LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/07 ts. 4
  • Ruta Bana ba Gago go Baka Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ruta Bana ba Gago go Baka Jehofa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Go Thusa ba Bangwe go Obamela Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Thapisa Bana ba Gago go Nna Baboledi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 5/07 ts. 4

Ruta Bana ba Gago go Baka Jehofa

1. A bana ba bannye ba ka baka Jehofa?

1 Pesalema 148:12, 13 e kgothatsa basimane le basetsana go ‘baka leina la ga Jehofa.’ Dikwalo di na le dikai di le dintsi tsa bana ba bannye ba ba neng ba baka leina la ga Jehofa. Ka sekai, “Samuele o ne a direla fa pele ga ga Jehofa, e le mosimane.” (1 Sam. 2:18) E ne e le “mosetsanyana” yo o neng a bolelela mosadi wa ga Naamane gore moporofeti wa ga Jehofa kwa Iseraele o ne a ka fodisa Naamane lepero. (2 Dikg. 5:1-3) Fa Jesu a ne a tsena mo tempeleng a bo a dira ditiro tse di maatla, “basimane” e ne e le bone ba ba neng ba goa ba re: “Boloka Morwa Dafide, re a rapela!” (Math. 21:15) Batsadi ba ka ruta bana ba bone jang go baka Jehofa?

2. Ke ka ntlha yang fa batsadi ba tshwanetse go tlhomela bana ba bone sekao se se molemo?

2 Sekai: Pele ga borre ba Baiseraele ba jalela boammaaruri mo dipelong tsa bana ba bone, ba ne ba laelwa pele gore ba tshwanetse go rata Jehofa le go tsenya ditaelo tsa gagwe mo dipelong tsa bone. (Dute. 6:5-9) Fa o bua ka tsela e e kgothatsang ka bodiredi mme o bo dira gore e nne karolo ya thulaganyo ya gago ya beke le beke, bana ba gago ba tla leba bodiredi bo le botlhokwa e bile bo kgotsofatsa.

3. Kgaitsadi mongwe o ne a solegelwa molemo jang ke sekao sa batsadi ba gagwe?

3 Kgaitsadi mongwe o gakologelwa jaana ka boitumelo: “Fa ke gola, thulaganyo ya lelapa la rona e ne e akaretsa go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo mafelobeke mangwe le mangwe. Ke ne ke kgona go bona gore batsadi ba me ba ne ba itumelela thata go rera. Re godile re leba bodiredi e le sengwe se se itumedisang.” Kgaitsadi yono o ne a nna mmoledi yo o sa kolobediwang a le dingwaga di le supa mme o mo ngwageng wa bo33 a le mo tirelong ya nako e e tletseng.

4. Go bolela eng go tswelela o thapisa bana?

4 Tswelela o Thapisa Bana: Dira gore bana ba gago ba nne le seabe fa lo rera mo bodireding. Gongwe ba ka nna ba kokota mo kgorong, ba naya mong wa ntlo pampitshana, kgotsa ba bala temana. Seno se tla dira gore ba itumele le go ba thusa gore ba se ka ba inyatsa gore a ba na le bokgoni jwa go bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi. Fa ba ntse ba gola, ba tshwanetse go oketsa seabe sa bone mo bodireding. Ka jalo, ba thuse go gatela pele le go akanya ka mekgele e ba ka ipeelang yone go tokafatsa tirelo ya bone.

5. Go tlhokega eng gore ngwana a tshwanelege go nna mmoledi yo o sa kolobediwang?

5 Buisana le bagolwane ka bonako fa o akanya gore bana ba gago ba tshwanelega go nna baboledi ba ba sa kolobediwang le fa ba re ba eletsa go nna baboledi. Go nna baboledi go tla gatelela mo go bone boikarabelo jwa bone jwa go baka Jehofa. Gakologelwa gore ngwana ga a tlhoke go itse dilo di le dintsi jaaka bagolo ba ba kolobeditsweng pele a ka tshwanelega. A ngwana wa gago o tlhaloganya dithuto tsa motheo tsa Baebele? A o latela ditaelo tse di mo Baebeleng tsa boitshwaro? A o batla go nna le seabe mo bodireding le go itsiwe e le Mosupi wa ga Jehofa? Fa go le jalo, bagolwane ba ka nna ba sekaseka gore a o tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang.—Bona buka ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, ts. 79-82.

6. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore batsadi ba thapise bana ba bone?

6 Go ruta bana go baka Jehofa go tswa pelong go tlhoka boiteko. Le fa go ntse jalo, go na le dilo di le mmalwa tse di dirang gore batsadi ba itumele mme ba itumela thata fa ba bona bana ba bone ba gatela pele semoyeng. Sa botlhokwa le go feta, Jehofa o a itumela fa bana ba bolela ka ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela