“Ba Lekwe Pele Gore A ba A Tshwanela”—Jang?
1 Jaaka phuthego ya ga Jehofa e tswelela pele e gola, go tlhokega thata gore bakaulengwe ba ba tshwanelegang ba nne batlhanka ba bodiredi. Bakaulengwe ba le bantsi ba ba iseng ba tlhomiwe, go akaretsa le basha, ba eletsa go direla mo phuthegong. Fa ba abetswe ditiro tse dingwe, ba ikutlwa gore ba a thusa le gore ba dirile sengwe. Kgatelopele ya bone e ikaegile ka gore “ba lekwe pele gore a ba a tshwanela.” (1 Tim. 3:10) Seno se dirwa jang?
2 Seabe sa Bagolwane: Bagolwane ba tla leka mokaulengwe pele go bona gore a a ka sikara boikarabelo ba dirisa ditshwanelego tsa Dikwalo tsa batlhanka ba bodiredi tse di leng mo go 1 Timotheo 3:8-13. Ba ka nna ba mo abela go dira ditiro tse di molemo tse di amanang le go aba dimakasine le dibuka, go tlhokomela digodisamantswe, go tlhokomela Holo ya Bogosi, le tse dingwe. Bagolwane ba tla leba gore o amogela le go dira dikabelo tsa gagwe jang. Ba tla leba dinonofo tsa go ikanyega, go tshwara nako, bonatla, bori, moya wa go dira dilo ka go rata le go kgona go dirisana le ba bangwe sentle. (Bafil. 2:20) A o apara le go ipaakanya ka tsela e e tlhomang sekao? A o na le boikarabelo? Ba batla go bona ka “boitshwaro jwa gagwe jo bo molemomogolo ditiro tsa gagwe ka bori jo e leng jwa botlhale.” (Jak. 3:13) A tota o leka go thusa mo phuthegong? A o diragatsa taelo ya ga Jesu ya go ‘dira batho ba merafe yotlhe barutwa’ ka go nna le seabe ka tlhoafalo mo bodireding jwa tshimo?—Math. 28:19; bona makasine wa Tora ya Tebelo ya September 1, 1990, ditsebe 18-28.
3 Le fa gone Baebele e sa lekanyetse gore motho o tshwanetse go tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi a na le dingwaga di le kae, e bolela ka bakaulengwe bano e re ke “banna ba ba direlang.” Re ka se lebelele gore ba bo ba simolola dingwaga tsa bone tsa bolesome kana ba le mo magareng a tsone, e re ka go umakiwa thatathata gore a ka tswa a na le mosadi le bana. (1 Tim. 3:12, 13) Banna ba ba ntseng jalo ga ba a tshwanela go ineela mo ‘dikeletsong tse basha ba nang le tsone’ mme ba tshwanetse go itshwara ka tsela e e masisi, ba na le boemo jo bontle le segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo le batho.—2 Tim. 2:22.
4 Le fa gone go nna le bokgoni ka tlholego fela go thusa, boikutlo le moya o motho a nang le one ke tsone tse di leng botlhokwa thata. A mokaulengwe yono ka boikokobetso o eletsa go galaletsa Modimo le go direla bakaulengwe ba gagwe? Fa go le jalo, Jehofa o tla segofatsa maiteko a gagwe gore a gatele pele mo phuthegong.