Kgaolo ya Lesomenne
Go Tsofala lo Ntse lo le Mmogo
1, 2. (a) Ke diphetogo dife tse di diragalang fa botsofe bo atamela? (b) Banna ba bomodimo ba metlha ya Baebele ba ne ba itumelela eng mo botsofeng?
RE FETOGA thata fa re ntse re tsofala. Re felelwa ke nonofo fa mebele ya rona e ntse e koafala. Fa re iteba mo seiponeng re bona matsutsuba le moriri wa rona o fetoga mmala—le e leng go tlhotlhorega. Re ka nna ra palelwa ke go gakologelwa dilo. Re tsalana le batho ba basha fa bana ba tsena mo lenyalong le fa ditlogolwana di simolola go nna teng. Mo go ba bangwe, go tlogela tiro go dira gore ba tshele ka mokgwa o mongwe o o farologaneng.
2 Tota gone, go tsofala go ka gwetlha thata. (Moreri 12:1-8) Lefa go ntse jalo, akanya ka batlhanka ba Modimo ba mo metlheng ya Baebele. Le mororo kwa bokhutlong ba ne ba swa, ba ne ba kgonne go bona botlhale le go tlhaloganya dilo, seo se neng sa ba itumedisa thata fa ba setse ba tsofetse. (Genesise 25:8; 35:29; Jobe 12:12; 42:17) Ba ile ba kgona jang go nna ba ntse ba itumetse fa ba ntse ba tsofala? E tshwanetse ya bo e le ka go tshela ka melaometheo e gompieno re e fitlhelang e kwadilwe mo Baebeleng.—Pesalema 119:105; 2 Timotheo 3:16, 17.
3. Paulo o ne a gakolola bannabagolo le basadibagolo jang?
3 Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola ba ba setseng ba tsofala ka tsela e e molemo fa a ne a kwalela Tito. O ne a kwala jaana: “A bannabagolo ba itse go ikgapa, ba nne masisi, ba nne mogopolo o o lekalekanyeng, e nne ba ba itekanetseng mo tumelong, le mo loratong, le mo bopeloteleleng; le gore basadibagolo le bone ba nne masisi mo mokgweng wa bone, e se bapateletsi, ba sa lemalela bojalwa, e le ba ba rutang batho se se molemo.” (Tito 2:2, 3) Mafoko ano fa o a reetsa a ka go thusa go fenya dilo tse di tla go gwetlhang fa o ntse o tsofala.
FETOFETOGANG FA BANA BA LONA BA IKEMELA KA NOSI
4, 5. Batsadi ba bantsi ba dira eng fa bana ba bone ba tswa mo gae mme ba bangwe ba dira diphetogo dife ka ntlha ya seemo se sesha seno?
4 Motho o tshwanetse go fetofetoga fa seabe se fetoga. A bo seno se itshupa se le boammaaruri jang ne fa bana ba ba godileng ba tswa mo gae mme ba tsena mo lenyalong! Seno ke selo sa ntlha se se gakololang batsadi ba bantsi gore ba a tsofala. Le mororo ba itumelela gore bana ba bone ba godile, gantsi ba tshwenngwa ke gore a ba dirile bojotlhe go ruta ngwana gore a kgone go ikemela ka nosi. E bile ba ka ba tlhoafalela thata fa ba sa tlhole ba le mo gae.
5 Go a utlwala go bo batsadi ba tswelela ba tshwenyega ka gore bana ba bone ba tsoga jang lefa bana ba setse ba dule mo gae. “Fa ba ne ba ka nkitsise nako le nako gore ke tlhomamise gore ba tshela sentle—ke ne ke tla itumela thata,” go ne ga bolela jalo mmè mongwe. Rre mongwe o anela jaana: “Go ne go le bokete tota fa morwadiarona a sena go tswa mo lelapeng. Go ne go bulegile phatlha e kgolo mo lelapeng gonne re ne re dira sengwe le sengwe mmogo.” Batsadi bano ba ile ba itshokela go tsamaya gono ga bana ba bone jang? Mo makgetlong a mantsi, e ile ya nna ka go supa fa ba amega ka batho ba bangwe le ka go ba thusa.
6. Ke eng se se thusang go boloka kamano ya mo lelapeng mo boemong jo bo tshwanetseng?
6 Seabe sa batsadi se a fetoga fa bana ba tsena mo lenyalong. Genesise 2:24 ya re: “Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe; mme ba tlaa nna nama e le nngwe fela.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Go ikobela melaometheo ya bomodimo ya botlhogo le thulaganyo e e siameng go tla thusa batsadi go leba dilo sentle.—1 Bakorinthe 11:3; 14:33, 40.
7. Ke boikutlo bofe jo bo siameng joo rre mongwe a neng a ithuta go nna najo fa bomorwadie ba ne ba tswa mo gae ba nyalwa?
7 Banyalani bangwe ba ne ba utlwa go bulegile phatlha mo matshelong a bone fa bomorwadiabone ba babedi ba sena go nyalwa mme ba tsamaya. Kwa tshimologong, rre o ne a sa rate bagwe ba gagwe. Mme fa a ntse a akanya ka melaometheo ya botlhogo, o ne a lemoga gore banna ba bomorwadie jaanong ba ne ba laola magae a bone. Ka gone, e ne e re fa bomorwadie ba kopa rraabone kgakololo, o ne a ba botsa gore banna ba bone ba ne ba reng mme o ne a tlhomamisa gore o ema banna bao nokeng kafa a ka kgonang ka teng. Bagwe ba gagwe jaanong ba mo leba jaaka tsala e bile ba itumelela kgakololo ya gagwe.
8, 9. Bangwe ba batsadi ba ile ba dira diphetogo dife go dumelana le go ikemela ka nosi ga bana ba bone ba ba godileng?
8 Go tweng fa ba ba sa tswang go nyalana ba palelwa ke go dira se batsadi ba bone ba akanyang gore se siame ntswa ba sa dire sepe se se kgatlhanong le Dikwalo? Banyalani bangwe ba ba nang le bana ba ba mo lenyalong ba re: “Re ba thusa ka metlha go lemoga kafa Jehofa a lebang dilo ka teng mme fa re sa dumalane le tshwetso ya bone, re a e amogela re bo re ba ema nokeng le go ba kgothatsa.”
9 Bommabana bangwe ba kwa dinageng tsa Asia ba fitlhela go le bokete thata go dumela gore bomorwaabone jaanong ba ikemetse ka nosi. Lefa go ntse jalo, fa ba simolola go tlotla thulaganyo ya Bokeresete le ya botlhogo ba fitlhela gore ga ba nne le dikgotlhang le dingwetsi tsa bone. Mosadi mongwe wa Mokeresete o fitlhela gore go tswa ga bomorwawe mo legaeng ke “selo se a tswelelang a ntse a se lebogela.” O itumelela go bona ba kgona go laola malapa a bone a masha. Seno gape se imolola mokgweleo le go mo imolola mo tlhaloganyong, e leng mokgweleo oo ene le monna wa gagwe ba neng ba tshwanetse go o rwala fa ba ntse ba tsofala.
GO NONOTSHA KGOLAGANO YA LENYALO LA GAGO
10, 11. Ke kgakololo efe ya Dikwalo e e ka thusang batho go tila mamena a dingwaga tsa bogare?
10 Batho ba itshwara ka ditsela tse dintsi fa ba fitlha mo dingwageng tsa bogare. Banna bangwe ba apara ka tsela e e farologaneng ba leka go lebega ba le babotlana. Basadi ba bantsi ba tshwenngwa ke diphetogo tse di leriwang ke go khutla ga modikologo wa go bona kgwedi. Se se botlhoko ke gore batho bangwe ba dingwaga tse di fa gare ba dira gore ba ba nyalaneng nabo ba galefe le go fufega ka go tsalana thata le batho ba bong bo sele ba babotlana mo go bone. Lefa go ntse jalo, bannabagolo ba bomodimo ba na le ‘maikutlo a a itekanetseng,’ ba ithiba gore ba se eletse sepe se se sa tshwanelang. (1 Petere 4:7) Basadi ba ba godileng le bone ba dira ka natla go boloka manyalo a bone a nonofile ka gonne ba rata banna ba bone le ka go bo ba eletsa go itumedisa Jehofa.
11 Kgosi Lemuele, yo o neng a tlhotlheleditswe gore a kwale o ne a baka “mosadi yo o mokgwa o o iphaphileng” yoo a duelang monna wa gagwe ka “molemo e seng bosula, ka metlha yotlhe ya botshelo jwa gagwe.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Monna wa Mokeresete ga a kitla a tlhoka go lebogela kafa mosadi wa gagwe a lekang thata ka teng go itshokela go tlhakatlhakana maikutlo goo go mo diragalelang mo dingwageng tsa bogare. Lorato lo a mo ratang ka lone lo tla mo tlhotlheletsa gore a “mmake.”—Diane 31:10, 12, 28.
12. Banyalani ba ka atamalana thata jang fa dingwaga di ntse di feta?
12 Mo dingwageng tsa fa lo tshwaregile ka go godisa bana, lo ka tswa lo ne lwa beela dilo tse lo di ratang kwa thoko fela ka boitumelo gore lo kgone go naya bana tse ba di tlhokang. Fa ba sena go tsamaya, eno ke nako ya gore lo amege gape thata ka botshelo jwa lenyalo lwa lona. Monna mongwe a re: “Fa bomorwadiake ba sena go tswa mo gae, nna le mosadi wa me re ne ra nna baratani ba basha gape.” Monna yo mongwe gape a re: “Mongwe le mongwe o tlhokomela boitekanelo jwa yo mongwe e bile re gakololana ka botlhokwa jwa go itshidila mmele.” Ene le mosadi wa gagwe ba laletsa batho ba ba mo phuthegong gore ba se ka ba jewa ke bodutu. Ee, go kgatlhegela ba bangwe go lere masego. Mo godimo ga moo, go itumedisa Jehofa.—Bafilipi 2:4; Bahebere 13:2, 16.
13. Go bua ka tlhamalalo le ka boikanyegi go thusa jang banyalani go nna mmogo fa ba ntse ba tsofala?
13 Se letle gore wena le yo o nyalaneng nae lo nne lo sa buisane. Buang lo gololesegile. (Diane 17:27) “Re dira gore re tlhaloganyane sentle ka go re yo mongwe a amege ka yo mongwe le go akanyetsana,” go akgela jalo monna mongwe. Mosadi wa gagwe o dumalana le seo, a re: “Fa re ntse re tsofala, re ile ra itumelela go nwa tee mmogo, go tlotla le go dirisana mmogo.” Go bua dilo ka tlhamalalo le ka boikanyegi go ka nonotsha kamano ya lenyalo fela thata, go tla lo naya nonofo e e tla fenyang tlhaselo ya ga Satane, mothubi wa manyalo.
ITUMELELE DITLOGOLWANA TSA GAGO
14. Mmaagwemogolo Timotheo o ile a nna le seabe sefe sa botlhokwa mo go mo godiseng jaaka Mokeresete?
14 Ditlogolwana ke “serwalo sa tlhogo” mo batsofeng. (Diane 17:6) Go tsalana le ditlogolwana go ka itumedisa tota—ga go rotloetsa le go go lapolosa. Baebele e tlotlomatsa Loise, mmèmogolo yoo ene le morwadie, Eunike, ba neng ba ruta setlogolwana sa gagwe sa lesea, Timotheo, dilo tse ba neng ba di dumela. Ngwana yono o ne a gola a itse gore mmaagwe le mmaagwemogolo ba ne ba tseela boammaaruri jwa Baebele kwa godimo.—2 Timotheo 1:5; 3:14, 15.
15. Fa go tla mo ditlogolwaneng, ke seabe sefe sa botlhokwa se borremogolo le bommèmogolo ba ka se dirang, mme ba tshwanetse go tila eng?
15 Seno ke sengwe sa botlhokwa se borremogolo le bommèmogolo ba ka thusang thata mo go sone. Borremogolo le bommèmogolo, lo setse lo boleletse bana ba lona ka maikaelelo a ga Jehofa. Jaanong lo ka dira fela jalo le ka kokomana e nngwe gape! Bana ba bantsi ba itumelela go utlwa borraabonemogolo le bommaabonemogolo ba ba tlotlela ka dipolelo tsa Baebele. Gone mme, ga se gore lo tsaya boikarabelo jwa ga rre jwa go ruta bana ba gagwe boammaaruri jwa Baebele. (Duteronome 6:7) Go na le moo, lo oketsa mo go seno. E kete lo ka rapela jaana jaaka mopesalema: “E tlaa re ke tsofetse ke thuntse tlhogo, Modimo, o se ka wa ntlogela; go bo go tle go tsamaye ke bolelele kokomana e e tlang thata ya gago, le nonofo ya gago ke e bolelele mongwe le mongwe yo o tlaa tlang.”—Pesalema 71:18; 78:5, 6.
16. Borremogolo le bommèmogolo ba ka tila jang go baka mathata mo lelapeng la bone?
16 Se se botlhoko ke gore, borremogolo le bommèmogolo ba bangwe ba senya bana mme seo se dira gore borremogolo le bommèmogolo ba se ka ba utlwana le bana ba bone ba ba godileng. Lefa go ntse jalo, fa o le pelonomi tota ka boammaaruri gongwe ditlogolwana tsa gago di ka go bolelela diphiri tsa tsone fa di sa batle go bolelela batsadi. Ka dinako tse dingwe bana ba akanya gore rremogolo kana mmèmogolo yo o ba pepetletsang yono o tla ba ema nokeng kgatlhanong le batsadi ba bone. O ka dira eng? Dirisa botlhale mme o kgothaletse ditlogolwana tsa gago gore di bue le batsadi ka kgololesego. O ka ba tlhalosetsa gore seno se itumedisa Jehofa. (Baefeso 6:1-3) Fa go tlhokega o ka nna wa ithaopela go bulela bana tsela ya go bua le batsadi ba bone. Bolelela ditlogolwana tsa gago dilo tse o di ithutileng mo dingwageng tse di fetileng o tlhamaletse fela. Boikanyegi le go tlhamalala fa o bua di tla ba thusa thata.
FETOFETOGA FA O NTSE O TSOFALA
17. Bakeresete ba ba setseng ba tsofala ba ka iketleetsa jang jaaka mopesalema?
17 Fa dingwaga di ntse di feta, o tlile go lemoga gore ga o kgone go dira dilo tsotlhe tse o neng o tlhola o di dira kana tsotlhe tse o batlang go di dira. Motho a ka dira jang gore a amogele gore o a tsofala? Mo mogopolong wa gago o ka nna wa ikutlwa o na le dingwaga tse 30 mme gone fa o iteba mo seiponeng o ipona kafa o godileng ka teng tota. Se kgobege marapo. Mopesalema o ne a rapela Jehofa jaana: “Se ntatlhe mo motlheng wa botsofe; se ntlogele mogang thata ya me e felang.” Ititeye sehuba gore o tla iketleetsa jaaka mopesalema. O ne a re: “Nna ke tlaa nna ke solofela fela ka gale, ke tlaa fela ke ntse ke go baka bogolo bogolo.”—Pesalema 71:9, 14.
18. Mokeresete yo o nonofileng a ka dirisa nako ya fa a tlogetse tiro ka tsela e e molemo jang?
18 Ba le bantsi ba setse ba rulaganyeditse kwa pele gore ba tlile go baka Jehofa ka mo go oketsegileng fa ba sena go tlogela tiro. “Ke ne ke rulaganyeditse kwa pele gore ke tlile go dira eng fa morwadiarona a fetsa sekolo,” go tlhalosa jalo rre mongwe yo o tlogetseng tiro. “Ke ne ke ikaeletse gore ke tla simolola bodiredi jwa go rera ka nako e e tletseng mme ke ne ka rekisa kgwebo ya me gore ke gololesege go direla Jehofa ka botlalo. Ke ne ka rapela gore Modimo o nkaele.” Fa o setse o fitlha mo dingwageng tsa go tlogela tiro, ikgomotse ka mafoko ano a Mmopi yo Mogolo: “Le go ya kwa botsofading e ntse ke nna fela, le go ya kwa tlhogong e pududu, ke tlaa nna ke lo rwala fela.”—Isaia 46:4.
19. Ke kgakololo efe e e fiwang bao ba tsofalang?
19 Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go tlwaela go nna fela fa o sena go tlogela tiro. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola bannabagolo gore ba ‘ikgape.’ Seno se batla gore motho a ithibe a se ka a ineela mo go batleng go tshela motlhofo. O tla tlhoka thata go nna le tsela nngwe e e tlhomameng e o dirang dilo ka yone le go ikgalemela fa o sena go tlogela tiro go na le jaaka pele. Ka gone, dirang ka natla, “lo ntse lo totafetse mo tirong ya Morena ka metlha yotlhe, ka lo itse fa tiro ya lona e se ketla e nna lefela mo Moreneng.” (1 Bakorinthe 15:58) Dira mo go oketsegileng mme o thuse ba bangwe. (2 Bakorinthe 6:13) Bakeresete ba bantsi ba dira seno ka go rera mafoko a a molemo ka tlhoafalo ka selekanyo se se ba tshwanetseng. Fa o ntse o tsofala, ‘o itekanele mo tumelong, le mo loratong, le mo bopeloteleleng.’—Tito 2:2.
GO ITSHOKELA GO TLHOKAFALELWA KE YO O NYALANENG NAE
20, 21. (a) Ke eng seo kgabagare se tshwanetseng go kgaoganya banyalani mo tsamaisong eno ya jaanong ya dilo? (b) Ana o tlhomela ba ba hutsafaletseng ba ba neng ba nyalane nabo sekao se sentle jang?
20 Go utlwisa botlhoko mme gone go boammaaruri gore mo tsamaisong eno ya jaanong ya dilo banyalani ba kgaoganngwa ke loso. Bakeresete ba ba swetsweng ba itse gore baratiwa ba bone jaanong ba robetse e bile ba tlhomamisa gore ba tla ba bona gape. (Johane 11:11, 25) Mme go latlhegelwa jalo go santse go le botlhoko thata. Yo o santseng a tshela a ka itshokela seno jang?a
21 Go tla thusa thata go akanya ka se motho mongwe mo Baebeleng a ileng a se dira. Ana o ne a nna motlholagadi a na le dingwaga di le supa fela a nyetswe mme fa re bala ka ene re fitlhela a na le dingwaga di le 84. Re ka tlhomamisa gore o ne a hutsafalela monna wa gagwe fa a ne a tlhokafala. O ne a itshokela seno jang? O ne a direla Jehofa Modimo tirelo e e boitshepo kwa tempeleng bosigo le motshegare. (Luke 2:36-38) Botshelo jwa ga Ana jwa go direla a ntse a rapela bo ne bo alafa khutsafalo ya gagwe le bodutu jwa gagwe jaaka motlholagadi.
22. Batlholagadi le baswelwa ba bangwe ba ile ba dira eng gore ba se ka ba jewa ke bodutu?
22 “Selo se se ileng sa ntshwenya thata e ne e le go tlhoka tsala e nka buang le yone,” go tlhalosa jalo mosadi mongwe wa dingwaga tse 72 yo o neng a nna motlholagadi dingwaga tse di lesome tse di fetileng. “Monna wa me o ne a kgona go reetsa. Re ne re bua ka phuthego le ka seabe sa rona mo bodireding jwa Bokeresete.” Motlholagadi yo mongwe a re: “Le mororo motho a fola fa nako e ntse e tsamaya, ke fitlhela ke nepile thata fa ke re se motho a se dirang ka nako ya gagwe ke sone se se thusang motho go fola. O mo boemong jo bo molemo thata gore o ka thusa ba bangwe.” Moswelwa mongwe wa dingwaga tse 67 o dumela jaana: “Tsela e e molemo thata ya go itshokela go latlhegelwa ke gore o gomotse ba bangwe.”
GO TSEWA KE MODIMO O LE BOTLHOKWA FA O TSOFETSE
23, 24. Baebele e gomotsa batsofe ka tsela efe e kgolo segolobogolo ba ba swetsweng ke ba ba neng ba nyalane nabo?
23 Le mororo loso lo go amoga yo o mo ratang, Jehofa ene o nna a ntse a ikanyega ka metlha. Kgosi Dafite wa bogologolo o ne a opela jaana: “Ke lopile selo sengwe mo go Jehofa, ke sone se ke tlaa se senkang; ke gore ke tle ke age mo ntlong ya ga Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa me, go leba bontle jwa ga Jehofa le go botsa mo tempeleng ya gagwe.”—Pesalema 27:4.
24 “Tlotla basadi ba batlholagadi ba e leng batlholagadi ruri,” go kgothatsa jalo moaposetoloi Paulo. (1 Timotheo 5:3) Kgakololo e e latelang kaelo eno e supa gore batlholagadi ba ba neng ba tshwanela mme ba sena ope wa losika lo lo gaufi ba ka tswa ba ne ba tlhoka go tlamelwa ke phuthego ka dilo tsa senama. Lefa go ntse jalo, taolo ya gore ba ba ‘tlotle’ e akaretsa go ba tseela kwa godimo. A bo batlholagadi le baswelwa ba bomodimo ba ka ikgomotsa jang ne ka go itse gore Jehofa o ba tseela kwa godimo le gore o tla ba tlamela!—Jakobe 1:27.
25. Ke mokgele ofe o batsofe ba santseng ba tshwanetse go o itlhomela?
25 “Bontle jwa bannabagolo ke tlhogo e pududu,” go bolela jalo Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Ke “serwalo sa kgalalelo, fa e bonwa mo tseleng ya tshiamo.” (Diane 16:31; 20:29) Ka jalo, o nyetswe kana o sa nyalwa, tswelela pele o beile tirelo ya ga Jehofa kwa pele mo botshelong jwa gago. Fa o dira jalo o tla nna le leina le lentle mo Modimong gone jaanong e bile o solofetse go tshelela ruri mo lefatsheng le le senang ditlhabi tsa botsofe.—Pesalema 37:3-5; Isaia 65:20.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona koo kgang eno e tlotliwang teng ka botlalo, bona boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
MELAOMETHEO ENO YA BAEBELE E KA THUSA . . . BANYALANI JANG FA BA NTSE BA TSOFALA?
Ditlogolwana ke “serwalo sa tlhogo” mo batsofeng.—Diane 17:6.
Botsofe bo ka lere ditshono tse di oketsegileng tsa go direla Jehofa.—Pesalema 71:9, 14.
Batsofe ba kgothalediwa gore ba ‘ikgape.’—Tito 2:2.
Ba ba swetsweng ke ba ba neng ba nyalane nabo ba ka gomodiwa ke Baebele le fa ba utlwile botlhoko thata.—Johane 11:11, 25.
Jehofa o tseela batsofe ba ba ikanyegang kwa godimo.—Diane 16:31.
[Ditshwantsho mo go tsebe 166]
Tlhomamisetsanang gore lo a ratana fa lo ntse lo tsofala