LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/99 ts. 3
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
km 5/99 ts. 3

Dikitsiso

◼ Mpho ya buka ya May: Dikhopi tsa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Dira gore o nne o ntse o na le boroutšhara jwa Re Direng go bo neela batho ba ba kgatlhegang, mme o leke go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. June: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R5,00 tsa khabara e e thata le R3,75 tsa khabara e e seng thata. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32 ka moneelo wa R1,20 e le nngwe: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona?, Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang? le Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise. Diboroutšhara tsa Buka ya Batho Botlhe, Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, Our Problems—Who Will Help Us Solve Them?, le Will There Ever Be a World Without War? di ka tsamaisiwa koo go tshwanelang teng.

◼ Mo dingwageng tsa bosheng jaana go setse go le motlhofo go etela kwa dinageng di sele. Ka ntlha ya seno, bontsi jwa bakaulengwe ba rona ba dirile dithulaganyo tsa go etela kwa dinageng tse dingwe. Gangwe le gape, ba ikgolaganya le diofisi tsa makala tsa Mokgatlho ba kopa tshedimosetso. Diofisi tsa makala di itumelela go neelana ka diaterese tsa Diholo Tsa Bogosi le dinako tsa dipokano go ba thusa gore ba ikgolaganye le diphuthego tsa kwa mafelong a ba yang kwa go one. Gape, ba ka ntsha dikaelo tse di malebana le go etela ofisi ya lekala. Le fa go ntse jalo, dipego di supa gore ba botsa thata ka dithulaganyo tsa loeto, marobalo, dilo tse di kgatlhang tsa mo nageng eo le dilo tse dingwe tse di tshwanang le tseo. Diofisi tsa makala ga di na tshedimosetso ya mofuta ono e di ka neelanang ka yone e bile ga di na nako ya go dira jalo. Baeng ba kgothalediwa go ikgolaganya le metswedi ya dikgwebo tsa mesepele kana ditirelo tsa bojanala tse gantsi e leng tsone di neelang bajanala tshedimosetso.

◼ Letsholo la rona la tshimo e e sa abiwang la 1999 le rulaganyeditswe go dirwa mo dikgweding tsa August go ya go October. Le fa gone diphuthego di le dintsi di tlile go ya kwa tshimong ya tsone e e sa abiwang, go tla tlhophiwa diphuthego di sekae go thusa diphuthego tsa Seafrika gore di wetse tshimo ya tsone. Thulaganyo eno e a tlhokega ka gonne batho ba ntse ba fuduga kwa dipolasing di le dintsi fa metsesetoropo mengwe yone e na le batho ba bantsi mo e leng gore phuthego ya mo lefelong leo ga e kgone go tlhokomela tshimo ya yone ka tshwanelo. Diphuthego di kgothalediwa go rulaganya go sa le gale go dira gore dikgwedi tseno tse tharo tsa letsholo la tshimo e e sa abiwang e nne le le nang le matswela.

◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Go fetotswe matlha a a latelang a dikopano tsa kgaolo, kwantle ga fa go supilwe ka tsela nngwe:

December 10-12:

Durban (Puo ya Diatla, Seesemane)

East London (Seesemane; kopano e ntšha)

Empangeni

George

Soweto (Sezulu 1)

Walvis Bay (Seburu/Seesemane; kopano e ntšha)

December 17-19:

Cape Town

Durban (Sezulu)

Ermelo

Mbabane (Seesemane; kopano e ntšha)

Phalaborwa

Pretoria (Seburu, Seesemane; kopano e ntšha)

Pretoria (Sezulu)

Soweto (Sesotho)

Thohoyandou

Umtata

Windhoek (Sekwanyama fela)

December 24-26:

Lebowakgomo

Mafikeng

Newcastle

Pietermaritzburg

Soweto (Sezulu 2)

Vereeniging (Sesotho, Sezulu; kopano e ntšha)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela