LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 5/15 ts. 17-22
  • Disang Letsomane la Modimo ka Pelo E E Ratang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Disang Letsomane la Modimo ka Pelo E E Ratang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Okamela Ntlo
  • Laola “ka Tlhōahalō”
  • Badisa Ba Ba Disang ka go Rata
  • Go Tlhokega Bonolo
  • Go Disa ka Kelotlhoko
  • “Disang Letsomane la Modimo Le lo Le Tlhokometseng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Badisa, Etsang Badisa ba Bagolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tsela e Badisa ba Bakeresete ba go Direlang ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • “Disang Letsomane la Modimo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 5/15 ts. 17-22

Disang Letsomane la Modimo ka Pelo E E Ratang

“Disañ lecomane ya Modimo ye le mo go lona, lo nntse lo lebèla, e señ ka go patèlèlwa, me ka pelo e e ratañ.”—1 PETERE 5:2.

1. Ke ka ntlha ya fa re ka lebelela gore bagolwane ba Bakeresete ba dise ‘letsomane la Modimo ka pelo e e ratang’?

JEHOFA o disa batho ba gagwe ka go rata. (Pesalema 23:1-4) “Modisa eo o molemō,” Jesu Keresete, o ne a ntshetsa batho ba sekadinku botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jwa motho. (Yohane 10:11-15) Ke gone ka moo moaposetoloi Petere a neng a kgothatsa bagolwane ba Bakeresete gore ba ‘dise letsomane la Modimo le le mo go bone ka go rata.’—1 Petere 5:2.

2. Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go di sekaseka mabapi le ditiro tsa bagolwane ba Bakeresete tsa bodisa?

2 Go rata go dira ke lotshwao lo lo supang gore batlhanka ba Modimo ke bafe. (Pesalema 110:3) Mme monna wa Mokeresete o tlhoka se se fetang go rata go dira gore a tlhophiwe jaaka molebedi, kana modisa yo mmotlana. Ke mang yo o tshwanelang go nna modisa yo o ntseng jalo? Go disa ga bone go akaretsa eng? Go ka dirwa ka tsela efe e e gaisang?

Go Okamela Ntlo

3. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore tsela e monna wa Mokeresete a tlamelang lelapa la gagwe ka yone e supa gore a o tshwanela go nna modisa wa phuthego?

3 Motho o tshwanetse a bo a na le dinonofo dingwe tse Dikwalo di di tlhokang pele a ka tlhophelwa “boèmo yoa mookami oa phuthègō.” (1 Timotheo 3:1-7; Tito 1:5-9) Selo se se botlhokwa ke gore moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore molebedi o tshwanetse a bo a “itse go laola ntlo ea gagwè sentlè, bana ba gagwè ba mo utlwa ka tshisimogō eotlhe.” Seno se bolelwa ka lebaka le le molemo, ka go bo Paulo o ne a bolela jaana: “Ka ea re ha motho a sa itse go laola ntlo ea gagwè tōta, o tla babalèla yañ phuthègō ea Modimo?” (1 Timotheo 3:4, 5) Fa Tito a ne a tlhopha bagolwane kwa diphuthegong tse di kwa setlhaketlhakeng sa Kereta, o ne a bolelelwa gore a senke “monna e le eo o senañ molato, e le monna eo o mosadi moñwe hèla, a na le bana ba ba dumèlañ ba ba sa bolelweñ ka molato oa tlhapèlō, kgotsa e le ba ba ganañ taolō.” (Tito 1:6) Ee, tsela e monna wa Mokeresete a tlamelang lelapa la gagwe ka yone e tshwanetse go tsewa tsia fa go sekasekiwa gore a o tshwanela go rwala morwalo o o bokete wa go disa phuthego.

4. Mo godimo ga go nna le thuto ya Bibela le go rapela ka metlha, batsadi ba Bakeresete ba ka supa jang gore ba rata malapa a bone?

4 Banna ba ba laolang matlo a bone ka tsela e e molemo ga ba rapele le go ithuta Bibela fela ka metlha le malapa a bone. Ba nna ka metlha ba iketleeditse go a thusa ka lorato. Mo go ba ba nnang le bana, seno se simolola ka letsatsi le ngwana a tsholwang ka lone. Batsadi ba Bakeresete ba itse gore fa ba ngaparela thulaganyo ya bomodimo, ngwana wa bone o tla akarediwa ka bonako mo ditirong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi tsa Bokeresete. Tsela e e molemo e rre wa Mokeresete a okamelang ka yone mo maemong ano e supa gore a o tshwanela go nna mogolwane.—Baefesia 5:15, 16; Bafilipi 3:16.

5. Rre wa Mokeresete a ka godisetsa bana ba gagwe ‘mo kwatlhaong le mo taolong ya Morena’ jang?

5 Rre yo o kelotlhoko wa Mokeresete o reetsa kgakololo eno ya ga Paulo fa a ntse a okametse ntlo ya gagwe: “Lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” (Baefesia 6:4) Fa o ithuta Bibela ka metlha le lelapa, mosadi le bana ba le teng, go go naya sebaka se se molemo sa go ba kaela ka lorato. Bana ba a ‘laiwa’ kana ba newa kaelo e e siamisang diphoso. ‘Kwatlhao’ e e dirwang ka nako eo e thusa ngwana mongwe le mongwe gore a itse gore Jehofa o leba dilo ka tsela efe. (Duteronome 4:9; 6:6, 7; Diane 3:11; 22:6) Mo maemong ano a a ritibetseng a kokoano ya semoya, rre yo o lorato o reetsa ka kelotlhoko fa bana ba gagwe ba ntse ba bua. Bana ba ka bodiwa dipotso ka bopelonomi gore ba bue se se mo mafatlheng a bone ka dilo tse di ba tshwenyang le ka mekgwa e mengwe. Rre ga a tshwanela go tsaya gore o itse dilo tsotlhe tse bana ba di akanyang. Eleruri, “eo o hetolañ a e se a utlwe, ke boeleele le ditlhoñ mo go èna,” go bolela jalo Diane 18:13. Gompieno bontsi jwa batsadi bo fitlhela gore maemo a bana ba bone ba kopanang le one a farologane thata le a bone ka bobone ba neng ba kopana le one fa ba ne ba le babotlana. Ka ntlha ya seo, rre o tla leka go ithuta dilo tse di bakileng bothata mmogo le dintlha tsotlhe pele a ka bua gore bo tshwanetse go rarabololwa jang.—Bapisa Yakobe 1:19.

6. Ke ka ntlha yang fa rre wa Mokeresete a tshwanetse go dirisa Lefoko la Modimo fa a thusa lelapa la gagwe?

6 Go diragala eng fa o sena go utlwa mathata, dilo tse ngwana wa gago a tlhobaetseng ka tsone, le mekgwa ya gagwe? Rre yo o laolang ka tsela e e siameng o leba Dikwalo, tse di leng “molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō.” O ruta bana ba gagwe tsela e ba ka dirisang dikaelo tse di tlhotlheleditsweng tsa Bibela ka yone. Ka tsela eno, ba babotlana mo dingwageng ba ‘a itekanela le go iketleetsa go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.’—2 Timotheo 3:16, 17; Pesalema 78:1-4.

7. Borre ba Bakeresete ba tshwanetse go tlhoma sekao sefe fa go tla mo thapelong?

7 Basha ba bomodimo ba lebana le maemo a a bokete tota fa ba kopana le balekane ba bone ba sekolo ba selefatshe. Ka jalo borre ba Bakeresete ba ka thusa jang bana ba bone gore ba se ka ba boifa sepe? Tsela e nngwe ke ka go rapela ka metlha le bone le go ba rapelela. Fa bana ba bannye bano ba lebana le maemo a a lekang thata, ba tla etsa batsadi ba bone ka go ikaega ka Modimo. Mosetsanyana mongwe wa dingwaga tse 13, yo a neng a botsolodiwa pele a supa boineelo jwa gagwe mo Modimong ka go kolobediwa, o ne a bolela kafa balekane ba gagwe ba sekolo ba neng ba mo sotla le go mmogisa ka teng. Ka nako ya fa a ne a bolela gore o dumela gore madi a boitshepo jaaka Bibela e bolela, basetsana bangwe ba ne ba mmetsa le go mo kgwela mathe. (Ditihō 15:28, 29) A o ne a ipusolosetsa? Nnyaa. “Ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse gore ke nne fela ke ritibetse,” o ne a tlhalosa jalo. “Ke ne ka gakologelwa gape se batsadi ba me ba neng ba se nthutile mo thutong ya rona ya lelapa gore re tshwanetse go itshwara fa re le mo maemong a a maswe.”—2 Timotheo 2:24.

8. Mogolwane yo o senang bana a ka laola ntlo ya gagwe ka tsela e e molemo jang?

8 Mogolwane yo o senang bana o tshwanetse gore a tlamele ba ntlo ya gagwe semoyeng le ka dilo tsa nama ka tsela e e lekaneng. Seno se akaretsa molekane wa gagwe wa lenyalo mme gongwe le Bakeresete bangwe ba losika ba ba nnang mo ntlong ya gagwe. (1 Timotheo 5:8) Go laola jalo ka tsela e e siameng ke sengwe sa dilo tse di tshwanetseng go dirwa ke monna yo o tlhomiwang go rwala maikarabelo a phuthego jaaka mogolwane. Ka jalo, he, bagolwane ba ba tlhomilweng ba tshwanetse go leba jang tshiamelo eno ya boikarabelo mo phuthegong?

Laola “ka Tlhōahalō”

9. Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go leba ditiro tse ba di abetsweng jang?

9 Moaposetoloi Paulo o ne a direla jaaka motlhanka mo ntlong ya Modimo, e e leng phuthego ya Bokeresete e e okametsweng ke Keresete, mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona O O Tlwaelegileng. (Baefesia 3:2, 7; 4:15) Paulo le ene o ne a kgothatsa badumedi ba bangwe ba kwa Roma jaana: “Ereka re na le dinèō tse di harologanyeñ kaha tshegohacoñ e re e neilweñ, ha e le perofeshō, a re perofeseñ kaha selekanyoñ sa tumèlō ea rona; Ha e le tihèlō, a re ineeleñ mo tiheloñ ea rona; kgotsa eo o rutañ, a a ineèlè mo go ruteñ ga gagwè; kgotsa eo o laeañ, a a ineèlè mo go laeeñ ga gagwè; eo o naeañ a a go dihè ka pelochweu; eo o busañ a a go dihè ka tlhōahalō; eo o utlwèlañ batho botlhoko, a a go dihè ka pelo e e thamileñ.”—Baroma 12:6-8.

10. Paulo o tlhometse bagolwane ba motlha ono sekao sefe mo go tlhokomeleng letsomane la Modimo?

10 Paulo o ne a gakolola Bathesalonia jaana: “Yaka rra bana a tla a dihèle bana ba gagwè, ra lo laea, ra lo nametsa, ra shupa, Gore lo tsamaeè mo go chwanetseñ Modimo, o o lo biletsañ mo bogosiñ yo e leñ yoa ōna le mo kgalaleloñ ea ōna.” (1 Bathesalonia 1:1; 2:11, 12) Ba ne ba ba kgothatsa ka tsela e e bonolo, e e lorato mo Paulo a neng a kgona go kwala jaana: “Re ne re le bonōlō mo gare ga lona, yaka ha moamusi a ñomaèla bana ba e leñ ba gagwè: Hèla yalo, ereka re ne re lo tlhōahaletse ka loratō, ra bo re itumèla go lo naea, e señ Mahoko a a Molemō a Modimo a le aosi, me le e leñ meōea ea rona, ka lo no lo setse lo ratwa ke rona thata.” (1 Bathesalonia 2:7, 8) Bagolwane ba ba ikanyegang ba amega fela thata ka botlhe mo phuthegong go dumelana le sekao sa ga Paulo sa go tshola batho jaaka rre.

11. Bagolwane ba ba tlhophilweng ba ka supa jang gore ba tlhoafetse?

11 Bonolo, mmogo le tlhoafalo, e tshwanetse ya nna mokgwa o o lorato oo badisa ba ba ikanyegang ba Bakeresete ba okamelang ka one. Mokgwa wa bone o bolela go le gontsi. Petere o gakolola bagolwane gore ba dise letsomane la Modimo “e señ ka go patèlèlwa” kana ‘e seng gore ba tle ba bone khumo.’ (1 Petere 5:2) Mokanoki William Barclay o ne a bolela sengwe se se ba tlhagisang mo kgannyeng eno a kwala jaana: “Go na le tsela e nngwe ya go amogela maemo le e motho a dirang tiro jaaka ekete e bokete, jaaka ekete ke e e lapisang, jaaka ekete ke morwalo o o tenang. Go a kgonega gore motho a ka kopiwa gore a dire sengwe, le gore a ka se dira, mme a se dira ka tsela e e supang gore ga a rate mo e leng gore tiro eo e nna maswe tota. . . . Mme [Petere] o bolela gore Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go dira tiro e e ntseng jalo a tlhoafetse tota kafa a ka kgonang ka teng, le mororo a itse sentle gore ruri ga e a mo tshwanela.”

Badisa Ba Ba Disang ka go Rata

12. Bagolwane ba Bakeresete ba ka bontsha jang gore ba a bo itumelela?

12 “Disañ lecomane ya Modimo ye le mo go lona . . . ka pelo e e ratañ,” Petere le ene o kgothatsa jalo. Molebedi wa Mokeresete yo o amegang thata ka dinku o di okamela ka boitumelo, ka go rata, a kaelwa ke Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete. Go direla ka pelo e e ratang gape go kaya gore modisa wa Mokeresete a ineele mo taolong ya ga Jehofa, ‘Modisa le Mookami wa meya ya rona.’ (1 Petere 2:25) Modisa yo mmotlana wa Mokeresete o tlotla thulaganyo ya puso ya bomodimo ka boitumelo. O dira jalo ka nako ya fa a kaela ba ba batlang a ba gakolola ka Lefoko la Modimo, Bibela. Le mororo dilo tse di diragalelang mogolwane di ka mo thusa gore a kgone go gakolola ba bantsi ka dilo tse di thailweng mo Bibeleng, seno ga se reye gore o tla kgona gore nako le nako a bo a setse a itse tharabololo ya Dikwalo ya bothata bongwe le bongwe. Le eleng lefa a itse karabo ya potso nngwe, a ka nna a fitlhela go le botlhale gore ene le motho yo o botsang yono ba lebe Watch Tower Publications Index kana diintekese tse dingwe. Ka go dira jalo o tla bo a ruta ka ditsela tse pedi: A supa kafa tshedimosetso e e thusang e ka bonwang ka teng ebile a supa kafa a tlotlang Jehofa ka teng a ikokobeditse ka go lebisa batho mo go se se kwadilweng ke phuthego ya Modimo.

13. Go ka tsewa dikgato dife go thusa bagolwane gore ba gakolole ka tsela e e siameng?

13 Mogolwane a ka dira eng fa go sena sepe se se gatisitsweng mo dibukeng tsa Mokgatlho se se amang bothata bongwe jo bo kgethegileng jo a lebaneng najo? Kwantle ga pelaelo o tla rapelela gore a thusiwe go lemoga mme o tla senka melaometheo ya Bibela e e amang kgang eo. A ka nna a fitlhela go le mosola go akantsha motho yo o batlang thuso yoo go akanyetsa sekao sa ga Jesu. Mogolwane a ka nna a botsa jaana: “O akanya gore Jesu, Morutisi yo Mogolo o ne a tla dira eng fa a ne a le mo boemong jono jwa gago?” (1 Bakorintha 2:16) Go akanyetsa dilo ka tsela eo go ka thusa motho yo o botsang go dira tshwetso e e siameng. Lefa go ntse jalo, abo go tla bo go se botlhale jang ne gore mogolwane a ntshe fela maikutlo a gagwe ka tsela e eketeng Dikwalo ke tsone di gakololang jalo! Go na le moo, bagolwane ba tshwanetse go tlotla ka mathata a a bokete le bagolwane ba bangwe. Ba ka nna ba isa dikgang tse di botlhokwa kwa pokanong ya setlhopha sa bagolwane gore go buiwe ka tsone koo. (Diane 11:14) Tshwetso e e tla dirwang koo e tla ba thusa gore ba bue selo se se tshwanang.—1 Bakorintha 1:10.

