LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 7/8 ts. 7-11
  • Go Tshela Mmogo ka Lorato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tshela Mmogo ka Lorato
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lorato—“Sebofo sa Boitekanelo”
  • “Tlhogo e e Pududu ke Serwalo sa Kgalalelo”
  • Melemo ya go Tlhagolela Kutlwano mo Lapeng
  • Melemo ya go Tlotlana
  • Seabe sa Borremogolo le Bommèmogolo mo go Ruteng
  • Go Dira Tumelanong le Thuto ya Bomodimo
  • Mathata a Mangwe ke Afe?
    Tsogang!—1995
  • Borremogolo le Bommemogolo—Dilo Tse ba di Itumelelang le Dikgwetlho
    Tsogang!—1999
  • Nka Tlwaelana Jang le Mmèmogolo le Rremogolo?
    Tsogang!—2001
  • Fa Borremogolo le Bommemogolo ba Fetoga go Nna Batsadi
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 7/8 ts. 7-11

Go Tshela Mmogo ka Lorato

Rremogolo le Mmèmogolo ba ba rategang,

A lo tsoga sentle? Ke akanya gore ke tshwerwe ke mofikela.

Ke lebogela go bo lo ile lwa tshameka le nna maloba. Lo ne lwa ya le nna kwa parakeng le kwa letamong la go sapa. Ke ile ka itumela tota.

Ngwaga o o tlang ka February 11 re tla bo re na le konsarata kwa sekolong. Fa lo ka kgona go tla gape, nka itumela.

Re itumela tota Rremogolo le Mmèmogolo fa lo re etela.

Tsweetswee itlhokomeleng, lo nne lo tsoge sentle ka metlha. Go tlile go nna tsididi, ka jalo, itlhokomeleng gore lo se ka lwa tshwarwa ke mofikela.

Ke fela pelo gore lo tla tla leng gape go tla go tshameka le nna. Tsweetswee ntumedisetseng Yumi le Masaki.

Mika (wa Mojapane)

ASETLOGOLWANA sa gago se kile sa go kwalela lekwalo le le tshwanang le leno? Fa e le gore go ntse jalo, kwantle ga pelaelo le ne la go itumedisa tota fa o ne o le amogela. Makwalo a a ntseng jalo a supa kamano e e itumedisang le botsalano jo bo lorato fa gare ga ditlogolwana le borremogolo le bommèmogolo. Lefa go ntse jalo, ke eng se se ka dirang gore lo nne le kamano e e ntseng jalo, gore e se ka ya fela le gore e nonofe go ya pele? E bile e ka solegela dikokomana tseno tse tharo molemo jang?

Lorato—“Sebofo sa Boitekanelo”

Roy le Jean ba ba nang le ditlogolwana ba kwa Boritane ba bolela jaana: “Re akanya gore melaometheo ya botlhokwatlhokwa ke ya go tlotla thulaganyo ya botlhogo le go tshedisana mmogo ka lorato.” Basupi bano ba babedi ba ga Jehofa totatota ba ne ba umaka lokwalo lwa Bakolosa 3:14, lo lo tlhalosang lorato lwa Bokeresete e le “sebofo sa boitekanelo.” Lorato lo dira gore motho a tlotle yo mongwe, a mo tseye tsia, a amege go tswa pelong ka ene e bile le kitlanya lelapa. Fa papa a fitlha mo gae a tswa tirong lelapa lotlhe le a mo tabogela go ya go mo amogela ka diatla tsoopedi ka lorato. Fa lelapa le ratana jalo, go tla nna fela jalo le fa borremogolo le bommèmogolo ba goroga. Ngwana yo o itumetseng thata o tla goeletsa a re: “Rremogolo le Mmèmogolo ba gorogile!” Mo maitseboeng ao, lelapa le jaanong le oketsegileng le nna mmogo go ja dijo tsa maitseboa mme go ya ka ngwao ya lefelo leo, rremogolo o tlaa bo a nna mo tlhogong ya tafole. A o ipona o dutse jalo le lelapa la gago? A o itumelela lesego le le ntseng jalo?

“Tlhogo e e Pududu ke Serwalo sa Kgalalelo”

Mme tota, re tshwanetse go rata borremogolo le bommèmogolo le go ba tlotla ka metlha, e seng ka dinako dingwe tse di kgethegileng fela. Ka gone, go botlhokwa gore bana ba rutwe ka metlha yotlhe. Ke mo lelapeng mo bana ba ithutang go rata ba masika a bone le batho ba bangwe, ba latela sekao sa batsadi ba bone. Sekao sa bone se botlhokwa tota jaaka go ile ga tlhalosa batho ba bantsi ba ba ileng ba botsolodiwa ka kgang eno. Macaiah, rre wa kwa Benin City, kwa Nigeria, a re: “Ke akanya gore sekao sa me sa go tlotla bagogwadiake se thusitse banake go nna boikokobetso le go nna maitseo. Ke ne ke bitsa bagogwadiake ke re ‘Papa’ le ‘Mama.’ Banake ba a utlwa e bile ba lemoga gore ke ba tlotla fela jaaka e kete ke batsadi ba me tota.”

Fa ditlogolwana di sa tlotle borremogolo le bommèmogolo, seno se kgopisa tota, e seng fela ka ntlha ya go tlhoka maitseo goo, mme ka ntlha ya gore batsadi ba bone ba sa ba kgalemele. Demetrio, rremogolo wa kwa Rome kwa Italy a re: “Ke kgona go bona gore morwadiake le mogwe wa me ba a re rata go ya ka tsela e ba rutang ditlogolwana tsa rona go re tlotla ka yone.” Ka dinako dingwe, ditlogolwana di ka nna tsa tlwaela borremogolo le bommèmogolo ka tsela e e feteletseng jaaka e kete ke balekane ba bone, kgotsa ba ba tseela kwa tlase. Ke maikarabelo a batsadi gore ba baakanye tshekamelo epe e e ntseng jalo. Paul yo e leng Mosupi wa kwa Nigeria a re: “Mo ngwageng o o fetileng banake ba ne ba simolola go nyatsa mmè. Fa ke sena go lemoga seno, ke ne ka ba balela Diane 16:31: ‘Tlhogo e e pududu ke serwalo sa kgalalelo,’ ka bo ka ba gakolola gore Mmèmogoloabone ke mmè. Ba tshwanetse go mo tlotla fela jaaka ba ntlotla. Gape ke ne ka ithuta le bone kgaolo 10 ya buka ya Bosha jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone,a ya setlhogo sa ‘O Leba Batsadi ba Gago Jang?’ Gone jaanong ga ba tlhole ba na le bothata jwa go sa tlotle mmaabonemogolo.”

Melemo ya go Tlhagolela Kutlwano mo Lapeng

Go ka tlhagolelwa gore lelapa le ratane tota lefa ba lelapa ba sa nne mmogo. Stephen, rremogolo wa kwa Nigeria a re: “Re kwalela mongwe le mongwe wa ditlogolwana tsa rona lekwalo la gagwe ka namana. Seno se re tlhoka matsapa a magolo mme matswela a gone a magolo thata ka gonne go a re aga e bile go dira gore re utlwane tota le ditlogolwana tsa rona.” Maiteko a batsadi ba a dirang a botlhokwa thata mo ntlheng eno. Ba bangwe ba leka ka natla gore ba founelane, go ikaegile ka maemo a bone.

Giuseppe, rremogolo wa kwa Bari kwa Italy yo o nang le ditlogolwana di le 11 o tlhalosa kafa a lekang ka teng gore ene le ba lelapa la gagwe ba tsalane thata ka tsela ya lorato: “Gone jaanong, malapa a le mararo mo go a le marataro a a dirang ‘moratshwana’ wa me a nna kgakala le rona. Mme seo ga se re kgoreletse gore re se ka ra dirisana mmogo le go kopana. Re tlwaetse go nna re kgobokana rotlhe re le 24 bobotlana gangwe mo ngwageng.”

Fa rremogolo le mmèmogolo ba nna ba le nosi mme ba lelapa ba sa etelane le bone, ba sa founalane kana go kwalelana, seo se tla dira gore go se ka ga nna le botsalano bope. Ba tshwanetse go bontshana lorato ka metlha. Borremogolo le bommèmogolo bangwe ba ba santseng ba le mo dingwageng tsa magareng kana ba santse ba itekanetse sentle ba batla go nna ba le nosi ka ba santse ba le matlhagatlhaga e bile ba sa tlhoke thuso go le kalo. Lefa go ntse jalo, fa ba itomolola thata mo go ba lelapa ba bangwe go ka nna ga nna thata gore ba bontshiwe lorato lo lo tswang pelong fa go tla nako ya gore ba le tlhoke thata.

Michael, rremogolo mongwe wa kwa Nigeria o tlhagisa kakantsho e nngwe e e molemo jaana: “Ke dirisa Molao wa ga Jesu wa Sekagauta—direla ba bangwe jaaka o batla le bone ba go direla. Mme ka ntlha ya seno, banake ba nthata tota. Re kgona go buisana sentle le bone.” O oketsa jaana: “Fa mongwe wa ditlogolwana tsa me a dira sengwe se se nkgopisang, ke bua le ene fa go tlhokega. Mme fa e le gore ke selo se nka se itlhokomolosang, gantsi ke a se itebatsa.”

Dimpho tse dinnye le mafokonyana a bopelonomi a a tswang go borremogolo le bommèmogolo di dira gore ba tshwarwe ka tsela e e molemo. Mafoko a bopelonomi a a kgothatsang a dira gore botshelo mo lapeng bo itumedise go na le go tlhola go ngongoregwa. Go ipha nako le ditlogolwana o ba ruta metshameko e e kgatlhang le ditiro tse di mosola, o ba tlotlela dikgang tsa Baebele kana ditiragalo tsa lelapa go dira gore ba itumele e bile ga ba kitla ba lebala seo. Dilo tseo tse dinnye mme e le tse di botlhokwa di dira gore botshelo bo nne monate.

Melemo ya go Tlotlana

Ngaka nngwe e e bidiwang Gaspare Vella, ya re: “Borremogolo le bommèmogolo ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba se ka ba ganetsana le batsadi kana go gaisana le bone fa ba godisa bana ba bone.” O oketsa ka go re: “Fa ba dira jalo, ba tlaa bo ba ipha maemo a e seng a bone, ba tlaa bo ba tseela batsadi maikarabelo a bone.” Kakantsho eno e dumalana le se Dikwalo di se bolelang, fa di re batsadi ke bone ba nang le maikarabelo a magolo mo go thapiseng bana ba bone.—Diane 6:20; Bakolosa 3:20.

Go motlhofo gore borremogolo le bommèmogolo ba ntshe dikgakololo ka gonne ba na le maitemogelo a botshelo. Lefa go ntse jalo, ba tshwanetse ba nna kelotlhoko gore ba se ka ba ntsha kgakololo e e sa tlhokegeng le e e se kitlang e amogelwa. Roy le Jean ba bolela jaana: “Motho o tshwanetse go tlhaloganya gore batsadi ke bone ba nang le maikarabelo a magolo a go thapisa bana ba bone le go ba otlhaya. Ka dinako tse dingwe motho a ka ikutlwa gore ba gagamatsa dilo thata kana gore ba repisa dilo thata. Ka gone, o tshwanetse go lwa thata gore a se ka a itsenya mo dikganyeng.” Michael le Sheena ba kwa Boritane, bobedi jo bo nang le ditlogolwana ba tshegetsa yone ntlha eno jaana: “Fa bana ba rona ba kopa kgakololo, re a ba thusa, mme legale ga re gatelele gore ba e amogele kana go kgopisega fa ba sa e amogele.” Go molemo gore batsadi ba ba tsofetseng ba tshepe barwa le barwadiabone ba ba nyetsweng. Go ba tshepa jalo go tokafatsa dikamano tsa dikokomana tseno tse tharo.

Vivian le Jane, ba ba nnang kwa borwa jwa Engelane ba leka ka bojotlhe gore ba latele thulaganyo ya morwa wa bone le ngwetsi ya bone ya go otlhaya ditlogolwana tsa bone tse ba nnang le tsone: “Ga re ke re ba pateletsa megopolo ya rona mo dilong tse ba sa dumalaneng le rona ka tsone. Ka gonne ba lemoga gore re ema mmaabone le rraabone nokeng, bana bano ga ba nke ba leka ‘go re thulanya ka ditlhogo.’” Tota lefa batsadi ba seyo, borremogolo le bommèmogolo ba tshwanetse go nna kelotlhoko malebana le go otlhaya ditlogolwana tsa bone. Harold, wa kwa Boritane a re: “Fa borremogolo le bommèmogolo ba bona go tlhokega gore ba otlhaiwe ka nako ya fa batsadi ba seyo, e tshwanetse ya bo e le kgang e ba dumalaneng le batsadi ka yone pele.” Harold o oketsa ka gore, gantsi se borremogolo le bommèmogolo ba ka se dirang fela ke go ba gakolola “se batsadi ba bone ba ka se tlhokang mo go bone,” ka bopelonomi mme ba nonofile.

Fa Christopher, rremogolo mongwe wa kwa Nigeria a bona bana ba gagwe ba na le bokoa bongwe, o tila go bua ka jone ditlogolwana di mo reeditse: “Ke neela batsadi ba bone kgakololo epe e ba e tlhokang fa re le nosi fela le bone.” Batsadi le bone ba tshwanetse go tlhomamisa gore borremogolo le bommèmogolo ba a tlotliwa. Carlo, rre yo o nnang kwa Rome kwa Italy o bolela jaana: “Go botlhokwa thata gore motho a se ka a ngongorega fa pele ga bana ka makoa a borremogolo le bommèmogolo kana a ba bangwe mo lapeng.” Hiroko, mmabana mongwe wa kwa Japane a re: “Fa ke nna le bothata bongwe le bomatsale, ke buisana pele le monna wa me.”

Seabe sa Borremogolo le Bommèmogolo mo go Ruteng

Lelapa lengwe le lengwe le na le hisetori ya lone, ngwao le ditiragalo tse di le farologanyang le a mangwe. Ka tlwaelo, borremogolo le bommèmogolo ke bone ba ka lomaganyang hisetori ya lelapa. Go ya ka seane sengwe sa Seafrika, “monnamogolo mongwe le mongwe yo o swang o tshwana le laeborari e e shang.” Borremogolo le bommèmogolo ke bone ba ka re lotlegelang ditiragalo tsa losika le ditiragalo tsa botlhokwa tsa lelapa mmogo le dilo tse di tseelwang kwa godimo mo lelapeng tse gantsi di dirang gore lelapa le nne seoposengwe tota. Moitse mongwe o ne a bolela jaana a sa akaretse kaelo ya maitsholo e Baebele e e neelang a re, fa “basha ba sena kitso epe ka hisetori ya lelapa la bone, ba tla gola ba sena maitemogelo a dilo tse di diragetseng pele ga ba tsholwa, ba sa itse sepe ka dilo tse di botlhokwa, ba sa itshepe e bile ba ipelaela.”—Gaetano Barletta, Nonni e nipoti (Borremogolo le Bommèmogolo le Ditlogolwana).

Ditlogolwana di itumelela go utlwa dikgang tsa nako ya fa papa le mama le ba bangwe ba losika ba neng ba santse ba le bannye. Go lebelela alebama ya dinepe mmogo go ka ruta e bile go ka itumedisa. A bo go tla rena lorato e bile go tla itumedisa jang ne fa borremogolo le bommèmogolo ba dirisa dinepe go ba tlotlela dikgang tsa nako e e fetileng.

Reg le Molly ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba kwa Boritane ba ba nang le ditlogolwana ba bolela jaana: “Re itumelela go nna le ditlogolwana tsa rona le go dira dilo mmogo le bone re sa kgoreletse sebofo sa bone se se nonofileng le Mama le Papa ba bone, re araba dipotso tsa bone tse dintsi, re tshameka le bone, re bala le bone re ba ruta go kwala, re ba reetsa fa ba bala, re kgatlhegela thata gore ba tswelela jang kwa sekolong.”

Phoso e kgolo e batsadi le borremogolo le bommèmogolo ba e dirang ke ya go amega fela ka dilo tsa senama tsa bana ba bone le ditlogolwana tsa bone. Reg le Molly ba ba umakilweng fa godimo ba re: “Boswa jo bogolo jo re ka bo nayang bana ba rona le ditlogolwana tsa rona ke go bona ba gola ba na le kitso ya boammaaruri ya Lefoko la Modimo.”—Duteronome 4:9; 32:7; Pesalema 48:13; 78:3, 4, 6.

Go Dira Tumelanong le Thuto ya Bomodimo

Lefoko la Modimo, Baebele e e Boitshepo, “le tlhaga” mo bathong. Le kgona go thusa batho gore ba laole kana ba fenye dilo tse di tlisang dikgotlhang tse di jaaka bogagapa le boikgogomoso. (Bahebere 4:12) Ka gone, batho ba ba dirisang dithuto tsa yone ba tshela ka kagiso le kutlwano mo malapeng a bone. Lengwe la dikwalo tse dintsi tse di thusang dikokomana tseno tse tharo gore di fenye go sa utlwaneng ka mogopolo go go ka nnang gone ke Bafilipi 2:2-4, e e kgothaletsang batho botlhe gore ba nne lorato, le boikokobetso mo pelong le go tshedisana ka kutlwano, ba iketse tlhoko gore ba se ‘tlhokomele dilo tse e leng tsa bone fela, fa e se go re, mongwe le mongwe a tlhokomele le tse e leng tsa ba bangwe.’

Ka go dira tumalanong le thuto ya bomodimo, batsadi le ditlogolwana ba tsaya tsia thata kgakololo ya gore ba “nne ba leboge batsadi ba bone le borremogolo le bommèmogolo,” ka go ba tlamela ka dilo tsa nama, tsa maikutlo le tsa semoya. (1 Timotheo 5:4, NW) Ka go boifa Jehofa ka tsela e e tshwanetseng, ba leka thata go tlotla borremogolo le bommèmogolo, ba gakologelwa mafoko ano a gagwe: “O nanoge o eme fa pele ga yo o tlhogo e pududu, o tlotle sefatlhogo sa motsofe, mme o boife Modimo wa gago.” (Lefitiko 19:32) Borremogolo le bommèmogolo ba tla leka ka natla gore ba tshedisane sentle le dikokomana tsa bone: “Motho yo o molemo o tlogelela bana [ba bana] ba gagwe boswa, mme khumo ya moleofi e beetswe basiami.”—Diane 13:22.

Borremogolo le bommèmogolo, batsadi le ditlogolwana ba ka tswa ba nna mmogo kana nnyaa, ba ka solegelwa molemo thata ke go nna le kamano ya lorato lo lo tswang pelong e e nnang gone ka ntlha ya go ratana le go tlotlana fela jaaka fa Diane 17:6 e re: “Bana ba bana ke serwalo sa tlhogo sa bagolo, mme kgalalelo ya bana ke borraabo.”

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Go kgobokana mmogo ga lelapa go dira gore go nne le kutlwano mo lapeng

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Borremogolo le bommèmogolo ba a kgothala fa o ba kwalela

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go leba alebama ya lelapa le ditlogolwana tsa gago e ka nna selo se se itumedisang thata

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela