua ka bomolemo le bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato re ka bo tlhalosa sentle re re ke “mpho ya gagwe ya mahala e e sa kakeng ya tlhalosiwa.” Ee, “bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo” bo molemolemo jaana mo re sa kgoneng le go bo tlhalosa.—2 Bakor. 9:14, 15.
2 Mpho ya Gagwe e Kgolo go di Gaisa Tsotlhe: Jesu Keresete jaaka Morekolodi wa batho ke mpho e kgolo go di feta tsotlhe. Fa Jehofa a ne a supa lorato lwa gagwe lo logolo lo a ratang batho ba ba mo lefatsheng ka lone o ne a ba naya Morwawe yo o rategang yo o tsetsweng a le esi. (Joh. 3:16) Lesego leno le le sa re tshwanelang le le tswang kwa Modimong le tlhoka go gakologelwa lefatshe ka bophara. Leng gone jang? Mo maitseboeng a Labone, April 1, 1999, Bakeresete go dikologa lefatshe ba tla keteka Segopotso sa Sejo sa Morena sa Maitseboa, ba keteka Segopotso sa setlhabelo seno se segolo go di feta tsotlhe.—1 Bakor. 11:20, 23-26.
3 Keresete o ne a re swela “fa re santse re le baleofi” mme re ka supa gore re a leboga ka go keteka Segopotso seno sa loso lwa gagwe le ka go laletsa ba bangwe go nna le rona mo tiragalong eo e e botlhokwatlhokwa.—Bar. 5:8.
4 Tiragalo e e Botlhokwatlhokwa: Go gopola loso lwa ga Keresete go bontsha segolobogolo gore o ne a tlotlomatsa bobusi jwa Modimo kwantle ga molato ope. Gape go re gakolola gore re ka kgona go nna le boemo jo bo siameng le Jehofa ka go supa tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu, ka go dira jalo re tlhomamisediwa gore re tla bolokega. (Dit. 4:12) Ruri eno ke tiragalo e e botlhokwatlhokwa mo ngwageng!
5 Re supa gore re rata baagelani ba rona ka go ba laletsa gore ba tle go keteka le rona Sejo sa Morena sa Maitseboa. Melemo ya thekololo e sa ntse e ka solegela dimilione tsa batho molemo tse di ithutang ka boleng jwa yone jo bogolo thata. (Baf. 3:8) Ba ba supang tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete ba ka nna le tsholofelo e e tlhomameng ya gore ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng.—Joh. 17:3.
6 Motlha ono wa Segopotso o re neela tshono e e kgethegileng ya gore re supe gore re anaanela bopelonomi jo bogolo thata jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo. Eno ke nako e e tshwanelang tota ya go nna le seabe ka tlhoafalo mo go rereng dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Melemo e megolo e letetse bao ba akanyetsang ka thapelo mpho ya mahala e e sa tlhalosegeng ya ga Jehofa mme ba rulaganyetsa go nna teng mo moketeng wa ngwaga ono wa Sejo sa Morena sa Maitseboa!