Batsadi—Tlhomelang Bana ba Lona Sekao se se Molemo
1 Lefoko la Modimo le re bolelela gore “rraagwe [le mmaagwe] mosiami o tlaa ipela thata.” (Dia. 23:24, 25) A bo batsadi ba ba ileng ba tlhomela bana ba bone sekao se se molemo ba nna le masego a magolo jang ne! Leloko lengwe la Komiti ya Lekala le ne la bolela jaana ka batsadi ba lone: “Botshelo jotlhe jwa bone bo ne bo ikaegile ka boammaaruri, le nna ke ne ka batla gore botshelo jwa me jotlhe bo ikaege ka jone.” Ke eng se bana ba tshwanetseng go se bona mo batsading ba bone?
2 Maitseo a Mantle le Tlotlo e e Boteng: Ke boikarabelo jwa batsadi gore ba rute bana ba bone mekgwa e mentle. Maitseo a mantle a ka ithutiwa, e seng ka thuto ya molomo fela, mme le ka go leba le ka go etsa. Ka gone, o bontsha maitseo a a ntseng jang? A bana ba gago ba a tle ba utlwe o re “tshwarelo,” “tsweetswee” le “ke a leboga”? Mo lelapeng, a lo bontshana tlotlo e e boteng? A o a reetsa fa ba bangwe ba bua? A o a reetsa fa bana ba gago ba bua le wena? A lo bontsha mekgwa eno e mentle kwa Holong ya Bogosi le kwa gae?
3 Bomoya jo bo Nonofileng le Tiro e e Dirwang ka Tlhoafalo: Mokaulengwe mongwe yo o nang le dingwaga tse di fetang 50 a le mo tirelong ya nako e e tletseng o gakologelwa jaana: “Mmè le rre ba ne ba tlhoma sekao se sentle thata ka tsela e ba neng ba anaanela dipokano ka yone le go tlhoafala mo bodireding.” O bontsha bana ba gago jang gore o amegile ka go boloka bomoya jwa ba lelapa la gago? A lo tlhatlhoba temana ya letsatsi mmogo? A lo na le thuto ya lelapa e e tshwarwang ka metlha? A bana ba gago ba a tle ba go bone o bala Baebele le dikgatiso tsa Mokgatlho? Ke eng se ba se utlwang fa o rapelela lelapa? A lo tlotla le bana ba lona ka tsela e e agang semoyeng, lo bua dilo tse di siameng ka boammaaruri le ka phuthego? A lo tlhoafaletse go nna gone kwa dipokanong tsotlhe le go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo lo le lelapa?
4 Batsadi, akanyang ka sekao se lo se tlhomelang bana ba lona. Dirang gore e nne se se molemolemo, mme ba tla se tsaya se le botlhokwa mo botshelong jotlhe jwa bone. Mosadi mongwe wa molebedi yo o etang, yo jaanong a leng mo dingwageng tsa gagwe tsa bo70, o ne a re: “Ke sa ntse ke solegelwa molemo ke sekao se se molemo sa batsadi ba me ba ba lorato ba Bakeresete. Mme ke rapela ka tlhoafalo gore ke bontshe gore ke anaanela boswa jono ka botlalo ka go bo dirisa sentle mo dingwageng tse di tlang.”