Go Thusa Malapa go Bona Isagwe e e Nnelang Ruri
1 “Bopelotshetlha bo siame fela,” motho mongwe yo o adimanang ka madi le go a boloka o ne a bolelela tlelase ya baalogi ba kholetšhe jalo, a oketsa ka gore: “O ka nna pelotshetlha mme wa sala o ntse o ikutlwa o siame.” Eno ke tsela e lefatshe le rotloetsang mokgwa wa go nna pelotshetlha ka yone o ka one motho a tlhomamisang isagwe ya gagwe. Go farologana gotlhelele le seo, Jesu o ne a ruta gore Mokeresete o tshwanetse gore “a iitatole . . . gonne motho o tla solegelwa molemo ke eng fa a ka gapa lefatshe lotlhe mme a latlha moya wa gagwe?” (Math. 16:24-26) Gore motho a nne le isagwe e e nnelang ruri, o tshwanetse go tshelela go dira go rata ga Modimo—mokgele o o botlhokwatlhokwa mo malapeng a le mantsi gompieno. (Pes. 143:10; 1 Tim. 4:8) Go buiwa ka molaetsa ono mo kgaolong ya bofelo ya buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. Kgatiso eno e ntšha e thusa batho go bona se tota se leng botlhokwa mo botshelong le gore ba ka itshwara jang ka tsela e e tla solegelang malapa a bone molemo. Fa re ntse re tswelela go rera mafoko a a molemo gongwe le gongwe, ke eng se re ka se buang go kgothatsa ba bangwe gore ba bale buka eno ya Boitumelo mo Lelapeng? Dikakantsho dingwe ke tse:
2 Fa o le mo ntlong le mo mmileng, o ka nna wa leka go dirisa pampitshana ya “Itumelele Botshelo jwa Lelapa” go simolola dipuisano. O ka nna wa botsa jaana:
◼ “Fa re akanya ka ditlhobaelo tsotlhe tsa botshelo jwa segompieno, a o akanya gore go ka kgonega gore re nne le botshelo jo bo itumetseng tota jwa lelapa? [Letela karabo.] Pampitshana eno e re tlhomamisetsa gore go ka nna jalo. A o ka rata go e bala?” Fa e amogelwa, o ka tswelela ka go re: “E re ka o kgatlhegela kgang eno, gongwe o ka itumelela buka eno e e nayang kgakololo e e feletseng ka ga tsela ya go bona boitumelo mo lelapeng.” Mmontshe lenaneo la diteng mo bukeng ya Boitumelo mo Lelapeng. Mo tlhokomedise ditlhogo dingwe tse di kgatlhang thata. Bula mo go tsebe 10 o bo o bala mola wa bofelo wa serapa 17 go fitlha kwa bofelong jwa serapa 18. Mo tsamaisetse buka ka moneelo wa R4,00. Mmolelele gore o na le mo gontsi go mmolelela, o bo o mmotsa gore o ka bowa leng gape.
3 O ka tsweledisa puisano ya gago ya ntlha ka ga botshelo jo bo itumetseng jwa lelapa ka go re:
◼ “Ke rata go go bontsha sengwe mo bukeng e o ileng wa itseela yone se ke akanyang gore o tla se rata. Kgaolo ya bofelo e bua ka sephiri sa boitumelo jwa mmatota mo lelapeng. [Bala serapa 2 mo go tsebe 183.] Ela tlhoko gore go dira mmogo go dira thato ya Modimo ke gone go ka thusang. Re akantsha gore malapa a ithute Baebele mmogo gore ba tle ba ithute se thato ya Modimo e leng sone le gore ba ka e diragatsa jang mo lelapeng. Re na le mpho ya thuto ya mahala ya Baebele e e tsayang fela dikgwedi di sekae go e fetsa. Fa o ka ntetla, ke tla go bontsha gore e tshwarwa jang.” Boela kwa go ene ka boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? kana buka ya Kitso, epe fela e e mo siametseng.
4 Fa o bua le mongwe yo o tsenang le ene mo tlelaseng kwa sekolong kana mosha mo lefelong la lona, o ka nna wa bona gore o arabela jang fa o botsa potso eno:
◼ “Go botlhokwa go le kana kang gore batsadi le bana ba bone ba age ba ntse ba buisana? [Letela karabo.] Ela tlhoko se bukana eno e e buang ka ga botshelo jwa lelapa e se bolelang ka kgang ya ‘Go Buisana ka Boikanyego lo Butse Mafatlha.’ [Bala serapa sotlhe sa 4 le mola wa ntlha wa serapa sa 5 mo go tsebe 65 mo bukeng ya Boitumelo mo Lelapeng.] Dirapa tse di latelang di naya dikakantsho tse di mosola tsa go tokafatsa puisano mo lelapeng. Setlhogo sa buka eno ke Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. Fa o rata go e bala o ka itseela khopi eno ka moneelo wa R4,00.” Mo tlhalosetse gore o tla bowa moragonyana go tla go utlwa dikakgelo tsa gagwe ka ga se a se badileng.
5 O ka tsweledisa puisano ya gago ya ntlha le mosha ka ga puisano gareng ga batsadi le bana ka go re:
◼ “Ke ile ka itumela go bona fa o kgatlhegela botlhokwa jwa go nna le puisano mo lelapeng la lona. O akanya gore ke kgang efe e e leng botlhokwa e bana le batsadi ba ka buisanang ka yone?” Letela karabo. Morago ga foo bula mo go tsebe 68 mo bukeng ya Boitumelo mo Lelapeng, o bo o bala karabo e e fitlhelwang mo karolong ya ntlha ya serapa 11. “Go nna le thuto ya beke le beke ya Baebele ke tsela e e molemo ya go nna le kitso ka ga Modimo.” Mo tsamaisetse boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? Tlhalosa gore dithuto tsa yone tse 16 di naya motho motheonyana wa molaetsa wa Baebele. Bala matseno a yone mo go tsebe 2, lo bo lo tlotla mmogo ka thuto ya ntlha. Mo tsamaisetse boroutšhara ka moneelo wa R1,20.
6 Fa o kopana le motsadi mo tirong ya ntlo le ntlo, kana kwa parakeng kgotsa kwa mabenkeleng, o ka nna wa dira gore a kgatlhege ka go re:
◼ “Ke tlhomamisa gore o tla dumela gore go godisa bana gompieno ke kgwetlho tota. O akanya gore ke eng se se ka sireletsang lelapa la gago mo ditlhotlheletsong tse di bosula? [Letela karabo.] Fano ke na le kgakololo e e molemo e ke ileng ka e lemoga.” Tlotla ka setshwantsho se se mo serapeng sa 1, o bo o bala serapa sa 2 mo tsebeng ya 90 mo bukeng ya Boitumelo mo Lelapeng. Tlhalosa ka moo e neelang kaelo e e lekalekaneng e e mosola go sireletsa malapa mo ditlhotlheletsong tse di senyang. Mo kope go mo tlogelela khopi ka moneelo wa R4,00, o bo o mmolelela gore o tla bowa go tla go araba dipotso dipe tse a ka nnang le tsone.
7 Fa o boa gape o etela motsadi yo o ileng a tsaya buka ya “Boitumelo mo Lelapeng,” o ka tsweledisa puisano ka tsela eno: ◼ “Fa re ne re kopana la ntlha, ke ne ke kgona go bona gore tota o amega ka bana ba gago le gore o batla go dira sotlhe se o ka se kgonang go ba sireletsa mo ditlhotlheletsong tse di sa siamang. Gongwe ga o ise o e bale, mme ke ile ka lemoga selo se se botlhokwa thata mo bukeng e ke ileng ka go e tlogelela se o tshwanetseng go se bona. [Bala serapa 19 mo go tsebe 59.] Go nna le kamano le Modimo go tlhoka gore re mo itse ka go ithuta Lefoko la gagwe le le kwadilweng e bong Baebele. A o ne o ka rata gore ke go bontshe gore re ithuta jang Baebele re le lelapa?”
8 Bagakolodi ba lefatshe ga ba kgone go bontsha malapa tsela ya go bona boitumelo go na le moo ba ka ba tlogela ba kgobegile marapo. A re tsamaiseng buka ya Boitumelo mo Lelapeng ka bontsi gore batho gongwe le gongwe ba tle ba thusiwe ke Lefoko la Modimo go nna le isagwe e e tla nnelang ruri.—1 Tim. 6:19.