LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/95 ts. 1
  • O Tlhometse Bana ba Gago Mekgele Efe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Tlhometse Bana ba Gago Mekgele Efe?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgothaletsa ba Bangwe Gore ba Gagamalele Mekgele ya Semoya
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Boipelo Jwa go Nna mo Tirelong ya Nako e e Tletseng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Thapisa Bana ba Gago go Nna Baboledi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 9/95 ts. 1

O Tlhometse Bana ba Gago Mekgele Efe?

1 Go atlega mo botshelong go ikaegile ka gore motho a itlhomele le go fitlhelela mekgele e e nang le mosola. Batho ba ba itlhomelang mekgele e e seng ya sepe le e e sa utlwaleng ba feleletsa ba kgobegile marapo e bile mekgele ya bone e sa fitlhelelwa. Motho o tlhoka gore a nne botlhale gore a tle a kgone go lemoga gore ke mekgele efe e a tshwanetseng go e latela gore a tle a “tshware botshelo jo e leng botshelo ruri.” (1 Tim. 6:19) A bo re leboga jang ne go bo Jehofa ka Lefoko la gagwe le ka mokgatlho wa gagwe a re kaela gore re tsamaye jang!—Isa. 30:21.

2 Ka go re kaela jalo ka lorato, Jehofa o tlhomela batsadi sekao se se molemo. Go na le gore ba lese bana ba bone ba ba senang maitemogelo gore ba itlhophele gore ke tsela efe e e ba siametseng, batsadi ba ba botlhale ba ruta bana ba bone gore ba tsamaye ka tsela efe mme fa ba godile, ‘ga ba kitla ba kgaogana nayo.’ (Dia. 22:6) Batsadi ba Bakeresete ba itse ka ntlha ya se se ba diragaletseng gore ba ka se ka ba ikanya ditlhaloganyo tsa bone; ba tshwanetse gore ba ikaege ka Jehofa. (Dia. 3:5, 6) Seno se botlhokwa thata mo baneng ba ba senang kitso le maitemogelo a a lekaneng.

3 Batsadi ba ka nna ba tlhomela bana ba bone mekgele e e molemo e e tla ba thusang gore ba tlhome megopolo mo “dilong tse di botlhokwa bogolo.” (Bafil. 1:10, NW) Ba ka nna ba simolola ka thuto ya lelapa, ba kgothaletsa bana gore ba anaanele botlhokwa jwa yone le gore ba ithute mo go yone. Go molemo gore bana ba itlwaetse go ithutela dipokano tsa phuthego go sa le gale le go ipaakanyetsa gore ba akgele ka mafoko a bone. Go nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera go botlhokwa. Bana ba babotlana ba ka nna le seabe ka go tsamaisa dipampitshana, go bala dikwalo, kana ka go tsamaisa dimakasine. Fa ba kgona go bala, fa ba ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo go tla akofisa kgatelo pele ya bone ya semoya. Go tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang kana go amogelwa go ka kolobediwa ke kgato e kgolo e motho a ka e tsayang go gatela pele.

4 Fa bana ba ntse ba atamela dingwaga tsa bone tsa bolesome, kana le e leng pele ga foo, batsadi ba tshwanetse gore ba buisane le bone ka tsela e e utlwalang malebana le mekgele ya botshelo. Bagakolodi ba sekolo le ba ba tsenang sekolo mmogo le bone ba ka ba tlhotlheletsa motlhofo gore ba batle dilo tsa lefatshe. Batsadi ba tshwanetse gore ba thuse bana ba bone gore ba tlhophe dithuto tsa sekolo tse di tla ba nayang thapiso ya go dira ka diatla, e e tla ba thusang gore ba kgone go itlhokomela ka tse ba tla di tlhokang go sa tlhokege gore ba itlhokomolose dilo tse di direlwang Bogosi. (1 Tim. 6:6-10) Ba ka nna ba kgothadiwa gore ba nne le ‘mpho’ ya go nna ba sa nyala mme moragonyana, fa ba nna le mogopolo wa gore ba nyale, ba bo ba ka kgona go rwala maikarabelo a a boima a lenyalo. (Math. 19:10, 11; 1 Bakor. 7:36-38) Fa lo bua ka tsela e e siameng ka bobulatsela, ka go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone, tirelo ya Bethele, kana tiro ya borongwa, go ka nna ga tlhotlheletsa bana le fa ba santse ba le babotlana gore ba eletse go dirisa matshelo a bone ka tsela e e tla itumedisang Jehofa, e e tla solegelang ba bangwe molemo, le e e tla leretseng bone ka bobone masego.

5 Ga go a itiragalela fela go bo re na le basha ba le bantsi jaana gompieno mo phuthegong ba ba tseelang melaometheo ya Bokeresete kwa godimo e bile ba latela mekgele ya puso ya Modimo. Go ka twe lebaka le legolo la go bo ba atlegile ke ka ntlha ya batsadi ba bone ba ba rategang. Fa e le gore o motsadi, go bonala bana ba gago ba lebile kae? A ba gatela pele ba batla go tshela botshelo jo mo go jone ba batlang go dira dilo tse di direlwang Bogosi? Gakologelwa, nngwe ya dilo tse di botlhokwa tse o ka di dirang ke go ruta bana ba gago boammaaruri le go bua ka jone letsatsi le letsatsi. O ka nna wa segofadiwa ka lelapa le le direlang Jehofa ka boikanyegi.—Dute. 6:6, 7; Još. 24:15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela