LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/95 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa September

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa September
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Ditlhogwana
  • Beke E E Simololang ka September 4
  • Beke E E Simololang ka September 11
  • Beke E E Simololang ka September 18
  • Beke E E Simololang ka September 25
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 9/95 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo Tsa September

Beke E E Simololang ka September 4

Pina 224

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.

15 mets: “Go Tlhofofadiwa ga Dilo Kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1995.” Tsenyeletso. Puo e e thailweng mo dirapeng 1-8, e e tla neelwang ke molebedi yo o okamelang. Gatelela melemo e e tla nnang gone ka ntlha ya thulaganyo e ntšha ya go sa nneng teng ga lephata la dijo.

20 mets: “Thusa Batho ba Bangwe Gore ba Solegelwe Molemo.” Boeletsa dipuisano tse di akantshitsweng mme morago ga foo o dire gore go nne le dipontsho tse pedi tse dikhutshwane.

Pina 204 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka September 11

Pina 216

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.

20 mets: “Go Tlhofofadiwa ga Dilo Kwa Kopanong ya Kgaolo ya 1995.” Tsenyeletso. Puo ya dipotso le dikarabo go tswa mo dirapeng 9-19, e e tla tshwarwang ke mokwaledi wa phuthego. Lebisa tlhokomelo mo lebokosong la dikgopodiso le le kwa bofelong. Gatelela mosola wa go tla fela ka dijo tse di tlhokegang le dilwana tse dingwe tse di tshwanetseng kwa kopanong.

20 mets: “O Tlhometse Bana ba Gago Mekgele Efe?” Dipotso le dikarabo. Dira gore mosha a le mongwe kana ba le babedi ba ba setseng ba godile ba ba tlhomang sekao se se molemo ba ba ileng ba direla Jehofa go tswa bosheng jwa bone ba tlhalose kafa batsadi ba bone ba ileng ba ba thusa ka gone gore ba tlhophe mekgele e e mosola e e amanang le dilo tse di direlwang Bogosi.

Pina 187 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka September 18

Pina 168

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Molebedi yo o okamelang o tlhalosa ka ditiro tse phuthego e di dirileng ngogola, a e akgola a bo a e neela dikakantsho tse di ka e thusang go tokafatsa. Gatelela kgang ya gore mongwe le mongwe a ipeele mokgele wa go nna le seabe ka metlha mo bodireding le go thusa segolobogolo baboledi ba ba sa kolobediwang gore le bone ba dire jalo.

15 mets: “Dirisang Dimakasine Tsa Rona ka Tsela e e Molemolemo.” Puo e e matlhagatlhaga e e neelwang ke molebedi wa tirelo, e e thailweng mo dirapeng 1 go ya go 13 go tswa mo tsenyeletsong.

20 mets: “Boela Kwa Bathong Botlhe ba ba Bontshitseng Kgatlhego Gore ba Solegelwe Molemo.” Tlhalosa ka dikakantsho tse di umakilweng tsa go dira maeto a go boela. Mokaulengwe yo o tshwereng karolo eno o tlotla le baboledi ba le babedi kana ba le bararo mme morago ga foo o ba kopa gore ba dire dipontsho ka dipuisano tsa bone.

Pina 162 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka September 25

Pina 177

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.

15 mets: “Dirang Dilo Tsotlhe Kgalaletsong ya Modimo.” Puo le motlotlo le bareetsi e e neelwang ke mogolwane. Fa nako e letla, oketsa ka dikakgelo tse dingwe tse di thailweng mo makasineng wa August 15, 1992, wa Tora ya Tebelo, ditsebe 15-20.

10 mets: “Ke ka Ntlha Yang fa Go le Mosola go Tlhatlhobiwa ke Jehofa?” Puo e e kgothatsang e e neelwang ke mogolwane.

15 mets: “Dirisang Dimakasine Tsa Rona ka Tsela e e Molemolemo.” Motlotlo le bareetsi go tswa mo dirapeng 14 go ya go 17 mo tsenyeletsong. Gatelela botlhokwa jwa go dira maiteko a a kgethegileng a go tsamaisa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka October. E re ka dimakasine tsa rona di gatisiwa ka dipuo tse di farologaneng, re tshwanetse go itsise batho ba ba buang dipuo di sele gore re ka nna ra ba tlisetsa dimakasine ka metlha ka dipuo tse ba di buang. Mo tshimong e e berekiwang kgapetsakgapetsa, go tsamaisa dimakasine tsa rona ke tsela e e molemolemo ya go tsosa kgatlhego, ka gonne di na le tshedimosetso e ntšha beke nngwe le nngwe. Dira gore setlhopha sengwe sa lelapa se dire pontsho e mo go yone ba ithapisang jaaka go tlhalositswe mo serapeng 14. Mme gape neela dikakantsho tse dingwe tse di molemo tse di ka thusang gore re tsamaise dimakasine tse di oketsegileng.

Pina 193 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela