Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Ka Ipaakanyetsa Jang Seemo Ereka Jaanong Nkoko le Ntatemogolo Ba Nna le Rona?
KA DINAKO tsotlhe o ne o ntse o utlwana sentle le nkokoago le rraagomogolo. Nako e o neng o e dirisa o na le bone e ne e le monate, ebile e le e e kgethegileng. Mme jaanong ba nna le lona.
Fa rraagomogolo le nkokoago ba tla go nna le lona, go ka raya gore mongwe le mongwe yo o amegang a dire diphetogo.a Botlhe ba tshwanelwa ke go fetola ditsela tsa bone gore di tsamaelane le tsa ba bangwe. Mme lefa go le jalo ga se gore seemo ke se se senang jaaka se ka dirwa. Ka go dirisa melaometheo ya Bibela, o ka thusa lelapa la gago gore le goge mmogo, eseng gore mongwe le mongwe a gogele kwa.
Lorato Senatla
Tsela e nngwe ya go fokotsa dikgotlhakgotlhano mo lelapeng ke ka go dirisa molaomotheo o o mo go 1 Bakorintha 16:14: “Gotlhe mo lo go dihañ, a go dihwè ka loratō.” Lorato lwa Bokeresete “lo tlo lo bipe bontsi yoa dibe.” (1 Petere 4:8) Mme jaaka tshekatsheko e e mo bukaneng e go tweng Family Relations e bontshitse, lorato lwa boammaaruri le go amega ka balosika lwa gago ba ba godileng go na le mosola fela thata; go fokotsa dingalo le letsapa la tlhokomelo.
Ka maswabi, ga se basha botlhe ba ba nang le lorato lo lo ntseng jalo mo go borraabomogolo. Bangwe ba na le lonyatso mo go bone, ba ba tsaya jaaka batsofe ba ba senang mosola. Mme basha ba Bakeresete bone ga ba lebe bagolo ka tsela e e ntseng jalo. Ba gakologelwa mafoko a a mo go Diane 20:29 a a reng: “Bontlè yoa banna bagolo ke tlhōgō e pududu.” Ee, bonkokoago ba godile ba bile ba na le maitemogelo. Ba ka nna motswedi o o molemo wa kgakololo le kaelo, bogolo jang fa e le Bakeresete. Mme jaaka go ntse ka bonkokoarona ka bontsi, ba ka nna ba bo ba go tlhokomela ka tsela e e molemo thata go na le jaaka fa o lemoga.—Diane 17:6.
Fa e le gore lo ne lo ise lo ko lo atamalane go tla go fitlha gompieno, ke eng o sa leke go fetola dilo? Mosetsana mongwe yo mosha o ile a swetsa ka gore a bontshe botsalano. O gakologelwa jaana: “Ke ne ka rekela nkoko dikausu tsa mmala o ke neng ke itse gore o tla o rata. O ne a di bontsha mongwe le mongwe yo o neng a etile!” Ka tsela e e tshwanang, o ka nna wa leka gore o tseye metsotso e sekaenyana letsatsi le letsatsi go tlotla le bone. Kana o ka nna wa ba direla ditiro dingwe. Ka go dira jalo o ka nna wa dira gore le atamalane.
Lefa go le jalo, maemo a ka nna a leka lorato lwa mongwe le mongwe. Go ka nna ga nna thata ka bagolo go amogela seemo se sesha. Ba ka nna ba bo ba lwala mme ba sa itumele ka dinako tsotlhe. Lefa gongwe o ka nna wa tshwanelwa ke go dira diphetogo dingwe mo botshelong jwa gago—gongwe le eleng go ithontsha dilo dingwe—ela tlhoko gore ga se kgetsi e potlana le mo go bonkokoago le rraagomogolo ka mo go tshwanang. Ka boammaaruri, eno e ka nna ya bo e le “metlha ea boshula” mo go bone. (Moreri 12:1) Lebogela go bo bano ba ile ba tlhokomela batsadi ba gago fa ba ne ba sa ntse ba le bannye. Modimo o leba tlhokomelo e o e neelang borraagomogolo jaaka ‘tuelo e e ba lebaneng’ mme gape le gore ke pontsho ya gore o ineetse mo go ene.—1 Timotheo 5:4; Yakobe 1:27.
Bokgoni jwa go Neelana Kgang
Lefa go le jalo mathata gantsi a ka tilwa, fa o bontsha kakanyetso ka tsela e eseng ya bogagapa mo go borraagomogolo. (Bafilipi 2:4) Ka sekai, o ka nna o gakologetswe gore batho ba bagolo gantsi ba tlhodiiwa ke modumo fela thata; mmino o o kwa godimodimo o ka nna wa ba kgopisa. (Moreri 12:4) Ba ka nna ba kgopisiwa ke go tsosa modumo ga gago fa o na le ditsala tsa gago. Dilo tse di ntseng jalo di ka nna motswedi wa dikgotlhang. Mme Bibela e re gakolola jaana gore ‘botlhale jo bo tswang kwa godimo . . . bo kagiso, bo bonolo.’—Yakobe 3:17, NW.
Moratakagiso o rotloetsa kagiso. O ikemiseditse go dira bojotlhe—tota lefa e le gore moo go raya gore a latlhegelwe—go boloka ditirisano tse di siameng le ba bangwe. Ka tsela e e tshwanang gape, motho yo o bonolo ka dinako tsotlhe ga a gatelele gore dilo di dirwe kafa a di bonang ka teng mme go na le moo o amogela gore di dirwe kafa ba bangwe ba di bonang ka teng. Ka mogopolo o o ntseng jalo, leka go atamela bonkokoago ka boikobo. Go na le go batla “ditshwanelo” tsa gago, leka gore le neelane kgang.
Gongwe ditsala tsa gago di ka go etela ka nako e bonkokoago ba ile dishopong ka yone. Kgotsa gongwe ba ka emelana le modumo fa e le gore ditsala tsa gago di go etela ka diura tsa mo mosong. Legale, go dumalana ga se ka dinako tsotlhe go kgonegang, mme gongwe go ka nna molemo ka wena gore o ye le se ba se batlang. Gongwe o ka kopana le ditsala tsa gago kwa lefelong lengwe kgotsa wa tsenya dihetefoune fa o reetsa mmino. A moo ga go a go siamela? Ee ruri. Mme ka go dira jalo o tla bo o thusa gore go nne le kagiso.
Go kgona go neelana mabaka go a thusa fa bonkokoago ba na le mekgwa mengwe e e go tshwenyang. Ka sekai, ba ka nna ba bo ba sa tlotle go nna o le esi ga gago. Gongwe ba ka nna ba batla go bua le wena fa wena o iname o dira tiro ya sekolo. Go na le gore o kgopege, ela tlhoko gore gongwe ba ka nna ba bo ba bolawa ke bodutu mme ba batla gore o ba tlose bodutu. Go ikgogona le go ba telela go tla senyetsa seemo kwa pele mme go tla bontsha go tlhoka tlotlo mo go bone. (Diane 18:1) Chris yo o dingwaga tse di lesome le boferabongwe o ne a dirisana le mabaka jaana. A re: “Ke simolola motlotlo le nkoko ka nako e e re siametseng roobabedi.”
Nna Tekatekanyo
Go tweng fa bonkokoago ba tlhoka go tlhokomelwa mo go tseneletseng? Go rata bonkokoago ga go reye gore o tshwanetse gore o rwale maikarabelo ano o le esi. Tota ebile, Bibela e bontsha gore ditiro tseno di tshwanetse gore di amoganwe ke ‘bana le bana ba bana’ ba eleng Bakeresete. (1 Timotheo 5:4) Ka jalo batsadi ba gago ba na le maikarabelo a konokono mo ntlheng eno mme ba ka kgona go sekaseka gore tsela e e tshwanetseng ya go kgaoganya tiro ke efe. Mo godimo ga moo, 1 Petere 1:13 e kgothaletsa Bakeresete gore ba “nnè tekanō.” Go dira tiro yotlhe go ka go wetsa dingalo, mme e ka re kgabagare, ga tsosa kilo.
Go nna tekatekanyo ga Bokeresete gape go tla go thusa gore o kgone go dirisana le ditlhaelo tsa gago le tsa maloko a mangwe a lelapa. Go boammaaruri gore botlhe ba tshwanetse go dira maiteko a a kgethegileng gore ba bontshe ‘leungo la moya wa Modimo.’ (Bagalatia 5:22, 23) Mme lefa ba ka tswa ba ikaeletse jang, maloko a lelapa ba santse ba ka fela pelo. Go na le go kgobega marapo, amogela ntlha ya gore “re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le dintsi. Ha moñwe a sa kgocwe mo puoñ, eouō e be e le motho eo o itekanetseñ, eo o nonohileñ go kganèla le ōna mmele otlhe.” (Yakobe 3:2) Go fapaana ka mabaka mo go a tleng go diragale mo lelapeng tota ga se selo se segolo se se tshwanetseng gore se tshose thata.
Khupamarama
Molemo o montsi o ka direga fa fela o ka buisana le batsadi ba gago. ‘Kwa go senang khupamarama maikaelelo a tle a retele.’ (Diane 15:22) Ka sekai, a o ikutlwa o tenega le go kgopega ka ntlha ya go bo o sa tlhole o na le kamore e eleng ya gago? A o tshwenyegile ka ntlha ya go bo o akanya gore o sikere maikarabelo a a fetang selekanyo a go tlhokomela bonkokoago? Go na le gore o buduloge fela kgotsa o kgobege marapo, itsise batsadi ba gago kafa o ikutlwang ka teng.
Legale, batsadi ba gago ba ka nna bone ka bobone ba bo ba le kafa tlase ga kgatelelo mme ka jalo ba bo ba ka se ke ba nna le maatla a a kalokalo go fetola dilo. Ka jalo batla nako e e tshwanetseng go bua le bone ka boikobo, eseng o re fa ke re ke a se batla ke a se batla, o ba atamela ka mathata a le a lebaneng mmogo. (Diane 15:23) Bua boammaaruri ka se tota se go tshwenyang o sa itome diteme. (Baefesia 4:25) Fa jaanong kgang e builwe, ba ka nna jaanong ba go sekegela tsebe ka boutlwelobotlhoko. Mme go ka nna ga ba ga kgonega gore le bone tsela e lo ka rarabololang bothata ka yone.
Gongwe go ka nna ga siiwa lefelo lengwe mo ntlong le eleng gore o ka kgona go le dirisa ka nako ya fa o batla go bala kgotsa go ithuta o le nosi. Kgotsa ditiro di ka thusanwa fa o na le bomorwarraago le bomorwadiarraago. Mo lelapeng lengwe go ne ga swediwa ka gore morwa yo o neng a sa ntse a le mosha o tla a ne a balela nkokoagwe—selo se boobabedi ba neng ba se itumelela fela thata mme ebile ba nna ba se ipaakanyeditse. Bokgaitsadie ba babedi ba ne ba neetswe maikarabelo a go thusa mo go mo apeseng le go mo tlhapiseng.
Maitemogelo A A Mosola
Kwantle ga pelaelo, go nna le bonkokoago mo lelapeng e ka nna maitemogelo a masha mo botshelong—mo go wena le mo go bone. Mme fa botlhe ba bontsha bopelotelele, lorato, le go itetla go obega, go ka itshupa e le maitemogelo a a mosola eleruri. O ka nna le sebaka sa go godisa sebofo se se bothitho, sa lorato, le batho ba babedi ba ba botlhale le ba ba nang le maitemogelo tota ba ba go kgatlhegelang ka boammaaruri. Botsalano joo bo ka itshupa bo kgotsofatsa fela thata go gaisa kamano epe e o ka nnang le yone e khutshwane le molekane wa gago. Mme go ka go thusa gore wena jaaka motho o gole. Mosadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Beverly a re: “Ke tsaya go thusa nkoko e le sebaka sa go ithuta dinonofo tsa go intsha setlhabelo tse ke tla di tlhokang mo nakong e e tlang mo botshelong.”
Mosha mongwe yo o bidiwang Aaron le ene o ne a lemoga se se tshwanang. A re: “Go ipha nako ke na le nkoko go ile ga nthuta go buisana le bagolo ba ba mo phuthegong ya rona. Ke kile ka bo ke atle ke re dumelang fela e bo e nna gone gotlhe. Mme jaanong ke tsaya metsotso e sekae ke bua le mongwe le mongwe wa bone. Ke go rata mo! Mme ke tsaya bano ba bagolo jaaka ditsala tsa me.”
Ka jalo dira mo go fetang fela go ineela mo seemong; go dirise go itsholegela molemo! Gongwe nako nngwe o ka tla wa lebogela letsatsi le bonkokoago ba ileng ba tla go nna le lona.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “Ke Ka Ntlha Yang Fa Ntatemogolo le Nkoko Ba Tlile Go Nna le Rona?” se se mo tokololong ya rona ya July 8, 1992.
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Botsalano jo o bo ipelelang le bonkokoago bo ka itshupa bo kgotsofatsa eleruri