LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/92 ts. 11
  • Letlole la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letlole la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ruta Bana ba Gago go Baka Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Thusa Batho ba Basha Gore ba Tswelele Pele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Go Thusa ba Bangwe go Obamela Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 10/92 ts. 11

Letlole la Dipotso

◼ Go tshwanetse go tsaya bana bao batsadi ba bone eleng Bakeresete lobaka lo lo kae ba tswela tshimo pele ga ba ka tsewa jaaka baboledi ba ba sa kolobediwang?

Batsadi ba Bakeresete ba batla gore bana ba bone ba nne batlhanka ba ba nonofileng, le ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. (1 Sam. 2:18, 26; Luke 2:40) Le ba sa ntse ba le babotlana, bana ba ba mo malapeng a Bokeresete ba tshwanetse go bo ba kgona go emela tumelo ya bone e e thailweng mo Bibeleng ka botswerere. Fa bana ba tswela tshimong le batsadi ba bone go tswa bonyaneng go gola ga bone ga semoya go a fefoga. Mme legale gore bana ba itumelele tirelo ya tshimo, ba nne le keletso ya go nna baboledi ba ba sa kolobediwang, le go tswelela ba nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi, go botlhokwa gore ba rutwe gore e nne selo se se tswang mo pelong. Thapiso e e lolameng e e dirwang ke batsadi e a tlhokega. (1 Tim. 4:6; 2 Tim. 2:15) Fa e le gore batsadi ba a dumela baboledi ba ba nang le bokgoni ka dinako tse dingwe ba ka thusa.—Bona Bodihedi jwa Rona, ditsebe 99-100.

Fa bana ba ba nang le maitseo ba tsamaya le batsadi ba bone ba Bakeresete mo tirong ya ka ntlo le ntlo, ba ithuta kafa bodihedi bo dirwang ka teng. Mme legale ga ba kitla ba tsewa jaaka baboledi ba ba sa kolobediwang go fitlhelela ba nna le bokgoni jo bo rileng ka namana. Batsadi ba Bakeresete ke bone ba tla bonang gore ngwana o ka tsaya karolo e e kana kang mo go neeleng bosupi fa ba ntse ba bereka le ene. Bana ba ba iseng ba tsewe jaaka baboledi ba ba sa kolobediwang ga ba a tshwanela go ya tshimong ba le nosi kgotsa ba tsamaya le bana ba bangwe mo tirelong ya tshimo. Batsadi ba ka baakanyetsa bana ba bone tirelo ya tshimo le go ba letlelela go tsaya karolo ka ditsela tse di farologaneng, tse di etsang go bala ditemana, go tsamaisa pampitshana kana makasine, kgotsa go bontsha mong wa ntlo setshwantsho se se mo go nngwe ya dikgatiso. Fa ngwana a ntse a gola, o ka nna a kgona go tsaya karolo ka tsela e kgolwane mo motlotlong.

Fa ba thapisitswe sentle, bana ba kgona go ithuta go lemoga botlhokwa jwa bodihedi jaaka fa ba ntse ba reetsa kaelo ya batsadi ba bone le go itshwara sentle. Batsadi ga ba a tshwanela go tlogela bana ba bone ba ba iseng ba nne baboledi ba ba sa kolobediwang kwa go tshwarelwang pokano ya tirelo teng, ba solofela gore bangwe ba ba tlhokomele. Batsadi ba ba nang le kamego ba lemoga boikarabelo jwa bone ka namana jwa go tlhokomela se bana ba bone ba se dirang. Mme legale, baboledi ba bangwe ba ba nang le boikarabelo ba ka nna ba batla go thusa mo go thapiseng bana ba babotlana ba ba bontshang kgatlhego ya boammaaruri ya go direla Jehofa mo bodiheding.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela