LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 10/15 ts. 20-24
  • Rrabana e Bile e le Mogolwane—Go Diragatsa Maikarabelo Oomabedi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Rrabana e Bile e le Mogolwane—Go Diragatsa Maikarabelo Oomabedi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Rrabana e Bile e le Mogolwane
  • “A na Le Bana ba ba Dumelang”
  • Fa a Nyetse “Mosadi Yo o Sa Dumeleng”
  • “A Itse go Laola ba Ntlo ya Gagwe Sentle”
  • Bolebedi jo bo Lekalekaneng
  • Borrabana ba ba Molemo e Bile e le Bagolwane ba ba Molemo
  • Re Tshwanetse go Rata Bagolwane ba Rona
  • Monna yo o Nyetseng e Bile e le Mogolwane—Go Lekalekanya Maikarabelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A O Tshwanelegela go Direla?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Disang Letsomane la Modimo ka Pelo E E Ratang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Bagolwane—Tlhokomelang Boikarabelo jwa Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 10/15 ts. 20-24

Rrabana e Bile e le Mogolwane—Go Diragatsa Maikarabelo Oomabedi

“Ka e a re fa motho a sa itse go laola ntlo ya gagwe tota, o tlaa babalela jang phuthego ya Modimo?”—1 TIMOTHEO 3:5.

1, 2. (a) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, balebedi ba ba neng ba sa nyala le ba ba neng ba nyetse mme ba sena bana ba ne ba kgona jang go direla bakaulengwe ba bone? (b) Akwila le Peresila ba ne ba tlhomela banyalani ba le bantsi sekao jang gompieno?

BALEBEDI ba phuthego ya bogologolo ya Bokeresete ba ka tswa e ne e le banna ba ba sa nyalang kana ba ba nyetseng mme ba sena bana kana e le borramalapa ba na le bana. Kwantle ga pelaelo Bakeresete ba bangwe bao ba ne ba latela kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e mo lekwalong la gagwe la ntlha le a le kwaletseng Bakorinthe, kgaolo 7, ka go nna ba sa nyala. Jesu o ne a boletse jaana: “Go na le baopa ba ba ikopafaditseng, ka ntlha ya bogosi jwa legodimo.” (Mathaio 19:12) Banna bao ba ba sa nyalang, ba ba jaaka Paulo mme gongwe le batsamai jaaka ene, ba ne ba sa kgorelediwe ke sepe fa ba ne ba ya go thusa bakaulengwe ba bone.

2 Baebele ga e bolele gore Barenabase, Mareko, Silase, Luke, Timotheo le Tito ba ne ba sa nyala. Fa e le gore ba ne ba nyetse, kwantle ga pelaelo ba ne ba sa tshwarega thata ka maikarabelo a malapa mme ba kgona go ya kwa dikabelong tse di farologaneng ba gololesegile. (Ditiro 13:2; 15:39-41; 2 Bakorinthe 8:16, 17; 2 Timotheo 4:9-11; Tito 1:5) Ba ka tswa ba ne ba tsamaya le basadi ba bone, jaaka Petere le “baaposetole ba bangwe,” ba go lebegang ba ne ba patilwe ke basadi ba bone fa ba ya kwa mafelong a a farologaneng. (1 Bakorinthe 9:5) Akwila le Perisila e ne e le dikao tsa banyalani ba ba neng ba rata go fudugela kwa lefelong le lengwe, ba latela Paulo go tswa kwa Korintha go ya kwa Efeso, go tswa foo ba fudugela kwa Roma, mme ba boela gape kwa Efeso. Baebele ga e bolele gore ba ne ba na le bana. Tsela e ba neng ba ineetse ka yone gore ba direle bakaulengwe ba bone e ne ya dira gore “diphuthego tsotlhe tsa Baditšhaba” di ba leboge. (Baroma 16:3-5; Ditiro 18:2, 18; 2 Timotheo 4:19) Kwantle ga pelaelo, gompieno go na le banyalani ba le bantsi jaaka Akwila le Perisila, ba ba ka direlang kwa diphuthegong tse dingwe, gongwe ka go fudugela kwa go tlhokegang thuso thata teng.

Rrabana e Bile e le Mogolwane

3. Ke eng se se re akantshang gore bagolwane ba le bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba nyetse e bile ba na le malapa?

3 Go ne go ka lebega gore mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., bontsi jwa bagolwane ba Bakeresete e ne e le banna ba ba nyetseng e bile ba na le bana. Fa Paulo a ne a bolela ka ditshwanelego tsa monna yo o “senka[ng] boemo jwa mookami wa phuthego,” o ne a bolela gore Mokeresete yoo o tshwanetse a bo “a itse go laola ntlo ya gagwe sentle, bana ba gagwe ba mo utlwa ka tshisimogo yotlhe.”—1 Timotheo 3:1, 4.

4. Ke eng se go neng go tlhokega gore bagolwane ba ba nyetseng mme ba na le bana ba se dire?

4 Jaaka re setse re bone, molebedi o ne a sa patelediwe go nna le bana, kana go nyala. Mme fa e le gore o ne a nyetse, gore Mokeresete yoo a tshwanelege go nna mogolwane kana motlhanka wa bodiredi, o ne a tshwanetse a dirisa botlhogo jwa gagwe ka tsela e e tshwanetseng le e e lorato mo mosading wa gagwe le go itshupa fa a kgona go dira gore bana ba gagwe ba mo ikobele ka tshwanelo. (1 Bakorinthe 11:3; 1 Timotheo 3:12, 13) Fa mokaulengwe a palelwa tota ke go laola ba ntlo ya gagwe o tla tseelwa ditshiamelo tse di kgethegileng mo phuthegong. Ka ntlha yang? Paulo o a tlhalosa: “Ka e a re fa motho a sa itse go laola ntlo ya gagwe tota, o tlaa babalela jang phuthego ya Modimo?” (1 Timotheo 3:5) Fa ba lelapa la gagwe ba sa rate go ikobela bolebedi jwa gagwe, ba bangwe bone ba ne ba tla itshwara jang?

“A na Le Bana ba ba Dumelang”

5, 6. (a) Ke eng se Paulo a neng a se bolelela Tito malebana le se bana ba tlhokang go se dira? (b) Ke eng se bagolwane ba ba nang le bana ba tshwanetseng go se dira?

5 Fa Paulo a ne a laela Tito gore a tlhome balebedi kwa diphuthegong tsa Kerete, o ne a tlhalosa jaana: “Ke raya fa o fitlhela monna e le yo o se nang molato, e le monna yo o mosadi mongwe fela, a na le bana ba ba dumelang, ba ba sa bolelweng ka molato wa tlhapelo, kgotsa e le ba ba ganang taolo. Gonne mookami wa phuthego o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, jaaka molebalebedi wa Modimo.” Ke eng se se kaiwang ke molaomotheo o o reng “a na le bana ba ba dumelang”?—Tito 1:6, 7.

6 Mafoko a a reng “bana ba ba dumelang” a raya basha ba ba setseng ba neetse matshelo a bone mo go Jehofa mme ba kolobeditswe kana bana ba ba gatelang pele gore ba ineele le go kolobediwa. Maloko a phuthego a lebeletse gore bana ba bagolwane ba itshware sentle le go nna kutlo ka kakaretso. Go tshwanetse ga bonala gore mogolwane o dira gotlhe mo a ka go kgonang gore a age tumelo ya bana ba gagwe. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.” (Diane 22:6) Mme go tweng fa e le gore mosha yo o thapisitsweng jalo o gana go direla Jehofa kana o dira phoso e e masisi?

7. (a) Ke ka ntlha yang fa go na le bosupi jwa gore Diane 22:6 ga e bolele ka molao o o gagametseng? (b) Fa ngwana wa mogolwane a tlhopha gore ga a direle Jehofa, ke ka ntlha yang fa go se kitla go itlela fela gore mogolwane a tseelwe ditshiamelo tsa gagwe?

7 Go phepafetse gore seane se se umakilweng fa godimo ga se beye molao o o gagametseng. Ga se phimole molaomotheo wa go itlhophela se o se batlang. (Duteronome 30:15, 16, 19) Fa morwa kana morwadi a fitlha mo dingwageng tsa go ikarabela, o tshwanetse go itirela tshwetso e e malebana le go ineela le kolobetso. Fa mogolwane a mo thusitse ka tsela e e tlhokegang mo semoyeng, a mo neile kaelo le kotlhao, lefa go ntse jalo mosha a bo a ntse a sa tlhophe go direla Jehofa, ga go itlele fela gore rrangwana a tlosiwe mo go direleng e le molebedi. Mo letlhakoreng le lengwe, fa mogolwane a na le bana ba le mmalwa ba babotlana ba nna mo gae, ba ka go latelana ga bone, ba simolola go lwala mo semoyeng ba bo ba tsena mo kotsing, o ka nna a se tlhole a tsewa e le yo o “laola[ng] ba ntlo ya gagwe sentle.” (1 Timotheo 3:4) Ntlha ke gore, go tshwanetse ga bonala gore molebedi o dira bojotlhe jwa gagwe gore a nne le “bana ba ba dumelang, ba ba sa bolelweng ka molato wa tlhapelo.”a

Fa a Nyetse “Mosadi Yo o Sa Dumeleng”

8. Mogolwane o tshwanetse a tshwara mosadi wa gagwe yo o sa dumeleng jang?

8 Malebana le banna ba Bakeresete ba ba nyetseng batho ba ba sa dumeleng, Paulo o ne a kwala jaana: “Fa monna yo e leng modumedi a na le mosadi yo o sa dumeleng, fa mosadi a itumela go aga nae, monna a se mo tlogele . . . Gonne . . . mosadi yo o sa dumeleng o itshepisiwa ka monna yo o leng modumedi; fa go ne go sa nna jalo bana ba lona ba ka bo ba sa itsheka; mme jaanong ba itshepile. Gonne, . . . monna, o itse jang fa e tlaa re gongwe o se ketla o boloka mosadi wa gago?” (1 Bakorinthe 7:12-14, 16) Mafoko a a reng “yo o sa dumeleng” fano ga a bue ka mosadi yo o se nang bodumedi bope mme a bua ka yo a iseng a ineele mo go Jehofa. O ka tswa e ne e le Mojuta, kana modumedi wa medimo ya boheitene. Gompieno, mogolwane a ka tswa a nyetse mosadi wa bodumedi jo bo farologaneng, yo o reng Modimo ga o itsiwe, kana yo o sa dumeleng mo Modimong. Fa mosadi a rata go nna le ene, ga a tshwanela go mo tlogela fela ka gonne ditumelo tsa bone di sa tshwane. O tshwanetse go ‘aga le ene ka fa kitsong, ka go naya mosadi tlotlo, jaaka e le sejana se se seng thata,’ ka tsholofelo ya gore o tla mmoloka.—1 Petere 3:7; Bakolosa 3:19.

9. Mo dinageng tse monna mmogo le mosadi ba nang le tshwanelo ya go ruta bana ba bone ditumelo tse di rileng tsa bodumedi jwa bone, mogolwane o tshwanetse go tsaya kgato efe, mme seno se tla ama ditshiamelo tsa gagwe jang?

9 Fa molebedi a na le bana, o tla dirisa botlhogo jo bo tshwanetseng jaaka monna le jaaka rrabana gore a ba godisetse “mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.” (Baefeso 6:4) Mo dinageng di le dintsi molao o neela banyalani boobabedi tshwanelo ya go ruta bana ba bone ka bodumedi. Mo kgannyeng eno mosadi a ka nna a batla go dirisa tshwanelo ya gagwe gore bana ba tlwaelane le dilo tse a di dumelang le tse a di dirang tsa bodumedi, tse di ka nnang tsa akaretsa go tsamaya le bone kwa kerekeng ya gagwe.b Ke boammaaruri gore bana ba tshwanetse go latela digakolodi tsa bone tse di rutilweng Baebele malebana le go sa nne le seabe mo meketeng ya bodumedi. Rrabana jaaka tlhogo ya lelapa, o tla dirisa tshwanelo ya gagwe ka go ithuta le bana ba gagwe le go tsamaya le bone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi fa go kgonega. Fa ba fitlha mo dingwageng tsa gore ba ka itirela ditshwetso tsa bone, ke bone ba tla swetsang gore ke tsela efe e ba tla e tsayang. (Jošua 24:15) Fa bagolwanekaene le maloko a phuthego ba ka bona gore o dira sotlhe se molao o mo letlelelang go se dira gore a rute bana ba gagwe ka tshwanelo ka tsela ya boammaaruri, o ka se tlosiwe mo bolebeding.

