Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Tlhatlhobo ya dibuka di tswetswe ya dintlha tse di ileng tsa ithutiwa mo dikabelong tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo tsa dibeke tsa September 6 go ya go December 20, 1999. Dirisa pampiri e nngwe kwa thoko go kwala mo go yone dikarabo tsa dipotso tse dintsi ka mo o ka kgonang ka gone mo nakong e e beilweng.
[Elang tlhoko: Ka nako ya fa go kwalwa tlhatlhobo eno, ke Baebele fela e e ka dirisiwang go araba potso epe fela. Dikgatiso tse go lebisitsweng mo go tsone tse di latelang morago ga dipotso ke tsa fa o dira dipatlisiso wena ka namana. Dinomoro tsa tsebe le tsa serapa di ka nna tsa se tlhagelele mo dikarolong tsotlhe tse go lebisitsweng mo go tsone go Tora ya Tebelo.]
Araba nngwe le nngwe ya dipolelo tse di latelang ka Boammaaruri kana Maaka:
1. Jehofa o letleletse motho go ipusa e le go supa gore tsela e Ene a busang ka yone e siame ka metlha e bile ke ya tshiamiso. (Dute. 32:4; Jobe 34:10-12; Jer. 10:23) [w97-TN 2/15 ts. 5 ser. 3]
2. Baebele e supa gore Modimo o kgala go ngongorega gotlhe. [w97-TN 12/1 ts. 30 dir. 3-4]
3. Batsadi ba nna le botsalano le bana ba bone ba ba nyetseng ka tsela e e tshwanetseng ka go ikobela melaometheo ya bomodimo ya botlhogo le thulaganyo e e siameng. (Gen. 2:24; 1 Bakor. 11:3; 14:33, 40) [fy-TN ts. 164 ser. 6]
4. Mareko 6:31-34 e bontsha gore Jesu o ne a tlhotlheletsega go tlhomogela boidiidi jwa batho pelo ka ntlha ya bolwetse le lehuma fela. [w97-TN 12/15 ts. 29 ser. 1]
5. Fa Mokeresete wa setlhopha sa dinku tse dingwe a sa kgone go nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu, o tshwanetse go se keteka kgwedi e e latelang go dumalana le molaomotheo o o boletsweng mo go Dipalo 9:10, 11. (Joh. 10:16) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w93-TN 2/1 ts. 31 ser. 9.]
6. Le mororo borremogolo le bommemogolo ba Bakeresete ba sa tseye boikarabelo jwa ga rre le jwa ga mmè jwa go ruta bana ba bone boammaaruri jwa Baebele, borremogolo le bommemogolo ba ka oketsa mo go seno ka go thusa ngwana gore a gole semoyeng. (Dute. 6:7; 2 Tim. 1:5; 3:14, 15) [fy-TN ts. 168 ser. 15]
7. Diane 6:30 e bontsha gore bogodu bo ka mpampediwa kana motho a ka nna le seipato sa go bo dira. [g97-TN 11/8 ts. 21 ser. 2]
8. Ka 1530, William Tyndale e ne e le moranodi wa ntlha go dirisa leina la Modimo, Jehofa, mo thanolong ya Seesemane ya Dikwalo Tsa Sehebera. [w97-TN 9/15 ts. 28 ser. 3]
9. Gompieno, motse o o tshwantshediwang ke wa botshabelo ke thulaganyo ya Modimo ya go re sireletsa gore re se ka ra swa ka ntlha ya go tlola taolo ya gagwe e e malebana le boitshepo jwa madi. (Dipa. 35:11) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w95-TN 11/15 ts. 17 ser. 8.]
10. Leina la Duteronome, le le kayang “Molao wa Bobedi,” le a tshwanela ka gonne buka eno ya Baebele e boeletsa fela Molao. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona si-TN ts. 36 ser. 4.] Araba dipotso tse di latelang:
11. Ke eng se se tshwantshediwang ke dinkgwe tse pedi tse di bedisitsweng tse di neng di ntshiwa ke moperesiti yo mogolo ka Moletlo wa Pentekosete? (Lefi. 23:15-17) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w98-TN 3/1 ts. 13 ser. 21.]
12. Jubile ya Bokeresete e simologile leng, mme e ne ya lere mofuta ofe wa kgololesego ka nako eo? (Lefi. 25:10) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w95-TN 5/15 ts. 24 ser. 14.]
13. Go ya ka pego e e mo bukeng ya Dipalo, poloko e ikaegile ka dilo dife tse tharo? [si-TN ts. 30 ser. 1]
14. Moshe e ne e le sekao se se molemo ka tsela efe mo go bontsheng gore o ne a se lefufa? (Dipa. 11:29) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w95-TN 9/15 ts. 18 ser. 11.]
15. Kgang ya ga Kora, Dathane le Abirame e bontsha jang gore go bona ga se ka dinako tsotlhe go dirang gore motho a dumele? [w97-TN 3/15 ts. 4 ser. 2]
16. Ke ditsela dife tse pedi tsa go tlotla batsadi ba ba godileng tse di tlhalositsweng mo go Mathaio 15:3-6 le 1 Timotheo 5:4? [fy-TN dits. 173-5 dir. 2-5]
17. Ke thuto efe e e botlhokwa e e tlhalositsweng mo go Dipalo 26:64, 65? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona g95-TN 8/8 dits. 10-11 dir. 5-8.]
18. Sekao sa ga Finease se re thusa jang go tlhaloganya se go ineela go Jehofa go se bolelang? (Dipa. 25:11) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w95-TN 3/1 ts. 16 dir. 12-13.]
19. Motho yo o mo motseng o o tshwantshediwang ke wa botshabelo a “ka feta molelwane” wa motse oo jang? (Dipa. 35:26) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w95-TN 11/15 ts. 20 ser. 20.]
20. Codex Sinaiticus e ne ya thusa ka tsela efe mo go ranolweng ga Baebele? [w97-TN 10/15 ts. 11 ser. 2]
Tsenya lefoko kana polelwana e e tlhokegang go feleletsa polelo nngwe le nngwe mo go tse di latelang:
21. Jehofa o letleletse boikepo gore bo nne gone e le gore a gatelele ruri boammaaruri jwa motheo jwa gore ke ene fela ․․․․․․․․ le gore ․․․․․․․․ melao ya gagwe go botlhokwa gore dibopiwa tsa gagwe tsotlhe di tle di tswelele pele di na le kagiso le boitumelo. (Pes. 1:1-3; Dia. 3:5, 6; Mor. 8:9) [w97-TN 2/15 ts. 5 ser. 4]
22. Buka ya Lefitiko e tlhomologile fa e tlhalosa ․․․․․․․․ ga madi, e bontsha gore selo se le sengwe fela se go letleletsweng go dirisiwa ga one mo go sone ke mo ․․․․․․․․. [si-TN ts. 29 ser. 33]
23. Go dumalana le Pesalema 144:15b, boitumelo jwa mmatota ke boemo jwa pelo, jo bo theilweng mo ․․․․․․․․ ya mmatota le ․․․․․․․․ e e molemo le Jehofa. [w97-TN 3/15 ts. 23 ser. 7]
24. Baebele e e neng ya dira gore go ranolelwe Baebele ya Sehebera mo Segerikeng se se tlwaelegileng, e e neng ya wediwa mo e ka nnang ka 150 B.C.E., e ne ya itsege e le ․․․․․․․․; Thanolo ya ga Jerome ya Baebele e e neng ya ranolelwa mo Selatineng e ne ya itsege e le ․․․․․․․․, ․․․․․․․․, e e neng ya wediwa mo e ka nnang ka 400 C.E. [w97-TN 8/15 ts. 9 ser. 1; ts. 10 ser. 4]
25. Ka go dirisa dipego tsa ga Balaame le Kora jaaka di kwadilwe mo bukeng ya Dipalo, Jude o ne a tlhagisa Bakeresete gore ba tile mamena a ․․․․․․․․ le ․․․․․․․․. [si-TN ts. 35 ser. 35]
Tlhopha karabo e e siameng mo go nngwe le nngwe ya dipolelwana tse di latelang:
26. Gangwe ka ngwaga, ka (Modiro wa Diobo; Letsatsi la Tetlanyo; Tlolaganyo), setšhaba sotlhe sa Iseraele, go akaretsa le batswakwa ba ba neng ba obamela Jehofa, ba ne ba tshwanelwa ke (go emisa go dira ditiro tsotlhe; go ntsha di tsa bosome; go ntsha tshupelo ya mabutswapele) ba bo ba itima dijo. (Lefi. 16:29-31) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w96-TN 7/1 ts. 10 ser. 12.]
27. Mongwe wa mekgele ya Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha e ne e le go ntsha thanolo e (mafoko a yone a ranotsweng fela jaaka a ntse; e e khutshwafaditsweng ya dipuo tsa ntlhantlha; e e dumalanang le tsela e e rileng e thuto nngwe e tlhaloganngwang ka yone) e le go thusa mmadi gore a utlwe segalo se se dirisitsweng mo puong ya ntlhantlha le megopolo e e amanang le sone. [w97-TN 10/15 ts. 11 ser. 5]
28. Go ya ka Bahebera 13:19, go nnela ruri mo thapelong ga badumedikarona go tla ama kgang e e malebana le (se Modimo a se letlelelang; gore Modimo o tlile go tsaya kgato leng; tsela e Modimo a tlileng go rulaganya dilo ka yone). [w97-TN 4/15 ts. 6 ser. 1]
29. ‘Mogala wa bobududu mo makantseng a ntlha nngwe le nngwe’ a Baiseraele o ne o tlhokega e le (mokgabisa o o boitshepo; go supa go nna bori; selo se ba se bonang ka matlho go ba gakolola gore ba tshwanetse go farologana le lefatshe jaaka batho ba ga Jehofa). (Dipa. 15:38, 39) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w84-TN 4/15 ts. 19 ser. 16.]
30. Buka ya Duteronome e kwadilwe ka nako ya (dikgwedi tse pedi; ngwaga; dingwaga tse pedi), mme e weditswe go kwalwa mo masimologong a (1513; 1473; 1467) B.C.E. [si-TN ts. 36 ser. 6]
Lebaganya lengwe le lengwe la makwalo ano le ntlha e e dumalanang le lone:
Dipa. 16:41, 49; Math. 19:9; Luke 2:36-38; Bakol. 2:8; 3:14
31. Go itlhokofatsa ga go dire gore motho a nne boitshepo ka tsela e e kgethegileng kgotsa go nna le kitso ya mmatota. [Bakol. 2:8] [g97-TN 10/8 ts. 13 ser. 4]
32. Kgokafalo ke yone lebaka fela la Dikwalo le motho a ka tlhalang ka lone mme a bo a ka nna a nyala gape. [fy-TN dits. 158-9 ser. 15]
33. Fa motho a tlhoafetse thata mo ditirong tsa puso ya Modimo, tota le fa a tsofetse, go ka mo thusa go itshokela go swelwa ke molekane. [fy-TN dits. 170-1 ser. 21]
34. Go tshwaya phoso tsela ya ga Jehofa ya go dira tshiamiso ka batlhanka ba gagwe ba ba tlhomilweng go ka nna le diphelelo tse di kotsi. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w96-TN 6/15 ts. 21 ser. 13.]
35. Lorato lo e seng lwa bogagapa lo bofaganya banyalani e bile lo ba dira gore ba batle go direlana molemo le go direla bana ba bone molemo. [fy-TN ts. 187 ser. 11]