Kgothaletsa ba Bangwe Gore ba Gagamalele Mekgele ya Semoya
1 Ga go ise go ko go tsamaye go diragale pele gore go nne le basha ba le bantsi jaana bao ba nnang le seabe mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi! Ba le dikete tse di masomesome ba dirisa kgakololo eno e e mo go Moreri 12:1: “U bo u gakologèlwè Mmopi oa gago mo metlheñ ea bokau yoa gago.” Ke eng seo se tlhotlheletsang basha bano gore ba nne le seabe ka metlha mo bodiheding, mme ke ka ntlha yang fa ba le bantsi jaana ba bone ba nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela?
2 Ga go na pelaelo malebana le gore ba le bantsi ba bone ba etsa tsela e e tlhomologileng eo lekawana Timotheo a neng a itshwara ka yone. Mmaagwe mmogo le mmaagwemogolo ba ne ba mo thusa ka go mo ruta thuto ya semoya go tloga bonyaneng jwa gagwe mme ba mo kgothaletsa gore a gagamalele mekgele ya semoya. (2 Tim. 3:14, 15) Ka gone, e ne ya re fa sebaka se tlhaga sa gore a nne le ditshiamelo tse di oketsegileng tsa tirelo, o ne a di tshwanelegela ebile a di ipaakanyeditse.—Dit. 16:1-3.
3 Basha ba ba oketsegileng ba ka kgothalediwa jang gore ba gagamalele mekgele ya semoya? Ke motheo wa mofuta ofe oo o tshwanetseng wa thaiwa? Batsadi ba ka dira jang gore bana ba bone ba anaanele boammaaruri le go ba thusa gore ba itlhomele mekgele e e tsayang lobaka?
4 Thaya Motheo wa Dikwalo: Batsadi ba tshwanetse ba tlhomamisa gore seo ba se rutang bana ba bone se tswa mo go Jehofa e le gore se ke se kgone go dira gore bana ba bone ba ‘tlhalefele polokong.’ (2 Tim. 3:15) Leka ka bojotlhe jwa gago go ba dira gore ba nne le lorato lo lo boteng mo Lefokong la Modimo, Bibela. Seo se tlhoka gore lo ithute Bibela le bone ka metlha, ka tsela eo lo kgonang go fitlhelela sengwe ka yone, seo se dirwa tumalanong le dilo tseo ba di tlhokang, mmogo le gore ba nne teng ka metlha kwa dipokanong. Gore basha ba nne le tumelo e e nonofileng eo e tla ba tlhotlheletsang gore ba gagamalele mekgele ya semoya, ba tshwanetse ba nna le thulaganyo ya bone ya go ithuta ka namana mme ba godise kamano ya bone ka namana le Jehofa.—1 Bathes. 5:21; Baheb. 11:1.
5 Basha ba Bakeresete ba tla gagamalela dilo tsa semoya kwantle ga bothata bope fa batsadi ba bone mmogo le batho ba bangwe ba ba godileng semoyeng bao ba leng mo phuthegong ba tlhoma sekao se se molemo ebile ba bontsha “boitumèlō yoa ga Yehofa.” (Neh. 8:10) Ka go bontsha boitumelo, rotlhe re ka thusa basha gore ba lemoge gore dilo tseo di batlegang mo Bokereseteng jwa boammaaruri ga di boima.—1 Yoh. 5:3.
6 Basha ba le bantsi ba ile ba tlhotlhelediwa thata ke babulatsela, barongwa, le balebedi ba ba etang bao ba ileng ba dira le bone mo tirelong ya tshimo kana bao ba ileng ba ba kgothatsa ka tsela nngwe. Batsadi ba ka thusa ka go laletsa badiredi ba nako e e tletseng bao ba tlhomang sekao kwa magaeng a bone kwa dijong kana ka dinako tse dingwe e le fela go intsha bodutu mmogo jaaka Bakeresete. Jesu Keresete o ne a tlhoma sekao se se molemo thata sa go tlhokomela basha ka tekatekano.—Mar. 10:13-16.
7 Go Itlhomela Mekgele: Bana gantsi ba itlhomela mekgele ya semoya ba santse ba le babotlana, ba dira jalo ba kaelwa ke batsadi ka tsela e e tshwanetseng. Fa basha ba setse ba feditse le megopolo ya bone gore ke mokgele ofe o o tshwanetseng wa semoya oo ba ratang go o fitlhelela, e ka tswa e le tirelo ya bobulatsela, go direla koo tlhokafalo e leng kgolwane gone, tirelo ya Bethele kana ya bobulatsela jo bo kgethegileng, jalo le jalo, batsadi mmogo le batho ba bangwe ba ba godileng ba ka nna ba nna ba ba kgothatsa ka botsalano gore ba nne ba berekele go fitlhelela mokgele wa bone, ba ba naya dikakantsho tseo ba ka di dirisang go ba rotloetsa.
8 Phuthego nngwe le nngwe e tshwana fela le lelapa. Ka jalo mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a kgatlhegela go thusa basha gore ba tswelele pele ba tsamaya mo boammaaruring le go dira kgatelopele ya semoya. Re ka dira seno ka go ba tlhomamisetsa gore re a ba rata le ka go ba kgothaletsa gore ba gagamalele mekgele ya semoya.