Borremogolo le Bommemogolo—Dilo Tse ba di Itumelelang le Dikgwetlho
“Ke a rata go bo ke le rremogolo! O itumelela go nna le ditlogolwana tsa gago o sa ikutlwe o ikarabela mo go tsone. O lemoga gore o ba tlhotlheletsa ka tsela nngwe mo botshelong jwa bone mme kwa bofelong ga se wena o ba direlang ditshwetso. Ba di direlwa ke batsadi ba bone.”—Gene, rremogolo.
KE ENG se se kana kana ka go nna rremogolo kana mmemogolo se se dirang gore o nne le maikutlo a a ntseng jalo? Babatlisisi ba tlhalosa gore dilo tse gantsi batsadi ba di batlang mo baneng ba bone di ka dira gore go nne le dikgogakgogano mo gare ga bone. E re ka gantsi borremogolo le bommemogolo ba sa tlhoke dilo tse di ntseng jalo mo ditlogolwaneng tsa bone, ba ka itumelela botsalano jo bo se nang dikgogakgogano le ditlogolwana. Jaaka Arthur Kornhaber, M.D., a bolela, ba gololesegile go rata ditlogolwana tsa bone fela “ka gonne e le ditlogolwana tsa bone.” Mmemogolo mongwe yo o bidiwang Esther o bolela jaana: “Ka bongwanake, letsatsi le letsatsi ke ne ke amegile ka sengwe le sengwe se ba neng ba se dira. Fa ke setse ke le mmemogolo, ke ikutlwa ke gololesegile go itumelela fela go nna le ditlogolwana tsa me le go di rata.”
Go tswa foo fa motho a ntse a gola o nna le botlhale jo bo oketsegileng le bokgoni. (Jobe 12:12) E re ka borremogolo le bommemogolo ba sa tlhole ba le basha e bile ba se na maitemogelo, gone jaanong ba na le boitemogelo jwa dingwaga di le dintsi ba godisa bana. Ba ka tswa ba na le bokgoni jo bogolwanyane jwa go dirisana le bana go gaisa fa ba ne ba le basha, e re ka ba setse ba ithutile mo diphosong tsa bone.
Ka gone, Dr. Kornhaber o konela jaana: “Sebofo se se itekanetseng le sa lorato fa gare ga borremogolo le bommemogolo le ditlogolwana se botlhokwa gore ditshika tsotlhe tse tharo di itekanele mo maikutlong e bile di itumele. Sebofo seno ke tshiamelo ya tlholego e bana ba tsalwang ba na le yone, . . . boswa jo ba bo tlogeletsweng ke bagolo ba bone jo bo solegelang mongwe le mongwe molemo mo lelapeng.” Lokwalopaka lwa Family Relations lo bolela jaana ka tsela e e tshwanang: “Borremogolo le bommemogolo ba ba dirang tiro ya bone e bile ba e tlhaloganya ba ikutlwa ba itumetse e bile ba itshepa.”
Se Rremogolo le Mmemogolo Ba ka Se Dirang
Go na le ditiro di le dintsi tse di botlhokwa tse borremogolo le bommemogolo ba ka di dirang. “Ba ka ema bana ba bone ba ba nyetseng nokeng,” go bolela jalo Gene. “Ke akanya gore ka go dira jalo, ba ka thusa go rarabolola mathata mangwe a a boima a batsadi ba basha ba iphitlhelang ba le mo go one.” Gape borremogolo le bommemogolo ba ka dira mo gontsi gore ka bobone ba eme ditlogolwana nokeng. Gantsi ke rremogolo le mmemogolo ba ba bolelelang ngwana dipolelo tse di dirang gore a itse ka hisitori ya lelapa. Gantsi borremogolo le bommemogolo ba dira tiro ya konokono ya go fetisetsa boswa jwa bodumedi jwa lelapa mo ditlogolwaneng tsa bone.
Mo malapeng a mantsi, gape borremogolo le bommemogolo e nna bagakolodi ba ba ka ikanngwang. “Gongwe go na le dilo tse bana ba ka di go bolelelang tse ba sa phuthologeng go di bolelela batsadi ba bone,” go bolela jalo Jane, yo o umakilweng mo setlhogong sa ntlha. Gantsi batsadi ba itumelela go thusiwa ka tsela e e ntseng jalo. Go ya ka patlisiso nngwe, “basha ba ba fetang diperesente di le 80 ba ne ba bona gore diphiri tsa bone ba ka di bolelela fela borremogoloabone le bommemogoloabone. . . . Ditlogolwana di le dintsi tse di setseng di godile di nna di buisana le borremogoloabone le bommemogoloabone ba ba gaufi thata le bone ka metlha.”
Rremogolo le mmemogolo yo o lorato o botlhokwa thata mo ngwaneng yo o sa neweng tlhokomelo e ntle kwa gae. Selma Wassermann o kwala jaana: “Mmemogolo e ne e le motho yo o botlhokwa thata fa ke ne ke sa ntse ke le ngwana. Mmemogolo ke ene a neng a thusa a ba a dira gore ke ikutlwe ke tlhokomelegile. O ne a na le serope se se fetang Losi lwa Miami, mme fa a mpharile, ke ne ke itse gore ke sireletsegile. . . . Mmemogolo ke ene yo o nthutileng dilo tse di botlhokwatlhokwa ka ga nna—gore ke a ratiwa mme ka gone ke a ratega.”—The Long Distance Grandmother.
Dikgotlhang Tsa mo Lelapeng
Le fa go le jalo, ga go reye gore fa o le rremogolo le mmemogolo go ka se nne le dikgotlhang le mathata. Ka sekai, motsadi mongwe o gakologelwa gore ba ne ba ganetsana botlhoko le mmaagwe malebana le mokgwa o o tshwanetseng wa go dira gore ngwana a kgobole. “Go ne ga re kgaoganya ka nako e ke neng ke mo tlhoka thata ka yone.” Go a utlwala gore batsadi ba basha ba batla batsadi ba bone ba amogele tsela e ba godisang bana ba bone ka yone. Ka gone dikakantsho tse di tswang mo batsading ba bone ba ba nang le maikaelelo a mantle di ka utlwala mo go bone e le go ba tshwaya diphoso ka tsela e e utlwisang botlhoko.
Mo bukeng ya gagwe ya Between Parents and Grandparents, Dr. Kornhaber o bolela ka batsadi ba babedi ba ba nang le bothata jo bongwe jo bo tlwaelegileng. Motsadi mongwe o bolela jaana: “Letsatsi le letsatsi batsadi ba me ba itshunyatshunya mo dilong tsa me, mme ba a tenega fa ba fitlhela ke seyo mo gae. . . . Ga ba nkakanyetse—ga ba akanyetse maikutlo a me le gore ke tlhoka dinako tsa go nna ke le nosi.” Yo mongwe o ngongorega jaana: “Batsadi ba me ba batla go nkamoga mosetsanyana wa me. Ba batla go itse sengwe le sengwe se se amang botshelo jwa ga Susie. . . . Re akanya gore re fuduge.”
Gape ka dinako tse dingwe borremogolo le bommemogolo ba latofadiwa ka gore ba tlekeetsa ditlogolwana tsa bone thata ka go di naya dimpho tse dintsi. Ke boammaaruri gore mo go rremogolo le mmemogolo go nna pelotshweu ke selo se se itlelang fela ka tlholego, fela jaaka go hema, mme go bonala bangwe ba feteletsa dilo mo ntlheng eno. Le fa gone ka dinako tse dingwe batsadi ba ka tswa ba ngongoregisiwa ke lefufa. (Diane 14:30) “Batsadi ba me ba ne ba nkgagamaleditse dilo e bile ba sa nneneketse,” go bolela jalo Mildred. “Mo go bongwanake gone, ba pelotshweu e bile [ba repisitse letsogo thata]. Ke a fufega ka gonne ga ba a latlha tsela e ba neng ba ntshwara ka yone le eseng.” Go sa kgathalesege gore seo se dirwa ka boikaelelo bofe le ka lebaka lefe, go ka baka mathata fa rremogolo le mmemogolo ba sa tlotle dikeletso tsa motsadi fa go tsenwa mo go neelaneng dimpho.
Ka gone borremogolo le bommemogolo ba tla bo ba dira sentle go dirisa temogo fa ba bontsha bopelotshweu. Baebele e bontsha gore selo le fa se siame mme se dirwa ka tsela e e feteletseng se ka nna maswe. (Diane 25:27) Fa o sa tlhomamisege gore o ka aba dimpho tsa mofuta ofe, botsa batsadi. Ka tsela eno o tla ‘itse go naya dimpho tse di molemo.’—Luke 11:13.
Lorato le Tlotlo—Ke Dilo Tsa Konokono!
Ka maswabi, borremogolo le bommemogolo bangwe ba ngongoregela gore tiro ya bone jaaka batlhokomedi ba bana ga e anaanelwe. Ba bangwe ba akanya gore ga ba nne le nako le ditlogolwana tsa bone jaaka ba ne ba batla. Le fa go ntse jalo ba bangwe ba bolela gore bana ba bone ba ba godileng ba ba katoga kwantle ga go ba tlhalosetsa lebaka. Mathata a a ntseng jalo a a utlwisang botlhoko gantsi a ka tilwa fa ba lelapa ba ratana le go tlotlana. Baebele e bolela jaana: “Lorato lo itshwara ka bopelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, . . . ga lo batle melemo ya lone, ga lo rumolesege. . . . Lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe.”—1 Bakorintha 13:4, 5, 7.
A re re gongwe o motsadi yo mmotlana mme Mmemogolo o ntsha kakantsho kana temogo e a e dirang ka maikaelelo a mantle le fa gone e go kgopisa. A tota o na le mabaka a ‘go rumolesega’? Gakologelwa gore Baebele e bontsha gore ke seabe sa basadi ba ba godileng ba Bakeresete gore ba rute “makgarebe go rata banna ba bone, go rata bana ba bone, go nna ba itekanetse sentle mo mogopolong, ba itshekile, e le badiri kwa gae.” (Tito 2:3-5) A mme ga se se wena le borremogolo kana bommemogolo lo se batlang—go batlela bana ba lona se se molemolemo? E re ka lorato “lo [sa] batle melemo ya lone,” gongwe go ka nna molemo go tlhoma mogopolo mo dilong tse ngwana a di tlhokang—e seng mo tseleng e wena o ikutlwang ka yone. Go dira jalo go ka lo thusa go tila go “tlhotlheletsa yo mongwe go tsena mo kgaisanong” ka dilo tse e seng tsa sepe tse di lo kgopisang.—Bagalatia 5:26, ntlhanyana e e kwa tlase go NW.
Ke boammaaruri gore o ka nna wa tshwenyega gore fa ngwana wa gago a bontshiwa bopelotshweu thata go ka mo tlekeetsa. Mme gantsi fa rremogolo le mmemogolo a bontsha bopelotshweu o a bo a sa dire a na le maikutlo a a bosula. Bontsi jwa bomankge mo go tlhokomeleng bana ba dumalana gore tsela e o thapisang le go otlhaya ngwana wa gago ka yone e tla ama ngwana yono thata go gaisa makgetlho a a rileng a rremogolo le mmemogolo ba mmonang ka one. Ngaka nngwe e gakolola jaana: “Go a thusa go dira metlae.”
Fa e le gore o na le lebaka le le utlwalang le le dirang gore o amege ka tsela e ngwana a tlhokomelwang ka yone, o se ka wa thibela motsadi wa gago kana bagwegadiago go kopana le bana ba gago gotlhelele. Baebele e bolela jaana: “Kwa go se nang kgakololo gone, maikaelelo a tle a tlhaele.” (Diane 15:22) Mo “lobakeng lo e leng lone,” buisanang sentle ka ntlha eno mme lo bue ka dilo tse di go tshwenyang. (Diane 15:23) Ka dinako tse dingwe, go ka nna le tharabololo.
A o rremogolo kana mmemogolo? Ka gone go botlhokwa go tlotla batsadi ba setlogolwana sa gago. Ke boammaaruri gore o ka ikutlwa o patelesega go bua fa o akanya gore setlogolwana sa gago se tlile go tlhagelwa ke kotsi. Mme le fa gone e le selo sa tlholego gore o rate le go ngomaela ditlogolwana tsa gago, batsadi—e seng borremogolo le bommemogolo—ba na le boikarabelo jwa go godisa bana ba bone. (Baefeso 6:4) Baebele e laela ditlogolwana tsa gago gore di tlotle le go utlwa batsadi ba bone. (Baefeso 6:1, 2; Bahebera 12:9) Ka gone leka gore o se ka wa imetsa batsadi ba bone ka dikgakololo tse ba sa di kopang kana wa nyatsa taolo e batsadi ba nang le yone mo go bone.—Bapisa 1 Bathesalonika 4:11.
Ke boammaaruri gore go sa itshunye nko, go didimala—mme gongwe le go itshwara—mme o letle bana ba gago ba dira tiro ya bone jaaka batsadi ga se ka dinako tsotlhe go leng motlhofo. Mme jaaka Gene a bolela, “o tshwanetse go dumalana le se ba akanyang gore se tla solegela bana ba bone molemo, ntle le fa bone ba kopa kgakololo.” Jane o bolela jaana: “Ke ela tlhoko gore ke se ka ka re, ‘Eno ke tsela e dilo di tshwanetseng go dirwa ka yone!’ Go na le ditsela di le dintsi tse di farologaneng tsa go dira dilo, mme fa o batla dilo di dirwa ka tsela ya gago fela, go ka baka mathata.”
Se Borremogolo le Bommemogolo Ba ka Se Nayang
Baebele e bontsha go nna le ditlogolwana e le masego a a tswang kwa Modimong. (Pesalema 128:3-6) Fa o bontsha gore o kgatlhegela ditlogolwana tsa gago, o ka di tlhotlheletsa ka tsela e e molemo thata mo botshelong, o di thusa gore di nne le mekgwa e mentle ya bomodimo. (Bapisa Duteronome 32:7.) Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele mosadi mongwe yo o bidiwang Loise o ne a dira tiro e e botlhokwa ya go thusa setlogolwana sa gagwe, Timotheo, gore se gole se nne monna yo o tlhomologileng wa Modimo. (2 Timotheo 1:5) Ka mo go tshwanang, o ka itumela le wena fa ditlogolwana tsa gago di amogela thapiso ya bomodimo.
Gape o ka ba bontsha lorato lo ba lo tlhokang le go ba kgatlhegela. Ke boammaaruri gore o ka tswa o se motho yo o kgonang go bontsha maikutlo a go itumelela ba bangwe, yo o kgonang go ba bontsha lorato. Le fa go ntse jalo, lorato lwa bomodimo gape lo ka bontshiwa ka go kgatlhegela ditlogolwana tsa gago go tswa mo pelong, le ka tsela e e seng ya bopelotshetlha. Mokwadi e bong Selma Wassermann o bolela jaana: “Fa o bontsha go kgatlhegela se ngwana a go bolelelang sone . . . ruri go tla supa gore o amegile ka ene. Fa o reetsa ka kelotlhoko, o sa mo tsene mo ganong, o sa mo tshwayetshwaye diphoso—dilo tseno tsotlhe di supa gore o mo tsaya a le botlhokwa, o a mo rata, o a mo anaanela.” Fa setlogolwana se kgatlhegelwa ka tsela e e ntseng jalo e e lorato se tsaya seo e le nngwe ya dimpho tse di molemolemo tse rremogolo le mmemogolo a ka mo neelang tsone.
Go fitlha jaanong re ntse re bua ka ditiro tse di tlwaelegileng tsa borremogolo le bommemogolo. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa borremogolo le bommemogolo ba gompieno ba na le morwalo o o boima o ba tshwanetseng go o rwala.
[Mafoko a a mo go tsebe 24]
“Mmemogolo ke ene yo o nthutileng dilo tse di botlhokwatlhokwa ka ga nna—gore ke a ratiwa mme ka gone ke a ratega”
[Lebokoso mo go tsebe 24]
Dintlha Tse di ka Thusang Borremogolo le Bommemogolo ba ba Nnang Kgakala
• Kopa batsadi gore ba go romelele dikhasete tsa video kana ditshwantsho tsa ditlogolwana.
• Romelela ditlogolwana tsa gago “makwalo” a a rekotilweng mo khaseteng. Fa e le bana ba bannye, rekota lentswe la gago o ba balela dipolelo tsa Baebele kana o ba opelela dipina tse di ba kuruetsang.
• Romelela ditlogolwana diposokarata le makwalo. Fa go kgonega, ba kwalele ka metlha.
• Fa o kgona, founela ditlogolwana tsa gago nako le nako. Fa o bua le bana ba bannye, simolola go tlotla le bone ka go ba botsa dipotso tse di motlhofo, tse di jaaka, “O jele eng mo mosong?”
• Fa go kgonega, ba etele ka metlha, mme e le ka nako e khutshwane fela.
• Rulaganya le batsadi ba ditlogolwana tsa gago gore ba lo etele. Rulaganyang dilo tse lo tla ijesang monate ka tsone, tse di jaaka go ya kwa di-zuu, kwa dimusiamong le kwa diparakeng.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Borremogolo le bommemogolo ba le bantsi ba thusa ka go tlhokomela ditlogolwana tsa bone
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Go ka nna ga tsoga dikgotlhang tse di malebana le mekgwa ya go godisa ngwana
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Gantsi borremogolo le bommemogolo ba na le seabe mo go fetiseng hisitori ya lelapa