Ke Ka Ntlha Yang Fa Nkoko le Ntatemogolo Ba Tlile go Nna le Rona?
O KILE wa bo o itumelela go nna o le nosi mo kamoreng ya gago. Mme jaanong o e tlhakanetse le morwadiarraago kgotsa le morwarraago. O kile wa bo o kgona go laletsa ditsala tsa gago. Mme jaanong ga o kake ka ntlha ya gore ba ‘dira modumo o montsi.’ O kile wa bo o kgona go nna le nako ya go tshameka le ya go e itumedisa. Mme jaanong karolo e ntsi ya nako eo o e dirisa mo ditirong tsa lelapa. Batsadi ba gago ba kile ba bo ba kgona go nna le wena lo tlotla lo iketlile. Mme jaanong gompieno ba kgopisega fela go sa twe sepe, ba go felelwa ke pelo. Ee, nkokoago le rraagomogolo ba nna le lona, mme dilo ga di sa tlhole di ntse jaaka di ne di ntse pele.
Ga se gore o dirwa ke gore ga o rate nkokoago le rraagomogolo. Mme lefa go le jalo go tshela le bone e ka nna selo se se seng motlhofo ka dinako tsotlhe. O iphitlhela o fela pelo, o kgopisiwa le ke dilo tse e seng tsa sepe fela. Mosha mongwe yo o bidiwang Victoria o ne a bolela jaana: “Batho ba bagolo ba na le tsela ya bone fela ya go dira dilo. Nkoko o a tle a nthome gore ke mo tlisetse sepora se se beelang maoto, le mororo setulo sa gagwe sa maotwana se na le se se agetsweng mo go sone. Kgotsa fa gongwe ke tla gae ke lapile, ke batla go itheetsa go sekaenyana fela, mme o tla batla gore mo boemong jwa seo a ntlotlise. Nkoko o bua fa re santse re re re lebelela thelebishene. Mme fa a ka e lebelela, ga a tshware sepe sentle, mme re tshwanelwa ke gore re mo tlhalosetse.”
Fa e le gore rraagomogolo kana nkokoago o nna le lona a le esi kgotsa boobabedi, kwantle ga pelaelo o tshwanetse o bo o pitlagana le go tlhakatlhakana maikutlo. Lefa go le jalo, diga moya—lelapa la ga lona ga se gore ga le a phatlalala. Ke fela gore jaanong le tlwaelana le seemo se sesha se se thata. Mme o ka dira mo gontsi go tlhomamisa gore o a itumela le go nna le kagiso ya mogopolo ka go (1) tlhaloganya le go amogela maikarabelo a lelapa la gaeno le (2) go tlhagolela go nna “pelotlhomogi” ka boammaaruri mo batsading ba gago le mo go rraagomogolo le nkokoago.—1 Petere 3:8.
Maikarabelo a Bokeresete
Lelapa la lona ga se lone fela le le lebaganeng le bothata jono. Ka sekai, kwa United States batho ba ba godileng ka bontsi ba amogela thuso e e rileng le kemonokeng go tswa mo baneng ba bone ba ba godileng; ke palonyana e e seng kae fela ya bagolo ba ba beilweng mo mafelong a go tlhokomelelwang bagolo mo go one.a The Intimate Environment, e e kwadilweng ke Arlene S. Skolnick, e bolela jaana: “Palo e kgolo fela thata ya batho ba bagolo gantsi ba na le kamano e e rileng le bana ba bone, ba ba bona gantsi, mme ba ikantse bone ka dinako tsa mathata.”
E re ntswa e le ga tlholego fela go nna le maikarabelo mo batsading ba gago, Bakeresete bone ba na le maikarabelo a magolwane go feta ao mo Modimong. Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Me ha mosadi moñwe eo motlhōlagadi a na le bana, kgotsa ditlogolo, a bauō ba ithutè pele go ichupa bopelonomi mo go ba ga bōnè, le go leboga batsadi ba bōnè: gonne mo, go lebosèga mo matlhoñ a Modimo. Me ha moñwe a sa tlamele ba ga gabō, bogolo ba e leñ ba ntlo ea gagwè, o latotse tumèlō, me o boshula go gaisa eo o sa dumeleñ.” (1 Timotheo 5:4, 8; bapisa Mareko 7:10-13.) Ela tlhoko gore bana le ditlogolwana ba laelwa gore ba nne le seabe mo go tlhokomeleng ba ‘eleng ba bone.’
Jesu Keresete ka boene o ne a tlhoma sekao mo ntlheng eno. Le mororo a ne a swa loso lo lo botlhoko mo koteng ya tlhokofatso, Jesu o ne a beela matshwenyego a gagwe kwa thoko mme a rulaganya gore mmaagwe yo o neng a setse a tsofala a tlhokomelwe, o ne a neela ntsalae ebong Johane maikarabelo a go mo tlhokomela. Le mororo Johane a ne a na le tiro e e botlhokwa go e dira jaaka moaposetoloi, o ne a tsaya mmaagwe Jesu a mo isa kwa lelapeng la gagwe “e sale ka lobaka louō.”—Yohane 19:26, 27.
Go tlotla batsadi ba gago ka jalo ke maikarabelo le tshiamelo ya Bokeresete. (Baefesia 6:2) Motsadi ga a latlhiwe fela ka go bo a godile kgotsa a tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng. (Diane 23:22) Bibela gape e re bolelela gore re tlotle bagolo ka ntlha ya botlhale jwa bone le maitemogelo a bone. (Lefitiko 19:32; Diane 16:31) Ebu, Jehofa ka boene o tshwara bagolo ka bopelonomi mme o tswelela pele ka go ba dirisa mo tirong ya gagwe!—Bapisa Yoele 2:28; Ditihō 2:17.
‘Ke Ne Ke Sa Akanye Gore go Tla Nna Thata Jaana’
Ka ntlha ya mabaka ano, o ka nna wa tlhaloganya botoka gore ke ka ntlha yang fa batsadi ba gago ba ile ba bitsa nkokoago le rraagomogolo go tla go nna le lona. Kwa tshimologong kwantle ga pelaelo o ile wa leka go baya pelo mafisa gore dilo di tla tsamaya sentle, kgotsa le gone go leba dilo sentle. O ne o itse gore go tla tlhokega gore o dire diphetogo dingwe—tota le go intsha setlhabelo. Mme ka nako tsotlhe o ne o utlwana sentle, le nkokoago le rraagomogolo, mme o ne o gopola gore kutlwano eno e ne e tla tswelela. Lefa go le jalo, ereka ba tlile go nna le lona, o lemoga gore seemo se thata fela thata go na le jaaka o ne o gopotse.
Seno ke se se diragalang ka dinako tsotlhe. Mo dinageng di le dintsi bana, batsadi ba bone, le borraabomogolo ka tlwaelo ba nna golo go le gongwe fela. Go tlhokomela batsadi ba ba lwalang kgotsa ba ba digole ke karolo ya ngwao ya bone mme ga go tsewe jaaka selo se se thata. Mme mo mafatsheng a Bophirima, koo malapa gantsi a tlwaetseng go nna a le nosi mo magaeng a bone, go nna le bagolo ba ba tsofetseng go tsewa jaaka sekgoreletsi se setona. Lefa go le jalo, itse gore ga se wena o le nosi yo botshelo jwa gago bo fetotsweng jaana. Tota ebile, gongwe e ka nna ya bo e le gore seemo se thata mo batsading ba gago le mo go borraagomogolo go feta mo go wena.
Dingalo Tseo Batsadi ba Gago Ba Di Welang
Akanya pele ka batsadi ba gago. O akanya gore o ne o tla ikutlwa jang fa o ne o ka ba bona ba gola mme nama ya bone, mogopolo, le maikutlo a koafala? Go ne go tla go ama jang go bona ba o neng o ntse o ba ikantse kgabagare ba sa kgone go itlhokomela? A seo se ne se tla se ke se go utlwise botlhoko, le go go hutsafatsa? Mme o ka akanya fela gore batsadi ba gago ba ikutlwa jang fa ba bona seno se diragalela batsadi ba bone. Ka mo go utlwalang he, e ka nna ya re ka dinako tse dingwe ba hutsafala kgotsa ba felafela pelo go sa twe sepe.
Gape batsadi ba gago ba ka nna ba lemoga gore ga go motlhofo go tshedisana sentle le borraagomogolo. Gantsi bagolo ba na le go tsaya bana ba bone ba ba godileng jaaka bana. (Ka mafoko a mangwe, o ka nna wa fitlhela gore ga se wena o le nosi mo ntlong yo o tewang go twe ‘o a tlhodia!’) Bagolo bangwe ba na le go ngongoregela ka fa ba tlhokomelwang ka teng—nako tse dingwe ba nyatsa bana ba bone ba ba ba tlhokomelang sentle ba re ga ba ba tlhokomele. Ba bangwe ba na le mokgwa wa go ntsha maikutlo a bone mabapi le go godisiwa ga bana, ba pega bana ba bone ba ba godileng molato wa gore ba bokoa kgotsa ba gagamaletsa bana molao thata. Batsadi ba gago ba ka nna ba bo ba itse gore borraagomogolo ga se gore ba batla go ba senya kgotsa go nna setlhogo. Mme lefa go le jalo go bo ba setse ba ithontshitse dilo tse dingwe ka ntlha ya bone, go ka dira gore batsadi ba gago ba kgopisiwe fela thata ke go nna ba ntse ba kgobiwa. Mme fa ba araba ka go dira dilo ka tsela eo eleng gore ga e bontshe lorato mo go borraagomogolo kgotsa e bontsha go ba felelwa ke pelo, ba ka nna ba ikutlwa ba le molato mme ba bo ba itenegela.
Gape batsadi ba gago ba ka nna ba se ka ba itumedisiwa ke diphetogo tseo di nnang teng mo matshelong a bone tse ba ileng ba tshwanela go di dira. Madi a lelapa a ka nna a dirisiwa fela thata mo eleng gore ga ba kgone go nna le madi a a lekaneng go dira ditiro tsotlhe tsa lelapa. Fa batsadi ka bobedi ba bereka, maikarabelo a mantsi a tlhokomelo a ka nna a ba dira gore ba felele ba feletswe, ba lapile. Gape ba ka nna ba patelesega gore ba lese ditsela tsa bone tsa pele tsa go itapolosa le tsa go ikhutsa. Mme gape go ka nna ga ama kagiso ya lelapa, bogolo jang fa motsadi yo mongwe a ikutlwa gore o rwele maikarabelo a go ba tlhokomela a le esi.
Seemo sa ga Nkokoago le Rraagomogolo sa Botshelo
Seemo se ka nna sa bo se se botoka mo go nkokoago le rraagomogolo. Bibela e bitsa dingwaga tsa bogodi e re ke “metllha ea boshula.” (Moreri 12:1-7) Ka boammaaruri, ke matlhotlhapelo go bona botsogo jwa gago bo senyega. Tllhakanya seo le matshwenyego a go iphitlhela o tsentswe mo seemong se sesha. Bontsi jwa batho ba ba godileng ba batla go nna ba le bosi ba itaola. Tota ebile, buka e go tweng The Intimate Environment e tsopola baitse bangwe ba babedi ba bolela jaana: “Bontsi jwa bagolo ba ba tsofetseng ba batla go ratiwa le go tlhokomelwa ke bana ba bone, mme eseng gore ba batla go thusiwa ka madi, boroko, kgotsa ka tsela epe e e bontshang go tlamelwa. Tota ebile, bangwe ba bile ba rata go direla bana ba bone le ditlogolwana tsa bone dilo, go na le gore e be e le bone ba direlwang jalo.”
Ka jalo he, go thata mo go borraagomogolo go latlhegelwa ke go itirela dilo—go iphitlhela ba patelesega go ikaega ka ba ba kileng ba bo ba ikaegile ka bone. Ka jalo o se ka wa gakgamala fa go nna thata go dirisana le bone ka dinako tse dingwe. Mme go bo ba ile ba nna le legae la bone le ba le itumelelang—le le kagiso le le senang modumo—ka dingwaga tse dintsi, ba ka nna ba fitlhela go le thata go nna mo tikologong ya basha ba ba modumo. Mmino o o buletsweng kwa godimo le fa go tlotlelwa kwa godimo di ka nna tsa ba kgopisa.
Selo sengwe se phepafetse: Go dirisana le maemo ao ke kgwetlho mo go mongwe le mongwe. Lefa go le jalo, malapa a mangwe a Bakeresete a lebane le seemo se se thata go tshwana le seno mme baa atlega mo go sone. (Bapisa 1 Petere 5:9.) Selo se se ka thusang ke go lekela go bontsha “louñō loa mōea” le ‘botho jo bosha’ ka tsela e e kwa godimo! (Bagalatia 5:22, 23; Baefesia 4:24; Bakolosa 3:13, 14) Go na le gore mongwe le mongwe a gogele kwa, go ka nna molemo gore le goge mmogo jaaka lelapa. Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlotla ka dingwe tsa ditsela tsa kafa seno se ka dirwang ka teng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ka dinako tse dingwe go tlhokega gore motho a isiwe kwa legaeng le go tlhokomelelwang bagodi kwa go lone. Mme lefa go le jalo, bana ba tshwanetse gore ba nne ba ntse ba etela batsadi ba bone ka metlha le go ba ema nokeng thata kafa ba ka kgonang ka teng. Bona Tora ya Tebelo ya June 1, 1987.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Go tla ga ga nkokoago le rraagomogolo go tla go nna le lona go ka raya gore ga o sa tlhole o na le lefelo le e leng la gago o le esi