LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/93 ts. 3-6
  • Basha—Ipediseng Pelo ya ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basha—Ipediseng Pelo ya ga Jehofa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgothaletsa ba Bangwe Gore ba Gagamalele Mekgele ya Semoya
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Bodumedi—A ke A bo Itlhophela Kgotsa ke bo Tlhophelwa ke Batsadi ba Me?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Basha, a lo Ipeetse Mekgele mo Tirelong ya Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Go Aga Lelapa le le Nonofileng Semoyeng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 11/93 ts. 3-6

Basha—Ipediseng Pelo ya ga Jehofa

1 Fa motho a dirisa maatla le nonofo ya bosha ka tsela e e tshwanetseng, eleruri botshelo e ka nna jo bo itumedisang. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Itumèlè, wèna lekau, mo bokauñ yoa gago; me a pelo ea gago e gu yesè monate mo metlheñ ea bokau yoa gago.” (Mor. 11:9) Lona basha lo ikarabela go Modimo ka ditiro tsa lona.

2 Tsela e o tshelang botshelo jwa gago ka yone ga e ame wena fela mme gape e ama le batsadi ba gago. Diane 10:1 e bolela jaana: “Mosimane eo o botlhale o itumedisa rragwè: me mosimane eo o seeleele ke khutsahaco ea ga mmagwè.” Mme lefa go ntse jalo se se botlhokwa le go feta ke gore, tsela e o tshelang botshelo jwa gago ka yone e ama Mmopi wa gago, Jehofa Modimo. Ke gone ka moo Diane 27:11 le yone e kgothatsang basha jaana: “Morwaaka u tlhalehè, me u ipedisè pelo ea me, gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ.” Lona basha lo ka ipedisa jang pelo ya ga Jehofa gompieno? Seno se ka dirwa ka ditsela di le dintsi.

3 Ka go Tlhoma Sekao Se Se Tshwanetseng: Lona basha lo bona “dipaka tse di tlhokohatsañ” tse di neng tsa bolelelwa pele mo Lefokong la Modimo. (2 Tim. 3:1) Gape lo ka nna lwa bo lo le kafa tlase ga kgatelelo ya ba lo tsenang sekolo le bone ba ba sa dumeleng tota le e e tswang mo barutabaneng ba ba ka nnang ba sotla ka dikgopolo tsa lona tse di theilweng mo Bibeleng. Ka sekai, morutabana mongwe o ne a ruta gore thutotlhagelelo e boammaaruri le gore Bibela e bolela dikinane fela. Lefa go ntse jalo, mmoledi mongwe yo mosha mo tlelaseng eo o ne a emela Bibela ka boikanyegi. Ka ntlha ya seo, o ne a simolola dithuto tsa Bibela di le dintsinyana. Ba bangwe ba ba kgatlhegang ba ne ba simolola go nna gone kwa dipokanong. Tumelo ya lona bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha e sekisa lefatshe leno le e seng la bomodimo mme e gogela batho ba ba pelo di ikanyegang mo boammaaruring.—Bapisa Bahebera 11:7.

4 A o ka kgothatsa balekane ba gago mo phuthegong gore ba se ka ba ineela mo go se se bosula? O ka nonotsha tumelo ya baboledi ba bangwe ba basha ka go tlhoma sekao se se molemo kwa sekolong, kwa gae, le mo phuthegong. (Bar. 1:12) Ipedise pelo ya ga Jehofa ka go tlhomela ba bangwe sekao.

5 Ka Moaparo le go Ikgabisa: Kgaitsadi mongwe yo mosha o ne a tshwenngwa le go sotlwa ka gonne a apara ka bori mo ba neng ba mo raya leina ba re “motho yo o senang selabe.” Seno se ne sa se ka sa mo tshosa gore a latele ditekanyetso tse e seng tsa bomodimo tsa lefatshe. Go na le moo, o ne a ba tlhalosetsa gore ene ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le gore o boloka ditekanyetso tse di kwa godimo tsa Basupi. A o na le sebete sa go ka dira jalo? Kana a o letlelela lefatshe la ga Satane go go bopa ka tsela ya lone ya go akanya le ya go itshwara? A bo go itumedisa jang ne go bona basha ba le bantsi ba tlhwaela thuto ya ga Jehofa tsebe le go gana disetaele tse di botlhaswa, difeshene, medimo ya disetwa, le dithuto tsa lefatshe leno. Tota, re tshwanetse go lemoga gore tsone dilo tseo tse e leng tsa lefatshe di tlhotlhelediwa ke badimona!—1 Tim. 4:1.

6 Ka go Tlhopha Boitlosobodutu le Boitapoloso: Batsadi ba tshwanetse go gakologelwa kafa go leng botlhokwa ka teng go thusa bana ba bone go tlhopha ka botlhale mofuta o o siameng wa boitlosobodutu le boitapoloso. Mokaulengwe mongwe o ne a bua a sa kgwe mathe ka lelapa lengwe le a neng a simolola go le rata fela thata. Ka go bo batsadi ba rata dilo tsa semoya, ba ne ba ntsha kaelo e gape e neng e ka dirisiwa mo boitapolosong jwa lelapa. Mokaulengwe yono o ne a lemoga seno: ‘Ke rata tsela e ba dirang dilo mmogo ka yone. Ga se gore batsadi ba thusa bana go ipaakanyetsa tirelo fela, mme lefa go ntse jalo, fa e le nako ya go itapolosa, ba itumelela go itlhabisa phefo, go etela dimusiamo, kana go nna fela mo gae le go tshameka kana go dira ditiro dingwe. Go ratana ga bone le go rata bangwe ka bone go go dira gore o ikutlwe o tlhatswegile pelo gore ba tla nnela ruri mo boammaaruring mo isagweng, go sa kgathalesege gore go direga eng.’

7 Legale, go na le dinako tse dingwe tse go sa kgonegeng gore lelapa lotlhe le itumelele boitapoloso le boitlosobodutu mmogo. Lona basha lo tshwanetse lwa lemoga seno le tsela e go leng masisi ka gone go tlhopha kafa lo tla dirisang karolo ya nako ya lona ya boiketlo ka gone. Satane o ikemiseditse go tsietsa ba le bantsi ka mo a ka kgonang ka teng. Basha le bao ba senang boitemogelo ke bone segolobogolo ba raelwang ke maano a a boferefere a gagwe le tlhotlheletso e e sa ikanyegeng. (2 Bakor. 11:3; Baef. 6:11) Ka jalo Satane gompieno o dirisa ditsela tse di farologaneng go lo tlhotlheletsa gore a lo fapose mo tseleng gore lo latele botshelo jwa go batla go ijesa monate jo bo bogagapa le jo bo sa siamang.

8 Thelebishene ke sedirisiwa se segolo se se hepisang se se tlotlomatsang dilo tse di bonalang le mofuta wa botshelo jo bo sa siamang. Ka metlha difilimi le dibedio di bontsha bothubaki le tlhakanelodikobo mo pontsheng. Mmino o batho ba o ratang thata o nnela leswe kwa pele le go nna le matlhapa. Dilo tsa ga Satane tse di gogelang di ka nna tsa lebega di sena molato ope, lefa go ntse jalo di gogetse diketekete tsa basha ba Bakeresete gore ba akanye le go itshwara ka tsela e e phoso. O tshwanetse wa dira tshiamo ka natla gore o emelane le dikgatelelo tse di ntseng jalo. (2 Tim. 2:22) Fa e le gore o tlhoka go fetoga mo tseleng e o akanyang le go itshwara ka yone malebana le boitlosobodutu le boitapoloso, seno o ka se dira jang? Mopesalema o neela karabo: “Ke gu batlile ka pelo ea me eotlhe hèla: a u ko u se ka ua ntesa ka timèlwa ke ditaolō tsa gago.”—Pes. 119:10.

9 Batho ba le bantsi ba tlwaetse go dira bommampodi ba metshameko le ba boitlosobodutu medimo ya bone. Go tshaba Jehofa go tla go thusa gore o se ka wa obamela batho ba ba sa itekanelang. Tota e bile batho ba le bantsi ba setse ba dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa kafa dikobong gompieno modimo wa bone. O ka itisa kgatlhanong le tshekamelo eno ka go tila dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo le mmino o o senyang. Malebana le mmimo, tokololo ya April 15, 1993 ya Tora ya Tebelo e ne ya bolela jaana: “Mmino ke mpho e e tswang go Modimo. Lefa go ntse jalo, mo go ba le bantsi e nna sengwe se se tsayang nako mme se sa siama. . . . Itirele mokgele wa gore o boloke mmino o le mo maemong a one mme o dire gore tiro ya ga Jehofa e nne yone e tlang pele mo go wena. Tlhopha mme o nne kelotlhoko malebana le mmino o o o tlhophang. Ka jalo o tla kgona go dirisa mpho eno e e tswang kwa Modimong—mme o e dirise sentle.”

