Kgaolo 5
Bohindu—Matsapa a go Batla Kgololesego
“Mo bathong ba Bahindu, ke ngwao ya sedumedi, gore lantlha mo mosong, motho a tlhape mo nokeng nngwe e e gaufi kana kwa legaeng la gagwe fa go sena noka epe kana molatswana o o gaufi. Batho ba dumela gore go ba dira gore ba nne boitshepo. Go tswa foo, ba ise ba bo ba je sepe, ba ya kwa tempeleng ya lefelo la bone mme ba isetse modimo wa lefelo la bone ditshupelo tsa dithunya le dijo. Ba bangwe ba tlhapisa modimo oo wa disetwa ba bo ba o kgabise ka bopinyana jo bohibidu le jo bosetlha.
“Mo e ka nnang legae lengwe le lengwe le na le sekhutlwana kana le eleng kamore eo go obamelwang modimo o o ratwang ke balelapa leo mo go yone. Modimo o o tlwaelegileng mo mafelong a mangwe ke Ganesa, e leng modimo wa tlou. Batho ba mo rapelela segolobogolo go bona lesego, ereka a itsege gore o kgona go tlosa dikgoreletsi. Mo mafelong a mangwe Krishna, Rama, Siva, Durga, kana badimo ba bangwe e ka nna ya nna bone bao ba obamelwang thata.”—Tara C., Kathmandu, Nepal.
1. (a) Tlhalosa dingwao dingwe tsa Sehindu. (b) Dipharologanyo dingwe gareng ga pono ya batho ba Bophirima le Bahindu ke dife?
BOHINDU ke eng? A ke sengwe seo batho ba Bophirima ka tsela ya go nyatsa, ba akanyang ka sone gore ga se sepe fela fa e se go obamela diphologolo, go tlhapa mo Ganges, le go kgaoganngwa ga batho ka mephato? Kana a go na le mo go oketsegileng ka jone? Karabo ke: Go na le mo gontsi thata. Bohindu ke tsela e e farologaneng ya go tlhaloganya botshelo, eo megopolo ya batho ba Bophirima e sa nyalaneng nayo gotlhelele. Batho ba Bophirima ba leba botshelo jaaka go tlhomagana fela ga ditiragalo tseo di diragalang letsatsi le letsatsi mo hisitoring. Bahindu bone ba leba botshelo jaaka modikologo wa dilo tseo di ikgatang motlhala tseo mo go tsone hisitori ya batho e seng selo sa botlhokwa mo go kalo.
2, 3. (a) Ke ka ntlhayang fa go le thata go tlhalosa Bohindu? (b) Mokwadi mongwe wa Mo-India o tlhalosa Bohindu le go obamela medimo e le mentsi jang?
2 Go tlhalosa Bohindu ga se kgetsi e potlana, ereka bo sena tumelo ya motheo e e tlhomameng, setlhopha sa baperesiti bao ba busang, kana baemedi ba ba laolang. Lefa go ntse jalo, bo na le bo-swami (barutisi) le bo-guru (bakaedi ba semoya). Tlhaloso e e akaretsang ya Bohindu eo e neelwang ke buka nngwe ya hisitori e tlhalosa gore ke “ditumelo tsotlhe tse di raraaneng le mekgatlho tseo di neng tsa simologa fa dikwalo tsa tsone tsa bogologolo (tse ebileng di ne di le boitshepo fela thata), ebong Di-Veda, di ne di kwalwa go tla go fitlha gompieno.” E nngwe e tlhalosa ka go re: “Re ka nna ra re Bohindu ke go utlwa kana go obamela medimo Vishnu, kana Shiva [Siva], kana modimo wa sesadi Shakti, kana yone medimo eo e le mo mebeleng e mesha, diponalo, balekane ba bone ba lenyalo, kana bana ba bone.” Seno se dira gore go akarediwe dikobamelo tsa Rama le Krishna (e leng Vishnu a le mo mmeleng o mosha), Durga, Skanda, le Ganesa (bao e leng basadi le barwa ba ga Siva go ya ka go tlhomagana ga bone). Go bolelwa gore Bohindu bo na le medimo e le dimilione di le 330, lefa go le jalo go bolelwa gore Bahindu ga ba obamele medimo e mentsi. Seo se ka nna boammaaruri jang?
3 Mokwadi wa Moindia A. Parthasarathy o tlhalosa jaana: “Bahindu ga ba obamele medimo e mentsi. Bohindu bo ruta ka Modimo o le mongwe fela . . . Medimo e e farologaneng le medimo ya sesadi e mentsi ya Sehindu ke baemedi fela ba maatla le ditiro tsa Modimo mogodimodimo yo mongwe fela mo lefatsheng leo le bonalang.”
4. Lereo “Bohindu” le akaretsa eng?
4 Gantsi Bahindu ba bitsa tumelo ya bone sanatana dharma, seo se rayang molao wa bosakhutleng kana taolo. Bohindua tota ke lereo le le nang le ditlhaloso di le dintsi leo le tlhalosang ditumelo tse dintsi le makoko (sampradayas) tseo di ileng tsa simologa tsa ba tsa ntsifala mo diketeketeng tsa dingwaga di tswa mo ditlhamaneng tse di raraaneng tsa Sehindu tsa bogologolo. Ditlhamane tseo di raraane mo e leng gore New Larousse Encyclopedia of Mythology e tlhalosa jaana: “Ditlhamane tsa Se-India di tshwana le sekgwa sa ditlhare tse di golang tse di kitlaneng. Fa o tsena mo go sone ga o kgone go bona lesedi la letsatsi ebile o latlhegelwa gotlhelele ke koo tsela e yang gone.” Lefa go le jalo, kgaolo eno e tla bua ka dintlha dingwe le dithuto tsa tumelo eo.
Ditshimologo tsa Bohindu tsa Bogologolo
5. Bohindu bo aname go le kana kang?
5 Lemororo Bohindu bo ka tswa bo sa anama jaaka ditumelo tse dingwe tse dikgolo, lefa go le jalo, bo ne bo na le balatedi ba ba ka tshwarang dimilione tse 700 ka 1990, kana mo e ka nnang motho a le mongwe fela go ba le 8 (13%) ba batho ba ba mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa bano ba fitlhelwa mo India. Jalo ke mo go utlwalang gore re botse ka go re, Go tlile jang ebile ke ka ntlhayang fa batho ba India ka bontsi e le Bahindu?
6, 7. (a) Go ya ka boraditiragalo bangwe, Bohindu bo ne jwa fitlha jang kwa India? (b) Bohindu bo tlhalosa jang kinane ya jone ya morwalela? (c) Go ya ka moithutamarope Marshall, ke bodumedi jwa mofuta ofe joo bo neng bo dirisiwa kwa mokgatsheng wa Indus pele ga Ba-Aryan ba goroga?
6 Boraditiragalo bangwe ba bolela gore Bohindu bo simologile dingwaga tse di fetang 3 500 tse di fetileng mo bathong ba basetlhana, ba Ba-Aryan bao ba neng ba fuduga ba le bantsi go tswa kwa bokonebophirima ba tla mo mokgatsheng wa Indus, eo gompieno e leng mo Pakistan le India. Go tswa koo ba ne ba anamela mo dipoeng tsa Noka ya Ganges le go kgabaganya India. Baitse bangwe ba bolela gore dikgopolo tsa sedumedi tsa bafudugi bao di ne di thailwe mo dithutong tsa bogologolo tsa Ba-Iran le Bababelona. Mogolagang wa tumelo e e tshwanang o o fitlhelwang mo dingwaong di le dintsi oo gape o fitlhelwang mo Bohindung ke leinane la morwalela.—Bona lebokoso, tsebe 120.
7 Mme ke mofuta ofe wa bodumedi o o neng o dirisiwa mo mokgatsheng wa Indus pele ga Ba-Aryan ba goroga? Moithutamarope mongwe, ebong Sir John Marshall, o bua ka “‘Modimo o Mogolo wa Sesadi wa Mmè’, yoo ditshwantsho dingwe tsa gagwe tse di betlilweng e leng mosadi yo o imileng, bontsi jwa tsone e le ditshwantsho tsa basadi ba ba sa tswalang bao ba apereng melala ya diaparo ba e tsholeditse ba bile ba rwele dirwalo. . . . Go bo go latela ‘Modimo wa Senna’, ‘yo go lemotshegang sentle fa e le setshwantsho santlha sa ga Siva yo o itsegeng’, a kgomantse dikgato tsa dinao tsa gagwe (jaaka motho yo o dirang yoga), lepele la gagwe le gagametse (seo se gakololang kobamelo ya lingam [lepele]), a dikaganyeditswe ke diphologolo (go tshwantsha sereto sa ga Shiva, eleng ‘Morena wa Dibatana’). Ditshwantsho tsa matlapa tsa mapele a senna le a sesadi di tletse gongwe le gongwe, . . . seo se lemotshang fa go ne go na le kobamelo ya lingam le yoni ya ga Shiva le mosadi wa gagwe.” (World Religions—From Ancient History to the Present) Le gompieno Siva o santse a obamelwa jaaka modimo wa tsalo, modimo wa lepele, kana lingam. Motlhokomedi wa gagwe ke poo e e bidiwang Nandi.
8, 9. (a) Ke jang mokanoki mongwe wa Mohindu a sa dumalaneng le thuto ya ga Marshall? (b) Ke maiphako afe ao go ganediwang ka one dilo tseo di sisimogiwang tsa Sehindu le “Bokeresete”? (c) Motheo wa dikwalo tse di boitshepo tsa Sehindu ke ofe?
8 Mokanoki mongwe wa Mohindu ebong Swami Sankarananda ga a dumalane le tlhaloso ya ga Marshall, a tlhalosa ka go re kwa tshimologong matlapa ao a neng a obamelwa, ao mangwe a one a neng a bidiwa Sivalinga, e ne e le ditshwantsho tsa “molelo wa loapi kana letsatsi le molelo wa letsatsi, le marang a letsatsi.” (The Rigvedic Culture of the Pre-Historic Indus) O tlhalosa gore “kobamelo ya tlhakanelodikobo . . . ga e a ka ya simolola e le ya bodumedi. Ke seo se neng sa latela morago. Ke go senyega ga kobamelo ya ntlha. Batho ke bone bao ba lerileng kgopolo eo, eo e leng kwa godimo mo ba sa kgoneng go e tlhaloganya, go ya ka moo ba ka kgonang ka gone.” Fa a ganetsana le go kgala Bahindu ga batho ba Bophirima, o bolela gore, ka go bo Bakeresete ba obamela sefapaano, seo se tshwanang le setshwantsho sa boheitane sa lepele, “Bakeresete . . . ke bone baobamedi ba bagolo ba bodumedi jwa tlhakanelodikobo.”
9 Fa nako e ntse e tsamaya, ditumelo tseno, ditlhamane, le dikinane tsa India di ne tsa kwalwa, mme gompieno ke tsone tseo di bopang dikwalo tse di boitshepo tsa Sehindu. Lemororo dikwalo tseno tse di boitshepo di le dikgolo, ga di kgone go tlhagisa thuto ya motheo e le nngwe fela ya Sehindu.
Dikwalo Tse Di Boitshepo tsa Sehindu
10. Dikwalo dingwe tsa bogologolo tsa Sehindu ke dife?
10 Dikwalo tse dikgologolo go di feta tsotlhe ke Di-Veda, e leng setlhopha sa dithapelo le difela tseo di itsiweng jaaka Rig-Veda, Sama-Veda, Yajur-Veda, le Atharva-Veda. Di ne tsa kwalwa mo makgolong a le mmalwa a dingwaga mme di ne tsa digelwa mo e ka nnang ka 900 B.C.E. Moragonyana Di-Veda di ne tsa okediwa ka mekwalo e mengwe, go akaretsa le Di-Brahmana le Di-Upanishad.
11. (a) Di-Brahmana le Di-Upanishad di farologana jang? (b) Ke dithuto dife tsa motheo tseo di tlhalosiwang ke Di-Upanishad?
11 Di-Brahmana di tlhalosa kafa dingwaokobamelo le ditlhabelo, tsa mo gae mmogo le tsa morafe, di tshwanetseng go dirwa ka gone mme di tlhalosa ka botlalo bokao jo bogolo jwa tsone. Di ne tsa kwalwa go simologa ka 300 B.C.E. kana moragonyana ga foo. Di-Upanishad (seo tota se rayang, “go nna gaufi le morutisi”), tseo gape di itsiweng jaaka Vedanta mme ebile di ne tsa kwalwa mo e ka nnang ka 600-300 B.C.E., ke mabaka ao a tlhalosang lebaka la dikakanyo tsotlhe le ditiro, go ya ka matlhajana a Sehindu. Dithuto tsa motheo tsa samsara (eleng go kgarakgatshega ga moya) le Karma (eleng tumelo ya gore ditiro tseo motho a di dirileng mo botshelong jwa pele ke tsone tseo di dirang gore a bo a le mo seemong se a leng mo go sone sa botshelo) di ne tsa tlhalosiwa mo dikwalong tseo.
12. Rama e ne e le mang, mme polelo kaga gagwe e ka fitlhelwa kae?
12 Setlhopha se sengwe sa dikwalo ke Di-Purana, kana dipolelo tse ditelele tseo di itlhametsweng tseo di nang le ditlhamane tse dintsi tsa Sehindu kaga medimo le medimo ya sesadi mmogo le bagaka ba Bahindu. Dikwalo tse dintsi tseno tsa Sehindu gape di akaretsa dipolelosekamaboko tsa Ramayana le Mahabharata. Polelo ya ntlha ke ya “Morena Rama . . . eleng yo o galalelang go gaisa batho botlhe bao go kwadilweng ka bone mo dibukeng tsa dikwalo tse di boitshepo,” go ya ka A. Parthasarathy. Ramayana ke nngwe ya dikwalo tseo di itsegeng thata tsa Sehindu, eo e kwadilweng bogologolo mo e ka nnang mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E. Ke polelo kaga mogaka Rama, kana Ramachandra, yo Bahindu ba mo tsayang jaaka sekao se se molemo sa morwa, morwarre, le monna. Go dumelwa gore ke Vishnu a le mo avatar (mmele o mosha) ya bosupa, mme gantsi leina la gagwe le dirisiwa jaaka tumediso.
13, 14. (a) Go ya ka motswedi mongwe wa Sehindu, Bhagavad Gita ke eng? (b) Sruti le Smriti di raya eng, mme Manu Smriti ke eng?
13 Go ya ka Bhaktivedanta Swami Prabhupāda, e leng motlhami wa International Society for Krishna Consciousness, “Bhagavad-gītā [karolo ya Mahabharata] ke taolo e kgolo ya boitsholo jo bontle. Ditaolo tsa Bhagavad-gītā di bopa tsamaiso e kgolo ya bodumedi le tsamaiso e kgolo ya boitsholo jo bontle. . . . Taolo ya bofelo ya Gītā ke lefoko la bofelo la boitsholo jotlhe jo bontle le bodumedi eleng: ineeleng go Kṛṣṇa [Krishna].”—BG.
14 Bhagavad Gita (eleng Sefela sa Selegodimo), seo bangwe ba se tsayang jaaka “sekgantshwana sa botlhale jwa semoya jwa India,” ke puisano ya kwa lefelong la botlhabanelo “gareng ga Morena Śrī Kṛṣṇa [Krishna], eleng Modimo O Mogolo mo Borarong, le Arjuna, tsala ya Gagwe e kgolo le yo a ineetseng mo go Ene, Yo o mo nayang ditaolo tsa boitseanape jwa go ikgotsofatsa.” Lefa go ntse jalo, Bhagavad Gita ke karolo e le nngwe fela ya dibuka tse dintsi tse di boitshepo tsa Sehindu. Dingwe tsa dikwalo tseno (Di-Veda, Di-Brahmana, le Di-Upanishad) di tsewa jaaka Sruti, kana “mafoko a a utlwilweng,” mme ka jalo di tsewa e le dikwalo tse di boitshepo tse di senotsweng jaaka di ntse. Tse dingwe, tse di tshwanang le dipolelosekamaboko tsa Purana, ke Smriti, kana “mafoko a a gakologelwang,” mme ka gone di kwadilwe ke bakwadi ba batho, lemororo ba ne ba kwala go ya ka seo ba se senoletsweng. Sekai se sengwe ke Manu Smriti, eo e tlhalosang bodumedi jwa Sehindu le molao wa loago, mo godimo ga go tlhalosa motheo wa thulaganyo ya go kgaoganya batho ka mephato. Ditumelo tse dingwe tseo di simologileng mo dikwalong tseno tsa Sehindu ke dife?
Dithuto le Boitshwaro—Ahimsa le Varna
15. (a) Tlhalosa ahimsa, o bo o tlhalose kafa Ba-Jain ba e dirisang ka gone. (b) Gandhi o ne a leba ahimsa jang? (c) Ba-Sikh ba farologana jang le Bahindu le Ba-Jain?
15 Mo Sehindung, fela jaaka mo ditumelong tse dingwe, go na le ditumelo tse dingwe tsa motheo tseo di tlhotlheletsang go akanya le boitshwaro jwa letsatsi le letsatsi. E e tlhomolosegileng ke ya ahimsa (ahinsa ka Se-Sanskrit), kana go sa thubakanyeng, eo Mohandas Gandhi (1869-1948), yo o itsiweng jaaka Mahatma, a neng a itsege thata ka yone. (Bona lebokoso, tsebe 113.) Mo motheong wa thuto eno, Bahindu ga ba a tshwanela go bolaya kana go lwa le dibopiwa tse dingwe, seo e leng lengwe la mabaka a go bo ba sisimoga diphologolo dingwe, tse di tshwanang le dikgomo, dinoga, le dikgabo. Dikao tse dikgolo tsa thuto eno ya ahimsa le go tlotla botshelo ke baobamedi ba Bo-Jain (joo bo ileng jwa thaiwa mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E.), bao ba tsamayang ba sa rwala ditlhako ba bile ba ipipile difatlhego e le gore ba tle ba seka ba metsa ditshenekegi dipe fela ka kotsi. (Bona lebokoso, tsebe 104, le setshwantsho, tsebe 108.) Phapaanong le seo, Ba-Sikh ba itsege ka tlwaelo ya bone ya go lwa, mme Singh, eleng sefane se se tlwaelegileng gareng ga bone, se raya tau.—Bona lebokoso, ditsebe 100-101.
16. (a) Bontsi jwa Bahindu ba leba jang tsamaiso ya go kgaoganya batho ka mephato? (b) Gandhi o ne a reng kaga tsamaiso ya go kgaoganya batho ka mephato?
16 Karolo e e itsegeng lefatshe ka bophara ya Bohindu ke ya varna, kana tsamaiso ya go kgaoganya batho ka mephato, eo e kgaoganyang batho ka ditlhopha mo ba sa dirisaneng ka gope le ba ditlhopha tse dingwe. (Bona lebokoso, le le go tsebe 113.) Motho o ka gakgamadiwa ke go bo batho ba Bahindu ba santse ba kgaogane ka tsamaiso eno, lemororo Babuda le Ba-Jain ba e gana. Lefa go ntse jalo, fela jaaka go kgetholola batho ka lotso le mmala go santse go le teng kwa United States le mo mafelong a mangwe, jalo ka tsela e e tshwanang tsamaiso ya go kgaoganya batho ka mephato e santse e nwetse thata mo mogopolong wa Moindia. Ka tsela nngwe ke mokgwa wa go tlhaola batho ka maemo oo, ka tsela e e tshwanang, o santseng o ka fitlhelwa le gompieno ka selekanyo se se botlana mo bathong ba Boritane le mafatshe a mangwe. (Yakobe 2:1-9) Ka gone, mo India motho o tsalelwa mo tsamaisong ya go kgaoganya batho ka mephato eo mo go yone batho ba sa dirisaneng ka gope le ba bangwe, mme go batla go sena kafa motho a ka fetolang seo ka gone. Mo godimo ga moo, Mohindu wa maemo a a tlwaelesegileng ga a batle kafa a ka fetolang seo ka gone. O tsaya gore seo ke botshelo joo a bo laoletsweng go le pele, joo a sa kakeng a bo re sepe, joo e leng phelelo ya ditiro tsa gagwe tsa go nna gone ga gagwe ga pele, kana Karma. Mme tsamaiso eno ya go kgaoganya batho ka mephato e simologile jang? Gape re tlamega go leba kwa ditlhamaneng tsa Sehindu.
17, 18. Go ya ka ditlhamane tsa Sehindu, tsamaiso eno ya go kgaoganya batho ka mephato e ne ya simologa jang?
