Tsamaisetsa Batho ba Dingwaga Tsotlhe Buka ya Boitumelo mo Lelapeng
1 Mosimane mongwe wa dingwaga di le 11 wa kwa California o bontshitse gore o anaanela buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng fela thata. O kwadile jaana: “Ke e itumelela thata e bile ke kgothaletsa malapa a mangwe gore le one a bale buka eno ka gonne e molemo thata. E thusa . . . lelapa la rona go bona kagiso le boitumelo mo legaeng.” Boitemogelo jwa mosha yono bo tshwanetse go re kgothaletsa go tsamaisetsa batho ba dingwaga tsotlhe buka ya Boitumelo mo Lelapeng. Go na le dikakantsho di le mmalwa fano tse o ka ratang go di leka mo bodireding jwa gago ka February.
2 Fa o kopana le mosha, o ka nna wa re:
◼ “Ba le bantsi ba dithaka tsa gago ba akanya ka go nyala. Mme gone o ka bona kae tshedimosetso e e ikanyegang malebana le kgang eno? [Emela karabo.] Gantsi basha ba bolela gore ga ba tlhomamisega gore a ba siametse go ka nyala. E re ke go bontshe gore buka eno ya reng ka kgang eno.” Bula mo tsebeng ya 14 ya buka ya Boitumelo mo Lelapeng, mme o bale serapa 3. Mme o mmontshe setlhogwana sengwe le sengwe se se mo kgaolong eno. Mo tsamaisetse buka ya khabara e e thata ka moneelo wa R5,00 kana ya khabara e e seng thata ka moneelo wa R3,75 mme o rulaganye go boa gape.
3 Fa o bua le motsadi, o ka nna wa re:
◼ “Re tsamaya re bontsha batsadi dikaelo dingwe tse di mosola tse di thusang tota mo go godiseng bana. Dikaelo tseno di sobokantswe mo bukeng eno ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.” Bula tsebe ya 55. Bala serapa sa 10, mme o bale le Duteronome 6:6, 7, mo serapeng sa 11. Mme o mmontshe mela e e kwadilweng ka mokwalo o o sekameng mo dirapeng 12 go ya go 16. Tswelela ka gore: “Buka eno e thusitse batho ba le bantsi go nna batsadi ba ba atlegileng.” Mo tsamaisetse buka ka moneelo o o tlwaelegileng.
4 Fa o bua le motho yo o godileng, o ka nna wa re:
◼ “Fa ke sena go go balela ntlhanyana e khutshwanyane eno, ke kopa gore o mpolelele gore o akanyang ka yone.” Bula tsebe ya 169 mo bukeng ya Boitumelo mo Lelapeng mme o bale mela e mebedi ya ntlha mo serapeng sa 17. Morago ga moo mo kope gore a arabe. Go ikaegile ka gore o araba a reng, o ka nna wa bala dikarolo tse dingwe mo bukeng eno pele ga o mo e tsamaisetsa.
5 Fa o boela gape kwa o tsamaisitseng buka ya Boitumelo mo Lelapeng gone, nna o akantse ka go leka go simolola thuto ya Baebele. Thuto ya 8 mo boroutšhareng jwa Re Direng kana kgaolo ya 15 mo bukeng ya Kitso e ka nna karolo e e tshwanetseng e o ka simololang ka yone. Kgabagare, a re lekeng go thusa batho ba dingwaga tsotlhe go aga botshelo jo bo itumetseng jwa lelapa la Bokeresete.