10 Tlhagolela go ila gotlhelele se se bosula. (Pes. 97:10) Fa o raelesega go dira bosula, akanya kafa Jehofa a lebang kgang eo ka teng, o bo o akanya ka matswela a yone: go ima go go sa batlegeng, malwetse a a tshelanwang a tlhakanelodikobo, go tshwenyega mo maikutlong, go sa tlhole o itlotla, le go latlhelegelwa ke ditshiamelo mo phuthegong. Tila go lebelela thata ditshwantsho tsa thelebishene, difilimi, dibedio, go reetsa dipina, kana dipuisano tse di kgothaletsang bosula. Tila go itsalanya le bao Bibela e ba bitsang gore ke “dieleele.” (Dia. 13:19) Nna motho yo o tlhophang; tlhopha ditsala tse di gaufi tse di mo phuthegong tse di ratang Jehofa le ditekanyetso tsa gagwe tse di tshiamo.

11 Ee, basha bao eleruri ba batlang go ipedisa pelo ya ga Jehofa ba tla tlhwaela tsebe kgakololo eno e e molemo e e fitlhelwang mo go Baefesia 5:15, 16: “Lo lebè thata kaha lo sepelañ ka gōna, e señ yaka ba ba señ botlhale, me yaka ba ba botlhale; Ka go shwèla lobaka molemō, ka metlha e, e boshula.” Ke eng se se ka go thusang gore o “lebè thata” botswelelopele jwa gago mo metlheng eno ya bofelo?

12 Go Tlhokomela Dilo Tse Re Di Tlhokang Semoyeng: Mo go Mathaio 5:3 (NW), Jesu o ne a akgela jaana: “Go itumela bao ba amegileng ka seo ba se tlhokang semoyeng.” O ka itumela le wena fa o amega ka seo o se tlhokang semoyeng. Go fitlhelela se o se tlhokang go akaretsa go nna le seabe ka tlhagafalo mo go rereng mafoko a a molemo, e re ka seno se aga tumelo ya rona mo dilong tse re di ithutang.—Bar. 10:17.

13 Ka se o setseng o se itemogetse ka namana o itse gore ga go motlhofo ka dinako tsotlhe go nna le seabe ka metlha mo bodiheding. Bontsi jwa seno bo ka bakwa ke go tlhoka tsholofelo. Ka gone, go botlhokwa gore o ititeye sehuba. Fa o nna le seabe ka metlha mo bodiheding, o tla oketsa botswerere jwa gago jwa go neela bosupi le go kgotsofalela kgono ga gago ya go rera.

14 Dira dithulaganyo tsa gore o bereke le baboledi ba ba nang le maitemogelo a magolwane mo phuthegong, jaaka babulatsela ba ka metlha le bagolwane. Reetsa ditlhaloso tsa bone ka kelotlhoko le kafa ba arabang dikganetso ka gone mo matlong. Dirisa buka ya Go Fetolana ka botlalo le dikakantsho tse re di neetsweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Go ise go ye kae o tla ipelela bodihedi thata ka gonne o neela Jehofa gotlhe mo o nang le gone.—Dit. 20:35.

15 Ba bangwe ba ile ba kgona go sola sebaka molemo ka go neela bosupi kwa sekolong mme ba ile ba atlega fela thata mo go direng barutwa. (Math. 28:19, 20) Mosha mongwe wa Mokeresete o bolela jaana: “Ka dinako tse go sa rutiweng ka tsone mo tlelaseng, ke ne ke na le sebaka se sentsi sa go neela bosupi, segolobogolo ka nako ya malatsi a boikhutso. Fa ke ne ke tlogela dikgatiso tsa Bibela mo desekeng ya me koo ba bangwe ba ka kgonang go di bona teng, baithuti ba le bantsi ba ba kgatlhegang ba ne ba nkatamela.” Kgabagare, baithuti ba le mmalwa, le ene morutabana tota, ba ne ba simolola go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Tota e bile, morutabana yono o ne a tswelela pele go fitlha a nna Mosupi yo o kolobeditsweng. Jehofa o a ipela thata fa baobamedi ba basha ba ba tshwanang le wena ba galaletsa leina la gagwe.

16 Tsela e nngwe e o ka kgotsofatsang dilo tseo o di tlhokang semoyeng ka yone ke ka thuto ya gago ka namana. Re tshwanetse go itse Jehofa, maikaelelo a gagwe, le dilo tse a di tlhokang mo go rona gore re ipedise pelo ya gagwe. A o beela nako ya thuto ya gago ka namana kwa thoko? A o ithuta ka metlha, fela jaaka o ipha nako ya go ja ka metlha? (Yoh. 17:3) A o na le thulaganyo ya gago ka namana ya go bala Bibela mo godimo ga ya go leka go tsamaisana le thulaganyo ya mmalo wa Bibela wa Sekolo sa Bodihedi sa Puso ya Modimo? A o baakanyetsa dipokano tsotlhe sentle? A o bala dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka metlha? Mme segolobogolo, a o ipha nako ya gore o bale setlhogo sengwe le sengwe sa metseletsele ya “Basha ba Botsa Jaana . . . ,” o ntse o leba lokwalo longwe lo longwe ka kelotlhoko? Mme o se ka wa lebala buka e Mokgatlho o e kwaletseng segolobogolo dilo tse lo di tlhokang semoyeng, ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. Basha ba Bakeresete le batsadi ba bone lefatshe ka bophara ba ne ba kwala ba bolela kafa buka eno e neng ya ba thusa ka gone go ba atametsa gaufi le Jehofa.

17 Fa o bala Bibela le didirisiwa tsa go ithuta Bibela tsa puso ya Modimo, di go bolelela kaga Jehofa, tsela ya gagwe ya go akanya, le maikaelelo a gagwe. Akanya kafa tshedimosetso eno e ka go thusang ka gone. Amanya se o se balang le se o kileng wa se bala mo nakong e e fetileng. Seno se akaretsa go tlhatlhanya. Go tlhatlhanya go dira gore tshedimosetso e fitlhe kwa pelong le go go tlhotlheletsa.—Pes. 77:12.

18 Re a ipela fa re bona basha ba ba amegileng ka seo ba se tlhokang semoyeng ba nna gone kwa dipokanong tsa phuthego. Lona Bakeresete ba basha lo ka kgothatsa ba bangwe fa lo ntsha dikakgelo tse di mosola ka metlha kwa dipokanong. Ipeele mokgele wa go akgela bobotlana gangwe kwa pokanong nngwe le nngwe. Itlwaetse go itsalanya ka lorato le batho ba ditlhopha tsa dingwaga tsotlhe mo phuthegong ka go ba bontsha botsalano jo bo agang pele ga dipokano le morago ga tsone. (Baheb. 10:24, 25) Mokaulengwe mongwe yo mosha o ne a akgela gore batsadi ba gagwe ba ne ba mo kgothaletsa gore bobotlana a buisane le mokaulengwe kana kgaitsadi a le mongwe yo o godileng kwa pokanong nngwe le nngwe. Gompieno o itumelela maitemogelo a a ileng a a bapala ka ntlha ya go itsalanya le maloko a a godileng a phuthego.

19 Latela Mekgele ya Semoya: Go a swabisa go bo basha ba le bantsi ba sa itse se ba se tshelelang e bile ba sa itse kwa ba lebileng teng. Lefa go ntse jalo, a ga go molemo gore o ipelele boikutlo jo bo tlelang mongwe yo o itlhomelang mekgele ya puso ya Modimo mme e re kwa morago o bo o e fitlhelela ka katlego? Mekgele eno, e e latetsweng ka ntlha ya thuso e e amogetsweng mo thutong ya bomodimo, e tla kgotsofatsa motho ka namana gone jaanong mme kwa bofelong e tla mo isa kwa polokong e e sa khutleng.—Mor. 12:1, 13.