Go Tlhokega Bonolo

14, 15. Ke eng se bagolwane ba tshwanetseng go se dira fa ba sokolola Mokeresete yo o ‘tshwerweng mo tlolong nngwe’?

14 Mogolwane wa Mokeresete o tlhoka go supa bonolo fa a ruta ba bangwe, segolobogolo fa a ba gakolola. “Ba ga echo,” Paulo o a gakolola, “leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō.” (Bagalatia 6:1) Se se kgatlhang ke gore, lefoko la Segerika le le ranotsweng fano jaaka go ‘sokolola’ le amana le lereo la bongaka le le tlhalosang go busetsa lerapo mo mannong a lone gore motho a se ka a golafalela ruri. Mokwadi wa dibukantswe ebong W. E. Vine o amanya seno le go tsosolosiwa “ga motho yo o leofileng ke ba e leng batho ba semoya, jaaka ekete ke serwe sa mmele wa semoya se se tswileng mo mannong a sone.” Seno gape se ka bewa jaana, “go busetsa mo maemong a a tshwanetseng; go lebaganya sentle le fa se tsenang teng.”

15 Ga go motlhofo mo mothong go fetola tsela e a akanyang ka yone, ebile go ka nna bokete tota go busetsa kgopolo ya motho yo o dirileng phoso gore a akanye sentle gape. Mme gantsi motho o amogela thuso a bo a leboge fa a e newa ka moya wa bonolo. Ka gone, bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go reetsa kgakololo eno ya ga Paulo: “Lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele.” (Bakolosa 3:12) Bagolwane ba tshwanetse go dira eng fa motho yo o tlhokang go sokololwa a na le boikutlo bongwe jo bo maswe? Ba tshwanetse go ‘latela . . . bopelonolo.’—1 Timotheo 6:11.

Go Disa ka Kelotlhoko

16, 17. Bagolwane ba tshwanetse go itisa mo dikotsing dife fa ba gakolola ba bangwe?

16 Kgakololo ya ga Paulo e e mo go Bagalatia 6:1 e na le dintlha tse dintsi. O kgothaletsa banna ba ba tshwanelang sentle semoyeng jaana: “Shokololañ [yo o dirang phoso] ka mōea oa bonōlō; u nntse u ipōna, e se re kgotsa le wena ua raèlwa.” Abo dilo di ka felela di le maswe jang ne fa kgakololo e e ntseng jalo e sa reediwe! Dipego tse di kaga moruti mongwe wa Anglican yo o neng a fitlhelwa a na le molato wa go dira boaka le batho ba babedi ba ba tsenang kereke ya gagwe di ne tsa gwetlha The Times ya Lontone gore e bolele gore seno ke “boemo jo bo diragetseng ka nako e e sa tshwanelang: fa motho yo o jaaka rre kana kgaitsadia motho a ne a neela kgakololo mme a bo a dira boleo gonne yo a neng a mo gakolola a ne a mo ikanya.” Mokwadi yono wa ditlhogo tsa dikgang o ne a nopola mafoko a ga Dr. Peter Rutter yo o neng a bolela gore “thatano e e dirwang ka go sa akanyetse fa gare ga balwetsi le bagakolodi bao ba ba ikanyang ba banna—dingaka, boramolao, baperesiti, le bahiri—mo setšhabeng seno sa rona sa batho ba ba tlhakanelang dikobo le mongwe le mongwe e ile ya nna kgogodi fela e go sa dumelweng gore e teng, e e senyang le e e tlhabisang ditlhong.”

17 Ga re a tshwanela go akanya gore batho ba ga Jehofa ga ba kake ba raelwa ka ditsela tse di ntseng jalo. Mogolwane mongwe yo o tlotlegang yo o neng a na le dingwaga tse dintsi a direla ka boikanyegi o ne a wela mo boitsholong jo bo sa siamang gonne o ne a etela kgaitsadi yo o nyetsweng ka nako ya fa a ne a le esi a le mo loetong lwa bodisa. Le mororo a ne a ikwatlhaela seo, o ne a latlhegelwa ke ditshiamelo tsotlhe tsa tirelo. (1 Bakorintha 10:12) Ka gone, bagolwane ba ba tlhophilweng ba ka dira maeto a go boela ka tsela efe e ba tla se kang ba wela mo tekong? Ba ka dira jang gore ba kgone go rapela, le go bona sebaka sa go bala Lefoko la Modimo le dikgatiso tsa Bokeresete ba le kwa thoko ba sa kgorelediwe?

18. (a) Go dirisa molaomotheo wa botlhogo go ka thusa bagolwane jang go tila maemo a a ka bakang matlhabisaditlhong? (b) Ke dithulaganyo dife tse di ka dirwang fa go etelwa kgaitsadi?

18 Ntlha e bagolwane ba tshwanetseng go e ela tlhoko ke molaomotheo wa botlhogo. (1 Bakorintha 11:3) Fa mosha a batla go kaelwa mo sengweng, dira gore batsadi ba gagwe ba nne teng fa go tla go buiwa ka kgang fa go kgonega. Fa kgaitsadi yo o nyetsweng a kopa go thusiwa semoyeng, a o ka rulaganya gore monna wa gagwe a nne teng fa o etile? Go tweng fa seno se sa kgonege kana fa monna wa gagwe a sa dumele ebile a ntse a mmogisa ka tsela nngwe? Fa go ntse jalo rulaganyetsa seo fela jaaka o rulaganyetsa loeto lwa bodisa lwa fa o ya kwa kgaitsading yo o sa nyalwang. Go tla nna botlhale gore kgaitsadi a etelwe ke bakaulengwe ba babedi ba ba tshwanelang sentle semoyeng. Fa seno se sa kgonege, gongwe go ka tlhophiwa nako nngwe e e tshwanetseng koo bakaulengwe bangwe ba babedi ba tla tlotlang le ene ka yone kwa Holong ya Bogosi, segolo thata mo kamoreng e ba ka se kang ba bonwa motlhofo mo go yone. Ereka go tla bo go na le bakaulengwe ba bangwe le bokgaitsadi mo holong, le mororo ba ka se ka ba kgona go bona kana go utlwa se go buiwang ka sone, eleruri go tla tilwa gore ope a se ka a kgopisiwa ke seo.—Bafilipi 1:9, 10.

19. Go disa dinku tsa Modimo ka boitumelo go ka lere matswela afe a a molemo, mme ke mang yo re mo lebogang ka ntlha ya badisa ba ba itumetseng bano?

19 Go disa dinku tsa Modimo ka boitumelo go tlisa matswela a a molemo—letsomane le le nonofileng semoyeng le le kaelwang sentle. Fela jaaka moaposetoloi Paulo, bagolwane ba motlha wa segompieno ba Bakeresete ba amega thata ka badumedi ba bangwe. (2 Bakorintha 11:28) Boikarabelo jwa go disa batho ba Modimo mo maemong a a bokete ano bo bokete thata. Ka gone, ruri re lebogela tiro e e molemo e e dirwang ke bakaulengwe ba rona ba ba dirang jaaka bagolwane. (1 Timotheo 5:17) Re baka Moabi wa “nèō ñwe le ñwe e e molemō, le se se molemō señwe le señwe,” Modisa wa rona yo o lorato wa selegodimo, Jehofa, ka go bo o re segofaditse ka go re naya ‘dineo tse e leng banna’ bao ba re disang ka boitumelo.—Baefesia 4:8; Yakobe 1:17.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Monna a ka laola ntlo ya gagwe ka tsela e e molemo jang?

◻ Ke dinonofo dife tse bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetseng go di dirisa mo tirong ya go okamela?

◻ Bagolwane ba ka supa boikokobetso le bonolo jang fa ba gakolola ba bangwe?

◻ Ke eng se se thusang gore go sokolola yo mongwe semoyeng go nne le matswela?

◻ Bagolwane ba ka tila jang maemo a a ka dirang gore ba dire diphoso fa ba ntse ba disitse letsomane?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Mogolwane wa Mokeresete o tshwanetse go laola ntlo ya gagwe ka tsela e e molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Badisa ba Bakeresete ba tshwanetse go dira ka bonolo le ka go akanyetsa dilo sentle

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela