Kafa Maloko a Lelapa a ka Dirisanang Mmogo ka Teng go Nna le Seabe ka Botlalo—Mo Thutong ya Baebele
1 Boammaaruri bo dira gore botshelo jwa lelapa bo nne le bokao jwa mmatota le boikaelelo, mme ga go itlele fela gore le atlege mo go direleng Jehofa. Go tlhoka nako le boiteko go aga lelapa le le nonofileng semoyeng. Go tlhokega thata gore maloko a lelapa a dirisane mmogo mo ntlheng eno. Setlhogo seno sa ntlha mo metseletseleng eno ya dikarolo di le tharo se tla bontsha kafa malapa a ka dirisanang mmogo ka teng go dira gore ba nne le mekgwa e e siameng ya go ithuta.
2 Ka go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi: Diane 24:5 ya re “monna wa kitso o kokotletsa nonofo.” Kitso e motho a e bonang ka go bala Lefoko la Modimo ka metlha e mo naya nonofo ya kafa teng e a e tlhokang gore a emelane le ditlhaselo tse Satane a tlhaselang bomoya jwa gagwe ka tsone. (Pes. 1:1, 2) A lo bala Baebele mmogo jaaka lelapa letsatsi le letsatsi? Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e na le “Thulaganyo ya go Thusa go Bala Baebele” ya beke le beke ngwaga otlhe. Go latela thulaganyo eno go tlhoka fela metsotso e le lesome ya lelapa letsatsi le letsatsi. Tlhopha nako e e tshwanetseng, e e jaaka ka nako ya sefitlholo, morago ga dijo tsa maitseboa kana pele ga go robalwa gore lo bale Baebele le go sekaseka temana ya letsatsi go tswa mo bukeng ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe. Dira seno thulaganyo ya letsatsi le letsatsi ya lelapa la lona.
3 Ka go Ithuta Mmogo Beke le Beke: Thuto ya lelapa ya Baebele e tshwanetse go nna karolo ya botlhokwa mo thulaganyong ya lelapa ya beke. Mongwe le mongwe mo lelapeng o tshwanetse go e ema nokeng ka go nna le seabe mo thutong ka tlhoafalo. Tlhogo ya lelapa e tla ela tlhoko dilo tse lelapa le di tlhokang fa e tlhopha buka e e tla ithutiwang, le letsatsi, nako le boleele jwa thuto. Dira gore thuto ya lelapa e nne yone e tlang kwa pelepele mo thulaganyong ya beke le beke. O se ke wa letlelela dilo tse di sa reng sepe go e kgoreletsa.—Bafil. 1:10, 11.
4 Rre mongwe yo gantsi a neng a founelwa kwa gae ka dilo tsa kgwebo o ne a tima thelefouno ka nako ya thuto ya lelapa. Fa bareki ba tla mo ntlong, ba ne ba lalediwa go kopanela mo thutong kana gore ba eme go sekae go fitlha e fela. Rre o ne a dira bojotlhe gore go se nne le sepe se se kgoreletsang thuto ya lelapa. Seno se ne sa nna le matswela a a molemo thata mo baneng ba gagwe, mme kgwebo ya gagwe le yone e ne ya atlega.
5 A bo go itumedisa jang ne fa maloko a lelapa a dirisana mmogo mo dilong tsa semoya! Fa re ikanyega mo maitekong a rona a go nna le seabe ka botlalo mo thutong ya lelapa ya Baebele seno se tla tlisa masego a ga Jehofa.—Pes. 1:3.