LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w96 10/15 ts. 15-19
  • Monna yo o Nyetseng e Bile e le Mogolwane—Go Lekalekanya Maikarabelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Monna yo o Nyetseng e Bile e le Mogolwane—Go Lekalekanya Maikarabelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bogolwane le Lenyalo ga di Thulane
  • ‘Monna yo o Nyetseng o Kgaogane’
  • Banna ba ba Nyetseng ba ba Molemo e Bile e le Bagolwane ba ba Molemo
  • Dikabelo Tse di mo Dikwalong Tse Mosadi a Tshwanetseng go di Dira
  • “Pitlagano mo Nameng”
  • Basadi ba ba Ithontshang Dilo Dingwe
  • Rrabana e Bile e le Mogolwane—Go Diragatsa Maikarabelo Oomabedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • O se Ka wa Kgaoganya se Modimo a se Kopantseng Mmogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Kaelo e e Mosola e e Newang Banyalani
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Bontsha Lorato le Tlotlo Jaaka Monna yo o Nyetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
w96 10/15 ts. 15-19

Monna yo o Nyetseng e Bile e le Mogolwane—Go Lekalekanya Maikarabelo

‘Mookami wa phuthego o na le go nna monna yo o mosadi mongwe fela.’—1 TIMOTHEO 3:2.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa go sa nyale ga baruti go sa tswe mo Dikwalong?

MO LEKGOLONG la ntlha la dingwaga, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba tshwenyegile ka go lekalekanya maikarabelo a bone a a farologaneng. Fa moaposetoloi Paulo a ne a bolela gore Mokeresete yo o nnang a se mo lenyalong “o tlaa bo a dira botoka,” a o ne a raya gore monna yo o ntseng jalo o ne a tla bo a tshwanela go direla e le molebedi mo phuthegong ya Bokeresete? A tota o ne a raya gore bagolwane ba tlhoka go nna ba sa nyala? (1 Bakorinthe 7:38) Baruti ba Katoliki ga ba a tshwanela go nyala. A go sa nyale ga baruti go tswa mo Dikwalong? Dikereke tsa Eastern Orthodox di letlelela baruti ba phuthego ya tsone go nyala, mme ga ba letlelele bobishopo ba bone. A seo se dumalana le Baebele?

2 Bontsi jwa baaposetoloi ba ga Keresete ba ba 12, maloko a a tlhomileng phuthego ya Bokeresete, e ne e le banna ba ba nyetseng. (Mathaio 8:14, 15; Baefeso 2:20) Paulo o ne a kwala jaana: “A ga re na tshiamelo ya go tsamaya le mosadi re mo tsere, yo e leng modumedi, fela jaaka baaposetole ba bangwe, le jaaka bomonna Morena, le jaaka Kefase [Petere]?” (1 Bakorinthe 9:5) New Catholic Encyclopedia e dumela gore “molao wa go sa tsene mo lenyalong o tswa mo baruting” le gore “badiredi ba [Tesetamente e Ntšha] ba ne ba sa patelediwe go nna ba sa nyala.” Basupi ba ga Jehofa ba latela mokgwa wa Dikwalo mo boemong jwa molao wa baruti.—1 Timotheo 4:1-3.

Bogolwane le Lenyalo ga di Thulane

3. Ke mabaka afe a a mo Dikwalong a a bontshang gore balebedi ba Bakeresete ba ka nyala?

3 Mo boemong jwa gore go twe banna ba ba tlhomiwang e le balebedi ba tshwanetse ba bo ba sa nyala, Paulo o ne a kwalela Tito jaana: “Ke ne ka go tlogela kwa Kerete ka gone moo, gore o tle o rulaganye dilo tse di neng di tlhaela, le gore o tlhome bagolwane [Segerika, pre·sbyʹte·ros] mo motseng mongwe le mongwe jaaka ke go laile; ke raya fa o fitlhela monna e le yo o se nang molato, e le monna yo o mosadi mongwe fela, a na le bana ba ba dumelang, ba ba sa bolelweng ka molato wa tlhapelo, kgotsa e le ba ba ganang taolo. Gonne mookami [Segerika, e·piʹsko·pos, mo lefoko “bishopo” le tswang gone] wa phuthego o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, jaaka molebalebedi wa Modimo.”—Tito 1:5-7.

4. (a) Re itse jang gore lenyalo ga se lone le dirang gore balebedi ba Bokeresete ba tshwanelege? (b) Mokaulengwe yo o sa nyalang yo o leng mogolwane o nna le melemo efe?

4 Mo letlhakoreng le lengwe, lenyalo ga se sone se tlhokwang ke Dikwalo gore motho e nne mogolwane. Jesu o ne a sa nyala. (Baefeso 1:22) Paulo, molebedi yo o neng a tlhomologile thata mo lekgolong la ntlha la dingwaga la phuthego ya Bokeresete, o ne a sa nyala ka nako eo. (1 Bakorinthe 7:7-9) Gompieno go na le Bakeresete ba bantsi ba ba sa nyalang ba ba direlang e le bagolwane. Gongwe go nna ga bone ba sa nyala go ba naya nako e e oketsegileng gore ba dire dikabelo tsa bone e le balebedi.

‘Monna yo o Nyetseng o Kgaogane’

5. Ke lebaka lefe le le mo Dikwalong le bakaulengwe ba ba nyetseng ba tshwanetseng go le itse?

5 Fa monna wa Mokeresete a nyala, o tshwanetse a lemoga gore o na le maikarabelo a masha a a tla mo tlhokang nako le tlhokomelo ya gagwe. Baebele e bolela jaana: “Yo o sa nyalang o tlhokometse dilo tsa Morena, ka fa o ka kgatlhang Morena ka teng. Mme yo o nyetseng o tlhokometse dilo tsa lefatshe, ka fa o ka kgatlhang mosadi wa gagwe ka teng, [mme o kgaogane, NW].” (1 Bakorinthe 7:32-34) O kgaogane ka tsela efe?

6, 7. (a) Monna yo o nyetseng “o kgaogane” ka tsela efe e nngwe? (b) Paulo o neela Bakeresete ba ba nyetseng kgakololo efe? (c) Seno se ka tlhotlheletsa jang tshwetso e e tla dirwang ke monna gore a amogele tiro nngwe?

6 Selo sa botlhokwa, monna yo o nyetseng o tlogela go laola mmele wa gagwe. Paulo o ne a phepafatsa seno jaana: “Mosadi ga a na taolo mo mmeleng wa gagwe, fa e se monna fela; go ntse jalo, monna ga a na taolo mo mmeleng wa gagwe, fa e se mosadi fela.” (1 Bakorinthe 7:4) Batho ba bangwe ba ba akanyetsang go tsena mo lenyalong ba ka nna ba ikutlwa gore seno ga se botlhokwa thata ka gonne tlhakanelodikobo e ka se nne selo se setona thata mo lenyalong la bone. Lefa go ntse jalo, e re ka go sa angwe ke monna pele ga lenyalo go le botlhokwa go ya ka Dikwalo, Bakeresete tota ga ba itse dilo tse balekane ba bone ba nako e e tlang ba lenyalo ba di tlhokang tse di malebana le tlhakanelodikobo.

7 Paulo o bontsha gore tota le banyalani ba ba ‘tlhokometseng dilo tsa Mowa’ ba tshwanetse go akanyetsana malebana le tsa tlhakanelodikobo. O ne a gakolola Bakeresete jaana kwa Korintha: “A monna a neele mosadi tshwanelo ya gagwe; mosadi le ene a direle monna jalo. Lo se ka lwa ikgogonelana, fa e se ka go dumalana ka sebaka, gore lo tle lo ineele mo thapelong, lo itse go ba lo kopana gape, gore Satane a se bone kgoro ya go lo raela ka go retelelwa ga lona ke go itshoka.” (Baroma 8:5; 1 Bakorinthe 7:3, 5) Ka maswabi, go nnile le dikgang tsa boaka fa kgakololo eno e ne e sa latelwa. E re ka go ntse jalo, Mokeresete yo o mo lenyalong o tshwanetse go sekaseka dilo ka kelotlhoko pele a dumela go dira tiro e e tla mo kgaoganyang le mosadi wa gagwe ka lobaka lo lotelele. Ga a tlhole a gololesegile jaaka fa a ne a sa nyala.

8, 9. (a) Paulo o ne a raya jang fa a ne a bolela gore Bakeresete ba ba nyetseng ba “tlhokometse dilo tsa lefatshe”? (b) Bakeresete ba ba nyetseng ba tshwanetse go tlhobaelela go dira eng?

8 Ke ka tsela efe e go ka bolelwang gore banna ba Bakeresete ba ba nyetseng, go akaretsa le bagolwane, ba “tlhokometse dilo tsa lefatshe [koʹsmos]”? (1 Bakorinthe 7:33) Go na le bosupi jo bo papametseng jwa gore Paulo o ne a sa bue ka dilo tse di bosula tsa lefatshe leno, tse Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba tshwanetseng go di tshaba. (2 Petere 1:4; 2:18-20; 1 Johane 2:15-17) Lefoko la Modimo le re ruta “gore e tle e re re ntse re ikgaogantse le boikepo, le dithato tsa lefatshe [ko·smi·kosʹ], re bo re tshela ka go ikgapa, le ka tshiamo, le ka poifomodimo, mo motlheng wa gompieno.”—Tito 2:12.

9 Ka gone, Mokeresete yo o mo lenyalong o “tlhokometse dilo tsa lefatshe” ka gore o tshwenyegile sentle ka dilo tse di tlwaelegileng tsa botshelo jwa lenyalo le le tlwaelegileng. Seno se akaretsa ntlo, dijo, diaparo, boitlosobodutu—go akaretsa le dilo tse dingwe tse dintsi tse a tshwenyegang ka tsone ke fa ba na le bana. Mme tota le banyalani ba ba se nang bana, gore lenyalo la bone le atlege, monna mmogo le mosadi ba tshwanetse go tlhokomela “ka fa [a] ka kgatlhang” molekane wa gagwe ka teng. Seno se itumelelwa thata ke bagolwane ba Bakeresete fa ba ntse ba lekalekanya maikarabelo a bone.

Banna ba ba Nyetseng ba ba Molemo e Bile e le Bagolwane ba ba Molemo

10. Gore Mokeresete a tshwanele go nna mogolwane, ke eng se bakaulengwe ba gagwe le batho ba ba kwa ntle ba tshwanetseng go se bona, go bontsha gore o a tshwanelega?

10 Lefa gone go sa tlhoke gore motho a nyale gore a tshwanelege go nna mogolwane, fa monna wa Mokeresete a nyetse, pele a ka buelelwa gore a tlhomiwe jaaka mogolwane, tota o tshwanetse go bontsha bosupi jwa go leka go nna molemo, monna yo o lorato, fa a ntse a dirisa botlhogo ka tsela e e tshwanetseng. (Baefeso 5:23-25, 28-31) Paulo o ne a kwala jaana: “Fa motho a senka boemo jwa mookami wa phuthego o eletsa tiro e e molemo. Ke gone mookami wa phuthego o na le go nna motho yo o se nang molato, e le monna yo o mosadi mongwe fela.” (1 Timotheo 3:1, 2) Go tshwanetse ga bonala gore mogolwane o dira bojotlhe jwa gagwe gore a nne monna yo o molemo, go sa kgathalesege gore mosadi wa gagwe ke Mokeresete kana nnyaa. Tota e bile, le batho ba ba seng mo phuthegong ba tshwanetse go lemoga gore o tlhokometse mosadi wa gagwe sentle le maikarabelo a gagwe a mangwe. Paulo o ne a oketsa jaana: “O tshwanetse go bolelwa ka molemo ke ba ba kwa ntle; e se re kgotsa a wela mo kgobong le mo serung sa diabolo.”—1 Timotheo 3:7.

11. Polelwana e e reng “e le monna yo o mosadi mongwe fela” e bolela eng, ka jalo bagolwane ba tshwanetse go nna kelotlhoko mo go eng?

11 Ke boammaaruri gore polelwana e e reng “e le monna yo o mosadi mongwe fela” e thibela go nyala lefufa, mme gape e thusa gore batho ba ikanyane mo lenyalong. (Bahebere 13:4) Totatota bagolwane ba tlhoka go nna kelotlhoko thata fa ba thusa bokgaitsadi mo phuthegong. Ba tshwanetse go tila gore ba nne ba le bosi fa ba etetse kgaitsadi yo o tlhokang go gakololwa le go gomodiwa. Ba tla bo ba dira sentle fa e le gore ba tsamaya le mogolwane yo mongwe, motlhanka wa bodiredi, kana lefa e le mosadi wa bone fa e le gore ke loeto la go ya go kgothatsa fela.—1 Timotheo 5:1, 2.

12. Ke mokgwa ofe o basadi ba bagolwane le ba batlhanka ba bodiredi ba tshwanetseng go leka ka natla go nna le one?

12 Ka tsela nngwe, fa moaposetoloi Paulo a ne a kwala dilo tse bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba tlhokang go di dira, gape o ne a gakolola basadi bao ba tsewang ba na le ditshiamelo tseo. O ne a kwala jaana: “Basadi ba e leng bagolwane le bone ba tshwanetse go nna batho ba ba masisi jalo, ba se bapateletsi, ba le mogopolo o o lekalekanyeng, ba le boikanngo mo dilong tsotlhe.” (1 Timotheo 3:11) Monna wa Mokeresete a ka dira mo go oketsegileng gore a thuse mosadi wa gagwe go tshwanela mokgwa oo.

Dikabelo Tse di mo Dikwalong Tse Mosadi a Tshwanetseng go di Dira

13, 14. Tota lefa mosadi wa mogolwane e se Mosupi, ke ka ntlha yang fa a tshwanetse go nna le ene le go nna monna yo o molemo?

13 Ke boammaaruri gore kgakololo eno e e neetsweng basadi ba bagolwane kana ba batlhanka ba bodiredi e akantsha gore basadi bao ka bobone ke Bakeresete ba ba ineetseng. Ka kakaretso fela, go ntse jalo ka gonne Bakeresete ba tshwanetse go nyala “mo Moreneng fela.” (1 Bakorinthe 7:39) Mme go tweng ka mokaulengwe yo o neng a setse a nyetse motho yo o sa dumeleng fa a ne a neela Jehofa botshelo jwa gagwe, kana yo mosadi wa gagwe a tlogelang boammaaruri e se phoso ya monna?

14 Seno fela, se ka se mo thibele gore e nne mogolwane. Lefa go ntse jalo, seo se ne se ka se mo dire gore a kgaogane le mosadi wa gagwe fela ka gonne ba se mo tumelong e e tshwanang. Paulo o ne a gakolola jaana: “A o golagantswe le mosadi? O se ka wa batla go gololwa.” (1 Bakorinthe 7:27) O ne a oketsa jaana: “Fa monna yo e leng modumedi a na le mosadi yo o sa dumeleng, fa mosadi a itumela go aga nae, monna a se mo tlogele. Le fa go ntse jalo fa yo o sa dumeleng a tsamaya, a a tsamaye; go le monna wa modumedi, go le mosadi wa modumedi, ga ba mo kgolegong ka mo go ntseng jalo; mme Modimo o re biditse gore re nne mo kagisong. Gonne wena mosadi, o itse jang fa e tlaa re gongwe o se ketla o boloka monna wa gago? Le wena monna, o itse jang fa e tlaa re gongwe o se ketla o boloka mosadi wa gago?” (1 Bakorinthe 7:12, 15, 16) Lefa mosadi wa mogolwane e se Mosupi, o tshwanetse a nna monna yo o molemo.

15. Moaposetoloi Petere o ne a neela banna ba Bakeresete kgakololo efe, mme matswela e ka nna afe fa e le gore mogolwane o itshupile e le monna yo o itlhokomolosang dilo?

15 Go sa kgathalesege gore mosadi wa gagwe ke modumedi kana nnyaa, mogolwane wa Mokeresete o tshwanetse a lemoga gore o tshwanetse gore a rate mosadi wa gagwe. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Fela jalo le lona banna ba lo nyetseng, lo age le basadi ba lona ka fa kitsong, ka go naya mosadi tlotlo, jaaka e le sejana se se seng thata, ka lo bile lo le barui mmogo nabo ba tshegofatso ya botshelo; gore merapelo ya lona e tle e se ka ya kgoreletsega.” (1 Petere 3:7) Monna yo o itlhokomolosang go tlamela mosadi wa gagwe ka dilo tse a di tlhokang o dira gore botsalano jwa gagwe le Jehofa bo nne mo kotsing; go ka nna ga thibela tsela ya gagwe ya go atamela Jehofa jaaka “leru, gore morapelo wa [gagwe] o se le phololele.” (Dikhutsafalo 3:44) Seno se ka nna sa dira gore a se ka a tlhola a tshwanelega go direla e le molebedi wa Mokeresete.

16. Ke ntlha efe ya konokono e Paulo a e neelang, mme bagolwane ba tshwanetse go ikutlwa jang ka seno?

16 Jaaka go setse go boletswe, tlhotlheletso e kgolo ya kgangkgolo ya ga Paulo ke gore fa monna a nyala, o tlogela selekanyo se se rileng sa kgololesego e a neng a na le yone fa a ne a ise a nyale, mo go neng go mo letlelela gore a “direle Morena ka mo go sa akgaakgegeng.” (1 Bakorinthe 7:35) Dipego di bega gore bagolwane ba bangwe ba ba nyetseng ka metlha ba ne ba sa bontshe tekatekanyo malebana le kgopolo ya mafoko a ga Paulo a a tlhotlheleditsweng. Ba ka nna ba tlodisa matlho dingwe tsa ditiro tsa bone jaaka banna ba ba nyetseng ka go bo ba rata go fitlhelela se ba akanyang gore bagolwane ba ba molemo ba tshwanetse go se dira. Ba bangwe ba tla bona go le thata go gana tshiamelo nngwe ya phuthego, lefa tota go bo amogela tota go ka nna diphatsa mo bomoyeng jwa basadi ba bone. Ba itumelela ditshiamelo tse di amanang le lenyalo, a mme ba rata go diragatsa maikarabelo a a amanang le lone?

17. Ke eng se se neng sa diragalela basadi ba balebedi bangwe, mme seno se ka bo se ile sa tilwa jang?

17 Eleruri, go molemo fa mogolwane a tlhagafetse. Lefa go ntse jalo, a Mokeresete o a bo a le tekatekanyo fa e re a dira dikabelo tsa gagwe mo phuthegong, a bo a tlhokomologa maikarabelo a gagwe a Dikwalo mo mosading wa gagwe? Fa mogolwane yo o tekatekanyo a ntse a batla go thusa batho ba ba mo phuthegong, gape o tla amega ka bomoya jwa mosadi wa gagwe. Basadi ba bangwe ba bagolwane ba ile ba koafala mo semoyeng, mme ba bangwe ba ile ba “senyega” mo semoyeng. (1 Timotheo 1:19) Lefa mosadi a ikarabela mo go direng gore a ipoloke ka boene, mo mabakeng a le mantsi bothata jwa bomoya bo ka bo bo ile jwa tilwa fa mogolwane a ne a ‘otla le go ngomaela’ mosadi wa gagwe, “fela jaaka Keresete le ene a direla phuthego.” (Baefeso 5:28, 29) Gore bagolwane ba tlhomamisege, ba tshwanetse ba ‘itisa le go disa letsomane lotlhe.’ (Ditiro 20:28, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Fa ba nyetse, seno se akaretsa le basadi ba bone.

“Pitlagano mo Nameng”

18. Ke dikarolwana dife tse dingwe tsa “pitlagano” tse Bakeresete ba ba nyetseng ba nnang le tsone, mme seno se ka ama jang ditiro tsa mogolwane?

18 Moaposetoloi o ne a kwala jaana gape: “Fa kgarebana e ka nyalwa, e tlaa bo e sa leofa. Le fa go ntse jalo, ba ba ntseng jalo, ba tlaa bona pitlagano mo nameng; mme ke ne ke rata go lo rekegela.” (1 Bakorinthe 7:28) Paulo o ne a rata go rekegela botlhe ba ba kgonang mo ditlhobaelong tse kwantle ga pelaelo di tlang le lenyalo gore ba latele sekao sa gagwe sa go nna a sa nyala. Tota le banyalani ba ba se nang bana, ditlhobaelo tseno di ka akaretsa mathata a botsogo kana a madi mmogo le maikarabelo a Dikwalo a go tlhokomela batsadi ba ba godileng ba molekane yo mongwe. (1 Timotheo 5:4, 8) Ka tsela e e tlhomang sekao, mogolwane o tshwanetse a amogela maikarabelo ano, mme ka dinako tse dingwe seno se ka nna sa mo kgoreletsa gore a dire ditiro tsa gagwe jaaka molebedi wa Mokeresete. Se se itumedisang ke gore bontsi jwa bagolwane bo dira tiro e e molemo ka go fitlhelela maikarabelo a lelapa mmogo le a phuthego.

19. Paulo o ne a bolela eng fa a ne a re: “Ba ba nang le basadi ba nne jaaka fa ba ka bo ba se na nabo”?

19 Paulo o ne a oketsa jaana: “Lobaka lo khutshwafetse, gore e tle e re mo lobakeng lo lo tlang, go le ba ba nang le basadi ba nne jaaka fa ba ka bo ba se na nabo.” (1 Bakorinthe 7:29) Ke boammaaruri gore ka ntlha ya se a neng a setse a se kwaletse Bakorintha mo kgaolong eno, go phepafetse gore tota o ne a sa reye gore Bakeresete ba ba nyetseng ba tshwanetse go tlhokomologa basadi ba bone ka tsela nngwe. (1 Bakorinthe 7:2, 3, 33) O ne a bontsha se a neng a se bolela fa a ne a kwala jaana: “[E kete] ba ba ipapalelang ka lefatshe, a ba se fetise selekanyo, gonne mokgwa wa lefatshe leno o a feta.” (1 Bakorinthe 7:31) Tota jaanong “lefatshe le a feta” fa go bapisiwa le mo motlheng wa ga Paulo kana mo motlheng wa ga moaposetoloi Johane. (1 Johane 2:15-17) Ka gone, Bakeresete ba ba nyetseng ba ba bonang go tlhokega gore ba ithontshe dilo dingwe gore ba latele Keresete ba ka se itumelele thata menate le ditshiamelo tsa lenyalo.—1 Bakorinthe 7:5.

Basadi ba ba Ithontshang Dilo Dingwe

20, 21. (a) Ke dilo dife tse basadi ba le bantsi ba Bakeresete ba ileng ba batla go di ithontsha? (b) Mosadi a ka lebelela gore monna wa gagwe a mo direle eng se se tshwanetseng, lefa gone e le mogolwane?

20 Fela jaaka bagolwane ba ithontsha dilo dingwe e le gore ba bangwe ba solegelwe molemo, basadi ba le bantsi ba bagolwane ba ile ba gagamalela go lekalekanya maikarabelo a bone a lenyalo le dilo tse di botlhokwa tse di direlwang Bogosi. Basadi ba le bantsintsi ba Bakeresete ba itumelela go dirisanammogo gore ba thuse banna ba bone go dira ditiro tsa bone e le balebedi. Jehofa o ba ratela seno, e bile o ba segofaletsa moya o montle o ba o bontshang. (Filemone 25) Lefa go ntse jalo, kgakololo ya ga Paulo e e lekalekaneng e bontsha gore basadi ba balebedi ba na le tshwanelo ya go lebelela gore banna ba bone ba ba neele nako e e lekaneng le go ba bontsha lorato. Ke boikarabelo jo bo tswang mo Dikwalong gore bagolwane ba ba nyetseng ba dirise nako e e lekaneng ba na le basadi ba bone e le gore ba lekalekanye maikarabelo a bone jaaka monna yo o nyetseng e bile e le molebedi.

21 Mme go tweng fa e le gore mo godimo ga go nna monna yo o nyetseng, mogolwane wa Mokeresete ke rrabana? Seno se oketsa maikarabelo a gagwe se bo se mmulela karolo e nngwe ya bolebedi, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang.

Ka Tsela ya Poeletso

◻ Ke mabaka afe a a mo Dikwalong a a bontshang gore molebedi wa Mokeresete a ka nna a nyala?

◻ Fa mogolwane yo o neng a sa nyala a nyala, o tshwanetse go nna a gakologetswe eng?

◻ Mokeresete yo o nyetseng o “tlhokometse dilo tsa lefatshe” ka ditsela dife?

◻ Basadi ba le bantsi ba balebedi ba bontsha moya o o molemo wa go ithontsha dilo dingwe jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Mogolwane o tshwanetse go bontsha mosadi wa gagwe lorato, le mororo a farafarilwe ke ditiro tse di direlwang puso ya Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela