Batsadi—Thapisang Bana ba Lona go Tswa Boseeng
1 “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.” (Dia. 22:6) Batsadi, fa lo batla gore bana ba lona ba se ka ba “fapoga” mo tseleng ya boammaaruri, lo tshwanetse go simolola leng go ba thapisa? Go tswa boseeng!
2 Go bonala sentle gore fa Paulo a ne a re Timotheo o rutilwe dilo tsa semoya “go tswa boseeng,” o ne a raya gore go tswa bongwaneng. (2 Tim. 3:14, 15) Ka ntlha ya moo, Timotheo o ne a gola go nna monna yo o molemo wa semoya. (Bafil. 2:19-22) Batsadi, le lona lo tshwanetse go simolola go naya bana ba lona thapiso e ba e tlhokang “go tswa boseeng,” gore ba ‘gole fa pele ga ga Jehofa.’—1 Sam. 2:21.
3 Ba Neyeng Metsi A ba A Tlhokang Gore ba Gole: Fela jaaka matlhogela a tlhoka go nosediwa ka metlha gore a gole go nna ditlhare tse di nonofileng, bana ba dingwaga tsotlhe le bone ba tlhoka go nosediwa ka metsi a boammaaruri jwa Baebele gore ba gole go nna batlhanka ba ba godileng sentle ba Modimo. Tsela ya konokono ya go ruta bana boammaaruri le go ba thusa go nna le botsalano jo bogolo le Jehofa ke ka thuto ya ka metlha ya lelapa ya Baebele. Le fa go ntse jalo, batsadi, lo tshwanetse go akanyetsa selekanyo se ngwana mongwe le mongwe a kgonang go tlhoma mogopolo ka sone. Gongwe mo baneng ba bannye, thuto e khutshwane e e tshwarwang gangwe le gape e ka nna le matswela a magolo thata go feta dithuto di le mmalwa tse dileele.—Dute. 11:18, 19.
4 Le ka motlha o se ka wa nyatsa bokgoni jwa bana ba gago jwa go ithuta. Ba bolelele dikgang ka batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Ba letle go taka ditshwantsho tsa ditiragalo tsa Baebele kana go di tshameka. Dirisa dibidio le dikhasete ka tsela e e molemo, go akaretsa le diterama tsa Baebele. Akanyetsa dingwaga le bokgoni jwa go ithuta jwa bana ba gago fa o tshwara thuto ya lelapa. Kwa tshimologong o tla ba thapisa ka go ba ruta dilo tsa motheo, e bile e se tse dintsi; mme fa ngwana a ntse a gola, o tshwanetse go newa thapiso e e oketsegileng le e e tswelelang pele. Dira gore thuto ya Baebele e nne le botshelo e bile e tshwarwe ka ditsela tse di farologaneng. Lo batla gore bana la lona ba ‘tlhologelelwe’ Lefoko, ka jalo, dirang gore thuto ya lelapa e nne e e itumedisang thata go ya ka fa lo ka kgonang ka teng.—1 Pet. 2:2.
5 Dirang Gore ba Nne le Seabe mo Phuthegong: Tlhomelang bana ba lona mekgele ya go gatela pele gore ba kgone go nna le seabe ka botlalo mo phuthegong. Mokgele wa bone wa ntlha e ka nna ofe? Batsadi bangwe ba bana ba babedi ba babotlana ba ne ba bolela jaana: “Bana bano ka bobedi ba ne ba simolola go thapisiwa gore ba nne ka tidimalo kwa Holong ya Bogosi.” Moragonyana, thusa bana ba gago gore ba akgele kwa dipokanong ka mafoko a bone, le gore ba ipeele mokgele wa go ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Mekgele e e molemo e ba ka e fitlhelelang mo tirelong ya tshimo e ka nna go naya mong wa ntlo pampitshana, go bala temana, go buelela makasine le go dira gore beng ba matlo ba nne le seabe mo metlotlong e e utlwalang.
6 Ba Tlhomeleng Sekao se se Molemo: A bana ba gago ba tlhola ba go utlwa o bua ka Jehofa ka metlha le go mo rapela? A ba go bona o ithuta Lefoko la gagwe, o ya kwa dipokanong, o nna le seabe mo bodireding jwa tshimo le go itumelela go dira thato ya Modimo? (Pes. 40:8) Go botlhokwa thata gore ba go bone o di dira le gore o dire dilo tseno le bone. Mosetsana mongwe yo o godileng o ne a bua jaana ka mmaagwe, yo o neng a godisitse bana ba le barataro gore e nne Basupi ba ba ikanyegang: “Se se neng se re kgatlha thata ke sekao sa ga Mmè—se ne se bua thata go feta mafoko.” Motsadi mongwe wa bana ba le banè o ne a bua jaana: “Mafoko a a reng ‘Jehofa o tla pele’ e ne e se mafoko fela a a tlwaelegileng mme e ne e le tsela e re neng re tshela matshelo a rona ka yone.”
7 Batsadi, simololang go sa le gale go thapisa bana ba lona, lo ba ruta boammaaruri go tswa mo Lefokong la Modimo, lo ba tlhomela mekgele ya go gatela pele le go ba tlhomela sekao se se molemo go di gaisa tsotlhe. Lo tla itumelela go bo lo dirile dilo tseno!