Go Ipelela Tirelo ya Gago e e Boitshepo
1 Ba ne ba boa “ka boipelo.” Pego ya Baebele e re bolelela ka fa barutwa ba ba 70 ba neng ba ikutlwa ka gone fa ba ne ba tlile go begela Jesu, morago ga loeto lwa bone lo loleele ba rera. Ba ne ba itumelela thata go dira thato ya Modimo. (Luke 10:17) Ke eng se se ka go thusang gore le wena o ipelele tirelo e e boitshepo?
2 Boikutlo jo bo Siameng: O na le tshiamelo e e tswang kwa Modimong ya go bolelela batho ka boikaelelo jo bogolo jwa ga Jehofa. Ka go rera ga gago, o ka thusa motho gore a tlogele mekgwa e e maswe ya lefatshe leno le go ikgolola mo dikgoleng tsa bodumedi jwa maaka. O ka dira gore batho ba nne le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le le se nang dikgotlhang tse re di bonang gompieno. Akanya fela gore Jehofa o ipela go le kana kang fa o jala dipeo tsa boammaaruri ka katlego mo mothong yo o pelontle. Nna le boikutlo jo bo siameng fa o rapelela moya wa Modimo gore o go thuse go nna le leungo la boipelo fa o ntse o dira bodiredi jono ka pelo yotlhe ya gago.
3 Thapiso e e Molemo: Thulaganyo ya go ithuta e Jesu a neng a e dira le barutwa ba gagwe ba ba 70 e tshwantshiwa le Pokano ya Tirelo ya motlha wa gompieno. O ne a ba thapisa gore ba kgone go dira bodiredi jwa bone ka katlego. (Luke 10:1-16) Gompieno Pokano ya Tirelo e go thapisa ka ditsela tse o ka buisanang le batho ka tsone, ka fa o ka simololang dipuisano ka gone, le ka fa o ka simololang dithuto tsa Baebele tsa magae ka gone le go di tshwara ka gone. Fa o dira ka natla le fa o tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go rera, o tla lemoga gore o ka se ikutlwe o tshogile kana o sa tshwanelege jaaka pele mme o tla nna le tshepo e bile o tla itumela.
4 Tlhoma Mogopolo mo Isagweng: Jesu o ne a itumelela tirelo ya gagwe e e boitshepo le fa gone a ne a boga. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a tlhoma mogopolo gore a bone masego le ditshiamelo tse di neng di larile kwa pele. (Baheb. 12:2) O ka dira se se tshwanang ka go tlhoma mogopolo mo leineng la ga Jehofa le mo masegong a a tlang mo lefatsheng le lesha la Modimo. Seno se tla dira gore o itumelele bodiredi jwa gago le gore bo nne le matswela.
5 Go direla Jehofa tirelo e e boitshepo ke tshiamelo e kgolo go di feta tsotlhe e o ka nnang le yone gompieno. Ka gone, e kete o ka re: “Ke itumela thata go dira go rata ga gago.”—Pes. 40:8.