LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/99 ts. 8
  • Ke Eng Se o Ka se Bolelelang Mohindu?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Se o Ka se Bolelelang Mohindu?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bohindu—Matsapa a go Batla Kgololesego
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • Kafa O Ka Arabelang Ka Gone Bao ba Ka Nnang Ba Kgoreletsa Puisano
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Go Neela Batho ba Dipuo Tsotlhe le ba Madumedi Otlhe Bosupi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • A o Dirisa Diboroutšhara Tseno?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
km 9/99 ts. 8

Ke Eng Se o Ka se Bolelelang Mohindu?

1 Jaaka o ka tswa o itse, go na le Bahindu ba le bantsi ba ba nnang mo dinageng di le dintsi, go akaretsa le mo nageng eno. Seno se kaya gore go ise go ye kae o ka nna wa kopana le Mohindu mo bodireding jwa gago. Fa o kopana le ene, o tlile go reng?

2 Gakologelwa Dintlha Tseno: Barongwa ba ba ileng ba atlega fa ba neela Bahindu bosupi ba bolela gore ga go tlhokege gore o ithute thata ka Bohindu gore o tle o itse go neela bosupi ka tsela e e nang le matswela. Go buisana le bone ka boammaaruri ka tsela e e motlhofo, e e botlhale gantsi go dira gore ba arabele ka tsela e e siameng. Kopa gore o bue le tlhogo ya lelapa pele. Fa a arabela sentle, go tla nna motlhofo go neela maloko a mangwe a lelapa bosupi. E re ka Bahindu ba le bantsi ba tsaya gore Baebele ke buka ya kwa Bophirima, o ka fedisa letlhoo leo ka go tlhalosa gore ga e rotloetse dipuso tsa dikolone kana go tlotlomatsa lotso lo longwe go feta lo longwe.

3 Dirisa Didirisiwa Tse di Tshwanetseng: Go na le diboroutšhara tse pedi tse di gatiseditsweng segolobogolo Bahindu. Boroutšhara jwa Why Should We Worship God in Love and Truth? bo gatisitswe ka Se-Gujarati le Se-Punjabi. Boroutšhara jwa Our Problems—Who Will Help Us Solve Them? bo gatisitswe ka dipuo tse dingwe tse 11 tsa kwa India. Ka bobedi jwa tsone di teng ka Seesemane. Boroutšhara jwa “Bōnañ, Dilo Cōtlhe Ke Di Diha Sesha” le jwa A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona? le tsone di itshupile di na le matswela fa o di dirisa go neela Bahindu bosupi. Boroutšhara jwa Re Direng le buka ya Kitso di ka dirisiwa ka katlego go tshwara dithuto tsa Baebele le Bahindu le batho ba ditumelo tse dingwe.

4 Dirisa Dintlha Tse lo ka Dumalanang mo go Tsone: Ga se selo se se thata go bona dintlha tse lo ka dumalanang mo go tsone le Bahindu. Ba dumela gore re tshela mo motlheng o boikepo bo ileng magoletsa mo go one le gore Modimo o tla fedisa mathata a lefatshe a dirisa masetlapelo a magolo a a tla latelwang ke motlha wa boammaaruri. O ka bona kafa go leng motlhofo ka gone go amanya ditumelo tseno le dithuto tsa Baebele tse di malebana le malatsi a bofelo, pitlagano e kgolo le lefatshe le lesha le le tlang. E re ka Bahindu ba le bantsi ba tsaya botshelo jaaka jo bo aparetsweng ke mathata a a se nang tharabololo, ba kgatlhegela ditlhogo tse di malebana le botshelo jwa lelapa, bokebekwa le polokesego, le gore go diragala eng fa motho a swa. Re na le dikai tse pedi tsa dipuisano tse di ka dirisiwang tota le fa re bua le batho ba ditumelo di sele le batho ba ba godileng ka tsela e e farologaneng.

5 Seno se ka nna sa kgatlhegelwa ke monna wa lelapa:

◼ “Ke etetse batho ba ba amegileng ka seemo sa botshelo jwa lelapa mo dinageng di le dintsi gompieno. O akanya gore ke eng se se ka thusang go momaganya malapa? [Letla gore a arabe.] Batho bangwe ba itse se dikwalo tsa Sehindu di se bolelang ka lelapa, mme ga ba ise ba nne le sebaka sa go bapisa seno le se Baebele e se bolelang mo kgannyeng eno. Ke rata go abelana le wena ntlha e e mo go Bakolosa 3:12-14.” Fa o sena go bala lokwalo, bontsha mong wa ntlo kgaolo 15 ya buka ya Kitso o bo o re: “Ke ka itumelela go dirisa nakwana fela ke bala setlhogo seno le wena.”

6 Mosha a ka nna a kgatlhiwa ke seno:

◼ “Ga go na pelaelo gore o dumela mo Modimong. O akanya gore Modimo o ikaeletse eng ka rona?” Letla gore a arabe. Go tswa foo bala Genesise 1:28, o bo o re: “Mo mafelong a le mantsi lefatshe le na le baagi ba bantsi go feta selekanyo e bile le aparetswe ke mathata. A o akanya gore Mmopi a ka rata go re thusa go rarabolola mathata a rona?” Fa o sena go utlwa karabo, mmontshe buka e e tshwanetseng.

7 Dipuisano tse di fa godimo di ka dirisiwa mo ditshimong tse di nang le batho ba ba godileng ka ditsela tse di farologaneng. Gakologelwa, mokgele wa rona ke go simolola dithuto tsa Baebele re dirisa buka ya Kitso.

8 Itumelele Diphelelo Tse di Molemo: Monna mongwe wa dingwaga di le 22 wa Mohindu o ne a atamela kgaitsadi mongwe yo o neng a neela bosupi mo mmarakeng mme a kopa go tshwarelwa thuto ya Baebele. O ne a tlhalosa gore dingwaga tse robedi tse di fetileng o ne a utlwa ene le mmaagwe ba buisana ka Baebele. Le mororo a ne a kgatlhilwe ke thuso e e molemo ya Baebele ya go rarabolola mathata a batho, mmaagwe o ne a sa kgatlhege mme o ne a akanya gore o sa ntse a le mmotlana thata go ka latela boammaaruri a le nosi. Jaanong ka go bo a godile, o ne a batla go ithuta go le gontsi. Lekawana leno ga le a ka la senya nako. Mo malatsing a le 23 fela, o ne a fetsa thuto ya gagwe mo bukeng ya Kitso, mme mo dikgweding di le nnè fela morago ga gore a kopane le kgaitsadi yono kwa mmarakeng, o ne a kopa gore a kolobediwe!

9 Go rata ga Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Seo se akaretsa banna le basadi ba bodumedi jo e seng jwa Bokeresete, jaaka Bohindu. Fa go na le Bahindu mo tshimong ya lona, ke ka ntlha yang fa o sa ba etele mo bogautshwaneng jaana mme o dirise dikakantsho tse di dirisitsweng mo setlhogong seno?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela