Dipokano Tsa Tirelo Tsa September
Beke e e Simololang ka September 6
Pina 190
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.
17 mets: “A o Dira O na Le Boikaelelo?” Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo. Akaretsa dintlha tse di mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe, ditsebe 88-9. Kgothaletsa botlhe go nna gone ka metlha le go dira bodiredi jwa bone ka botlalo.
18 mets: “Batsadi—Tlhomelang Bana ba Lona Sekao se se Molemo.” Mogolwane o dira matseno a makhutshwane, go tswa foo bakaulengwe ba babedi ba e leng batsadi ba tlotla ka setlhogo seno. Ba amegile ka go sireletsa bana ba bone mo mekgweng e e sa siamang e ba kopanang le yone kwa sekolong, mo thelebisheneng le mo go ba losika ba e seng Basupi le mo bathong ba bangwe. Bakaulengwe bano ba tlotla ka mekgwa e e sa bontsheng tlotlo, puo ya lefatshe le go ipaakanya ka tsela ya lefatshe, le boitlosobodutu jo bo sa siamang. Fa ba sena go bontsha botlhokwa jwa go tlhoma sekao se se molemo, ba tlotla ka ditsela tse di ka dirang gore bana ba tlhagafalele thuto ya lelapa, dipokano tsa phuthego le tirelo ya tshimo.—Bona Tora ya Tebelo ya July 1, 1999, ditsebe 8-22, le Tsogang! ya October 8, 1991, ditsebe 25-6.
Pina 101 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 13
Pina 171
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.
15 mets: Re Dirile Jang Ngogola? Puo ka molebedi wa tirelo. Boeletsa dintlhakgolo tsa pego ya phuthego ya ngwaga wa tirelo wa 1999. Akgolela phuthego dilo tse di molemo tse e di dirileng. Tlhalosa mo ba tshwanetseng go tokafatsa teng. Gatelela kafa phuthego e dirileng ka gone malebana le go nna gone mo dipokanong le mo go tshwareng dithuto tsa Baebele. Bolela mekgele e e molemo e lo ipeelang yone ya mo ngwageng o o tlang. Kgothaletsa botlhe go bega ka metlha kgwedi le kgwedi mo ngwageng o mosha wa tirelo le go dirisana mmogo le mokwaledi le batshwari ba thuto ya buka fa ba ntse ba thusa botlhe gore ba bege ka metlha.
20 mets: “Ke Eng Se o Ka se Bolelelang Mohindu?” Dipotso le dikarabo. Gatelela molemo wa go dirisa dintlha tse lo ka dumalanang mo go tsone le motho, mme o tlhalose dintlha tse lo ka nnang lwa dumalana le Mohindu mo go tsone. Bontsha kafa dipuisano tse di akantshitsweng di ka fetolwang ka gone gore o kgone go neela batho ba ditumelo dipe fela bosupi. Dira pontsho o dirisa puisano e e baakanyeditsweng sentle ya fa o neela Mohindu bosupi. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Bohindu, bona tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1998; buka ya Go Fetolana, tsebe 21; le Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, kgaolo 5. Fa go se na Bahindu mo tshimong ya lona, dira pontsho o bontsha kafa dithuto tsa Baebele di ka simololwang ka gone ka buka ya Kitso.
Pina 140 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 20
Pina 193
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Boeletsa dithulaganyo tsa phuthego tsa tshimo e e sa abiwang tsa September le October. Bolela maitemogelo a a kgatlhang a go nnilweng le one go fitlha jaanong kwa tshimong e e sa abiwang. Itsise ka dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo tsa September 24.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
18 mets: Dirisa Buka ya Creator ka Botlalo. Puo le dipontsho. Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 1999 e ne ya tlhalosa gore buka ya Creator e ka tsamaisiwa nako epe fela fa re kopana le batho ba ba (1) sa dumeleng mo Modimong kana (2) ba dumela mo Modimong mme ba sa itse tota gore ke mang kana ba sa itse dinonofo le maikaelelo a gagwe. Dipotso le dintlha tse di dirang gore motho a akanye tse di kafa morago ga khabara di ka dirisediwa go ngoka kgatlhego ya go bala buka eno. Kana tsebe 152 e ka dirisiwa ka tsela e e nang le matswela. Mmoledi a ka nna a botsa jaana: “Re ka bona kae kgakololo e e molemolemo ya kafa re ka rarabololang ka gone mathata a rona a a re opisang tlhogo?” A ka nna a bontsha motho kafa bomankge ba ba tumileng ba ileng ba baka Thero ya ga Jesu ya kwa Thabeng ka gone, mo kope gore a tlhophe nngwe ya dintlha tse supa tse di tlhalositsweng moo, e e mo kgatlhang thata, mme go tswa foo o bale ditemana di sekae tse di umakilweng. Dira pontsho o dirisa dikakantsho tseno tse pedi o bontsha kafa go ka tsamaisiwang buka ya Creator ka gone. Kgothaletsa botlhe go tsamaya ba tshwere buka eno mo tirelong ya tshimo, ba ipaakanyeditse go e tsamaisa fa go tshwanetseng teng.
Pina 175 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka September 27
Pina 141
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa tirelo ya tshimo tsa September. Kgothaletsa botlhe go dira dithulaganyo tsa go nna le seabe ka botlalo mo go tsamaiseng dimakasine ka October. Boeletsa dingwe tsa dikakantsho tse di leng mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1996, tsebe 12, tse di bontshang kafa o ka baakanyetsang dipuisano ka gone. Dirisa dimakasine tsa bosheng go umaka dintlha dingwe tse di molemo tse go ka buiwang ka tsone o bo o dira pontsho ya puisano e khutshwane e le nngwe kana di le pedi.
15 mets: Lebokoso la Dipotso. Puo ka mogolwane.
15 mets: “Kobamelo ya Boammaaruri e a Gola Kwa Yuropa Botlhaba.” Mogolwane o tshwara thulaganyo ya dipotso le dikarabo. Umaka maitemogelo kana bosupi jwa gore go na le koketsego kwa dinageng tse go builweng ka tsone, jaaka fa go begilwe mo di-Yearbook tsa bosheng jaana.
Pina 87 le thapelo e e konelang.