20 Fa o itlhomela mekgele, o dire jalo ka thapelo. Buisana le batsadi ba gago le bagolwane. Itlhatlhobe o bo o tlhatlhobe le bokgoni jwa gago, mme o bo o tlhoma mekgele e o ka e kgonang go ya kafa nonofong ya gago mme o sa ipapise le mongwe o sele. Mongwe le mongwe o dirilwe ka tsela e e farologaneng—mo mmeleng, mo tlhaloganyong, mo maikutlong, le semoyeng. Ka gone, o se ka wa lebelela gore o tla kgona go dira sengwe le sengwe fela jaaka motho yo mongwe.

21 Ke mekgele efe e o ka e fitlhelelang? Fa o ise o nne mmoledi kana o ise o kolobediwe, ke ka ntlha yang o sa dire dilo tseno go nna mekgele ya gago? Fa o le mmoledi, o ka ipeela mokgele wa gore mo bekeng nngwe le nngwe o nne le selekanyo sengwe sa nako e o e dirisang mo bodiheding jwa tshimo. Berekela mo go reng o nne morutisi yo o nang le bokgoni mo maetong a go boela, mme o ipeele mokgele wa go tshwara thuto ya Bibela. Fa o le mosha yo o kolobeditsweng kwa sekolong, ke ka ntlha yang o sa itirele mokgele wa go tsaya bobulatsela jo bo thusang mo dikgweding tsa selemo? Go na le ‘mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.’—1 Bakor. 15:58.

22 Thuso E E Tswang go Batsadi E Botlhokwa: Basha mo phuthegong le ka motlha ga ba a tshwanela go ikutlwa gore ba nosi mo maitekong a bone a go batla botshelo. Jehofa, ka phuthego ya gagwe, o ntshitse kgakololo go thusa basha bano gore ba dire ditshwetso tsa letsatsi le letsatsi le go fenya dikgoreletsi mo botshelong. Ke boammaaruri gore batsadi ba ba ineetseng ba na le boikarabelo jo bogolwane jwa go thusa bana ba bone gore ba dire ditshwetso tse di siameng. Mo go 1 Bakorintha 11:3, Bibela e supa monna jaaka tlhogo ya lelapa. Ka gone, mo lelapeng la Bokeresete, rre o etelela pele mo go ruteng bana ditaelo tsa Modimo, a ntse a thusiwa ke mosadi. (Baef. 6:4) Seno se dirwa go thapisa ngwana ka tlhagafalo a sa le mmotlana. E re ka boboko jwa ngwana bo gola ka selekanyo se se menaganeng seraro mo ngwageng ya ntlha ya botshelo jwa ngwana, batsadi ga ba a tshwanela go nyatsa nonofo ya ngwana wa bone ya go ka kgona go ithuta. (2 Tim. 3:15) Jaaka bana ba ntse ba gola, batsadi ba tlhoka go tswelela pele ba ba ruta go rata Jehofa le go tlhagolela kamano e e molemo le ene.

23 Selo sa botlhokwa ke gore batsadi ba simolole ka go tlhoma sekao. Seno se tla thusa bana ba lona thata semoyeng go na le go senya nako e ntsi lo bua le bone ka se ba tshwanetseng go se dira le se ba sa tshwanelang go se dira. Motsadi o ka tlhomela bana sekao se se tshwanetseng go ka go bontsha maungo a moya mo legaeng, mo molekaneng wa gagwe le mo baneng ba gagwe. (Bagal. 5:22, 23) Batho ba le bantsi ba ile ba iponela ka bobone gore moya wa Modimo ke tlhotlheletso e e maatla ya go dira molemo. O ka go thusa go bopa megopolo le dipelo tsa bana ba gago.

24 Gape batsadi ba tshwanetse go nna sekao se se molemo mo tseleng ya bone ya go ithuta ka namana, go nna gone mo dipokanong, le go nna ka metlha mo bodiheding jwa tshimo. Fa e le gore kwa gae lo bua thata ka boammaaruri, lo etelela pele ka tlhaga mo bodiheding, e bile lo na le pono e e siameng ka thuto ya motho ka namana, seno se tla kgothatsa bana ba gago go kgatlhegela dikgang tsa semoya ka bopeloephepa.

25 Fa e baakanyeditswe ka kelotlhoko, thuto ya ka metlha ya Bibela ya lelapa, e e mosola, e ka nna e e kgatlhang e bile e itumedisa, e ka nna nako e e tla nonotshang sebofo sa lelapa. Iphe sebaka sa go fitlhelela dipelo tsa bana ba gago. (Dia. 23:15) Le mororo malapa a le mantsi a dirisa sebaka seno go baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo ya beke le beke, nako le nako go ka kgothatsa go sekaseka sengwe se se rileng se lelapa le se tlhokang. Go botsa dipotso tse di batlang maikutlo a motho le go reetsa dikakgelo tsa mongwe le mongwe yo o mo lapeng go ka fa tao mmogo le go lapolosa. Go tshwara thuto e e solegelang mongwe le mongwe yo o mo lapeng molemo ke kgwetlho e kgolo mo tlhogong ya lelapa. Mme a bo go duela jang ne fa botlhe ba gola semoyeng! Fa mongwe le mongwe a nna le seabe, ruri go tla nna boitumelo.

26 Go katisa bana ba gago ka tsela e e lorato le ka tsela e e kgethegileng gone jaanong go botlhokwa mo go bolokeng matshelo a bone. (Dia. 22:6) Fa o ntse o gakologetswe seno, go motlhofo go bona gore ga go na thuto e nngwe e o ka e rutang e e ka gaisang eno ka botlhokwa. Le ka motlha o se ka wa akanya gore o nosi mo tirong eno e e kgethegileng le e e botlhokwa. Ikaege thata ka Jehofa go bona kaelo ya go tlhokomela maikarabelo a lelapa la gago. Seo ga se sone sotlhe. Go na le ba bangwe ba ba ka thusang fela thata.

27 Se Ba Bangwe Ba Ka Thusang ka Sone: Bagolwane ba ka akaretsa basha, mmogo le batsadi ba bone, go phepafatsa Holo ya Bogosi. Kgothatsa bana kwa dipokanong tsa phuthego. Bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba ba abetsweng dikarolo tsa Pokano ya Tirelo ba tshwanetse go leba gore a go na le bana ba ba tsholeditseng matsogo fa e le gore ba tshwere dikarolo tse go akgelang bareetsi mo go tsone. Batla sebaka sa go dirisa basha ba ba tlhomang sekao se sentle mo dipontshong ba na le batsadi ba bone. Ba bangwe ba ka nna ba botsolotswa le go akgela ka bokhutshwane.

28 O se ka wa tsaya maiteko a bone motlhofo fela. Basha ba itshupile ba le mosola tota mo phuthegong. Ka boitshwaro jwa bone jo bo molemo, ba le bantsi ba ne ba ‘kgabisa thuto ya Mmoloki wa rona, Modimo.’ (Tito 2:6-10) Gakologelwa kafa go leng botlhokwa ka gone go akgola basha lefa ba nnile le seabe go le gonnye fela. Seno se ba kgothaletsa gore ba baakanyetse le go eletsa go dira jalo gape mo isagweng. Go ba kgatlhegela go go ntseng jalo go ka se lekanngwe le sepe; ga go duelwe. Ke makgetlho a le kae wena jaaka mogolwane kana motlhanka wa bodihedi o neng wa atamela maloko a masha a phuthego o ba akgolela puo kana neelano nngwe mo pokanong?

29 Babulatsela, ke eng se lo ka se dirang go thusa? Ke ka ntlha yang lo sa sekaseke thulaganyo ya lona go bona kafa lo ka tsenyang bana ba sekolo mo dithulaganyong tsa lona tsa maitseboa le tsa mo mafelobekeng? A o bua ka tsela e e siameng ka tirelo ya nako e e tletseng e o e itlhophetseng? A o bonala mo sefatlhegong gore o itumelela bodihedi jwa gago? A o bo buelela motlhofo fela mo go ba bangwe, segolobogolo mo basheng? Fa o tsamaya ka ntlo le ntlo, a puo ya gago ke e e agang le e e siameng? Fa go le jalo he, jaaka mmulatsela le wena o na le seabe mo tirong eno e e botlhokwatlhokwa ya go katisa.

30 Botlhe mo phuthegong ba tshwanetse go kgatlhegela tiro eno e e botlhokwa ya go katisa basha. A o ka dira dithulaganyo tse di tlhomameng tsa go bereka le bone mo bodiheding jwa tshimo? A o ka baakanyetsa neelano le bone fa o ipaakanyetsa tiro ya ntlo le ntlo? A o butse matlho go bona sebaka sa go ba kgothaletsa ditiro tsa semoya tsa mo isagweng fa o bereka le bone mo bodiheding? Mmoledi mongwe le mongwe o tshwanetse go lemoga gore tota le yone kakgelo e nnye fela e ka tlhotlheletsa motho yo mosha gore a nne le dikgopolo tse di siameng malebana le mekgele ya semoya ya botshelo jotlhe, gore mosha a kgone go bona melemo ya go ya goile.

31 Basha Ba Ka Kgona go Ithusa: Basha, re kgothatsa mongwe le mongwe wa lona gore a tswelele pele a tlhwaela tsebe dithuto tsa ga Jehofa le go gana sepe fela se se solofediwang ke lefatshe. Tswelela pele o itlhatlhoba ka go sekaseka boitshwaro jwa gago le maikutlo a mo teng. O ikutlwa jang ka Jehofa le ka se a se tlhokang mo go wena mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi? A o lwa ka thata kgatlhanong le tlhotlheletso ya megopolo ya ga Satane? (1 Tim. 6:12) E re ka batho, mme segolobogolo basha, ba rata go amogelwa ke balekane ba bone ka tlholego fela, a o iphitlhela o raelesega go latela batho ba le bantsi mo go direng se se bosula? (Ekes. 23:2) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhaloganya gore go na le kgatelelo e kgolo ya gore motho a ineele mo ditseleng tsa lefatshe.—Bar. 7:21-23.

32 O tshwanetse go nna pelokgale gore o emelane le tlhotlheletso ya lefatshe, gore o tseye tsela e e farologaneng le ya balekane ba lefatshe, le go tlhwaela dithuto tsa Modimo tsebe. Batho ba bogologolo ba ne ba dira jalo ka katlego e kgolo. Akanya ka bopelokgale jwa ga Noa. O ne a sekisa lefatshe lotlhe ka tumelo ya gagwe le ka go ikgaoganya le bao ba neng ba dira bosula ka nako eo. (Baheb. 11:7) O lwe ka natla ka gonne o tla bona tuelo ya gone. O se ka wa etsa ba ba bokoa, ba ba seng sebete, ba ba boi bao ba latelang boidiidi jwa ga Satane. Se se fapaaneng le seo, batla ditsala mo go bao ba amogelwang ke Jehofa. (Bafil. 3:17) Ikopanye le ditsala tse di tla go tshegetsang go ya lefatsheng le lesha le Modimo a le solofeditseng. (Bafil. 1:27) Nna o gakologetswe gore go na le tsela e le nngwe fela e e isang botshelong jo bo sa khutleng.—Math. 7:13, 14.

33 Fa re ipelela go bona basha ba galaletsa le go tlotla Modimo wa rona, a bo seno se tshwanetse sa bo se mo ipedisa jang ne! Ga go na pelaelo ya gore Jehofa o a itumela fa a bona basha ba nna le seabe ka botlalo mo go boleleng maikaelelo a gagwe a a molemolemo. Ke “boshwa” jwa gagwe, mme o ba eleletsa se se molemo fela. (Pes. 127:3-5; 128:3-6) Ka go etsa se se itumedisang Rraagwe, Keresete Jesu o ne a ipelela go itlwaelanya le bana fela thata, mme o ne a ipha nako go ba kgothatsa mo kobamelong ya bone go Jehofa. O ne a ba bontsha lorato. (Mar. 9:36, 37; 10:13-16) A re leba basha ka tsela e e tshwanang le e Jehofa le Keresete Jesu ba ba lebang ka yone? A basha ba ba mo diphuthegong tsa rona ba lemoga kafa Jehofa le baengele ba lebang boikanyegi jwa bone ka gone le go tlhoma sekao se se molemo? Ba tshwanetse go akgolwa le go kgothalediwa go itumedisa Jehofa ka go batla mekgele ya semoya. Basha, latelang mekgele e e tla lo tlisetsang masego gone jaanong le mo isagweng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela