LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 9/1 ts. 23-28
  • A O Tshwanelegela go Direla?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Tshwanelegela go Direla?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshwanelego Tse Di Tshwanang
  • Lesedi la go Tlhatlhoba Batlhanka ba Bodihedi
  • Go Lebisa Tlhokomelo mo Ditshwanelegong tsa Bagolwane
  • Go Fitlhelela Ditlhokafalo
  • Bakaulengwe, a lo Dira ka Natla Gore lo Tshwanelege go Nna Bagolwane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Rrabana e Bile e le Mogolwane—Go Diragatsa Maikarabelo Oomabedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Batlhanka ba Bodiredi ba Dira Tiro e e Botlhokwa
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Go Boloka Kutlwano Fa Gare ga Bagolwane le Batlhanka ba Bodihedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 9/1 ts. 23-28

A O Tshwanelegela go Direla?

“Go lekana ga rona go cwa mo Modimoñ.”—2 BAKORINTHA 3:5.

1. Ke batho ba mofuta ofe ba ba sa batlegeng mo phuthegong ya Bokeresete?

JEHOFA MODIMO le Jesu Keresete ke badiri. Jesu o ne a re: “Rrè o nntse a diha le gompiyeno, le nna kea diha.” (Yohane 5:17) Jehofa ga a amogele batho ba ba ganang go dira; lefa e le gone go amogela bao ba batlang go nna le boikarabelo fela gore ba kgone go nna le maatla mo go ba bangwe. Phuthego ya Bokeresete ga e letle gore ope a repise fela kana gone go batla maemo a a kwa godimo ka bogagapa.—Mathaio 20:25-27; 2 Bathesalonia 3:10.

2. Ke ka ntlhayang fa jaanong go tlhokega banna ba bantsi go rwala maikarabelo mo phuthegong ya Bokeresete?

2 Basupi ba ga Jehofa “ba na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena,” segolobogolo jaanong ka batho ba bantsi ba oologela kwa “thabeñ” ya kobamelo ya boammaaruri. (1 Bakorintha 15:58, NW; Isaia 2:2-4) Go tlhokega banna ba bantsi ba ba tshwanelegang sentle mo semoyeng go sikara boikarabelo mo phuthegong. Banna ba ba ntseng jalo ba ba sa tlhotlhelediweng ke go batla maemo a a kwa godimo, ba goletsa Jehofa go na le go ikgoletsa. (Diane 8:13) Ba itse gore Modimo ke one o ba thusang gore ba tshwanelegele ditiro tsa phuthego, fela jaaka a ‘lekanya badihedi ba kgolagano e ntšha.’—2 Bakorintha 3:4-6.

3. Totatota, maikarabelo a bagolwane le batlhanka ba bodihedi ke afe?

3 Gompieno, fela jaka mo Bakereseteng ba pele, banna ba tlhophiwa go nna bagolwane le batlhanka ba bodihedi ke moya o o boitshepo le go ya ka thulaganyo ya phuthego ya ga Jehofa. (Ditihō 20:28; Bafilipi 1:1; Tito 1:5) Bagolwane ba disa letsomane la Modimo mo semoyeng, ba le kaela sentle ka go le sireletsa. Ba thusiwa ke batlhanka ba bodihedi, bao ditiro tsa bone di sa kopanyeletseng go nna balebedi ba semoya ka tlhamalalo. (1 Petere 5:2; bapisa Ditihō 6:1-6.) Batho bano ba ba tlhophilweng ba eletsa go direla badumedi ka bone, fela jaaka Morwa Modimo yo a neng a tlile go direla. (Mareko 10:45) Fa o le monna wa Mokeresete, a o na le moya o o ntseng jalo?

Ditshwanelego Tse Di Tshwanang

4. Ke kae koo segolobogolo re fitlhelang lenane la ditshwanelego tsa bao ba neetsweng maikarabelo mo phuthegong?

4 Paulo o tlhomile dilo tse di tlhokegang mo go bao ba newang boikarabelo jwa phuthego sentle mo go 1 Timotheo 3:1-10, 12, 13 le Tito 1:5-9. Fa re ntse re sekaseka ditshwanelego tseno, tseo dingwe tsa tsone di amang bagolwane mmogo le batlhanka ba bodihedi, ga re a tshwanela go di leba go ya ka ditekanyetso tsa lefatshe. Go na le moo, re tshwanetse ra di leba ka tsela eo di neng di le ka yone mo lekgolong la ntlha la dingwaga le jaaka di dira mo bathong ba ga Jehofa. Ditlhokafalo tseno ga di tlhoke gore motho a bo a itekanetse gore a di fitlhelele, ka go bo go ne go se motho ope yo a neng a ka tshwanelega fa go ne go le jalo. (1 Yohane 1:8) Mme fa o le monna wa Mokeresete, o na le ditiro dingwe mo phuthegong jaanong kana o sena tsone, ke eng o sa tlhatlhobe ditshwanelego tsa gago ka namana?

5. Go tlhoka mokgobo go kaya eng?

5 A sena mokgobo; a bolelwa molemo ke batho ba ba kwa ntle; a sena molato. (1 Timotheo 3:2, 7, 8, 10; Tito 1:6, 7) Batlhanka ba bodihedi le bagolwane ba tshwanetse ba tlhoka mokgobo, ba se pegiwe molato ope mme ebile ba se ka ba tlhoka go kgalemelelwa molato totatota wa boitsholo bongwe kana thuto nngwe e e phoso fa ba tlhophiwa le fa ba setse ba direla. Go pegiwa molato ka ditatofatso tsa maaka ke “bakauleñwe ba e señ bōnè” kana bangwe fela ga go kake ga dira gore motho a nne le mokgobo. Gore motho a tlosiwe mo go direleng phuthego, molato o a o pegiwang o tshwanetse wa bo o le masisi, mme o tshwanetse go supiwa fa o le jalo ka ditekanyetso tsa Dikwalo. (2 Bakorintha 11:26; 1 Timotheo 5:19) Motho yo o tlhophilweng mo phuthegong “o chwanetse go bolèlwa ka molemō ke ba ba kwa ntlè; e se re kgotsa a wèla mo kgoboñ le mo seruñ sa diabolo.” Fa monna yoo a kile a dira phoso nngwe e e masisi pele ga foo, a ka tlhophiwa fa fela a ile a tlosa kgobo eo mme a itiretse leina le lentle.

6. Go nna monna wa mosadi a le mongwe go kaya eng?

6 Monna wa mosadi a le mongwe. (1 Timotheo 3:2, 12; Tito 1:6) Seno ga se reye gore banna ba ba nyetseng ke bone fela ba ba ka nnang batlhanka ba bodihedi kana bagolwane. Lefa go le jalo, fa a nyetse, monna yoo o tshwanetse a bo a na le mosadi a le mongwe yo o tshelang ebile a ikanyega mo go ene. (Bahebera 13:4) Go farologana le banna ba bantsi ba e neng e se Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ga a tshwanela go bo a na le basadi ba bantsi.a

7. (a) A dingwaga tsa motho ke tsone di mo dirang gore a tshwanele go nna mogolwane? (b) Go laola lelapa sentle go kopanyeletsa eng?

7 A itse go laola ntlo ya gagwe sentle, bana ba gagwe ba mo utlwa. (1 Timotheo 3:4, 5, 12; Tito 1:6) Bangwe ba ka nna ba ikutlwa gore mogolwane o tshwanetse a nna le bobotlana dingwaga di ka nna 30, mme Bibela ga e tlhome dingwaga dipe. Lefa go le jalo, motho a ka dira jaaka monna yo mogolwane ka tlhaloganyo ya semoya. Batlhanka ba bodihedi le bagolwane ba tshwanetse ba bo ba godile go ka nna le bana. Fa a nyetse, monna a ka se ka a tshwanelega fa a dira ka tsela ya bomodimo fa a le kwa mafelong a mangwe mme mo legaeng la gagwe e le modipa. O tshwanetse a bo a tlotliwa ka go laola legae la gagwe sentle go ya ka melaometheo ya Bibela, mme boikaelelo jwa gagwe jo bogolo e tshwanetse ya bo e le gore a atlege mo go ageng leloko lengwe le lengwe la lelapa la gagwe mo semoyeng. Kafa tshwanelong tota, bana ba ba leng mo tlhokomelong ya mogolwane yo e leng rre ba tshwanetse ba bo ba na le boitsholo jo bontle ebile e le ba ba “dumèlañ.” Ba tswelela pele ba lebile go ineela mo Modimong kana e setse e le Basupi ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa. Monna yo a sa kgoneng go aga tumelo ya bana ba gagwe ga a kake a kgona go dira jalo mo go ba bangwe.

8. Ke eng seo rre wa lelapa a tshwanetseng go ithuta go se dira pele a ka nna mogolwane?

8 Rre wa lelapa o tshwanetse go ithuta go baya lelapa la gagwe mo tseleng pele a ka nna mogolwane yo o kgonang go okamela phuthego mo semoyeng. “Ka ea re ha motho a sa itse go laola ntlo ea gagwè tota, o tla babalèla yañ phuthègō ea Modimo?” (1 Timotheo 3:5) Ke boammaaruri gore mosadi yo o sa dumeleng a ka nna a ganetsa monna wa gagwe. (Mathaio 10:36; Luke 12:52) Gongwe ngwana mongwe wa gagwe a ka nna a dira phoso nngwe e e masisi, lemororo ba bangwe ba dira sentle mo semoyeng. Lefa go le jalo, fa monna yo a dirile sotlhe se a neng a lebeletswe go se dira, mme segolobogolo fa a ile a nna le katlego mo semoyeng sa ba bangwe mo lelapeng, fa leloko le le lengwe fela la lelapa la gagwe le gana kaelo e e molemo ya gagwe seo ga se kake sa bo se tlhoka go mo tshwanolola go nna motlhanka wa bodihedi kana mogolwane.

9. Mogolwane kana motlhanka wa bodihedi o tshwanetse go nna kelotlhoko jang malebana le dino tse di tagang?

9 E se yo o losiwang ke bojalwa kana a lemaletse beine. (1 Timotheo 3:3, 8; Tito 1:7) Motlhanka wa bodihedi kana mogolwane ga a tshwanela go itlwaetsa thata go nwa dino tse di tagang. Fa di setse di mo tshwakgotse, a ka palelwa ke go laola tlhaloganyo le maikutlo a gagwe, seo se ka felelang ka go omana go go bakiwang ke bojalwa kana dintwa. Ga a tshwanela go bo a ‘lemaletse bojalwa jwa mofine’ kana a itsege ka go tlhola a nole kana a nwa thata. (Diane 23:20, 21, 29-35) Abo go ka nna kotsi jang ne fa ketelo ya bodisa e ka senngwa ke go nwa thata! Fa e le gore mokaulengwe o e tle a nwe, ga a tshwanela go dira jalo fa a ya kwa dipokanong, kwa bodiheding, kana mo tirelong epe fela e e boitshepo.—Lefitiko 10:8-11; Esekiele 44:21.

10. Ke ka ntlhayang fa ba ba ratang madi le ba ba batlang go huma ka tsela e e sa tshwanelang ka bogagapa ba sa tshwanele go nna bagolwane kana batlhanka ba bodihedi?

10 E se morati wa madi kana a bolaelwa pelo ke khumo e e maswe. (1 Timotheo 3:3, 8; Tito 1:7) Ba ba ratang madi ba ka tlhagelwa ke kotsi ya semoya, mme “ba ba bohula” ga ba kitla ba rua Bogosi jwa Modimo. Ka gone, banna ba ba ntseng jalo ga ba tshwanele go nna bagolwane kana batlhanka ba bodihedi. (1 Bakorintha 6:9, 10; 1 Timotheo 6:9, 10) Modi wa lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “mashwè” totatota le raya “se se tlhabisang ditlhong,” mme le le ranotsweng jaaka “khumō” le raya mofuta mongwe le mongwe fela wa poelo. (Bafilipi 1:21; 3:4-8) Gone go boammaaruri gore monna yo o itshupang gore o tla tshwara “dinku” tsa Modimo ka go tlhoka boikanyegi gaa tshwanela go nna le boikarabelo bope mo phuthegong. (Esekiele 34:7-10; Ditihō 20:33-35; Yude 16) Lebaka la gore go nniwe kelotlhoko tota fa go buelelwa mongwe le gatelelwa fa re lemoga gore monna yo pele a neng a tlhopilwe, a ka nna a newa boikarabelo jwa go tlhokomela madi mme a ka nna a raelesega go utswa mangwe a madi ao.—Yohane 12:4-6.

11. Ke ka ntlhayang fa ‘motho yo mosha’ a sa tshwanela go hakelwa maikarabelo ape mo phuthegong?

11 E se modumedi yo mosha; a lekilwe gore a o a tshwanela. (1 Timotheo 3:6, 10) Motho yo a sa tswang go kolobediwa ga a ise a nne le nako e e lekaneng go itshupa gore a ka dira ditiro tse a di abetsweng ka boikanyegi. A ka nna a bo a sena kutlwelobotlhoko mo go ba ba lwalang kana botlhale jo bo tlhokegang go thusa baobamedi ka ene ebile a ka tswa a lebela ba bangwe kwa tlase. Ka gone, pele monna a ka akantshiwa go nna motlhanka wa bodihedi mme segolo jang mogolwane, o tshwanetse a bo a ‘lekilwe pele’ mme o tshwanetse a neye bosupi jwa gore a ka kgona go atlhola sentle le gore a ka ikanngwa. Ga go na nako e e tlhomilweng ya go leka motho ka tsela eno, le tsela e batho ba golang ka yone mo semoyeng e a farologana. Mme bagolwane ga ba a tshwanela go nna bofefo mo go bueleleng monna yo o sa leng mosha “e se re goñwe a ikgogomosa me a wèla mo tshekishoñ ea diabolo.” A monna yoo a itshupe pele gore o na le boikokobetso jo bo tshwanang le jwa ga Keresete.—Bafilipi 2:5-8.

Lesedi la go Tlhatlhoba Batlhanka ba Bodihedi

12. A ditlhokafalo tsa batlhanka ba bodihedi di tshwanetse go fitlhelelwa ke bone fela?

12 Go na le dilo dingwe tse di kwadilweng tse di tlhokegang mo batlhankeng ba bodihedi. Lefa go le jalo, fa bagolwane le bone ba ne ba sa fitlhelele dilo tse di tlhokegang tseno, ba ne ba ka se ka ba tshwanela go direla. Jaaka monna wa Mokeresete, a o a tshwanela mo dintlheng tseno?

13. Go nna masisi go kaya eng?

13 A nne masisi. (1 Timotheo 3:8) Monna yo o tshwanelang go dira jaaka motlhanka wa bodihedi ga a tshwanela go tsaya boikarabelo motlhofo. O tshwanetse go itshwara ka tsela e e nang le seriti e e gapang tlotlo. Lemororo go dira metlae ka nako nngwe go se molato, ga a kake a tshwanela fa ka metlha a itshwara ka tsela e e seng masisi.

14. (a) Go se nne teme pedi go kaya eng? (b) Motho o tshwanetse go dira eng gore a nne le segakolodi se se phepa?

14 A se teme pedi; a na le segakolodi se se itshekileng. (1 Timotheo 3:8, 9) Batlhanka ba bodihedi (le bagolwane) e tshwanetse go nna batho ba ba boammaaruri, ba sa sebe kana ba sena boferefere. Ereka ba sa tshwanela go nna teme pedi, ga ba a tshwanela go bua sengwe ka boitimokanyi mo mothong yo mongwe mme ba bo ba bua se se farologaneng gotlhelele mo go yo mongwe. (Diane 3:32; Yakobe 3:17) Banna bano gape ba tshwanetse go tshegetsa boammaaruri jo bo senotsweng tota, “ba tshegeditse boteñ yoa tumèlō ka segakolodi se se itshekileñ.” Segakolodi sa monna yo o ntseng jalo se tshwanetse go naya bosupi jwa gore o thokgame fa pele ga Modimo le gore ga a dire sepe se se phoso kana se se leswefatsang. (Baroma 9:1; 2 Bakorintha 1:12; 4:2; 7:1) Ga go ope yo o tshwanelang go direla letsomane la Modimo fa a sa ngaparele boammaaruri le melaometheo ya bomodimo.

Go Lebisa Tlhokomelo mo Ditshwanelegong tsa Bagolwane

15. Jaanong go sekasekiwa ditlhokafalong tsa bomang, mme tseno segolobogolo di kopanyeletsa eng?

15 Go na le ditshwanelego tse dingwe tseo segolobogolo di dirang mo bagolwaneng mme di ama thata tiro ya bone ya bodisa le ya go ruta. Jaaka monna wa Mokeresete, a o fitlhelela ditlhokafalo tseno?

16. (a) Motho o tshwanetse go dira eng gore a nne le mekgwa e e lekalekaneng? (b) Mogolwane a ka nna jang motho yo o boikgapo?

16 A na le mokgwa o o lekalekaneng; a na le boikgapo. (1 Timotheo 3:2; Tito 1:8) Mogolwane o tshwanetse go lekalekana, a sena mekgwa e e maswe. Fa a lebana le diteko, Modimo o tla mo thusa go nna a lekalekane fa a rapela jaana jaaka mopesalema: “Dikhuduègō tsa pelo ea me di goletse pele; a u ko u nntshè mo dipitlaganoñ tsa me.” (Pesalema 25:17) Molebedi gape o tshwanetse go rapelela moya wa Modimo le go supa maungo a one, go akaretsa le boikgapo. (Luke 11:13; Bagalatia 5:22, 23) Fa mogolwane ka metlha a nna a tlhokometse dikgopolo tsa gagwe, puo ya gagwe, le ditiro, o tla kgona go tila gore a se nne bogale thata kana bokoa thata fa a naya phuthego kaelo ya semoya.

17. Go nna le mogopolo o o lekalekaneng go kopanyeletsa eng?

17 A le mogopolo o o lekalekaneng. (1 Timotheo 3:2) Mogolwane o tshwanetse go nna le temogo, a nne botlhale, le go nna tlhoko. Puo ya gagwe le ditiro tsa gagwe di tshwanetse go nna le boikaelelo ebile di lekalekana. Go akanya ga gagwe a le boikobo ebile a lekalekana go ikaegile ka botlhale jwa bomodimo le ka dithuto tse di itekanetseng tsa Lefoko la ga Jehofa, leo a tshwanetseng go le ithuta ka botlhaga.—Baroma 12:3; Tito 2:1.

18. Mogolwane o tshwanetse go dira eng gore e nne motho yo o nang le mokgwa o montle?

18 A le mokgwa montle. (1 Timotheo 3:2) Lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano le ranolwa jaaka “go rulaganya sentle” mo go 1 Timotheo 2:9. (NW) Ka jalo botshelo jwa mogolwane bo tshwanetse go nna jo bo tlotlegang, bo rulagantswe sentle. Ka sekai o tshwanetse a kgona go tshwara nako. Go lebega Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa tlhokomele thata go tshola direkoto, mme ebile gompieno molebedi ga a tlhoke go bo e le setswerere mo go tshwareng matlotlo kana e le tlelereke ya setswerere. Batlhanka ba bodihedi ba ka nna ba tlhokomela dilo dingwe tse di tlhokegang mo mabakeng ano. Mme lefoko la Segerika le le dirisediwang “go nna mokgwa montlè” le ka nna la raya go nna le boitshwaro jo bontle, mme eleruri monna ga a kake a tshwanela go nna mogolwane fa a sena thulaganyo kana dilo tsa gagwe di tlhakatlhakane.—1 Bathesalonia 5:14; 2 Bathesalonia 3:6-12; Tito 1:10.

19. Ereka mogolwane a rata go tshola batho, ke eng seo a se dirang?

19 A tshola batho sentle. (1 Timotheo 3:2; Tito 1:8) Mogolwane o tshwanetse go ‘tlwaela go tshola baeng.’ (Baroma 12:13; Bahebera 13:2) Lefoko la Segerika le le dirisediwang go ‘tshola batho sentle’ totatota le kaya “go rata baeng.” Ka gone mogolwane yo o tsholang batho sentle o amogela batho ba basha fa ba tla kwa dipokanong tsa Bokeresete, a kgatlhegela ba ba humanegileng fela jaaka a dira le mo go ba ba humileng dilo tse di bonalang. O tshola baeng ba ba tsamayang ba tlhokomela dikgatlhego tsa Bokeresete mme o ba tsamaisa sentle ka “mokgwa o o chwanetseñ Modimo.” (3 Yohane 5-8) Eleruri, mogolwane o supa fa a rata go tshola batho segolobogolo ka go tshola badumedi ka ene go ya kafa ba tlhokang ka gone le kafa maemo a gagwe a mo letlang go dira ka gone.—Yakobe 2:14-17.

20. Mogolwane o tshwanetse go tshwanelegela go ruta ka ditsela dife?

20 A itse go ruta. (1 Timotheo 3:2) Mogolwane ga a nonofele go nna moruti wa semoya ka ntlha ya fa a le botlhale thata kana ka ntlha ya botlhale jwa selefatshe. (1 Bakorintha 2:1-5, 13) O kgona go dira jalo ka gonne a “ñaparetse lehoko ye le ikanyègañ ye le leñ kaha [“mokgweng wa gagwe wa go ruta,” NW], gore a tlè a nonohè go laea ka thutō e e itekanetseñ, le go henya baganetsi.” (Tito 1:9; bapisa Ditihō 20:18-21, 26, 27.) O tshwanetse gore a kgone go ‘sokolola ba ba ikgantshang ka boikokobetso.’ (2 Timotheo 2:23-26) Le eleng lefa mogolwane e se sebui se se matsetseleko thata sa phatlalatsa mo phuthegong, o tshwanetse go nna moithuti yo o molemo tota wa Lefoko la Modimo gore a nne le botswerere jwa go kaela le go gakolola badumedi, bao le bone ba ithutang Bibela. (2 Bakorintha 11:6) O tshwanetse a tshwanelegela go ruta “thutō e e itekanetseñ” e e thusang malapa le batho ba ba farologaneng go tswelela ba tshela matshelo a a siameng.—Tito 2:1-10.

21. (a) Ke ka ntlhayang fa re ka re mogolwane ga se moitei? (b) Go kaya eng go nna bonolo? (c) Go se nne segagapa go kaya eng?

21 E se moitei, a le bonolo, a se segagapa. (1 Timotheo 3:3; Tito 1:7) Mogolwane yo o ratang kagiso ga a iteye batho kana go ba kgobotla ka go dira dikakgelo tse di seng monate le tse di utlwisang botlhoko. (Bapisa 2 Bakorintha 11:20.) (Kakgelo e e fetileng ya gore “e se eo o losiwañ ke boyalwa” e supa gore o tila go sa diriseng tagi sentle goo gantsi go bakang dintwa.) Ga a tsose dikgang ka dilo tse dinnye ka gonne “o bonōlō” (kana “o a ineela”), ebile ga se motho yo o gatelelang maikutlo a gagwe mo go ba bangwe kana yo o thata go kgotsofadiwa, a sa tsose dikgogakgogana ka dilo tse eseng tsa sepe. (1 Bakorintha 9:12; Bafilipi 4:5; 1 Petere 2:18) Ereka mogolwane a se segagapa, kana a sa rate dikgotlhang, o tila dintwa mme ka gone ga a “bonakō go galeha.”—Tito 3:2; Yakobe 1:19, 20.

22. Ntlha ya go bo mogolwane a sa tshwanela go nna yo o ikgantshang e supa eng?

22 E se yo o ikgantshang. (Tito 1:7) Totatota seno se kaya gore “a se ka a batla go ikgotsofatsa boene fela.” (Bapisa 2 Petere 2:10.) Mogolwane ga a tshwanela go gagamalela maikutlo a gagwe mme o tshwanetse go iteba jaaka yo a ka se kang a kgona sengwe le sengwe. Ka go bo a sa gopole gore o dira dilo botoka go gaisa ba bangwe, o thusana le ba bangwe go sikara maikarabelo ka boikokobetso mme o bona go le botlhokwa thata go nna le bagakolodi ba bantsi.—Dipalō 11:26-29; Diane 11:14; Baroma 12:3, 16.

23. (a) O ka tlhalosa jang “morati oa se se molemō”? (b) Go nna tshiamo go kaya eng?

23 E le morati wa se se molemo; le tshiamo. (Tito 1:8) Monna o tshwanetse go rata se se molemo ebile o tshwanetse go nna tshiamo gore a tshwanele go nna mogolwane. Yo o ratang se se molemo o rata dilo tse di leng molemo mo matlhong a ga Jehofa, a direla ba bangwe ka bopelonomi le go ba thusa, a anaanela molemo o ba bangwe ba o mo direlang. (Luke 6:35; bapisa Ditihō 9:36, 39; 1 Timotheo 5:9, 10.) Go nna yo o siameng go raya go dumalana le melao ya Modimo le ditekanyetso tsa gagwe. Gareng ga tse dingwe, monna yo o ntseng jalo ga a tlhaole batho mme o nna a akantse ka dilo tse di siameng, tse di itshekileng, le tse di rategang. (Luke 1:6; Bafilipi 4:8, 9; Yakobe 2:1-9) Ereka go nna molemo go farologana le go nna tshiamo ka gonne gone go kaya go dira seo se fetang se se siameng, motho yo o ratang se se molemo o direla batho ba bangwe dilo tse di fetang tseo go tlhokegang gore a di dire.—Mathaio 20:4, 13-15; Baroma 5:7.

24. Ke eng se se tlhokegang gore motho a nne boikanyego?

24 A ikanyega. (Tito 1:8, NW) Monna yo o tshwanelegelang go nna mogolwane o boloka boineelo jwa gagwe mo Modimong a nonofile mme o ngaparela molao wa bomodimo, go sa kgathalesege gore bothokgami jwa gagwe bo lekwa jang. O dira seo Jehofa a se batlang mo go ene, mme seno se akaretsa go dira jaaka mmoledi yo o ikanyegang wa Bogosi.—Mathaio 24:14; Luke 1:74, 75; Ditihō 5:29; 1 Bathesalonia 2:10.

Go Fitlhelela Ditlhokafalo

25. Ke bomang ba ba tshwanetseng go fitlhelela ditlhokafalo tse di sa tswang go tlhalosiwa, mme ditlhokafalo tseno di ka fitlhelelwa jang?

25 Bontsi jwa ditlhokafalo tse di sa tswang go tlhalosiwa di kopanyeletsa dilo tseo di tlhokegang mo Mosuping mongwe le mongwe wa ga Jehofa mme di fitlhelelwa fela fa Modimo o segofatsa go ithuta, maiteko, botsalano jo bo molemo, le dithapelo tsa mongwe le mongwe. Mme batho bangwe ba ka nna ditswerere thata mo nonofong nngwe go na le mo go e nngwe. Mme batlhanka ba bodihedi le bagolwane ba tshwanetse go fitlhelela ditlhokafalo tsotlhe ka selekanyo se se kgotsofatsang gore ba bone ditshiamelo tsa bone.

26. Ke ka ntlhanyang fa banna ba Bakeresete ba ipaya mo seemong sa go ka rwala maikarabelo a phuthego?

26 Basupi botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetse ba batla go dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang mo tirelong ya Modimo. Moya ono o tlhotlheletsa banna ba Bakeresete gore ba ipeye mo seemong sa go ka rwala maikarabelo mo phuthegong. A o monna yo o ineetseng le yo o kolobeditsweng? Fa go ntse jalo nna le keletso ya go dira sengwe se segolwane, dira boiteko jo bo nonofileng gore o tshwanelegele go direla!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona gape Tora ya Tebelo, September 1, 1983, tsebe 28, kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Tlhalo ya Dikwalo.”

O Ne O Ka Araba Jang?

◻ Ke ka ntlhayang fa jaanong go tlhokega banna ba bantsi ba ba kolobeditsweng go rwala maikarabelo mo phuthegong?

◻ Dingwe tsa ditlhokafalo tseo batlhanka ba bodihedi ba tshwanetseng go di fitlhelela ke dife?

◻ Dingwe tsa ditlhokafalo tseo bagolwane ba tshwanetseng go di fitlhelela ke dife?

◻ Ke ka ntlhayang fa mogolwane a tshwanetse go bo a itse go laola ntlo ya gagwe sentle?

◻ Ke eng se se tlhotlheletsang banna ba Bakeresete go ipaya mo seemong sa go ka newa ditiro dingwe mo phuthegong?

[Setswantsho mo go tsebe 24, 25]

Bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba tshwanetse go laola malapa a bone go ya ka melaometheo ya Bibela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela