Go Naya Ba Bangwe Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
1 Lelapa ke karolo e e botlhokwa thata ya botshelo jwa batho, mme malapa a bopa metse, ditoropokgolo, diporofense le ditšhaba tse di feletseng. Gompieno lelapa le tlhasetswe ka tsela e le iseng le ke le tlhaselwe ka yone pele. Ditlhotlheletso tse di maatla di tshosetsa go nna gone ga lelapa. A bo re leboga jang ne go bo Jehofa, Motlhami wa thulaganyo ya lelapa, a re neile ditaelo tse di ka re thusang go bona boitumelo jwa lelapa! Ba ba latelang dikaelo tsa gagwe ba fitlhela gore mathata a a fokotsega le gore ba nna le malapa a a itumetseng. Ka September re tla bo re na le tshiamelo ya go naya ba bangwe buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. Simolola motlotlo le batho ka botshelo jwa lelapa. Nna botsalano, o nne le maikutlo a a siameng e bile o na le temogo. Ke eng se o ka se buang?
2 O ka simolola ka go botsa potso e e ntseng jaana:
◼ “A o ile wa lemoga gore malapa a le mantsi a go fitlhela go le thata go itshokela dikgatelelo tsa botshelo? [Mo letle gore a arabe.] Dipego di bontsha gore batho ba le bantsi ba nna le mathata mo lelapeng. O akanya gore ke eng se se ka thusang malapa go tlhomama le go itumela thata? [Mo letle gore a arabe.] E re ka Modimo a simolotse thulaganyo ya lelapa, a ga go utlwale go tlhatlhoba dikaelo tse a di ntshitseng? [Bala 2 Timotheo 3:16, 17.] Ditaelo tse di ntseng jalo tse di mosola di kwadilwe mo bukeng eno, Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.” Morago ga moo botsa motho yoo gore o akanya gore bothata jo bogolo jwa malapa ke bofe, o mmontshe kgaolo e e tlotlang ka ga bothata joo, o bo o mo tsamaisetsa buka eno ka R4,00.
3 Mo loetong lwa go boela, o ka nna wa leka go simolola thuto ya Baebele ka go re:
◼ “Ke ile ka akanya ka se o neng wa se bua ka kgang ya botshelo jwa lelapa, mme ke go tliseditse sengwe se ke akanyang gore o tla se itumelela. [Mmontshe boroutšhara jwa Re Direng, bula mo go tsebe 16, o bo o bala dipotso tse thataro tse di fa godimo.] Go phepafetse gore, mongwe le mongwe mo lelapeng o tshwanetse go dira karolo ya gagwe gore lelapa le itumele. Fa o na le metsotso e sekae fela, ke tla go bontsha gore o ka solegelwa molemo jang thata ke tshedimosetso eno.” Morago ga moo, simolola go ithuta thuto ya 8.
4 Tsela e nngwe ya go simolola motlotlo ke go umaka bothata bongwe, gongwe ka go re:
◼ “Le fa gone mongwe le mongwe a batla go nna le boikutlo bongwe jwa go ritibala le go kgotsofala, go bonala e se malapa a le mantsi a a ileng a atlega mo go seno. O akanya gore ke eng se se ka ba thusang go bona boitumelo jwa boammaaruri? [Mo letle gore a arabe.] Bogologolo, Baebele e ile ya senola gore re ne re tla bona mathata a a ntseng jang gompieno. [Bala 2 Timotheo 3:1-3.] Le fa go ntse jalo, Baebele gape e bolelela malapa se a tshwanetseng go se dira go rarabolola mathata ano le go nna le boitumelo jo bo sa khutleng. Melaometheo ya yone e kwadilwe mo bukeng eno, Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.” Morago ga moo mmontshe lebokoso la poeletso kwa bofelong jwa kgaolo e e tshwanelang, e bale, o bo o mo tsamaisetsa buka ka moneelo wa R4,00.
5 Fa o boela, dirisa boroutšhara jwa “Re Direng” go simolola thuto. O ka nna wa re:
◼ “Ke kgatlhilwe thata ke go bo o ile wa rata go tlhatlhoba melaometheo ya Baebele e e dirang mo malapeng. Boitemogelo bo bontshitse gore go nna le ditlamorago tse di molemo thata fa go latelwa kgakololo e e molemo e e fitlhelwang mo Baebeleng. Fano go na le tlhaloso e e motlhofo ya gore ke ka ntlha yang fa go ntse jalo.” Bala serapa sa ntlha sa thuto 1 mo boroutšhareng jwa Re Direng, gongwe o akaretsa Pesalema 1:1-3 kana Isaia 48:17, 18. Fa nako e go letla, sekasekang dintlha tse di setseng tsa thuto eno. Mmolelele gore o tla rata go boa gore lo tle go ithuta thuto e e latelang mmogo.
6 Go Dirisa Dikgatiso Tsotlhe Tsa Rona ka Tsela e e Molemo: Dibuka tsa rona tsotlhe di na le tshedimosetso e e mosola e e ka thusang batho go ithuta boammaaruri. Ka ntlha ya seno, Mokgatlho o fokoditse tlhwatlhwa ya dibuka dingwe tsa kgale e le go leka go tsenya dibuka tseno mo diatleng tsa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng. Lenaane la dibuka tse di leng teng le ka dipuo tse di leng teng ka tsone le romeletswe diphuthego tsotlhe. Dikgwedi tsa September le October di tla re naya tshono e e molemo ya go tsamaisa dibuka tseno mo tshimong e e sa abiwang le mo tshimong e e sa berekiweng ka metlha. Gape re filwe tetla e e kgethegileng ke Setlhopha se se Laolang gore re tsamaise Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka dipuo tse tlhano tsa lefelo la rona ka moneelo o o fokoditsweng wa R4,00. O ka akaretsa jang Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika le mpho e e tlwaelegileng ya buka ya Boitumelo mo Lelapeng?
7 Fa o bua le batho ba ba buang Seburu, Sesotho, Setswana, Sexhosa kana Sezulu, tsamaisa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika le buka eno ka moneelo wa R8,00. Ba le bantsi ga ba a tlwaelana le polelo “Dikwalo Tsa Segerika,” ka jalo o ka nna wa re “Tesetamente e Ntšha.” Gatelela mosola o o molemo wa Thanolo ya Lefatshe le Lesha. O ka nna wa dirisa nngwe ya ditlhogo tsa “Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano” o bo o e buelela le buka ya Boitumelo mo Lelapeng. Kana o ka nna wa mmontsha mosola wa intekese ya Baebele ka go mmontsha gore e thusa mmadi jang gore a kgone go bona ditemana tse a di tlwaetseng. Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika le tsone di ka tsamaisiwa mmogo le e le nngwe kana go feta ya dibuka tse di lekanang kgetsana tsa R1,00.
8 A re lekeng ka moo re ka kgonang ka gone go naya ba bangwe sephiri se se tlisang boitumelo mo lelapeng—go latela ditaelo tse di kwadilweng mo Lefokong la Modimo.—Pes. 19:7-10.