Kafa Maloko a Lelapa a Dirisanang Mmogo ka Teng go Nna le Seabe ka Botlalo—Mo Bodireding
1 Ke eng se se ka itumedisang thata go feta go bona banna le basadi ba bone, batsadi le bana ba bone ba dira mmogo mo bodireding jwa Bokeresete, ba baka leina la ga Jehofa phatlalatsa? (Pes. 148:12, 13) Malapa otlhe a tshwanetse go nna le thulaganyo e e molemo ya go nna le seabe ka metlha mo tirelong ya tshimo. A lelapa la gaeno le na le letsatsi le le le beetseng kwa thoko beke le beke go le dirisa mo bodireding? Fa go ntse jalo he, mongwe le mongwe o itse sentle se a ka se rulaganyetsang go sa le gale mme a ka kgona go nna le seabe ka botlalo.—Dia. 21:5a.
2 Pele ga letsatsi leo lelapa le tswang ka lone, ke ka ntlha yang fa lo sa dire mmogo go baakanyetsa dineelano tse lelapa le tla di dirisang? Dithulaganyo tsa go ithapisa di ka nna mosola thata e bile di ka tlhotlheletsa tirisanommogo ya boammaaruri mo lelapeng. A bo go le molemo jang ne fa lelapa lotlhe le nna le seabe mo bodireding jwa tshimo mme maloko otlhe a ipaakantse sentle!
3 Molebedi yo o etang o ne a tsamaya le lelapa lengwe go ya tirelong ya dimakasine. Fa a ntse a tsamaya ka ntlo le ntlo le mongwe wa barwadi ba teng, morwadi yono o ne a mmotsa jaana: “O tlile go bereka le nna lobaka lo lo kae?” Mme o ne a tlhalosa gore o ne a ile go bereka le rraagwe morago ga moo. Go ne go bonala sentle gore ene le rraagwe ba ne ba itumelela go bereka mmogo. Abo e le boikutlo jo bo molemo jang ne jwa lelapa!
4 Malapa mangwe a ka nna a kgona go tsenela bobulatsela jo bo thusang mmogo kgwedi e le nngwe mo ngwageng. Kgotsa go ka nna ga kgonega gore gongwe mongwe mo lelapeng e nne mmulatsela yo o thusang a sa kgaotse kana le e leng go nna mmulatsela wa ka metlha. Ka go rulaganya dilo sentle le go dirisanammogo, gongwe maloko otlhe a lelapa a ka kgona go oketsa seabe sa bone mo tirelong ka go ema nokeng mongwe yo o leng mmulatsela. Lelapa le ka segofadiwa thata ke tirelo eno e e oketsegileng le ke maitemogelo a a molemo a le nnang le one mo bodireding.—Mal. 3:10.
5 Go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera efangele go tla thusa malapa gore a nne a kitlane, a tlhagafetse, a na le matswela a a molemo e bile a itumetse mo tirelong ya ga Jehofa!—Bapisa Bafilipi 2:1, 2.