Thapisa Bana ba Gago go Nna Baboledi
1. Pesalema 148:12, 13 e tlhotlheletsa batsadi ba Bakeresete gore ba dire eng?
1 Jehofa o laletsa bana gore ba mmake. (Pes. 148:12, 13) Ka jalo, batsadi ba Bakeresete ga ba rute bana ba bone boammaaruri jwa Baebele le melao ya boitsholo ya Modimo fela. Ba ba thapisetsa gape go nna baboledi ba dikgang tse di molemo. Seno se ka dirwa jang kgato ka kgato?
2. Sekao se se molemo sa motsadi se ka ama jang bana ba gagwe?
2 Sekao se se Molemo: Moatlhodi Gidione o ne a bolelela banna ba gagwe ba le 300 jaana: “Lo ithute ka go nteba.” (Baatlh. 7:17) Gantsi bana ba leba batsadi ba bone le go ba etsa. Rre mongwe o bereka bosigo mme go na le gore a robale fa a fitlha kwa gae ka Matlhatso mo mosong, o ya kwa tshimong le bana ba gagwe le fa a lapile thata. Kwantle ga go bua, o ba ruta gore bodiredi bo tla pele. (Math. 6:33) A bana ba gago ba go bona o nna le seabe ka boitumelo mo mefuteng yotlhe ya kobamelo, e e jaaka go rapela, go bala Baebele, go akgela le go rera? Gone ke boammaaruri gore o ka se nne sekao se se itekanetseng. Mme bana ba gago ba tla tsibogela maiteko a o a dirang go ba ruta go obamela Jehofa fa ba bona kafa o mo direlang ka tlhoafalo ka teng.—Dute. 6:6, 7; Bar. 2:21, 22.
3. Ke mekgele efe e e ka fitlhelelwang kgato ka kgato e batsadi ba tshwanetseng go thusa bana ba bone go e ipeela le go e fitlhelela?
3 Mekgele e e Fitlhelelwang Kgato ka Kgato: Batsadi ga ba lapisiwe ke go thapisa bana ba bone go tsamaya, go bua, go ikapesa, jalo le jalo. Fa bana ba ntse ba gola mme ba fitlhelela mekgele e e botlhokwa, ba beelwa mekgele e mengwe e mesha. Fa batsadi e le Bakeresete, ba thusa bana ba bone gape gore ba ipeele le go fitlhelela mekgele ya semoya go ya ka dingwaga tsa bone le bokgoni jwa bone. (1 Bakor. 9:26) A o ruta bana ba gago go akgela ka mafoko a bone le gore ba ipaakanyetse dipuo tsa bone tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. (Pes. 35:18) A o ba thapisa gore ba nne le seabe mo dikarolong tse di farologaneng tsa bodiredi? A o ba thusa go ipeela mokgele wa go kolobediwa le wa tirelo ya nako e e tletseng? A o ba thusa gore ba itsalanye le bareri ba ba tlhoafetseng, ba ba itumetseng le ba ba tla ba kgothatsang?—Dia. 13:20.
4. Bana ba solegelwa molemo jang ke go nna le batsadi ba ba simololang go ba thapisa mo bodireding ba sa ntse ba le bannye?
4 Mopesalema o ne a bolela jaana: “Wena Modimo, o nthutile go tswa bosheng jwa me go ya pele, mme go fitlha jaanong ke ntse ke bolela ka ditiro tsa gago tse di gakgamatsang.” (Pes. 71:17) Simolola go thapisa bana ba gago ba sa ntse ba le bannye gore e nne baboledi. Motheo wa semoya o o ba thusang gore ba nne le one o tla ba solegela molemo tota le fa ba godile!—Dia. 22:6.