LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 4/8 ts. 26-29
  • Fa Borremogolo le Bommemogolo ba Fetoga go Nna Batsadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Borremogolo le Bommemogolo ba Fetoga go Nna Batsadi
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ngomoga Pelo le go Gatelelwa mo Maikutlong
  • Bana ba ba Bogale
  • Go Itshokela Dikgatelelo
  • Go Tshela Mmogo ka Lorato
    Tsogang!—1995
  • Borremogolo le Bommemogolo—Dilo Tse ba di Itumelelang le Dikgwetlho
    Tsogang!—1999
  • Mathata a Mangwe ke Afe?
    Tsogang!—1995
  • Ke Eng fa ke Tshwanetse go Tlwaelana le Rremogolo le Mmèmogolo?
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 4/8 ts. 26-29

Fa Borremogolo le Bommemogolo ba Fetoga go Nna Batsadi

“Ke ne ke sa tswa go tsena mo gae ke tswa kwa pokanong kwa Holong ya Bogosi. Go ne ga utlwala modumo o mogolo wa go kokota kwa kgorong, mme kwa ntle go ne go eme mapodise a mabedi ba na le bana ba babedi ba ba leswe ba meriri ya bone e neng e tlhakatlhakane e bile ba lebega e kete ba feditse dikgwedi ba sa tlhapisiwe. O ne o ka se ka wa lemoga gore ke bana! E ne e le ditlogolwana tsa me, mme mmaabone—yo o neng a tshwakgotswe ke diokobatsi—o ne a ba latlhile. Ke ne ke le motlholagadi, mme ke ne ke na le bana ba le barataro ba e leng ba me. Mme ke ne ke sa kgone go ba gana.”—Sally.a

“Morwadiake o ne a nkopa gore ke name ke nna le bana ba gagwe go fitlhela a baakanya mokgwa wa gagwe wa go tshela. Ke ne ke sa itse gore o tshwakgolwa ke diokobatsi. Go feletse ke godisa bana ba gagwe ba babedi. Dingwaga moragonyana, morwadiake o ne a nna le ngwana yo mongwe. Ke ne ke sa batle go nna le ene, mme setlogolwana sa me se ne sa nkopa, se re, ‘Mmemogolo, a re ka se amogele gape a le mongwe fela?’”—Willie Mae.

GO NNA rremogolo le mmemogolo go kile ga bo go tlhalosiwa e le “go ja monate kwantle ga boikarabelo.” Mme ga go sa tlhole go le jalo. Bangwe ba fopholetsa gore kwa United States fela, bana ba ba fetang dimilione tse tharo ba nna le borremogoloabone le bommemogoloabone. Mme palo eo e sa ntse e oketsega ka lobelo lo logolo.

Ke eng se se bakang mokgwa ono o o kgoberang maikutlo? Bana ba batsadi ba bone ba tlhalaneng ba felela ba nna le borremogoloabone le bommemogoloabone. Go direga se se tshwanang le ka bana ba ba latlhilweng kana ba ba sotliwang ke batsadi ba bone. Lokwalopaka lwa Child Welfare lo bolela gore gonne ‘crack cocaine e golafatsa batsadi ba ba tshwakgotsweng ke yone, e dira gore go nne le kokomana ya batho ba ba latlhegileng.’ Gape go na le dimilionemilione tsa bana ba “ba se nang batsadi” ka gonne ba latlhilwe, batsadi ba bone ba tlhokafetse le ka gonne batsadi ba lwala bolwetse jwa tlhaloganyo. Bana ba bommaabone ba bolawang ke AIDS le bone ba ka felela ba tlhokomelwa ke borremogoloabone le bommemogoloabone.

Go ka nna boima thata go sikara maikarabelo a go godisa bana o le mo dingwageng tsa mo bogareng kana mo ‘metlheng e e bosula’ ya botsofe. (Moreri 12:1-7) Batho ba le bantsi ga ba kgone go nna ba beile bana ba bannye leitlho. Borremogolo le bommemogolo bangwe le bone ba tlhokomela batsadi ba bone ba ba tsofetseng. Le fa go ntse jalo ba bangwe ke batlholagadi kana ba tlhadile mme go lebeletswe gore ba kgone go ntse go se na molekane yo o ba thusang. Mme ba le bantsi ba fitlhela gore ga ba na madi a a lekaneng go ka sikara morwalo o o ntseng jalo. Mo patlisisong nngwe, borremogolo le bommemogolo ba le 4 mo go ba le 10 ba ba tlhokomelang bana ba ne ba amogela madi a mannye fela thata. Sally o gakologelwa jaana: “Bana ba ne ba lwala. Ke ne ke patelesega go duela madi a mantsi a kalafi. Puso e ne e sa nthuse ka madi ape.” Mosadi mongwe yo o godileng o gakologelwa jaana: “Ke ne ke tshwanelwa ke go dirisa madi a me a phenshene go tlhokomela ditlogolwana tsa me.”

Go Ngomoga Pelo le go Gatelelwa mo Maikutlong

Ga go gakgamatse go bo patlisiso nngwe e fitlheletse gore “go tlhokomela ditlogolwana go ne ga bakela borremogolo le bommemogolo go ngomoga pelo fela thata, mme diperesente di le 86 tsa borremogolo le bommemogolo ba le 60 ba ba neng ba botsolotswa mo patlisisong eo, di ne tsa bega gore di ikutlwa di ‘tshwenyegile thata mo maikutlong kana di tlhobaela gantsi.’” Ee ruri, ba le bantsi ba bega gore ba a lwala. “Go ne ga nkama mo mmeleng, mo tlhaloganyong le mo semoyeng,” go bolela jalo Elizabeth, mosadi mongwe yo o neng a tlhokomela setlogolwana sa gagwe se se leng mo dingwageng tsa bolesome. Willie Mae, yo o nang le bolwetse jwa pelo le jwa haebolate, o bolela jaana: “Ngaka ya me e dumela gore bo tshwanetse jwa bo bo amana le go ngomoga pelo mo go bakwang ke go godisa bana.”

Batho ba le bantsi ga ba a ipaakanyetsa go fetola tsela ya botshelo e go godisa ditlogolwana go batlang gore ba tshele ka yone. Rremogolo mongwe o bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe ga ke kgone go ya gope fela. Ke ne ke ikutlwa ke le molato . . . fa ke ba tlogela le motho o sele, ka jalo go na le gore ke ye golo gongwe kana ke dire sengwe, ga ke ye kana ga ke se dire.” Yo mongwe o ne a tlhalosa gore “ga a na” nako ya gagwe ya botho. Bothata jo bongwe ke gore ba tlhola ba le bosi fela e bile ba jewa ke bodutu. Mmemogolo mongwe o ne a bolela jaana: “Mo dingwageng tsa rona, bontsi jwa ditsala tsa rona ga di na bana [ba bannye] mme ka ntlha ya seo gantsi ga re kgone go ya kwa re laleditsweng teng ka gonne bana ba rona [ditlogolwana] ba sa lalediwa.”

Gape selo se se botlhoko ke go gatelelwa mo maikutlong. Setlhogo sengwe se bolela jaana mo go U.S.News & World Report: “Bontsi jwa bone [borremogolo le bommemogolo] ba tlhajwa ke ditlhong le go ikutlwa ba le molato ka go bo bana ba bone e sa nna batsadi ba ba molemo—mme ba le bantsi ba ipona molato, ba ipotsa gore matsapa di a tsere kae. E le go dira gore ditlogolwana tsa bone di nne mo magaeng a a sireletsegileng le a di ikutlwang di ratiwa mo go one, borremogolo le bommemogolo bangwe ba tshwanelwa ke go latlha bana ba bone ba ba sotlang kana ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi.”

Patlisiso nngwe e bega jaana: “Ba ba fetang nngwennèng . . . ba ne ba bolela gore ba ne ba sa tlhole ba kgotsofalela kamano ya bone ya lenyalo ka gonne ba tlhokomela ditlogolwana.” Segolobogolo banna ba ba nyetseng, gantsi ba ikutlwa ba tlhokomologilwe fa basadi ba bone ba mekamekane le tiro e kgolo ya go tlhokomela bana. Banna ba bangwe ba ikutlwa ba sa kgone go emelana le kgatelelo eo. Mosadi mongwe o bolela jaana ka monna wa gagwe: “O ne a re tlogela. . . . Ke akanya gore o ne a ikutlwa a le mo serung.”

Bana ba ba Bogale

U.S.News & World Report e bolela jaana: “Go ngomoga pelo gono go okediwa ke gore bangwe ba bana ba [borremogolo le bommemogolo] ba nnang le bone ke ba ba tlhokang thuso thata, ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong e bile ke ba ba bogale thata mo setšhabeng.”

Akanya ka setlogolwana sa ga Elizabeth. Rraagwe ngwana yono o ne a mo tlogela fa khoneng ya seterata koo Elizabeth a neng a dira gone e le motlhokomedi yo o thusang bana ba sekolo go kgabaganya mmila. Elizabeth o bolela jaana: “Ke ngwana yo o bogale. O utlwisitswe botlhoko.” Ditlogolwana tsa ga Sally le tsone di na le mathata a a tshwanang. “Setlogolwana sa me se bogale. O ikutlwa e kete ga go ope yo o mmatlang.” Ke tshwanelo ya ngwana gore a nne le rre le mmè ba ba mo ratang. Akanya fela gore ngwana o ikutlwa jang fa ba mo latlhile, ba mo tlhokomologile, kana ba mo itatotse! Fa motho a tlhaloganya tsela eno e ba ikutlwang ka yone seno se ka mo thusa thata gore a kgone go dirisana ka bopelotelele le bana ba ba sa kgoneng go itshwara sentle. Diane 19:11 e bolela jaana: “Pharologanyo ya motho e mo dira gore a nne bonya go galefa.”

Ka sekai, ngwana yo o latlhilweng a ka nna a gana fa o leka go mo tlhokomela. Fa o tlhaloganya dilo tse ngwana a di boifang le ditlhobaelo tsa gagwe go ka go thusa gore o mmontshe lorato. Gongwe fa o lemoga dilo tse a di boifang le go mo tlhomamisetsa gore o tla dira sotlhe se o ka se kgonang go mo tlhokomela go tla mo thusa thata gore a se ka a tlhola a boifa.

Go Itshokela Dikgatelelo

‘Ke ntse ke utlwile botlhoko thata e bile ke itlhomogela pelo. Ga go a siama gore selo seno se re tlhagele.’ Mmemogolo mongwe yo o neilweng boikarabelo jwa go tlhokomela bana o ne a bolela jalo. Fa o le mo seemong se se ntseng jalo, o ka ikutlwa ka tsela eo. Mme kgang eno e ka se dire gore o itlhoboge. Boammaaruri ke gore botsofe bo ka nna jwa dira gore o se nne le maatla a makalo mo mmeleng, mme botsofe bo thusa ka botlhale, bopelotelele, le bokgoni. Ga go gakgamatse go bo patlisiso nngwe e fitlhetse gore “bana ba ba godisitsweng fela ke borremogoloabone le bommemogoloabone ba a atlega thata fa ba bapisiwa le bana ba ba mo malapeng a go nang le mongwe wa batsadi ba mmatota mo go one.”

Baebele e re rotloetsa gore re ‘latlhele tlhobaelo yotlhe ya rona mo go Jehofa, ka gonne o a re kgathalela.’ (1 Petere 5:7) Ka jalo mo rapele ka metlha gore a go fe maatla le kaelo, jaaka mopesalema a ne a dira. (Bapisa Pesalema 71:18.) Ela tlhoko dilo tse o di tlhokang mo semoyeng. (Mathaio 5:3) Mosadi mongwe wa Mokeresete o bolela jaana: “Dipokano tsa Bokeresete le go rerela ba bangwe di ne di nthusa gore ke itshoke.” Fa go kgonega, leka go ruta ditlogolwana tsa gago ditsela tsa Modimo. (Duteronome 4:9) Eleruri Modimo o tla tshegetsa maiteko a gago a go godisa ditlogolwana tsa gago “mo tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:4.b

O se ka wa tshaba go batla thuso. Gantsi ditsala di ka go thusa, segolobogolo tse di mo phuthegong ya Bokeresete. Sally o gakologelwa jaana: “Bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ba ne ba nkeme nokeng fela thata. E ne e re fa ke wele, ba nkakatlolole. Ba bangwe ba ne ba nthusa ka madi.”

O se ka wa itlhokomolosa thuso e e ka tswang mo go goromente. (Baroma 13:6) Se se kgatlhang ke gore go ya ka patlisiso nngwe e e malebana le borremogolo le bommemogolo, “bontsi jwa bone ga ba itse gore ke dithuso dife tse di leng teng kana ba tshwanetse go ya kae fa ba batla thuso.” (Child Welfare) Badirediloago le baemedi ba mo motseng ba ba thusang batho ba ba godileng ba ka nna ba kgona go go isa kwa ditirelong tse di ka go thusang.

Mo mabakeng a mangwe, se se bakileng gore go nne le borremogolo le bommemogolo ba ba tlhokomelang bana ke “dinako [tseno] tsa mathata tse go leng boima go dirisana le tsone.” (2 Timotheo 3:1-5) Se se itumedisang ke gore dinako tseno tsa mathata ke sesupo sa gore Modimo o tla tloga a tsaya kgato a bo a bopa “lefatshe le lesha” le mo go lone maemo a a hutsafatsang a a tlhasetseng malapa a le mantsi gompieno e tla bong e le dilo tsa nako e e fetileng. (2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4) Fa re sa ntse re letetse seo, borremogolo le bommemogolo ba ba tlhokomelang bana ba tshwanetse go dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba atlege mo seemong se ba leng mo go sone. Ba le bantsi ba atlega thata mo maitekong a ba a dirang! Ka metlha gakologelwa gore go sa kgathalesege ngodiego, boitumelo le jone bo ka nna teng. Ebu, o ka itumelela le go bona ditlogolwana tsa gago di rata Modimo ka tsela e e thokgameng! A seo se ka se dire gore tiro yotlhe e o e dirileng ka natla e nne e e tshwanelang?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Maina mangwe a fetotswe.

b Buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng (e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.) e na le melaometheo e mentsi e e mosola ya Baebele e borremogolo le bommemogolo ba ba tlhokomelang bana ba ka e dirisang fa ba godisa ditlogolwana tsa bone.

[Lebokoso mo go tsebe 28]

Dikgang Tsa Semolao

Gore a motho o tshwanetse go amogela kafa molaong boikarabelo jwa go tlhokomela ditlogolwana kana nnyaa, ke kgang e e masisi le e e raraaneng. Mary Fron, mankge mo kgannyeng eno o tlhalosa jaana: “Mo letlhakoreng le lengwe, fa o sa newa ke molao boikarabelo joo jwa go tlhokomela bana, o ka se kgone go nna le ditshwanelo tse di rileng tsa semolao. Mo mabakeng a mangwe, batsadi ba mmatota ba ka nna ba boa mme ba tsaya ngwana kana bana nako nngwe le nngwe. Mo letlhakoreng le lengwe, borremogolo le bommemogolo ba le bantsi ba okaoka go senka boikarabelo jwa go tlhokomela bana kafa molaong, ka gonne seo se tla raya gore ba ye go supa fa pele ga kgotlatshekelo gore ngwana wa bone ga a tshwanele go nna motsadi.”—Good Housekeeping.

Gantsi fa borremogolo le bommemogolo ba sa newa kafa molaong boikarabelo jwa go tlhokomela ditlogolwana ba nna le bothata jwa go kwadisa ditlogolwana tsa bone kwa sekolong kana gone go di bonela tlhokomelo ya kalafi. Le fa go ntse jalo, go nna motlhokomedi wa bana go ka ja madi a mantsi, go ka ja nako, e bile go ka lapisa mo maikutlong. Mme tota le fa ba dumeletswe go ba tlhokomela, borremogolo le bommemogolo ba ka nna ba iphitlhela ba le mo seemong sa go se tlhole ba kgona go thusiwa ke puso ka tsa madi. Ka gone lokwalopaka lwa Child Welfare lo gakolola borremogolo le bommemogolo gore ba “batle thuso ya semolao mo mmueleding yo o mo lefelong la bone yo o nang le boitemogelo mo molaong wa puso o o malebana le lelapa, dikgetsi tsa go batla go nna motlhokomedi wa ngwana le tsa tlhokomelo ya bana.”

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Go Bala Ditshenyegelo

Go bona ngwana a tlhoka—segolobogolo e le yo o amanang thata le ene—go ngomola pelo. Mme Baebele e laela Bakeresete gore ba tlhokomele ‘ba e leng ba bone.’ (1 Timotheo 5:8) Le fa go ntse jalo, mo maemong a a farologaneng rremogolo le mmemogolo o tla bo a dira sentle go akanya thata ka seno pele a tsaya boikarabelo jo bo ntseng jalo. (Diane 14:15; 21:5) Motho o tshwanetse go bala ditshenyegelo.—Bapisa Luke 14:28.

Akanyetsa seno ka thapelo: A tota o tla kgona mo mmeleng, mo maikutlong, mo semoyeng le mo go tsa madi go tlhokomela ngwana yono ka dilo tse a di tlhokang? Molekane wa gago o ikutlwa jang ka seemo seno? A go ka tswa go na le tsela e nngwe ya go kgothatsa batsadi ba ngwana yono kana go ba thusa gore ba mo tlhokomele ka bobone? Ka maswabi, batsadi bangwe ba ba botlhaswa ba tswelela pele fela ba tshela botshelo jo bo sa siamang. Mmemogolo mongwe o gakologelwa jaana a galefile: “Ke ne ka tsaya bana ba gagwe ba le mmalwa. Mme o ne a tswelela pele a dirisa diokobatsi le go nna le bana ba bangwe. Go ne ga tla nako ya gore ke gane jaanong!”

Mo letlhakoreng le lengwe, fa o sa tlhokomele ditlogolwana tsa gago, go tla diragala eng ka tsone? A o ka itshokela kgatelelo ya go itse gore ba tlhokomelwa ke batho ba bangwe, gongwe e bile e le batho ba o sa ba itseng? Go tweng ka dilo tse bana ba di tlhokang mo semoyeng? A batho ba bangwe ba tla kgona go ba godisa go ya ka ditekanyetso tsa Modimo? Ba bangwe ba ka nna ba swetsa gore go sa kgathalesege mathata a a amanang le seo, ga go na se ba ka se dirang fa e se go rwala boikarabelo joo.

Ano ke mathata a a utlwisang botlhoko, mme motho mongwe le mongwe o tshwanetse go dira tshwetso.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Borremogolo le bommemogolo ba fitlhela go le boima gore ba godise bana ba bannye

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Borremogolo le bommemogolo ba ba boifang Modimo ba ka tshepa gore Jehofa o tla ba ema nokeng mo maitekong a ba a dirang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela