Kobamelo ya Boammaaruri e a Gola Kwa Yuropa Botlhaba
1 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le bareri ba ba tlhoafetseng ba Bogosi. Ba ne ba itumela fa diphuthego ‘di ne di oketsega ka palo letsatsi le letsatsi.’ (Dit. 16:5) Go rera ga bone ka bopelokgale go ne ga dira gore kobamelo ya boammaaruri e anamele kwa Asia, Afrika le Yuropa, ga felela ka thobo e kgolo ya badumedi.
2 Mo motlheng ono wa bofelo, kobamelo ya boammaaruri e tswelela pele e gola, segolobogolo kwa dinageng tsa Yuropa Botlhaba. Mo dinageng tse re neng re thibetswe ke puso go fitlhela mo masimologong a dingwaga tsa bo1990 mo go tsone, jaanong re bona koketsego e kgolo. Buka ya 1999 Yearbook e bontsha gore tse pedi tsa dinaga tseo, Russia le Ukraine, nngwe le nngwe ya tsone e ne ya bega baboledi ba ba fetang 100 000 ba ba nnang le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa. Mo dikgaolong tse 15 tsa se pele e kileng ya bo e le Soviet Union, fa e sa le ka 1991 go nnile le batho ba ba fetang 220 000 ba ba neng ba ineela mo go Jehofa mme ba kolobediwa! Koketsego eno e e akofang e dirile gore go agiwe Diholo Tsa Bogosi tse disha tse dintsi le Diholo Tsa Dikopano mmogo le go atolosa dikago di le mmalwa tsa makala.
3 Bontlhanngwe jwa Letlole la Mokgatlho la Diholo Tsa Bogosi jaanong bo dirisediwa go adima diphuthego madi kwa dinageng tse di tlhokang Diholo Tsa Bogosi thata mme di se na madi a a lekaneng e bile di na le mathata a magolo a itsholelo. Fa gare ga March 1996 le October 1998, Mokgatlho o ne wa dumelela dikopo tsa dikadimo tsa madi tsa Diholo Tsa Bogosi di le 359 tse di tswang kwa diofising tsa makala tse di okametseng dinaga di le 11 tsa Yuropa Botlhaba. Meneelo e dirisediwa go reka ditsha le didirisiwa tsa kago ya Diholo Tsa Bogosi tse disha le go thusa diphuthego go tlhabolola dikago tse di setseng di agilwe. Ditshwantsho tse di bontshitsweng fano di re bontsha kafa meneelo e e ntsheditsweng Letlole la Mokgatlho la Diholo Tsa Bogosi kwa United States le kwa dinageng tse dingwe e thusitseng bakaulengwe ba rona ka gone kwa Yuropa Botlhaba.
4 Ka 1998, Bulgaria e nnile le koketsego ya diperesente di le 12, mme bakaulengwe ba ne ba itumetse fa Holo ya bone ya Bogosi ya ntlha e ne e neelwa ka April mo ngwageng oo. Croatia e nnile le koketsego ya diperesente di le 4, mme jaanong jaana bakaulengwe ba koo ba aga Diholo Tsa Bogosi tse dingwe, gore ba tsweledise pele kobamelo ya boammaaruri. Kwa Hungary Diholo Tsa Bogosi di ka nna 80 di dirisiwa ke diphuthego di le 144. Seno se kaya gore mo diphuthegong di le 235 tsa naga eo, diperesente di le 61 tsa tsone di na le mafelo a go obamela. Kwa Macedonia thulaganyo ya kago ya Diholo Tsa Bogosi e weditse diholo tse pedi tse disha, mme tse dingwe di sa ntse di agiwa. Ka selemo sa 1999 (kwa hemisefereng ya bokone), Holo ya Bogosi e e nang le diholo tse pedi e ne ya wediwa kwa motsemogolong wa Skopje. Holo eno e ka kgona go dirisiwa ke diphuthego di ka nna thataro.
5 Ngogola kwa Russia, palogare ya batho ba ba fetang 260 e ne e kolobediwa beke nngwe le nngwe! Ka go latela sekao se se dirisiwang mo dinageng tse dingwe, lekala la Russia jaanong le setse le rulagantse Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo di le 12 mo tshimong yotlhe ya lone e kgolo, go thusa mo go agiweng ga Diholo Tsa Bogosi mo isagweng. Kafa bokone jwa St. Petersburg, go sa ntse go agiwa Holo ya Dikopano ya ntlha mo nageng eo, e e tla nnang batho ba le 1 600. Holo eno e tla bo e na le Diholo Tsa Bogosi di le tlhano tse nngwe le nngwe ya tsone e tla nnang batho ba le 200. Go weditswe Diholo Tsa Bogosi di le 84 mme di le 80 di sa ntse di agiwa gore bakaulengwe ba rona le batho ba le bantsi ba ba kgatlhegang ba tlamelwe ka dilo tsa semoya kwa Ukraine.
6 A koketsego eno ya kwa Yuropa Botlhaba ga e re itumedise? Le fa re ka tswa re nna kae, go gola ga kobamelo ya boammaaruri go re gakolola gore Modimo ga a tlhaole le gore bopelotelele jwa gagwe bo tla dira gore go bolokwe “boidiidi jo bogolo.” (Tshen. 7:9; 2 Pet. 3:9) A bo re na le tshiamelo e kgolo jang ne ya go nna le seabenyana mo go thuseng ba bangwe go gola semoyeng, tota le ba ba kwa dinageng tse di kgakala! Diane 28:27 e re tlhomamisetsa gore “yo o abelang bahumanegi ga a ketla a tlhoka.” Go ithaopa ga rona mo go thuseng go duelela ditshenyegelo tseno tsa dikago go dira gore go nne le go “lekalekanya” dilo tse di bonalang, go go dirang gore botlhe ba bone boitumelo jo bo lerweng ke go aba le boipelo jo bo lerweng ke go bona kobamelo ya boammaaruri e gola mo lefatsheng lotlhe.—2 Bakor. 8:14, 15; Dit. 20:35.
[Picture on page 3]
Săcele, Romania
[Picture on page 3]
Maardu, Estonia
[Picture on page 3]
Sevnica, Slovenia
[Picture on page 3]
Tiszavasvári, Hungary
[Pictures on page 4]
Jūrmala, Latvia
[Pictures on page 4]
Tallinn, Estonia
[Picture on page 4, 5]
Taurage, Lithuania
[Pictures on page 4, 5]
Belgrade, Yugoslavia
[Pictures on page 5]
Prievidza, Slovakia
[Picture on page 5]
Mátészalka, Hungary
[Pictures on page 6]
Vranov nad Topl’ou, Slovakia
[Picture on page 6]
Ruma, Yugoslavia
[Pictures on page 6]
Tornakalns, Latvia