17 Go ya ka ditlhamane tsa Sehindu, kwa tshimologong go ne go na le mephato e megolo e le menè eo e neng e thailwe mo dikarolong tsa mmele wa ga Purusha, e leng rabatho wa ntlha. Difela tsa Rig-Veda di tlhalosa jaana:
“Fa ba ne ba kgaoganya Purusha ba ne ba dira dirwe di le kae?
Ba bitsa molomo wa gagwe eng, matsogo one? Ba bitsa dirope tsa gagwe le maoto eng?
Brahman [eleng mophato o o kwa godimo ga yotlhe] e ne e le molomo wa gagwe, mme ka mabogo a gagwe oo mabedi go ne ga dirwa Rajanya.
Dirope tsa gagwe e ne ya nna Vaisya, ka maoto a gagwe go ne ga dirwa Sudra.”—The Bible of the World.
18 Ka gone, Ba-Brahman ba baperisiti, bao e leng mophato o o kwa godimo, go bolelwa fa ba ne ba tswa mo molomong wa ga Purusha, e leng serwe se se kwa godimo. Setlhopha sa babusi, kana sa batlhabani (Kshatriya kana Rajanya) se ne se tswa mo mabogong a gagwe. Setlhopha sa babapatsi kana balemi, seo se bidiwang Vaisya, kana Vaishya, se tswa mo diropeng tsa gagwe. Mophato wa maemo a a kwa tlase, eleng Sudra, kana Shudra, e leng setlhopha sa babereki, se ne sa tswa mo serweng se se kwa tlase sa mmele, eleng maoto a gagwe.
19. Ke ditlhopha dife tse dingwe tseo di neng tsa simololwa?
19 Go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga go ne ga simologa le eleng mephato ya maemo a a kwa tlase, balatlhiwa kana Basaamiweng, kana Baharijan, jaaka Mahatma Gandhi a ne a ba bitsa ka bopelonomi, kana “batho bao e leng ba modimo Vishnu.” Lemororo go dira batho bangwe ba setlhopha sa bao ba sa amiweng e le selo seo se sa bolong go ilediwa go ya kafa molaong fa e sale ka 1948 mo India, Basaamiweng ba santse ba tshela botshelo jo bo bokete.
20. Dikarolo tse dingwe tsa tsamaiso ya go kgaoganya batho ka mephato ke dife?
20 Fa nako e ntse e tsamaya, mephato e ne ya ntsifala go lepalepana le mo e ka nnang tiro nngwe le nngwe e e rutetsweng le ya diatla mo bathong ba Baindia. Tsamaiso eno ya bogologolo ya go kgaoganya batho ka mephato, eo e dirang gore motho mongwe le mongwe a nne mo maemong a gagwe mo loagong, tota ke ya go kgaoganya batho ka lotso le mmala gape “e akaretsa go kgaoganya batho ka masika a ditso le mebala go simolola ka Ba-Aryan [ba basweunyana] go ya go batho [ba bantshonyana] bao ba neng ba le teng pele ga Ba-Dravidian.” Varna, kana mophato le raya mmala. “Mephato ya ntlha e meraro e ne e le ya Ba-Aryan, eleng batho ba basetlhana thata; mophato wa bonè, oo e neng e le wa batho ba ntlha ba mmala o montshonyana, e ne e le wa batho bao e neng e se Ba-Aryan.” (Myths and Legends Series—India, ka Donald A. Mackenzie) Ke selo seo se itsegeng mo botshelong jwa Se-India gore tsamaiso ya go kgaoganya batho ka mephato, eo e tiisiwang ke thuto ya bodumedi ya Karma, e dirile gore batho ba le bantsi ba nnele ruri mo khumanegong ba bo ba siamololelwe.
Modikologo o o Khidiang wa Botshelo
21. Go ya ka Garuda Purana, Karma e ama bowelo jwa motho jang?
21 Tumelo e nngwe ya motheo eo e amang boitsholo le boitshwaro jwa Bahindu, eo ebileng e le ya botlhokwa thata, ke thuto ya Karma. Seno ke molaomotheo wa gore tiro nngwe le nngwe e na le diphelelo tsa yone, di siame kana di sa siama; e laola gore botshelo bongwe le bongwe jwa moya o o fudugileng fa motho a tlhokafala kana o le mo mmeleng o sele bo tla nna jang. Jaaka Garuda Purana e tlhalosa:
“Motho ke ene yo o ipopelang phelelo ya gagwe, mme le eleng fa a santse a tshela mo sebopelong sa ga mmaagwe o amiwa ke mofuta wa ditiro tseo a neng a di dira mo botshelong jwa gagwe jwa pele. Ekane a nna mo lefelong le le kgakala kwa bothokong kana a itapolositse kwa tlase mo lewatleng, ekane a babalesegile mo diropeng tsa ga mmaagwe kana a mo tsholeleditse kwa godimo ga tlhogo ya gagwe, motho ga a kake a tila diphelelo tsa ditiro tsa gagwe tsa pele. . . . Sepe fela seo se tshwanetseng go diragalela motho ka ngwaga o o rileng kana nako ruri se tla mo diragalela ka yone nako eo le ka letsatsi leo.”
Garuda Purana e tswelela jaana:
“Kitso eo motho a e bapetseng mo botshelong jwa gagwe jwa pele, khumo eo a neng a e aba ka bopelotshweu mo botshelong jwa gagwe jwa pele, le ditiro tseo a neng a di dira mo botshelong jwa gagwe jwa pele a le mo mmeleng o sele, di etelela moya wa gagwe pele fa one o santse o ikhuditse golo gongwe.”
22. (a) Go na le pharologanyo efe gareng ga mafelo ao moya o ka yang kwa go one morago ga loso go ya ka Sehindu le go ya ka Labodumedi? (b) Bibela e ruta eng kaga moya?
22 Tumelo eno e thaegile mo go eng? Go sa sweng ga moya ke selo sa motheo mo thutong ya Karma, mme Karma ke yone eo e dirang gore pono ya Bahindu ya moya e farologane le ya Labodumedi. Bahindu ba dumela gore moya wa motho mongwe le mongwe, jīva kana prān,b o tshela o le mo mebeleng e le mentsi mme gongwe o bo o felele o le mo “diheleng.” O tshwanetse go lekela go kopana le “Mogodimodimo,” yoo gape a bidiwang Brahman, kana Brahm (yo go sa tshwanelang ga tsewa gore ke modimo wa Bahindu Brahma). Mo letlhakoreng le lengwe, dithuto tsa motheo tsa Labodumedi di bolela gore moya o ka nna wa ya kwa legodimong, kwa diheleng, kwa pakatoring, kana le eleng Limbo, go ikaegile ka gore motho o ne a dumela go le kana kang.—Moreri 9:5, 6, 10; Pesalema 146:4.
23. Karma e ama jang pono ya Bahindu kaga botshelo? (Bapisa Bagalatia 6:7-10.)
23 Ka baka la Karma, Bahindu ba na le go dumela mo tumelong ya taolelogale. Ba dumela gore seemo sa botshelo le maemo ao motho a leng mo go one jaanong a bakiwa ke botshelo jwa gagwe jwa pele mme ka gone a a mo tshwanela, a ka tswa a le molemo kana a le bosula. Mohindu o ka leka go nna le rekoto e e botoka e le gore botshelo jwa gagwe jo bo tlang bo seka jwa nna maswe thata. Ka gone, o amogela kwantle ga ngongorego epe seemo se a leng mo go sone mo botshelong go na le motho wa Bophirima. Mohindu o leba seo sotlhe e le phelelo ya molao wa gore tiro nngwe le nngwe e nna le phelelo ya yone malebana le botshelo jwa gagwe jwa pele. Ke molaomotheo wa gore motho o roba seo a se jetseng mo botshelong joo go dumelwang gore o ne a bo tshela pele. Legale, seno sotlhe se thailwe mo tumelong ya gore motho o na le moya o o sa sweng o o fetelang mo botshelong jo bongwe, e ka tswa e le jwa motho yo mongwe, jwa phologolo, kana jwa dimedi.
24. Moksha ke eng, mme Bahindu ba dumela gore e ka bonwa jang?
24 Jalo, ke eng seo e leng mokgele o mogolo go ya ka tumelo ya Sehindu? Ke go bona moksha, seo se rayang kgololesego kana go gololwa, mo modikologong o o sa kgaotseng wa go tsalwa sesha le go tshela o le mo dipopegong tse di farologaneng. Ka jalo, ke go falola ga “moya,” e seng ga mmele, go tshela o le mo mmeleng o sele. “Ereka moksha, kana go gologa mo tlhatlhamanong e telele ya go tshela o le mo mmeleng o sele, e le mokgele wa Mohindu mongwe le mongwe, tiragalo e kgolo mo botshelong jwa gagwe tota ke loso lwa gagwe,” go tlhalosa jalo moakgedi mongwe. Moksha e ka bonwa ka go latela di-marga, kana ditsela tse di farologaneng. (Bona lebokoso, tsebe 110.) Ao tlhe, abo thuto eno ya bodumedi e nyalana jang ne le tumelo ya bogologolo ya Bababelona ya go sa sweng ga moya!
25. Pono ya Bahindu ka botshelo e farologane jang le pono ya Bibela?
25 Lefa go le jalo, go ya ka Bibela, go tseela kwa tlase botshelo jwa senama le go bo nyatsa go kgatlhanong gotlhelele le boikaelelo jwa ga Jehofa Modimo ka batho jwa kwa tshimologong. Fa a ne a bopa batho ba ntlha ba babedi, o ne a ba abela botshelo jo bo itumedisang, jo bo ipedisang jwa selefatshe. Pego ya Bibela e re bolelela jaana:
“Me Modimo oa tlhōla motho mo chwanoñ ea ōna tota, oa mo tlhōla mo chwanoñ ea Modimo; oa ba tlhōla nona le tshadi. Me Modimo oa ba segōhatsa; me Modimo oa ba raea, oa re, Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatse, lo le henyè; me lo laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le señwe le señwe se se tshedileñ se se tsamaeañ mo lehatshiñ. . . . Me Modimo oa bōna señwe le señwe se o se dihileñ, me, bōnañ, ga bo go le molemō thata.” (Genesise 1:27-31)
Bibela e bolelela pele gore mo nakong e e gaufi go tla nna le kagiso le tshiamiso mo lefatsheng, eleng motlha oo lelapa lengwe le lengwe le tla nnang le bonno jwa lone jo bontle mo go one, le o motho o tla ipelelang botsogo jo bo itekanetseng le botshelo ka bosakhutleng.—Isaia 65:17-25; 2 Petere 3:13; Tshenolō 21:1-4.
26. Ke potso efe eo jaanong e tlhokang go arabiwa?
26 Potso e e latelang e e tshwanetseng go arabiwa ke, Medimo eo Mohindu a tshwanetseng go e itumedisa gore a tle a bone Karma e e molemo ke efe?
Medimo e Mentsintsi ya Sehindu
27, 28. (a) Ke medimo efe eo e dirang Trimurti ya Sehindu? (b) Basadi kana balekane ba bone ke bomang? (c) Bolela mengwe ya medimo le medimo ya sesadi ya Sehindu.
27 Lemororo Bahindu ba ka nna ba bolela gore ba obamela dimilione tsa medimo, totatota go na le medimo mengwe eo ba e ratang eo e leng yone e megolo mo makokong a a farologaneng a Sehindu. Medimo e meraro ya e e kwa godimo e akaretsa eo Bahindu ba e bitsang Trimurti, e leng tharonngwe, kana medimo e meraro.—Go bona medimo e mengwe ya Sehindu, bona lebokoso, ditsebe 116-17.
28 Medimo e meraro eo ke Brahma eleng Mmopi, Vishnu eleng Mmoloki, le Siva eleng Mosenyi, mme mongwe le mongwe wa yone o na le bobotlana mosadi a le mongwe fela kana molekane. Brahma o nyetse Saraswati, eleng modimo wa sesadi wa kitso. Mosadi wa ga Vishnu ke Lakshmi, fa mosadi wa ntlha wa ga Siva e ne e le Sati, yo o neng a ipolaya. E ne e le mosadi wa ntlha go tsena mo molelong wa go intsha setlhabelo, mme ka gone a nna motho wa ntlha yo o neng a ija ka molelo o o neng o fisa setopo sa monna wa gagwe. Morago ga sekao sa gagwe seo eleng tlhamane fela, diketekete tsa batlholagadi ba Bahindu ba ile ba intsha setlhabelo go kgabaganya makgolokgolo a dingwaga ka go ija ka molelo o o fisang ditopo tsa banna ba bone, lemororo tlwaelo eno jaanong e sa tlhole e letlelelwa kafa molaong. Siva o na le mosadi yo mongwe gape yo o neng a na le maina a mantsi le direto. Fa a le mo sebopegong sa motho yo o molemo, o bidiwa Parvati kana Uma, mmogo le Gauri, Yo o Molemo. Fa a bidiwa Durga kana Kali, ke modimo wa sesadi yo o boifisang.
29. Brahma o lebiwa jang ke Bahindu? (Bapisa Ditihō 17:22-31.)
29 Brahma, lemororo e le ene yo mogolo mo ditlhamaneng tsa Sehindu, ga a na maemo a botlhokwa mo kobamelong ya Mohindu wa maemo a a tlwaelesegileng. Ebile tota ke ditempele di sekae fela tseo a di itshekiseditsweng, lemororo a bidiwa Brahma Mmopi. Lefa go le jalo, go ya ka ditlhamane tsa Sehindu motho yo o tlhodileng lobopo lo lo bonalang ke mogodimodimo, motswedi, kana motho Brahman, kana Brahm, yo o tlhaolwang ka ditlhaka tse di boitshepo OM kana AUM. Go dumelwa fa maloko otlhe a mararo a medimo e meraro eno e le karolo ya “Setshedi” seo, mme medimo e mengwe yotlhe e tsewa jaaka dipopego tse di farologaneng tsa sone. Ka gone e ka tswa e le modimo ope fela o o obamelwang jaaka mogodimodimo, go akanngwa fa modimo oo e le o o e akaretsang yotlhe. Jalo lemororo Bahindu phatlalatsa ba obamela dimilione tsa medimo phatlalatsa, bontsi jwa bone ba dumela mo Modimong o le mongwe fela fela wa boammaaruri, o o ka nnang le dipopego tse dintsi: ya nna monna, mosadi, kana le eleng phologolo. Ka jalo, bakanoki ba Bahindu ba na le go lemotsha ka bofefo fela gore Bahindu tota ba dumela mo modimong o le mongwe fela, gore ga ba dumele mo medimong e le mentsi. Lefa go ntse jalo, kakanyo ya moragonyana ya Ma-Veda e ne ya latlha tumelo ya gore go na le mogodimodimo, a e emisetsa ka modimo mongwe o eseng motho kana setshedi.
30. Di-avatar tse dingwe tse disha tsa ga Vishnu ke fa e le mang?
30 Vishnu, modimo yo o molemo wa letsatsi le lobopo, ke ene yo o obamelwang thata ke balatedi ba Bo-Vaishnavism. O bonala ka di-avatar tse some, kana a le mo mmeleng o mosha ga some, go akaretsa le Rama, Krishna, le Buddha.c Avatar o mongwe o mosha wa gagwe ke fa a le Vishnu Narayana, “yo o tshwantshiwang e le motho a robetse fa gare ga noga e e ikgarileng ebong Shesha kana Ananta, yo o kokobetseng fa godimo ga metsi a mantsi a na le mosadi wa gagwe, ebong modimo wa sesadi Lakshmi, yo o ntseng fa maotong a gagwe fa modimo Brahma a tlhaga mo setlhatshaneng sengwe sa metsi seo se tlhogileng mo mohubung wa ga Vishnu.”—The Encyclopedia of World Faiths.
31. Siva ke modimo wa mofuta ofe?
31 Siva, yo gape a bidiwang Mahesha (Morena Mogodimodimo) le Mahadeva (Modimo o Mogolo), ke modimo wa bobedi o mogolo wa Sehindu, mme kobamelo ya gagwe e bidiwa Bo-Saiva. O tlhalosiwa jaaka “moitlami yo mogolo, motshameki yo mogolo wa yoga yoo o ntseng a tlhatlhanyetsa kwa teng a le mo mekgokoloseng ya dithaba tsa Himalaya, mmele wa gagwe o tshasitswe melora mme moriri wa gagwe o marilwe ka mmopa.” Gape o itsege ka “go rata tlhakanelodikobo, jaaka yo o lereng tsalo le morena yo mogolo wa lobopo, Mahadeva.” (The Encyclopedia of World Faiths) Siva o obamelwa ka lingam, kana setshwantsho sa lepele.—Bona ditshwantsho, tsebe 99.
32. (a) Modimo wa sesadi Kali o na le dipopego dife? (b) Ke jang lefoko lengwe la Seesemane le ileng la tsewa mo kobamelong ya gagwe?
32 Fela jaaka ditumelo tse dintsi tse dingwe tsa lefatshe, Bohindu bo na le modimo wa sesadi yo mogolo, yo o ka nnang yo montle kana a boifisa. Fa a le mo sebopegong se se itumedisang, o itsiwe jaaka Parvati le Uma. Fa a le mo bothong jwa gagwe jo bo boifisang o tshwantshiwa e le Durga kana Kali, eleng modimo wa sesadi yo o nyoretsweng madi yo o itumelelang ditlhabelo tsa tshololomadi. Jaaka Modimo wa sesadi yo eleng Mmè, Kali Ma (Mma Lefatshe yo Motshwana), ke ene modimo o mogolo wa lekoko la Shakti. O tshwantshiwa a sa tswala go ya go fitlha fa dinokeng mme a ikgabisitse ka ditopo, dinoga, le magata. Mo nakong e e fetileng, o ne a neelwa batho bao ba neng ba bolailwe ka go sokelediwa melala ke badumedi bao ba neng ba bidiwa thugi, eleng lefoko leo lefoko la Seesemane “thug” (Setswana, sekebekwa) le tswang mo go lone.
Bohindu le Noka ya Ganges
33. Ke ka ntlhayang fa Ganges e le boitshepo mo Bahindung?
33 Ga re kake ra bua ka medimo e mentsi ya Bohindu kwantle ga go umaka noka ya jone e e itshepileng thata—ebong Ganges. Bontsi jwa ditlhamane tsa Sehindu di amana ka tlhamalalo le noka ya Ganges, kana Ganga Ma (Mmè Ganga), jaaka Bahindu ba ba ineetseng ba e bitsa. (Bona mmapa, tsebe 123.) Ba rapela ka tlhogo thapelo eo e nang le maina a le 108 a a farologaneng a noka eo. Ke ka ntlhayang fa Ganges e tlotliwa mo go kalo ke Bahindu ba ba peloephepa? Ka gonne e amana fela thata le botshelo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi le ditlhamane tsa bone tsa bogologolo. Ba dumela gore pele e ne e le kwa legodimong e le Milky Way. Jaanong go tlile jang gore e nne noka?
34. Go ya ka ditlhamane tsa Sehindu, tlhaloso nngwe ya kafa noka ya Ganges e simologileng ka gone ke efe?
34 Lefa go na le dipharologanyo dingwe bontsi jwa Bahindu ba tlhalosa seo jaana: Maharajah Sagara o ne a na le barwa ba le 60 000 bao ba neng ba bolawa ke molelo wa ga Kapila, eleng sebopego sengwe sa ga Vishnu. Meya ya bone e ne ya atlholelwa go ya kwa diheleng kwantle ga fa modimo wa sesadi Ganga a ne a ka fologa go tswa kwa legodimong go tla go ba phepafatsa le go ba golola mo phutsong ya bone. Bhagīratha, ebong setlogolwana sa ga Sagara, o ne a ba buelela mo go Brahma gore a letlelele Ganga yo o boitshepo go fologela mo lefatsheng. Polelo nngwe e tswelela jaana: “Ganga a fetola. ‘Ke noka e kgolo mo ke ka kgonang go senya metheo yotlhe ya lefatshe.’ Jalo, [Bhagīratha] morago ga a sena go dira ditiro tsa go kopa boitshwarelo ka dingwaga di le sekete, o ne a ya go modimo Shiva, eleng moitlami yo mogolo go ba feta botlhe, mme a mo kopa gore a tlhatlogele kwa godimo ga lefatshe a ye go ema fa gare ga matlapa otlhe le kapoko ya dithaba tsa Himalaya. Moriri wa tlhogo ya ga Shiva o ne o marilwe ka mmopa, mme o ne a letlelela Ganga go duma a le kwa legodimong gore modumo wa gagwe o utlwale mo moriring wa gagwe, oo o neng wa kometsa bonolo fela modumo o o neng o tshosetsa lefatshe o o tshosang. Go tswa foo Ganga o ne a elelela ka bonolo mo lefatsheng mme a elela go tswa kwa dithabeng go kgabaganya dipowa, a lere metsi mme ka jalo a lere botshelo mo lefatsheng le le omeletseng.”—From the Ocean to the Sky, ka Sir Edmund Hillary.
35. Baobamedi ba ga Vishnu ba tlhalosa jang go nna gone ga noka eo?
35 Baobamedi ba ga Vishnu ba na le tlhaloso e e batlang e farologane ya kafa Ganges e neng ya simololwa ka gone. Go ya ka mokwalo wa bogologolo, eleng Vishnu Purana, tlhaloso ya bone e ntse jaana:
“Noka Ganges, eo e nyeletsang boleo jotlhe, e tswa lefelong leno [eleng bonno jo bo itshepileng jwa ga Vishnu] . . . E tswa mo lenaleng la monwana wa kgonope wa leoto la molema la ga Vishnu.”
Kana jaaka baobamedi ba ga Vishnu ba bua ka Se-Sanskrit: “Visnu-padabja-sambhuta,” seo se rayang “Eo e tswang mo lenaong le eketeng setlhatshana sa metsi la ga Vishnu.”
36. Bahindu ba dumela eng kaga maatla a metsi a Ganges?
36 Bahindu ba dumela gore Ganges e na le maatla a go golola, go ntlafatsa, go phepafatsa, le go alafa badumedi. Vishnu Purana e tlhalosa jaana:
“Baitshepi, bao ba ntlafadiwang ka go tlhapa mo metsing a noka eno, le bao megopolo ya bone e ineetseng mo go Kesava [Vishnu], labofelo ba bona kgololesego. Noka e e boitshepo eno, fa e utlwalelwa, e elediwa, e bonwa, e amiwa, go tlhapiwa mo go yone, kana go opelwa ka yone, letsatsi le letsatsi e ntlafatsa ditshedi tsotlhe. Mme fa le eleng bao ba nnang kgakala le yone . . . ba khutsa ka go re ‘Ganga le Ganga’ ba gololwa mo boleong joo ba bo dirileng mo matshelong a bone a mararo a a fetileng.”
The Brahmandapurana e tlhalosa jaana:
“Ganga O kgona go sireletsa merafe ya bao ba tlhapang gangwe fela mo metsing a gagwe a a elelang a a phepa ka bopeloephepa mo diphatseng di le dintsi thata. Bosula joo bo nnileng jwa nna jwa dirwa mo dikokomaneng di le dintsi bo a nyelediwa. Ka go tlhapa fela mo go Ganga motho o ntlafadiwa gone fela foo.”
37, 38. Ke ka ntlhayang fa dimilione tsa Bahindu ba tshologela kwa Ganges?
37 Ba-India ba ologela kwa nokeng eno go ya go dira puja, kana kobamelo, ka go ntsha ditšhese, go opela dithapelo, le go tshwaiwa ka tilak ke moperesiti, eleng letshwao la mmopa o mohibidu kana o mosetlha mo diphatleng tsa bone. Mme go tswa foo ba bo ba gobua mo metsing ba tlhapa. Ba le bantsi gape ba nwa metsi ano, lemororo a na le leswe le lentsi la mantle, dikhemikhale, le ditopo. Lefa go le jalo batho ba na le lorato lo logolo lwa semoya mo go Ganges mo eleng gore keletso ya dimilione tsa Ba-India ke go tlhapa bobotlana gangwe fela mo ‘nokeng e e boitshepo’ ya bone, go sa kgathalesege gore a e na le leswe le lentsi kana nnyaa.
38 Ba bangwe ba lere mebele ya baratiwa ba bone go ya go e fitlha ka go e ja ka molelo mo godimo ga mokowa wa dikgong go bapa le noka, mme go tswa foo ba bo ba ka nna ba latlhela melora ya yone mo nokeng eo. Ba dumela gore seno se tlhomamisa gore moya o o ba tlogetseng o tla tshela botshelo jo bo itumedisang ka bosakhutleng. Bao ba humanegileng mo ba sa kakeng ba kgona go duelela dikgong tsa phitlho ba kgarameletsa mebele e e phuthetsweng eo fela mo nokeng eo, koo e jewang ke dinonyane tse di jang nama kana e bolele gone fela. Seno se re tlisa mo potsong ya go re, Mo godimo ga seo re setseng re se sekasekile, thuto ya Sehindu e ruta eng kaga botshelo morago ga loso?
Bohindu le Moya
39, 40. Moakgedi mongwe wa Mohindu a reng kaga moya?
39 Bhagavad Gita e neela karabo fa e bolela jaana:
“Fela jaaka moya o o apereng nama o nnela go kgabaganya, o le mo mmeleng ono, go tswa bosimaneng go ya bokaung, mme go tswa foo go ya botsofeng, ka tsela e e tshwanang moya o kgabaganyetsa mo mmeleng o mongwe fa motho a swa.”—Kgaolo 2, temana 13.
40 Kakgelo nngwe ya Sehindu malebana le temana eno e tlhalosa ka go re: “Ereka setshedi sengwe le sengwe e le moya ka bosone, sengwe le sengwe se fetola mmele wa sone nako nngwe le nngwe, fa gongwe se bonala jaaka ngwana, fa gongwe jaaka mosha, mme fa gongwe jaaka monnamogolo—lemororo se santse se na le maatla a moya ebile one a sa fetoge. Kwa bokhutlong moya o ka boone o fetola mmele wa one, o fuduga go tswa mo go o mongwe go ya go o mongwe, mme ereka go tlhomamisega gore o tla nna le mmele o mongwe mo go tsalweng sesha ga one mo go latelang—e ka tswa e le wa senama kana wa semoya—Arjuna o ne a sa tshwanela go hutsafala fa motho a ne a tlhokafala.”
41. Go ya ka Bibela, go tshwanetse ga farologanngwa eng mabapi le moya?
41 Elatlhoko gore kakgelo eo e tlhalosa gore “setshedi sengwe le sengwe ke moya ka bosone.” Jaanong mafoko ao a dumalana le seo Bibela e se bolelang mo go Genesise 2:7:
“Me Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; me motho a dihèga mōea o o tshedileñ.”
Mme go tshwanetse ga dirwa pharologanyo ya botlhokwa fano: A motho ke moya o o tshedileng ka ditiro tsotlhe tsa gagwe le dikakanyo, kana a o na le moya o o sa amaneng le ditiro tsa mmele wa gagwe? A motho ke moya, kana a o na le moya? Tsopolo e e latelang e phepafatsa kgopolo eo ya Sehindu.
42. Bohindu le Bibela di farologana jang malebana le kutlwisiso kaga moya?
42 Kgaolo 2, temana 17, ya Bhagavad Gita e tlhalosa jaana:
“Seo se leng mo mmeleng otlhe wa motho ga se kake sa kgona go senngwa. Ga go na motho ope yo o ka kgonang go senya moya o o sa kakeng wa nyelediwa.”
Temana eo he e tlhalosiwa jaana:
“Mmele mongwe le mongwe o na le moya wa one, mme go dumelwa gore bosupi jwa gore o na le moya ke go bo motho a kgona go ikutlwa.”
Ka gone, lemororo Bibela e tlhalosa gore motho ke moya, thuto ya Sehindu e tlhalosa gore o na le moya. Mme go na le pharologanyo e kgolo fano eo e amang dithuto tseo di bakileng dipono tseno fela thata.—Lefitiko 24:17, 18.
43. (a) Thuto ya go sa sweng ga moya e simologile kae? (b) Diphelelo tsa yone ke dife?
43 Kwa bokhutlong go lemogiwa fa thuto ya go sa sweng ga moya e tswa kwa pitseng ya bogologolo ya kitso ya bodumedi ya kwa Babelona wa bogologolo. Ka mo go utlwalang e gogela mo diphelelong tsa ‘botshelo morago ga loso’ tseo di rutwang mo dithutong tsa ditumelo di le dintsi fela thata—eleng go tsalwa sesha o le mo mmeleng o sele, legodimo, dihele, pakatori, Limbo, jalo le jalo. Fa e le ka Mohindu, legodimo le dihele ke mafelo a go ikhutsa ka bokhutshwane pele ga moya o fetela mo botshelong jwa one jo bo latelang o le mo mmeleng o sele. Seo se kgatlhisang fela thata ke kgopolo ya Sehindu kaga dihele.
Thuto ya Sehindu ya Dihele
44. Re itse jang gore Bohindu bo ruta gore go na le dihele tseo batho ba tlhokofadiwang mo go tsone ba ikutlwa?
44 Temana nngwe ya Bhagavad Gita e tlhalosa jaana:
“Fa batho ba roba melao ya lelapa, Janārdana, he eleruri ba tla nna mo diheleng.”—I.44, Harvard Oriental Series, Vol. 38, 1952.
Kakgelo nngwe ya re: “Bao ba dirang boleo jo bogolo mo botshelong jwa bone jwa selefatshe ba tshwanela go otlhaiwa ka dikotlhao tsa mefuta e e farologaneng mo dipolaneteng tsa sekadihele.” Lefa go ntse jalo, go na le pharologanonyana nngwe ka tlhokofatso ya bosakhutleng ya kwa diheleng ya Labodumedi: “Kotlhao eno . . . ga se ya bosakhutleng.” He, tota dihele tsa Sehindu ke eng?
45. Ditlhokofatso tsa dihele tsa Sehindu di tlhalosiwa jang?
45 Mo mafokong a a latelang go tlhalosiwa phelelo ya moleofi, e e tswang mo go Markandeya Purana:
“Go tswa foo barongwa ba ga Yama [modimo wa baswi] ka bofefo fela ba mo haka ka dikgoge tse di boitshegang ba bo ba mo gogagogela kwa borwa, a roroma fa a ntse a itewa ka dithupa. Go tswa foo o gogagogwa ke barongwa ba ga Yama, a ntse a goa ka selelo se se boifisang, se se amang pelo a tsamaya mo mmung o o tletseng Kusa [setlhatshana], mitlwa, diolo, bonnale le matlapa, oo o tlang o nna le dikgabo tsa molelo mo mafelong a mangwe, go na le dikhuti gongwe le gongwe, o goteditswe ke mogote wa letsatsi ebile o tukisiwa ke marang a lone. Ereka motho yo o leofileng a gogagogwa ke barongwa ba ba boifisang a ba a jewa ke makgolokgolo a bophokoje, pele ga a goroga kwa ntlong ya ga Yama o a bo a fetile ka dilo tse di boifisang. . . .
“Fa mmele wa gagwe o jewa ka molelo o utlwa botlhoko jo bogolo jwa go sha; mme fa mmele wa gagwe o itewa kana o segwa ka sengwe o utlwa botlhoko jo bogolo.
“Ereka mmele wa gagwe o senngwa ka tsela e, sebopiwa seno, lemororo se le mo mmeleng o mongwe, se nna mo matlhotlhapelong a goyagoile ka baka la ditiro tsa gagwe tse di sa siamang. . . .
“Mme gore dibe tsa gagwe di phimolwe o isiwa kwa diheleng tse dingwe tse di ntseng jalo. Morago ga moleofi yoo a sena go tsena mo diheleng tseo tsotlhe o fetoga phologolo. Mme e re a sena go tshela jaaka seboko, tshenekegi, le ntshi, sebatana se se jang nama, nta, tlou, setlhare, pitse, kgomo, le matshelo a mangwe a a sa siamang a boleo a matlhotlhapelo, e re a tla mo lotsong lwa motho, a bo a tsholwa a na le serota, kana jaaka motho yo o maswe kana jaaka lemponyemponye kana Chandala Pukkasa.”
46, 47. Bibela ya reng malebana le boemo jwa baswi, mme ke diphetso dife tseo re ka di dirang?
46 Bapisa seo le seo Bibela e se bolelang kaga baswi:
“Gonne batshedi baa itse ha ba tla shwa: mme bashwi ga ba itse sepè, le gōna ga ba tlhole ba na le tuèlō; gonne kgakologèlō ea bōnè e lebecwe. Go le loratō loa bōnè, le kilō, le bopelotshètlha, yanoñ go nyeletse gotlhe hèla; le gōna ga ba tlhole ba na le kabèlō epè ka bosakhutleñ mo go señwe se se dihwañ tlhatse ga letsatsi. Se seatla sa gago se se bōnañ go se diha, u se dihè hèla ka nonohō ea gago, gonne ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ, kwa u eañ gōna.”—Moreri 9:5, 6, 10.
47 Legale, fa e le gore jaaka Bibela e bolela, motho ga a na moya mme gore ke moya, he go raya gore ga a na go ikutlwa gope morago ga a sena go tlhokafala. Ga go na botshelo bope jo bo itumedisang, ebile ga a boge ka gope. Dilo tsotlhe tse di raraaneng tseo di sa utlwaleng tsa gore go na le “botshelo jwa morago ga loso” di felela mo sebakeng.d
Mmaba wa Bohindu
48, 49. (a) Fa re sobokanya, dithuto dingwe tsa Sehindu ke dife? (b) Ke ka ntlhayang fa bangwe ba ile ba belaela bonnete jwa Bohindu? (c) Ke mang yo o neng a simolola go gwetlha kgopolo ya Sehindu?
48 Tlhatlhobo e khutshwane eno e e tshwanelang ya Bohindu e bontshitse gore ke bodumedi jo batho ba jone ba dumelang mo medimong e mentsi mme bo thailwe mo tumelong ya modimo o le mongwe fela—ba dumela mo go Brahman, Mogodimodimo motswedi, kana motho a le mongwe, yo o tshwantshediwang ke ditlhaka OM kana AUM, mme a na le dipopego di le dintsi a bile a bonala ka diponalo tse dintsi. Gape ke bodumedi jo bo rutang bopelotelele ebile bo kgothaletsa go nna pelonomi mo diphologolong.
49 Mo letlhakoreng le lengwe, dintlha tse dingwe tsa thuto ya Sehindu, tse di tshwanang le Karma le ditshiamololo tsa tsamaiso ya go kgaoganya batho ka mephato, mmogo le kobamelo ya medimo ya disetwa le ditlhamane tseo di sa dumalaneng, di dirile gore batho bangwe ba ba akanyang ba ipotse gore a tumelo eno e na le mosola. Mongwe wa babelaedi bano o ne a tswa kwa bokonebotlhaba jwa India mo e ka nnang ka ngwaga wa 560 B.C.E. E ne e le Siddhārtha Gautama. O ne a tlhoma tumelo e ntšha eo e neng ya seka ya tota mo India lefa go ntse jalo e ne ya ntsifala mo mafelong a mangwe, jaaka kgaolo ya rona e e latelang e tla tlhalosa. Tumelo e ntšha eo e ne e le Bobuda.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Leina Bohindu ke leo le itlhametsweng ke Bayuropa.
b Ka Se-Sanskrit, gantsi lefoko ātma, kana ātman le ranolwa jaaka “moya [“soul” ka Seesemane]” mme lefoko “moya [“spirit” ka Seesemane]” ke lone leo tota e leng thanolo e e tlhamaletseng.—Bona A Dictionary of Hinduism—Its Mythology, Folklore and Development 1500 B.C.–A.D. 1500, tsebe 31, le bukana Victory Over Death—Is It Possible for You? e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ka 1986.
c Avatar wa gagwe wa bolesome le wa mo isagweng ke fa a le Kalki Avatara “yo o tshwantshiwang jaaka mosha yo o molemo yo o palameng pitse e kgolo e tshweu yo o tshotseng tšhaka e eketeng mogatla wa naledi eo e elelang loso le tshenyo mo dintlheng tsotlhe.” “Go tla ga gagwe go tla tlhomamisa tshiamo mo lefatsheng, le motlha wa boitsheko le botlhokamolato.”—Religions of India; A Dictionary of Hinduism.—Bapisa Tshenolō 19:11-16.
d Thuto ya Bibela ya go tsoga ga baswi ga e amane ka gope le thuto ya motheo ya go sa sweng ga moya. Bona Kgaolo 10.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 100, 101]
Bo-Sikh—Bodumedi jwa go Sokolola
Bo-Sikh, joo setshwantsho sa jone eleng ditšhaka tse tharo le kgolokwe, ke bodumedi jwa batho ba ba fetang dimilione tse 17. Bontsi jwa bone ba nna kwa Punjab. Tempele ya Gouta ya Ba-Sikh, eo e agilweng fa gare ga letšha le le itiretsweng, e kwa Amritsar, e leng motse o o boitshepo wa Ma-Sikh. Banna ba Ma-Sikh ba lemotshega motlhofo ka dirwalo tsa bone tse di botala jwa legodimo, tse ditshweu kana tse dintsho, tseo go rwalwa ga tsone eleng karolo ya botlhokwa ya bodumedi jwa bone, fela jaaka go sa kgaoleng meriri ya bone.
Lefoko la Se-Hindi sikh le raya “morutwa.” Ba-Sikh ke barutwa ba mosimolodi wa bone ebong Guru Nānak, gape ke balatedi ba dithuto tsa barutisi ba Sehindu ba ba lesome (eleng Nānak le batlhatlhami ba gagwe ba robabongwe) bao dikwalo tsa bone di leng mo bukeng e e boitshepo ya Se-Sikh, eleng Guru Granth Sahib. Bodumedi jono bo simologile fa dingwaga tsa lekgolo la bo 16 la dingwaga di simologa fa Guru Nānak a ne a batla go tsaya melao e e molemo ya Sehindu le ya Seiselemo mme a tlhame bodumedi bo le bongwe fela.
Boikaelelo jwa ga Nānak bo ka tlhalosiwa ka seele se le sengwe fela: “Fela jaaka go na le Modimo o le mongwe fela, mme ebile E le Rraarona; ka jalo, rotlhe re tshwanetse go nna barwarraamotho.” Fela jaaka Bamoselema, Ba-Sikh ba dumela mo Modimong o le mongwe fela mme ba iletsa go dirisiwa ga medimo ya disetwa. (Pesalema 115:4-9; Mathaio 23:8, 9.) Ba dumela mo ngwaong ya Bahindu ya go dumela mo go sa sweng ga moya, go tsalwa sesha ka mmele o sele, le Karma. Lefelo la kobamelo la Ba-Sikh le bidiwa gurdwara.—Bapisa Pesalema 103:12, 13; Ditihō 24:15.
Mongwe wa melao e megolo ya ga Guru Nānak e ne e le: “Ka metlha gakologelwa Modimo, nna o bua ka leina la Gagwe.” Modimo o bolelwa fa e le “Wa Boammaaruri,” mme ga a bidiwe ka leina lepe. (Pesalema 83:16-18) Molao o mongwe e ne e le “Abalana seo o se bapalang le bao ba seng lesego thata.” Tumalanong le seno, go na le langar, kana kitse ya batho botlhe, mo tempeleng nngwe le nngwe ya Ma-Sikh, koo batho ba mefuta yotlhe ba ka jang gone ka kgololesego. Ebile go na le dikamore tse di duelelwang koo batsamai ba ka kgonang go robala mo go tsone.—Yakobe 2:14-17.
Guru wa bofelo, ebong Gobind Singh (1666-1708), o ne a tlhoma bokaulengwe jwa Ba-Sikh jo bo bidiwang Khalsa, bao ba latelang seo se itsegeng jaaka bo-K ba batlhano, bao e leng: kesh, moriri o o sa kgaolweng, o o supang bomoya; kangha, sekamo se se sometsweng mo moriring, seo se supang thulaganyo le boitao; kirpan, tšhaka, eo e supang seriti, bopelokgale, le go ithontsha dilo; kara, leseka la tshipi, leo le supang go utlwana le Modimo; kachh, go apara borokgwe jo bokhutshwane jaaka seaparo sa kafa teng, seo se supang boingotlo mme bo aparelwa go supa boikgapo mo boitsholong.—Bona The Encyclopedia of World Faiths, tsebe 269.
[Setshwantsho]
Tempele ya Gouta ya Ma-Sikh, kwa Amritsar, Punjab, mo India
[Ditshwantsho]
Serwalo sa botala jwa legodimo seo se supang mogopolo o o bulegileng sentle jaaka go atlhama ga loapi, o o senang katlholelopele ka gope
Serwalo se sesweu se kaya gore motho ke yo o itshepileng yo o tshelang botshelo jwa sekao se se molemo
Serwalo se sentsho se gakolola go bogisiwa ga Ma-Sikh ke Maboritane ka 1919
Mebala e mengwe ke eo e ratwang ke batho ka bobone fela
[Setshwantsho]
Ka nako ya ditshupo tsa bodumedi moperesiti wa Mo-Sikh o bolela hisitori ya dibetsa tse di boitshepo
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 104]
Bo-Jain—Go Ithontsha Dilo le go sa Thubakanye
Bodumedi jono, joo setshwantsho sa jone sa bogologolo eleng sa swastika ya Seindia, bo ne jwa simololwa ka lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E. ke kgosana nngwe e e humileng ya Mo-India ebong Nataputta Vardhamāna, yo o itsegeng thata jaaka Vardhamana Mahāvīra (eleng sereto seo se rayang “Monna yo Mogolo” kana “Mogaka yo Mogolo”). O ne a simolola go tshela botshelo jwa go ithontsha dilo le jwa boitlami. O ne a tsaya loeto a sa ikatega ka sepe a ya go batla kitso “a kgabaganya metse le dipowa tsa bogare jwa India a batla kgololesego mo modikologong wa go tsholwa, go swa, le go boa o tsholwa gape.” (Man’s Religions, ka John B. Noss) O ne a dumela gore moya o ne o ka kgona go bolokwa fela ka gore motho a ithontshe dilo a sa repise gope le go itaya a bo a dirise ahimsa a sa fose gope, a sa lwe lefa e le setshedi sepe. O ne a feteletsa go dirisa ahimsa mo a neng a tsamaya a tshotse lefeelo leo a neng a feela ditshenekegi dipe fela tseo di ka tswang di le mo tseleng ya gagwe ka matsetseleko ka lone. Gape o ne a tlotla botshelo gore a tle a sireletse boitsheko le bothokgami jwa moya wa gagwe.
Balatedi ba gagwe gompieno, ka go leka go tokafatsa Karma ya bone, ba tshela botshelo jo bo tshwanang jwa go ithontsha dilo le go tlotla ditshedi tsotlhe tse dingwe. Fano re bona gape kafa tumelo ya go sa sweng ga moya wa motho e amang matshelo a batho fela thata ka gone.
Gompieno go na le badumedi ba ba batlang ba feta dimilione di le nnè ba tumelo eno, mme bontsi jwa bone ba mo dikgaolong tsa Bombay le Gujarat tsa India.
[Setshwantsho]
Mo-Jain, a obamela fa dinaong tsa setshwantsho sa boleele jwa dimetara di le 17 sa ga moitshepi Gomateswara mo Karnataka, mo India
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 106, 107]
Tlhaloso e e Motlhofo ya Mareo a Sehindu
ahimsa (Se-Sanskrit, ahinsa)—go sa thubakanye; go sa utlwise botlhoko kana go bolaya sepe fela. Se ke lebaka la go bo Bahindu e le batho ba ba jang merogo fela ebile ba tlotla diphologolo
ashram—lefelo la kobamelo kana lefelo leo guru (mokaedi wa semoya) a rutang mo go lone
ātman—moya, (spirit ka Seesemane); o o amanang le seo se sa sweng. Gantsi le ranolwa jaaka moya (soul ka Seesemane) ka phoso. Bona jīva avatar—ponatshego kana go tshela ga modimo wa Sehindu o le mo mmeleng o mosha
bhakti—go ineela mo modimong mongwe moo go isang polokong
bindi—lotshwao lo lohibidu loo basadi ba ba nyetsweng ba tshwaiwang ka lone mo diphatleng
Brahman—maemo a seperesiti le a a kwa godimo go ya ka tsamaiso ya go kgaoganya batho ka mephato; mmogo le Setshedi se Segolo. Bona tsebe 116
dharma—molao o mogolo o o laolang dilo tsotlhe; o o atlholang gore a ditiro ke tse di siameng kana tse di sa siamang
ghat—disetepose kana serala se se bapileng le noka
guru—morutisi kana mokaedi wa semoya
Harijan—leloko la mophato wa Basaamiweng; go raya “batho ba Modimo,” eleng leina la kutlwelobotlhoko leo ba le filweng ke Mahatma Gandhi
japa—go obamela Modimo ka go nna o bua lengwe la maina a gagwe; go dirisiwa mala, kana rosari ya dibaga tse 108, go balwa ka yone
jīva (kana prān, prāni)—moya wa motho kana setshedi
Karma—molaomotheo wa gore tiro nngwe le nngwe e na le diphelelo tsa yone tse di siameng kana tse di sa siamang mo botshelong jo bo latelang jwa moya o o fudugileng
Kshatriya—setlhopha sa batho bao ba rutetsweng ditiro, bao ba busang, le batlhabani ebile e le ba maemo a bobedi mo tsamaisong ya go kgaoganya batho ka mephato
mahant—monna yo o boitshepo kana morutisi
mahatma—moitshepi wa Mohindu, kana maha, yo o kwa godimo kana yo mogolo, le ātman, moya (spirit)
mantra—mafoko a a boitshepo, ao go dumelwang gore a na le maatla a maselamose, ao a dirisiwang kwa modirong wa go tlhoma leloko le lesha mo lekokong mme a boaboelediwa mo dithapelong le mo dipinanyaneng tsa maselamose
maya—lefatshe la ponatshegelo
moksha, kana mukti—go gololwa mo modikologong wa go nna o tsalwa sesha; bokhutlo jwa go kgarakgatshega ga moya. Gape e itsiwe jaaka Nirvana, eleng go kopana ga motho le Mogodimodimo, ebong Brahman
OM, AUM—ditlhaka sekalefoko tseo di emelang Brahman tseo di dirisiwang fa go tlhatlhanngwa; modumo wa lone o tsewa jaaka go tetesela ga masaitsiweng; le dirisiwa jaaka mantra paramatman—Moya o Mogolo mo Lefatsheng Lotlhe, ātman wa lobopo lotlhe, kana Brahman
puja—kobamelo
sadhu—monna yo o boitshepo; moitlami kana motshameki wa yoga
samsara—go fuduga ga moya o o sa sweng, o o sa kakeng wa senngwa
Shakti—mmusi wa sesadi kana mosadi wa modimo, segolobogolo mosadi wa ga Siva
sraddha—dingwaokobamelo tsa botlhokwa tseo di dirwang go tlotla bagologolwane le go thusa meya e e tsamaileng go bona moksha
Sudra—mmereki, eleng mophato o o kwa tlase go feta yotlhe e mene e megolo
swami—morutisi kana mokaedi wa semoya wa maemo a a kwa godimo
tilak—lotshwao lo lo mo phatleng lo lo tshwayang gore motho o gakologelwa Morena mo ditirong tsotlhe tsa gagwe
Trimurti—medimo e meraro ya Sehindu eleng Brahma, Vishnu, le Siva
Upanishads—dikwalo tsa bogologolo tsa maboko tse di boitshepo tsa Sehindu. Gape di itsiwe jaaka Vedanta, eleng bokhutlo jwa Vedas
Vaisya—setlhopha sa babapatsi le balemi; setlhopha sa boraro mo tsamaisong ya go kgaoganya batho ka mephato
Vedas—dikwalo tsa bogologolo tala tse di boitshepo tsa maboko tsa Sehindu
Yoga—lefoko leo le tswang mo moding wa lefoko yuj, leo le rayang go kopanya kana go golaganya; le kopanyeletsa go golaganya motho le modimo wa lobopo lotlhe. E itsege thata jaaka molaomotheo wa go tlhatlhanya oo o kopanyeletsang go laola tsela eo motho a nnang ka yone le go hema ga gagwe. Bohindu bo dirisa bobotlana di-Yoga tse nnè tse dikgolo, kana ditsela. Bona tsebe 110
[Ditshwantsho]
Go tswa molemeng, mahant wa Sehindu; sadhu, a eme a tlhatlhanya; guru wa Nepal
[Lebokoso mo go tsebe 110]
Ditsela tse Nne tsa go Bona Moksha
Tumelo ya Sehindu e bolela fa go na le ditsela tse di ka nnang nnè tsa go bona moksha, kana kgololesego ya moya. Tseno di bidiwa di-yoga kana di-marga, ditsela tsa go bona moksha.
1. Karma Yoga—“Tsela ya tiro, kana karma yoga, thuto ya tiro. Tota tota, karma marga e raya go dira dharma go ya ka seemo sa motho mo botshelong. Ditiro tse dingwe di tshwanetse go dirwa ke batho botlhe, tse di tshwanang le ahimsa le go ikeha mo go nweng bojalwa le go ja nama, mme dharma e motho ka bongwe a e abetsweng e ikaegile ka mophato oo motho a leng mo go one le seemo sa gagwe mo botshelong.”—Great Asian Religions.
Karma eno e dirwa fela go ya ka ditekanyetso tsa mophato o motho a leng mo go one. Motho o boloka mophato wa gagwe o itshekile ka go sa nyale kana go ja le batho ba eseng ba mophato oo, seo motho a leng mo go sone ka baka la Karma ya gagwe ya botshelo jo bo fetileng. Jalo mophato oo motho a leng mo go one ga o lebiwe jaaka tshiamololo mme jaaka boswa jwa botshelo joo motho a neng a bo tshela pele a le mo mmeleng o sele. Go ya ka thuto ya Sehindu banna le basadi ga ba lekalekane. Ba kgaoganngwa go ya ka mophato le go ya ka bong, ebile tota, le go ya ka mmala. Gantsi fa motho e le wa mmala o mosetlhana thata, o nna mo mophatong o o kwa godingwana.
2. Jnana Yoga—“Tsela ya kitso, kana jnana yoga, ke thuto ya kitso. Phapaanong le tsela ya tiro, ebong karma marga, ka ditiro tsa yone tseo motho a laolelwang go di dira mo seemong sengwe le sengwe sa botshelo, jnana marga e baakanyetsa ka tsela ya botlhale le ya thutotlhaloganyo ya go ikitse le go itse lobopo. Go tshela, eseng go dira, ke sone selo se segolo mo jnana marga. [Mokwalo o o sekameng ke wa rona.] Se ebileng e le sa botlhokwa jo bogolo, tsela eno e dira gore go kgonege gore batho ba ba tsamayang mo go yone ba bone moksha mo botshelong jono.” (Great Asian Religions) E kopanyeletsa yoga ya go akanya le go ikgaoganya le lefatshe le tlwaelo ya baitlami. Ke tshupo ya boikgapo le go ithontsha dilo.
3. Bhakti Yoga—“Ke mofuta o o itsegeng thata wa ngwao ya Sehindu gompieno. Eno ke tsela ya go ineela, eleng bhakti marga. Phapaanong le karma marga . . . tsela eno ke e e motlhofo, e e dirwang ka kgololesego, mme ebile e ka kgona go latelwa ke batho ba setlhopha sengwe le sengwe, bong, kana dingwaga. . . . [E] letlelela batho go dirisa maikutlo a bone le dikeletso ka kgololesego go na le go ikgolega ka boitlami jwa yoga . . . [Ke] tsela e e kgethegileng ya go ineela mo medimong.” Mme ka tlwaelo go na le e le dimilione di le 330 eo e tshwanelang go obamelwa. Go ya ka tlwaelo eno, go itse ke go rata. Ebile tota, bhakti e raya “go rata modimo oo motho o o ikgethetseng.”—Great Asian Religions.
4. Raja Yoga—Mokgwa wa “go nna ka tsela e e kgethegileng, mekgwa ya go hema, le go boeletsa mafoko a a akantshang a a tshwanetseng ka mokgwa o o tshwanang.” (Man’s Religions) E na le dikgato di robabobedi.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 113]
Mahatma Gandhi le Tsamaiso ya go Kgaoganya Batho ka Mephato
“Go sa diriseng thubakanyo ke mafoko a ntlha mo tumelong ya me. Gape ke mafoko a bofelo mo molaong wa me.”—Mahatma Gandhi, March 23, 1922.
Mahatma Gandhi, yo o itsegeng thata ka go etelela Baindia pele ga gagwe a sa lwe le ope fa a ne a ba thusa go bona boipuso mo go Boritane (joo ba neng ba bo newa ka 1947), gape o ne a tlhabanela go tokafatsa botshelo jwa dimilione tsa Bahindukaene. Jaaka moporofesa wa Moindia ebong M. P. Rege a tlhalosa: “O ne a bolela gore ahimsa (go sa diriseng thubakanyo) ke motheo wa konokono wa boitsholo, oo a neng a tlhalosa fa e le go amega ka seriti le go tshela sentle ga motho mongwe le mongwe. O ne a sa dumele gore dikwalo tsa Sehindu di bua boammaaruri fa thuto ya tsone e ne e le kgatlhanong le ahimsa, o ne a leka ka bonatla go nyeletsa tsamaiso ya go kgaoganya batho gore bangwe e bo e le bao go sa amanweng nabo ka gope fa ba bangwe e le ba mophato o o kwa godimo, a ba a rotloetsa gore basadi ba tshwanetse go tsewa ka tekatekano mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo.”
Pono ya ga Gandhi e ne e le efe mabapi le botshelo jwa Basaamiweng? Mo lokwalong loo a neng a lo kwalela Jawaharlal Nehru, la May 2, 1933, o ne a kwala jaana: “Mokgatlho wa Harijan o mogolo mo o sa kakeng wa laolwa ka botlhale jwa motho. Ga go na sepe se se maswe jalo mo lefatsheng. Mme lefa go le jalo ga nkake ka kgona go tlogela bodumedi mme ka gone ga ke kake ka kgona go tlogela Bohindu. Botshelo jwa me e ka nna morwalo fela fa e le gore Bohindu bo ka ntshwabisa. Ke rata Bokeresete, Boiselemo le ditumelo tse dingwe tse dintsi ka baka la Bohindu. . . . Mme lefa go le jalo ga ke kgone go letlelela gore batho bangwe e bo e le bao go sa amanweng nabo gotlhelele.”—The Essential Gandhi.
[Setshwantsho]
Mahatma Gandhi (1869-1948), moeteledipele wa Mohindu yo o neng a tlotliwa le moruti wa ahimsa
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 116, 117]
Medimo Mengwe le Medimo ya Sesadi ya Bohindu
Aditi—mma medimo; modimo wa sesadi wa loapi; wa bokagotlhe
Agni—modimo wa molelo
Brahma—Modimo Mmopi, mmopi wa lobopo lotlhe. Mongwe wa medimo ya Trimurti (medimo e meraro)
Brahman, kana Brahm—Mogodimodimo, modimo yo o maatlaotlhe wa lobopo, yo o tshwantshediwang ke modumo wa ditlhaka OM kana AUM. (Bona tlhaka e e fa godimo.) Gape o bidiwa Atman. Bahindu bangwe ba leba Brahman jaaka Modimo o Mogolo yo e seng motho kana Setshedi se Segolo
Buddha—Gautama, mosimolodi wa Bobuda; Bahindu ba tsaya gore ke Vishnu a le mo mmeleng o mosha (avatar)
Durga—mosadi kana Shakti wa ga Siva yo go bileng go bolelwa gore ke Kali
Ganesa (Ganesha)—modimomorwa wa ga Siva, wa tlhogo ya tlou, Morena wa Dikgoreletsi, modimo wa lesego. Gape o bidiwa Ganapati le Gajanana
Ganga—modimo wa sesadi, mongwe wa basadi ba ga Siva yo eleng noka ya Ganges e tsewa jaaka motho
Hanuman—modimo wa kgabo le moobamedi yo mogolo wa ga Rama Himalaya—bonno jwa kapoko, Rraagwe Parvati
Kali—mosadi yo motshwana (Shakti) wa ga Siva le modimo wa sesadi yo o nyoretsweng go tsholola madi wa tshenyo. Gantsi o tshwantshiwa a lepeleditse loleme le lehibidu
Krishna—Vishnu yo o tshamekang bobe a tshela a le mo mmeleng o mosha wa borobabobedi ebile e le modimo wa Bhagavad Gita. Baratiwa ba gagwe e ne e le bo-gopi, kana basadi ba ba gamang
Lakshmi—modimo wa sesadi wa bontle le wa lesego; mosadi wa ga Vishnu
Manasa—modimo wa sesadi wa dinoga
Manu—rraagwemogologolwane wa batho; yo o neng a falodiwa mo morwaleleng ke tlhapi e kgolo
Mitra—modimo wa lesedi. Baroma ba mmitsa Mithras
Nandi—poo, sepalamo sa ga Siva
Nataraja—Siva a eme jaaka ekete o a bina a dikaganyeditswe ke dikgabo tsa molelo
Parvati kana Uma—modimo wa sesadi wa mosadi wa ga Siva. Gape e ka nna ya nna modimo wa sesadi Durga kana Kali
Prajapati—Mmopi wa lobopo lotlhe, Morena wa Dibopiwa, rraagwe badimo, badimona, le dibopiwa tsotlhe tse dingwe. Moragonyana o ne a bidiwa Brahma
Purusha—monna wa lobopo. Mephato e megolo e mene e ne ya dirwa ka mmele wa gagwe
Radha—mosadi wa ga Krishna
Rama, Ramachandra—Vishnu a le mo mmeleng o mosha wa bosupa. Polelosekaleboko ya ga Ramayana e bolela kaga Rama le mosadi wa gagwe Sita
Saraswati—modimo wa sesadi wa kitso ebile e le mosadi wa ga Brahma eleng Mmopi
Shashti—modimo wa sesadi yo o sireletsang basadi le bana ka nako ya go tshola
Siva—modimo wa tsalo, loso, le tshenyo; leloko la Trimurti. Yo o tshwantshiwang jaaka lerumo le le meno mararo le lepele
Soma—modimo mmogo le seokobatsi; molemo wa botshelo
Vishnu—modimo mmoloki wa botshelo; leloko la boraro la Trimurti [Motswedi wa Setshwantsho]
(Go ya kafa go kwadilweng ka gone mo go Mythology—An Illustrated Encyclopedia)
[Ditshwantsho]
Go tswa molemeng, go ya mojeng, Nataraja (Siva a bina), Saraswati, Krishna, Durga (Kali)
[Lebokoso mo go tsebe 120]
Leinane la Sehindu Kaga Morwalela
“Mo mosong ba ne ba neela Manu [mogologolwane wa batho le moneimolao wa ntlha] metsi a go tlhapa . . . Fa a ntse a tlhapa, tlhapi nngwe [eleng Vishnu a le mo mmeleng o mosha a bidiwa Matsya] e ne ya tsena mo diatleng tsa gagwe.
“E ne ya mo raya, ya re, ‘Nthue, ke tla go boloka!’ ‘O tla mpoloka mo go eng?’ ‘Morwalela o tlile go nyeletsa dibopiwa tseno tsotlhe: ke tla go boloka mo go one!’ ‘Ke ka go rua jang?’”
Tlhapi eo e ne ya neela Manu ditaolo tsa kafa a ka mo tlhokomelang ka gone. “Fa a sena go rialo e ne ya re, ‘Morwalela oo o tla tla ka ngwaga wa bonnanne. Mme wena o tla ntirela (o tla reetsa kgakololo ya me) ka go mpaakanyetsa sekepe; mme fa morwalela o sena go tla o tla tsena mo teng ga sekepe seo, mme ke tla go boloka mo go one.’”
c Manu o ne a latela ditaolo tsa tlhapi eo, mme morago ga morwalela tlhapi eo e ne ya gogela sekepe seo kwa “thabeng nngwe kwa bokone. Go tswa foo e ne ya re, ‘Ke go bolokile. Bofelela sekepe seno mo setlhareng sengwe; mme o seka wa dira gore metsi a go kgaoganye le sone, fa o santse o le mo thabeng eno. Fa metsi a ntse a kokobela, o tla fologela kwa tlase ka bonya!’”—Satapatha-Brahmana; bapisa Genesise 6:9–8:22.
[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 123]
(For fully formatted text, see publication)
Noka ya Ganges e e boleele jwa dikilometara tse 2 400 go tswa kwa dithabeng tsa Himalaya go ya kwa Calcutta mme e felela kwa Bangladesh
INDIA
Calcutta
Noka ya Ganges
[Ditshwantsho]
Ganga Ma, mo godimo ga tlhogo ya ga Siva, o fologela ka moriri wa gagwe
Bahindu ba ba ineetseng ba le fa ghat, ba tlhapa mo Ganges kwa Varanasi, kana Benares
[Setshwantsho mo go tsebe 96]
Ganesa, modimo wa tlhogo ya tlou wa Sehindu wa lesego, morwa Siva le Parvati
[Ditshwantsho mo go tsebe 99]
Di-lingam (ditshwantsho tsa lepele) tseo di obamelwang ke Bahindu. Siva (modimo wa tsalo) o mo teng ga lingam e le nngwe fela mme ditlhogo tsa gagwe tse nnè di dikologile e nngwe
[Setshwantsho mo go tsebe 108]
Baitlami ba Ba-Jain ba apere mukha-vastrika, kana sebipamolomo, seo se thibelang ditshenekegi go tsena mo ganong
[Setshwantsho mo go tsebe 115]
Kobamelo ya dinoga, eo e dirwang segolobogolo mo Bengal. Manasa ke modimo wa sesadi wa dinoga
[Setshwantsho mo go tsebe 118]
Vishnu, a na le mosadi wa gagwe Lakshmi, a le fa gare ga noga Ananta eo e ikgarileng a na le Brahma yo o ditlhogo di nnè, a le mo setlhatshaneng sa metsi seo se tlhogang mo mohubung wa ga Vishnu