Dipotso tse di Tswang go Babadi
◼ A go na le dingwaga tse di rileng tseo monna wa Mokeresete a ka hakelwang go nna motlhanka wa bodihedi mo phuthegong fa a na le tsone?
Nnyaa, Bibela ga e tlhome gore e bo e le ba dingwaga dife bobotlana.
Kwa Iseraeleng wa bogologolo, Modimo o ne wa tlhoma dingwaga tse di rileng mo mabakeng mangwe. Banna bao ba neng ba kwadisediwa tirelo ya bosole ba ne ba tshwanetse go bo ba le dingwaga di le 20; basimanyana ba ne ba sa romelwe kwa ntweng, jaaka go ntse jalo mo mafelong a mangwe gompieno. Dingwaga gape e ne e le nngwe ya ditlhokafalo mo Balefing. Bakohathe bao ba neng ba direla kwa motlaaganeng ba ne ba tshwanetse go nna le dingwaga tse 30 go ya go tse 50. Ka ntlhayang? Tekanyetso eno e ne ya umakiwa malebana le “go diha tihō ea tihèlō, le tihō ea go rwala mo mogopiñ oa bophuthègèlō.” (Dipalō 4:3, 47) Go lebega e le gore Balefi ba ne ba ka simolola go dira ditiro tse di motlhofo fa ba na le dingwaga tse 25, mme ba ne ba tshwanetse go bo ba le dingwaga di le 30 pele ga ba ka simolola ditiro tse di bokete le ditshiamelo tsa boikarabelo jwa go tlhatlhamolola, go rwala, le go aga motlaagana. (Dipalō 8:24-26) Tiro e e ntseng jalo e e bokete e ne e sa tle go tlhokega moragonyana kwa tempeleng, jalo Balefi ba ne ba simolola go direla fa ba le dingwaga tse 20.—1 Ditihalō 23:24.
Mme fa Jehofa a ne a emisa go dirisa Iseraele wa senama mme a simolola go dirisa Iseraele wa semoya, a o ile a tlhoma dingwaga tse di rileng malebana le batlhanka ba bodihedi (batiakone) mo phuthegong ya Bokeresete?
Motho a ka nna a akanya jalo, go lebilwe rekoto ya dingwaga-kgolo tsa moragonyana jaana. Mo Kerekeng ya Roma Katoliki, motiakone ke “modihedi yo o tlhomamisitsweng, yo boemo jwa gagwe bo leng kafa tlase ga jwa moperesiti mo setlhopeng sa ditaolo tse di tlhomilweng ke Modimo tsa Kereke.” Antiquities of the Christian Church ya ga Bingham e lemotsha jaana: “Babishopo le bagolwane . . . ba ka nna ba seka ba tlhomamisiwa pele ga ba nna masome a mararo a dingwaga; mme batiakone ba ne ba letliwa gore ba ka tlhomamisiwa ba le masome a mabedi le botlhano, mme eseng pele ga foo. Seno ke seemo seo se tlhomamisitsweng mo molaong wa loago le wa kereke . . . Ke ka sewelo fela re kopanang le koo go nang le monna yo a tlhomamisitsweng pele ga dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano, mo hisitoring yotlhe ya Kereke.”
Lefa go le jalo, he, dipatlafalo tsa Bibele ke dife? Tseo di filweng fela ke tseo di umakiwang mo go 1 Timotheo 3:8-10, 12, 13: “Bagolwane ba phuthègō [“Batlhanka ba bodihedi,” NW] le bōnè ba chwanetse go nna batho ba ba masisi, ba se diteme pedi, ba sa lemalele boyalwa, ba sa bolaèlwe khumō e e mashwè ke pelo; Ba tshegeditse boteñ yoa tumèlō ka segakolodi se se itshekileñ. Me le bōnè bauō, a ba lekwè pele; me hoñ a ba dihèlè e le bogolwane ba phuthègō [“badihedi,” NW], ha ba sena molato. A bagolwane ba phuthègō [“batlhanka ba bodihedi,” NW] e nnè banna ba ba mosadi a le moñwe hèla, ba laolè bana ba bōnè le matlo a bōnè sentlè. Gonne ba ba dihileñ sentlè e le bagolwane ba phuthègō [“badihedi,” NW], ba ipōnèla boèmō yo bo molemō, le choshologō e e kgolo mo tumeloñ e e mo go Keresete Yesu.”
Fano re bona gore ga go dingwaga dipe tse di tlhomilweng tsa go tlhopiwa jaaka motlhanka wa bodihedi. Jalo fa bagolwane ba kopana go tla go tlotla ka ditshwanelego tsa banna mo phuthegong, ba tshwanetse go gakologelwa gore ga go na motheo ope wa Bibela o o tlhokang gore monna wa Mokeresete a bo a na le dingwaga di le 20, 25, kana 30 pele a ka hakelwa go direla jalo. Bibela e bua ka bao ba dirang tiro eno jaaka ‘banna ba ba direlang,’ ka jalo ga re kake ra lebelela gore e bo e le ba dingwaga tse di kwa tlase kana ba dingwaga tse di fa gare tsa bosha. Fa e supela seno, Bibela e bolela gore batlhanka bao ba bodihedi ba ka nna ba bo ba nyetse mme ba na le bana ka bobone.
Mo godimo ga moo, banna ba ba hakelwang go nna batlhanka ba bodihedi ba tshwanetse gore ba bo ba ‘lekilwe pele,’ ba supile gore ba ka sikara boikarabelo. Seno ga se reye gore go na le nako e e rileng e ba tshwanetseng go direla ka yone. Go na le moo, ba tshwanetse ba bo ba bontshitse kgolo ya Bokeresete ka nako e e lekaneng (ba setse ba kolobeditswe mo e ka nnang ngwaga o le mongwe), e le banna bao ba iketleeleditseng ebile ba kgona go dira ditiro tseo ba di abetsweng. Fa monna yo mmotlana yo o “masisi” a bontsha ditlhokafalo tseno, mme a le boikokobetso ebile a fitlhelela ditlhokafalo tse dingwe, bagolwane ba ka nna ba mo hakela go tlhophiwa le eleng lefa a ise a nne dingwaga tse 20. Banna ba bangwe ba ka nna ba bo ba setse ba le bagolwane go feta foo fa ba bontsha ka phepafalo gore le bone ba fitlhelela ditlhokafalo tsa go ‘direla ka tsela e e molemo, ba iponela boemo jo bo siameng le go bua ka phuthologo.’