“A Itse go Laola ba Ntlo ya Gagwe Sentle”

10. Fa rre wa lelapa e le mogolwane, tiro ya gagwe ya konokono e tshwanetse go nna eng?

10 Tota le mo mogolwaneng yo o leng rrabana e bile mosadi wa gagwe e le Mokeresetekaene, ga se kgetsi e potlana gore a kgaoganye nako ya gagwe le go tlhokomela mosadi wa gagwe, bana le maikarabelo a phuthego sentle. Dikwalo di phepafetse sentle gore rrabana wa Mokeresete o tlamega go tlhokomela mosadi wa gagwe le bana. Paulo o ne a kwala jaana: “Fa mongwe a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o latotse tumelo, mme o bosula go gaisa yo o sa dumeleng.” (1 Timotheo 5:8) Mo go lone lekwalo leo, Paulo o ne a bolela gore ke banna fela ba ba nyetseng ba ba setseng ba ipontshitse e le banna le borrabana ba ba molemo ba ba tshwanetseng go tlhomiwa e le balebedi.—1 Timotheo 3:1-5.

11. (a) Mogolwane o tshwanetse gore a “tlamele ba ga gabo” ka ditsela dife? (b) Seno se ka thusa mogolwane jang gore a fitlhelele maikarabelo a gagwe a phuthego?

11 Mogolwane o tshwanetse gore a “tlamele” ba ntlo ya gagwe e seng fela ka dilo tse ba di tlhokang mme gape le mo semoyeng le mo maikutlong. Kgosi e e botlhale Solomone o ne a kwala jaana: “Baakanya tiro ya gago e e kwa ntle, mme o e iketleeletse kwa nageng; mme morago ga moo, o age ntlo ya gago.” (Diane 24:27) Ka gone fa molebedi a ntse a tlamela mosadi wa gagwe le bana ka dilo tse ba di tlhokang, mo maikutlong le go itlosa bodutu, o tshwanetse gape gore a ba age mo semoyeng. Seno se tsaya nako e telele—nako e a ka sekang a kgona go e dirisa mo dikgannyeng tsa phuthego. Mme ke nako e e tla felelang ka gore lelapa le itumele thata le go ungwa thata mo semoyeng. Kgabagare, fa lelapa la gagwe le nonofile mo semoyeng, mogolwane o ka nna a se ka a tlhoka nako e ntsi a rarabolola mathata a lelapa. Seno se tla mo neela sebaka sa gore a tlhokomele dikgang tsa phuthego. Sekao sa gagwe jaaka monna e bile e le rrabana yo o molemo se tla solegela phuthego molemo mo semoyeng.—1 Petere 5:1-3.

12. Borrabana ba e leng bagolwane ba tshwanetse go tlhoma sekao se se molemo mo kgannyeng efe ya lelapa?

12 Go itse go laola ba ntlo sentle go akaretsa go rulaganya nako ya go tshwara thuto ya lelapa. Go botlhokwa thata gore bagolwane ba tlhome sekao se se molemo mo kgannyeng eno, ka gonne malapa a a nonofileng a dira diphuthego tse di nonofileng. Nako ya molebedi ga e a tshwanela gore ka metlha e tlale ka ditshiamelo tse dingwe tsa tirelo mo e leng gore ga a na nako ya go ithuta le mosadi wa gagwe le bana. Fa e le gore seno se ne se le jalo, o tshwanetse a sekaseka gape thulaganyo ya gagwe. O ka nna a tshwanelwa ke go rulaganya sesha kana go fokotsa nako e a e dirisang mo dilong tse dingwe, tota le gone go tlogela ditshiamelo dingwe ka nako e e rileng.

Bolebedi jo bo Lekalekaneng

13, 14. Ke kgakololo efe e “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” a e neetseng bagolwane ba e leng borramalapa?

13 Ga se la ntlha go ntshiwa kgakololo ya go lekalekanya maikarabelo a lelapa le a phuthego. E setse e le dingwaga di le mmalwa “motlhanka yo o boikanyo le yo o botlhale” a ntse a neela bagolwane kgakololo e e malebana le kgang eno. (Mathaio 24:45) Mo dingwageng tse 37 tse di fetileng, Tora ya Tebelo ya September 15, 1959 (ya Seesemane), tsebe 553 le 554, e ne ya gakolola jaana: “A tota ga se kgang ya go lekalekanya dilo tseno tsotlhe tse di tlhokang nako ya rona? O tshwanetse wa gatelela thata mo dilong tse di tlhokwang ke lelapa la gago. Eleruri Jehofa Modimo o ne a ka se lebelele gore monna a dirise nako ya gagwe yotlhe mo kabelong ya phuthego, a thusa bakaulengwe ba gagwe le baagelani gore ba bolokwe, mme lefa go ntse jalo a sa tlhokomele gore ba ntlo ya gagwe ba bolokwe. Mosadi le bana ke boikarabelo jo bogolo jwa monna.”

14 Tora ya Tebelo ya November 1, 1986, tsebe 22, e ne ya gakolola jaana: “Go tshwarega mo bodiheding jwa tshimo jaaka lelapa go tla lo atamalanya, lefa gone ditlhokafalo tse dikgolo tsa bana ba lona di tlhoka gore lo dirise nako ya lona e e setseng le maatla a boikutlo. Ka gone, go tlhokafala gore lo lekalekanye dilo gore lo tle lo tlhomamise nako e lo ka e dirisang mo ditirong . . . tsa phuthego, mme lo ntse lo tlhokomela ‘ba e leng ba ntlo ya gago’ kafa semoyeng, kafa boikutlong, le kafa dilo tse di bonalang. [Mokeresete] o tshwanetse go ‘ithuta pele go itshupa bopelonomi mo go ba ntlo ya [gagwe].’ (1 Timotheo 5:4, 8)”

15. Ke ka ntlha yang fa mogolwane yo o nang le mosadi le bana a tlhoka botlhale le temogo?

15 Seane sa Dikwalo se bolela jaana: “Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyo.” (Diane 24:3) Ee, gore molebedi a diragatse dikabelo tsa gagwe tse di direlwang puso ya Modimo mme gape a ntse a aga ba ntlo ya gagwe, o tlhoka thatathata botlhale le temogo. Go ya ka Dikwalo, o na le karolo e e fetang e le nngwe ya bolebedi. Lelapa la gagwe le maikarabelo a gagwe a phuthego a a akarediwa. O tlhoka temogo gore a nne tekatekanyo mo dikarolong tseno. (Bafilipi 1:9, 10) O tlhoka botlhale gore a dire dilo tse di tshwanetseng go dirwa pele. (Diane 2:10, 11) Lefa go ntse jalo, fa a ikutlwa a na le boikarabelo jwa go dira ditshiamelo tsa gagwe tsa phuthego, o tshwanetse a lemoga gore jaaka monna yo o nyetseng e bile e le rrabana, boikarabelo jwa gagwe jo bogolo jo a bo neilweng ke Modimo ke go tlhokomela lelapa la gagwe le go le boloka.

Borrabana ba ba Molemo e Bile e le Bagolwane ba ba Molemo

16. Mogolwane o tla solegelwa molemo ke eng fa gape e le rrabana?

16 Mogolwane yo o nang le bana ba ba itsholang sentle e ka nna yo o thusang thata. Fa a itse go tlhokomela lelapa la gagwe sentle, o tla kgona go thusa malapa a mangwe mo phuthegong. O tla tlhaloganya mathata a bone botoka e bile o ka neela kgakololo e e tswang mo boitemogelong jwa gagwe. Se se itumedisang ke gore diketekete tsa bagolwane mo lefatsheng lotlhe ba dira tiro e e molemo jaaka banna ba ba nyetseng, borrabana le balebedi.

17. (a) Ke eng se monna yo o leng rrabana e bile e le mogolwane a sa tshwanelang go se lebala? (b) Maloko a mangwe a phuthego a tshwanetse go bontsha tsela ya go akanyetsa jang?

17 Gore monna wa lelapa a nne mogolwane, o tshwanetse go nna Mokeresete yo o godileng yo a ka rulaganyang dikgang tsa gagwe e le gore a kgone go dirisa nako le go tlhokomela ba bangwe mo phuthegong, fa a ntse a tlhokometse mosadi wa gagwe le bana. Ga a tshwanela go lebala gore tiro ya gagwe ya bodisa e simologa kwa gae. E re ka maloko a phuthego a itse gore bagolwane ba ba nang le mosadi le bana ba na le boikarabelo jwa lelapa la bone mmogo le jwa dikabelo tsa bone tsa phuthego, ba ka se leke go batla dilo tse di sa tlhokegeng mo nakong ya bone. Ka sekai, mogolwane yo o nang le bana ba ba tshwanetseng go ya kwa sekolong mo mosong o o latelang, o ka nna a se ka a kgona ka metlha gore a eme nakonyana morago ga dipokano tsa maitseboa. Maloko a mangwe a phuthego a tshwanetse go tlhaloganya seno a bo a nne pelotlhomogi.—Bafilipi 4:5.

Re Tshwanetse go Rata Bagolwane ba Rona

18, 19. (a) Tsela e re sekasekileng 1 Bakorinthe kgaolo 7 ka yone e re thusitse go lemoga eng? (b) Re tshwanetse go tshwara banna ba ba ntseng jalo ba Bakeresete jang?

18 Fa re sekaseka kgaolo 7 ya lekwalo la ntlha la ga Paulo le a neng a le kwalela Bakorintha, go ne ga re thusa go bona gore, ka go latela kgakololo ya ga Paulo, go na le banna ba le bantsi ba ba sa nyalang ba ba dirisang kgololesego ya bone gore ba dire dilo tse di direlwang Bogosi. Gape go na le diketekete tsa bakaulengwe ba ba nyetseng ba ba senang bana ba, lefa ba tlhokometse basadi ba bone thata, ba direla e le balebedi ba ba molemo mo dikgaolong, mo dipotologong, mo diphuthegong le kwa makaleng a Watch Tower, basadi ba bone ba dirisana mmogo le bone ka tsela e e tlhomang sekao. Sa bofelo, mo diphuthegong tse di ka nnang 80 000 tsa batho ba ga Jehofa, go na le borrabana ba le bantsi ba ba tlhokomelang basadi ba bone le bana ka lorato mme gape ba dirisa nako e e oketsegileng ba direla bakaulengwe ba bone e le badisa ba ba lorato.—Ditiro 20:28.

19 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Bagolwane ba ba laolang sentle a ba kaiwe go tshwanela tlotlo sebedi, bogolo ba ba dirang mo lefokong le mo go ruteng.” (1 Timotheo 5:17) Ee, bagolwane ba ba itseng go laola ka tsela e e molemo mo magaeng a bone le mo phuthegong ba tshwanelwa ke gore re ba rate le go ba tlotla. Eleruri re tshwanetse gore re “tlotle [ba ba] ntseng jalo.”—Bafilipi 2:29.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona Tora ya Tebelo ya June 1, 1978, ditsebe 23-4.

b Bona Tora ya Tebelo ya December 1, 1960 (ya Seesemane), ditsebe 735-6.

Ka Tsela ya Poeletso

◻ Re itse jang gore bagolwane ba le bantsi ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. e ne e le borramalapa?

◻ Go tlhokega gore bagolwane ba ba nyetseng e bile ba na le bana ba dire eng, mme ka ntlha yang?

◻ Ke eng se se bolelwang ka go nna le “bana ba ba dumelang,” mme go tweng fa ngwana wa mogolwane a sa tlhophe go direla Jehofa?

◻ Mogolwane o tshwanetse gore a “tlamele ba ga gabo” ka ditsela dife?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Malapa a a nonofileng a bopa diphuthego tse di nonofileng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela