LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/99 ts. 3
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Mathata a Mantsi a Batsadi Ba ba Se Nang Balekane
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
km 5/99 ts. 3

Lebokoso la Dipotso

◼ Ke eng se batsadi ba tshwanetseng go se ela tlhoko fa bana ba bone ba bannye ba nna le seabe mo tirelong ya tshimo?

Batsadi ba Bakeresete ba dira sentle go tsamaya le bana ba bone mo bodireding jwa tshimo, ba ba thapisetsa go abalana le ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ka go dira jalo, go tlhokega gore ba ele bana ba bone tlhoko thata ka ntlha ya dikotsi tse di ka nnang tsa ba diragalela mo tshimong, le e leng mo mafelong “a a bolokesegileng.” Gantsi, bana ba amiwa ke thubakanyo e bile ba a sotlwa ka ntlha ya bopelotshetlha jo bo ntseng bo oketsega le tlhakanelodikobo e e leswe mo ‘dinakong tseno tsa mathata’ tse re tshelang mo go tsone. (2 Tim. 3:1-5) Batsadi ba tshwanetse go nna kelotlhoko ka mo go ka kgonegang ka teng gore ba sireletse bana ba bone mo bathong ba ba ka nnang ba ba tlhasela. Ke eng se se ka dirwang?

Baebele e gakolola ka botlhale gore re nne kelotlhoko mme re bonele pele kotsi e sa le kgakala. (Dia. 22:3; Math. 10:16) Maikaelelo a seno ga se go tlhoma melao, mme go botlhale gore motsadi kana mongwe yo mogolo a tsamaye le ngwana fa ba le mo tirelong ya tshimo. Fa baboledi ba babedi ba basha ba ba nang le maikarabelo ba dira mmogo, go botlhale gore motsadi kana mongwe fela yo mogolo a nne a ba beile leitlho ka dinako tsotlhe. Gone mme, fa ngwana a ntse a gola mme a itshupa gore o na le boikarabelo, batsadi ba ka nna ba swetsa gore ga a tlhoke go nna a beilwe leitlho ka dinako tsotlhe.—Bona gape le Lebokoso la Dipotso le le mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1992.

Gape go botlhale go nna lo etse dilo tlhoko fa lo tsamaya ka koloi le fa lo tsamaya ka dinao. Go nna kelotlhoko ka tsela e e tshwanetseng gantsi go thibela dikotsi le masetlapelo, ditshenyegelo tsa kalafi le ditshenyegelo tse di ka nnang teng tsa semolao mo lefatsheng leno le le ratang go sekisa.

Go a tshwanela gore basha ba “bake leina la ga Jehofa.” (Pes. 148:12, 13) Mafoko a bone a a itumedisang le boitsholo jwa bone jo bontle fa ba le mo bodireding jwa tshimo di kgatlha batho ba bangwe e bile di tlotla Jehofa. Batsadi, dirang sotlhe se lo ka se kgonang go thusa bana ba lona go nna le seabe ka metlha mo go boleleng dikgang tse di molemo fa gape lo ntse lo le kelotlhoko go ba sireletsa mo dikotsing tse di leng teng tse di ka nnang tsa ba tlhagela!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela