LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 7/8 ts. 5-7
  • Mathata a Mangwe ke Afe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mathata a Mangwe ke Afe?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa go sa Tlhole go Buisanwa
  • Sekao sa Gago se ka Thusa Thata
  • “Go Natetsha Botshelo Jwa Rona”
  • Go Tshela Mmogo ka Lorato
    Tsogang!—1995
  • Nka Tlwaelana Jang le Mmèmogolo le Rremogolo?
    Tsogang!—2001
  • Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tlwaelana le Rremogolo le Mmèmogolo?
    Tsogang!—2001
  • Borremogolo le Bommemogolo—Dilo Tse ba di Itumelelang le Dikgwetlho
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 7/8 ts. 5-7

Mathata a Mangwe ke Afe?

Borremogolo le bommèmogolo, batsadi le ditlogolwana—dikokomana tseno tse tharo di farologana ka masome a sekae fela a dingwaga, lefa go ntse jalo, gantsi di na le go farologana tota ka dikakanyo.

BORREMOGOLO le bommèmogolo ba le bantsi ba ile ba bona ditiragalo tse di tshosang tsa ntwa ya lefatshe ya bobedi le tshenyo yotlhe e e neng ya e baka. Gongwe bana ba bone ba ne ba santse ba le babotlana ka dingwaga tsele tsa bo1960 tsa fa go dirwa ditshupetso le tsa go gola ka bonako ga ikonomi. Gompieno ditlogolwana tsa bone di tshela mo lefatsheng le le senang mekgwa e mentle. Ka ntlha ya go tlhoka batho ba ba tlhomang sekao se sentle mo setšhabeng, gompieno ga go motlhofo gore kokomana e nngwe e thuse e e e latelang go lemoga botlhokwa jwa boitemogelo jwa yone. Go na le sengwe se se tlhaelang, sengwe se se tshwanetseng go tlhotlheletsa batho ba dikokomana tse di farologaneng go tshedisana mmogo le go tlotlana. Mme gone, e ka tswa e le eng?

Gantsi borremogolo le bommèmogolo ba ka itsenya mo dikganyeng tsa lelapa tsa bana ba bone ba ba nyetseng ka ntlha ya go batla go thusa, ba ngongoregela gore batsadi ba gagamaditse letsogo thata mo ditlogolwaneng tsa bone kana gore ba di neneketsa thata. Kafa letlhakoreng le lengwe, seane sa Sesepanishe sa re: “Thupa ya borremogolo le bommèmogolo ga e thuse ditlogolwana ka sepe”—ka gonne gantsi borremogolo le bommèmogolo ga ba ke ba gagamatsa letsogo. Gongwe ba itsenya mo dikgannyeng tseno ka gonne ba batla gore bana ba bone ba tile diphoso dingwe tse ba kgonang go di lemoga sentle ka gonne ba na le maitemogelo. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ba ka nna ba se ka ba kgona go sekaseka le go tlhaloganya ka tsela e e lekalekaneng kafa kamano ya bone le bana ba bone ba ba nyetseng e fetogang ka teng. Bana ba bone bao ka ntlha ya lenyalo ba boneng kgololesego e ba sa bolong go nna ba e batla ga ba batle le eseng gore ba nne ba itsenyatsenya mo dilong tsa bone. Ka gonne jaanong ba tlamela lelapa la bone ka go iperekela ga ba batle le eseng gore ope a tshwenyatshwenyane le tshwanelo ya bone ya go itirela ditshwetso. Ditlogolwana tsa bone tse di akanyang gore di setse di itse sengwe le sengwe, di ka nna tsa gana go ikobela melao le ditaelo tsa bone gongwe e bile di tsaya gore borremogolo le bommèmogolo ga ba itse sepe. Mo setšhabeng sa gompieno, borremogolo le bommèmogolo ga ba tlhole ba tsewa ba le botlhokwa. Gantsi maitemogelo a bone a tlhokomologiwa.

Fa go sa Tlhole go Buisanwa

Ka dinako tse dingwe go nna le lebota le legolo la go sa utlwaneng sentle le le kgaoganyang lelapa lotlhe le borremogolo le bommèmogolo le mororo ba nna le bana ba bone. Selo se se utlwisang botlhoko ke gore, seno se direga ka yone nako eo borremogolo le bommèmogolo bano ba tlhokang gore ba ka bo ba bontshiwa lorato ka gonne botsofe bo simolola go ba ketefaletsa dilo. Motho ga a ikutlwe a latlhegile fela ka gonne a nna a le nosi. Fa go sa tlhole go buisanwa, fa borremogolo le bommèmogolo ba nyenyefadiwa kana ba tenegelwa go na le gore ba tlotlwe le go ratiwa, seno se felela ka gore ba ikutlwe ba latlhilwe e bile ba hutsafetse thata. Ba utlwa botlhoko thata mo maikutlong. Giacomo Dacquino wa morutisi o kwala jaana: “Lorato lwa mo lelapeng, lo motho mongwe bosheng jaana a neng a le tshwantshanya le koloi ya modiro wa bogologolo, e santse e le makgonatsotlhe mo go alafeng mathata a batsofe. Sefatlhego se se supang go ba akanyetsa, monyenyo wa lorato le mafoko a a nametsang kana go tlamparela ka lorato go alafa go gaisa melemo e le mentsi ya kalafi.”—Libertà di invecchiare (Kgololesego ya go Tsofala).

Sekao sa Gago se ka Thusa Thata

Dikgotlhang tse di nnang gone ka ntlha ya go senyega ga dikamano tsa lelapa gape di dira gore kokomana e nngwe e age e ngongorega ka e nngwe. Mongwe mo lapeng a ka nna a nna le boikutlo jwa gore sengwe le sengwe se yo mongwe a se dirang se phoso. Lefa go ntse jalo, matswela a gone a a sa itumediseng a ba ama botlhe. Bana ba bona tsela e batsadi ba bone ba tshwarang borremogolo le bommèmogolo ka yone le tsela e borremogolo le bommèmogolo bano ba bone ba tsibogelang seo ka yone. Le mororo batsofe bano gantsi ba ka itidimalela fela, ditlogolwana tsa bone di kgona go utlwa se se diregang, di a bona e bile di tla nna di gakologelwa. Ka gone, seo se ama tsela eo le bone ba tla itshwarang ka yone mo isagweng. Fa ba sena go gola le bone ba ka tshwara batsadi ba bone ka tsela e le bone ba neng ba tshwara borremogolo le bommèmogolo ka yone. Ga go kafa motho a ka tilang molaomotheo ono wa Baebele ka gone: “Se motho o se jalang, ke sone se o tlaa se robang.”—Bagalatia 6:7.

Fa ditlogolwana di bona batsadi ba tshwara borremogolo le bommèmogolo ka tsela e e ba nyenyefatsang—ba ba ngongola, ba ba kgadiepetsa, kana le eleng go ba sotla—le bone ba tla dira batsadi ba bone fela jalo fa ba godile. Ga go a lekana gore go bewe senepe se se foreimilweng sa borremogolo le bommèmogolo fela mo saeborotong—ba tshwanetse go tlotlwa le go ratiwa. Fa go ntse go ya ditlogolwana le tsone di tla dira fela jalo. Ga twe kgang eno ya go sotla borremogolo le bommèmogolo ke selo se se ntseng se anama thata. Kwa dinageng dingwe tsa Yuropa go tlhomilwe thulaganyo ya go founa fa o le mo mathateng e e diretsweng go namola batsofe ba ba sotliwang e e tshwanang fela le ya pabalelo ya bana e e sa bolong go nna gone.

Bogagapa, boikgogomoso le go tlhoka lorato, ke tsone tse di dirang gore motho a se ka a akanyetsa e bile go a go gakatsa. Ka gone, palo ya batho ba ba batlang go ithola morwalo wa go tlhokomela borremogolo le bommèmogolo ka go ba isa kwa mafelong a tlhokomelo ya batsofe e ntse e a oketsega. Bangwe ga ba itsape go duela madi a mantsi e le fela gore ba ithole morwalo wa go tlhokomela batsofe ba bone, gongwe ba ba romela kwa ditheong tse di kgethegileng tse di nang le dilo tsotlhe tsa tegenoloji ya segompieno kana go ba agela matlo kwa metseng ya batho ba ba sa tlholeng ba bereka e e jaaka ya kwa Florida kgotsa California kwa U.S.A. e kwa go yone go nang le disupamakete le mafelo a go itlosa bodutu a mantsi lefa go ntse jalo ba santse ba tlhoka menyenyo le go atliwa ke batho ba ba ba ratang le go tlamparelwa ke ditlogolwana tsa bone. Segolobogolo ka nako ya malatsi a boitapoloso, ba le bantsi ba senka lefelo le ba ka yang go “baya” rremogolo le mmèmogolo kwa go lone. Seemo seno se maswe thata kwa India koo ka dinako tse dingwe batho bangwe ba tlogelang borremogolo le bommèmogolo ba le nosi gore ba itlamele.

Mathata a mangwe a a dirang gore go se ka ga nna motlhofo gore lelapa le utlwane a gakadiwa ke tlhalo. Kwa Boritane, ke lelapa le le 1 fela mo go a le 4 le le santseng le na le batsadi ka bobedi ba nna mmogo mo lapeng. Lefa go ntse jalo, tlhalo e ntse e anama mo lefatsheng lotlhe. Kwa United States, batho ba feta milione ba a tlhalana ngwaga le ngwaga. Ka gone, borremogolo le bommèmogolo ba iphitlhela ba lebagane le mathata a manyalo a bana ba bone le phetogo e kgolo e e tla nnang gone mo kamanong ya bone le ditlogolwana tsa bone ba ne ba sa solofela. Mo godimo ga bothata jwa go iphitlhela ba dirisana le motho yo e kileng ya bo e le mogwe wa bone kgotsa yo e kileng ya bo e le ngwetsi, gape go na le bothata jwa go “ipona fela ba na le ditlogolwana ‘tse e seng tsa bone tota,’” fa e le gore, jaaka fa lekwalodikgang la Italy la Corriere Salute le bolela, “molekane yo mosha wa morwaabone kana morwadiabone o na le bana ba a ba tshotseng mo lenyalong la pele.”

“Go Natetsha Botshelo Jwa Rona”

Lefa go ntse jalo, fa re tshedisana le borremogolo le bommèmogolo ka tsela ya lorato le kamego, rotlhe re solegelwa molemo lefa ba ka tswa ba nna le lelapa lotlhe kana nnyaa. Ryoko, mmèmogolo mongwe wa kwa Fukui kwa Japane, o bolela jaana: “Go natetsha botshelo jwa rona tota fa re direla bana ba rona le ditlogolwana sengwe.” Go ya ka dipatlisiso dingwe tse di neng tsa gatisiwa ke Corriere Salute, go begwa gore setlhopha sengwe sa baitse sa United States se ile sa re: “Fa borremogolo le bommèmogolo le ditlogolwana ba ka nna le lesego la go tshedisana ka tsela ya lorato e bile ba atamalane thata, seo ga se solegele bana fela molemo mme gape se solegela le lelapa lotlhe molemo.”

Jalo he, ke eng se se ka dirwang go tila dikgotlhang, go sa utlwaneng ga batsofe le basha le tshekamelo e re tsalwang re na le yone ya bogagapa e e dirang gore go se ka ga nna le kamano e e molemo mo lapeng? Kgang eno e tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Selo se se hutsafatsang thata ka botsofe ke go se reediwe.”—Albert Camus, mokwadi wa dibuka wa Mofora

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela