Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
ELANG TLHOKO: (1) Tirelo ya Rona ya Bogosi e tlile go nna le thulaganyo ya Pokano ya Tirelo ya beke nngwe le nngwe ka nako ya kopano, mme poeletso ya dintlhakgolo tsa thulaganyo ka metsotso e le 30 e tlile go tshwarwa mo bekeng ya December 27. Diphuthego di ka nna tsa dira diphetogo tse di tlhokegang gore di kgone go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Lefoko la Modimo la Boporofeti” le go dira gore morago ga moo di nne le poeletso mo Pokanong ya Tirelo beke e e latelang.
(2) Go simolola ka kgatiso eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi, Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo e tla akaretsa dintlha tsa Pokano ya Tirelo ya ntlha ya kgwedi e e latelang. Phetogo eno e diretswe go thusa fa go ka direga gore Tirelo ya Rona ya Bogosi e diege go romelwa.
Beke e e Simololang ka December 6
Pina 207
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Kgothaletsa botlhe gore ka tsweetswee ba nne le seabe mo bodireding jwa tshimo go sa le gale ka December. Ba ba tla bong ba seyo kana ba ile kwa kopanong ya kgaolo mo bofelong jwa kgwedi ba tshwanetse go tlisa dipego tsa bone pele ba tsamaya. Gatelela botlhokwa jwa gore botlhe ba tlise dipego tsa bone tsa December mo kgweding eno.
15 mets: “Etsa Jehofa Yo o Sa Tlhaoleng.” Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo. Tlhalosa se se kaiwang ke go sa tlhaole, gore Jehofa o bontsha seo jang, le kafa re ka bontshang seno ka gone mo bodireding jwa rona.—Bona Insight, Bolumo 1, tsebe 1192, dirapa 4-7.
20 mets: “A ga Re Ise re Utlwe Seo Pele?” Puo le motlotlo le bareetsi. Kopa bareetsi ba akgele malebana le gore go boeletsa dilo go ba thusitse jang gore ba tlhaloganye le go anaanela boammaaruri ka botlalo.—Bona Tora ya Tebelo, July 15, 1995, ditsebe 21-2, le ya August 15, 1993, ditsebe 13-14, dirapa 10-12.
Pina 218 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka December 13
Pina 168
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Ntsha dikakantsho tsa kafa re ka arabelang ka teng ka botlhale fa re dumedisiwa ka ditumediso tsa malatsi a boikhutso. Fa phuthego e na le dikhopi tsa dibuka tsa Monna Yo Mogolo kana Morutisi yo Mogolo mo setokong, bontsha kafa di ka dirisiwang ka tsela e e molemo ka teng mo bodireding mo malatsing a boikhutso a Keresemose.
15 mets: “Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2000.” Puo ka molebedi wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Boeletsa diphetogo tse di latelang tse di leng mo thulaganyong ya ngwaga o mosha. Puo No. 3 e tla tsewa go “Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano” jaaka di fitlhelwa go Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Puo No. 4 e tla tsewa mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo mme mo dikgweding tse tharo tsa bofelo tsa ngwaga e tla tsewa go “Ditlhogo Tsa Baebele Tsa Puisano” jaaka di fitlhelwa go Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Fa go na le letshwao leno la nomoro (#) fa thoko ga puo, go ka nna molemo fa e ka neelwa ke mokaulengwe. Kgothaletsa botlhe go tsamaisana le mmalo wa bone wa Baebele wa beke le beke le go neela dipuo tsa bone mo sekolong ka tlhoafalo.
20 mets: “O Tla Reng Fa o Bua le Molatolamodimo?” Dipotso le dikarabo. Boeletsa mabaka a a farologaneng a go bo batho ba le bantsi ba sa tlhole ba na le tumelo mo Modimong. Akantsha ditsela tse re ka buisanang le bone ka tsone gore re ba thuse go bona lebaka la go lemoga gore Modimo o teng. Dira pontsho e le nngwe kana di le pedi tse dikhutshwane. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona buka ya Go Fetolana, ditsebe 287-93, le ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, kgaolo 14.
Pina 220 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka December 20
Pina 219
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dira gore baboledi ba bolele maitemogelo a a tshwanetseng a makhutshwane a ba nnileng le one bosheng jaana mo tirelong ya tshimo.
15 mets: Go Araba Ba ba Ka Nnang ba Kgoreletsa Puisano. Motlotlo le bareetsi le dipontsho. Bala “Dikakgelo” tse di mo ditsebeng 15-16 tsa buka ya Go Fetolana. Tlhopha dilo di le pedi kana di le tharo tse di ka “kgoreletsang puisano” mo ditsebeng 16-20, kana o dirise tse dingwe tse lo kopanang le tsone mo tshimong ya lona. Boeletsa dingwe tsa dikakgelo tse di akantshitsweng, mme o sekaseke lebaka la go bo di ka nna le matswela mo tshimong ya lona. Dira dipontsho tse dikhutshwane ka di sekae tsa tsone. Kopa bareetsi ba bolele dikakgelo tse ba di dirisitseng mme ba nna le diphelelo tse di molemo.
20 mets: A ke Tshwanetse go Amogela Tiro e e Amanang le Mokgatlho Mongwe wa Bodumedi? Puo ka mogolwane, e tswa mo makasineng wa Tora ya Tebelo, April 15, 1999, ditsebe 28-30. Batho ba bangwe ba ile ba amogela tiro e e ntseng jalo mme kwa morago ba lemoga gore se ba neng ba se dira se ne se sa dumalane le melaometheo ya Baebele. Boeletsa dipotso tse re tlhokang go di sekaseka fa re dira tshwetso e e malebana le tiro ya go itshedisa e e amanang le bodumedi. Kgothaletsa botlhe go latela tsela e e tla tlhomamisang gore ba na le kamano e e molemo le Jehofa.—2 Bakor. 6:3, 4, 14-18.
Pina 109 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka December 27
Pina 166
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Fa e le gore phuthego ya lona e tlile go fetola dinako tsa dipokano mo ngwageng o mosha, kgothaletsa botlhe ka bopelonomi go nna teng ka metlha mo dipokanong tsa phuthego ka dinako tse disha. Itsise baithuti ba Baebele le batho ba bangwe ba ba kgatlhegang ka diphetogo dipe tseno, mme o simolole go dirisa dipampitshana tsa taletso tse di bontshang thulaganyo e ntšha. Kgothaletsa botlhe go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo ya December.
30 mets: Poeletso ya Kopano ya Kgaolo ya “Lefoko la Modimo la Boporofeti.” E tshwanetse ya tshwarwa ke bagolwane ba bararo, ba ba e abetsweng go sa le gale. Tshwara poeletso e e kgatlhang le e e matlhagatlhaga ya dintlha tse di tlhomologileng tsa letsatsi le o le abetsweng. Poeletso eno e e baakanyeditsweng sentle e tla thusa phuthego go gakologelwa dintlhakgolo tse ba tla di dirisang ka bobone le tse ba tla di dirisang mo tshimong. Dikakgelo tsa bareetsi le maitemogelo a a tla buiwang a tshwanetse go nna makhutshwane e bile a tshwanela.
Pina 224 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 3
Pina 10
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola botlhe go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo tsa December.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
20 mets: Itse Kafa o ka Nayang Karabo ka Gone. (Bakol. 4:6) Puo le motlotlo le bareetsi. Buka ya Go Fetolana ke sedirisiwa se se molemolemo se se ka thusang gore o abelane le ba bangwe boammaaruri jwa Baebele. Fa mong wa ntlo a sa dumalane le sengwe sa dilo tse re di dumelang, gongwe re ka nna ra dirisa karolo e e reng “Fa Mongwe A Re—” e e kwa bofelong jwa karolo e e buang ka tumelo eo. Tlotla ka dikakgelo tsa Baebele tse di boletsweng mo tsebeng ya 68-72, mme o sekaseke lebaka la go bo dikakgelo tse di akantshitsweng di ka nna le matswela.
Pina 56 le thapelo e e konelang.